Thuto ya Bomodimo E A Fenyla
“Matlhō a gago a tla bōna [Mokaedi wa gago yo Mogolo, NW]. Le ditsèbè tsa gago di tla utlwa lehoko sehularoñ sa gago, le re, Tsela ke e, tsamaeañ mo go eōna.”—ISAIA 30:20, 21.
1. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore kaelo ya ga Jehofa e bidiwe thuto ya bomodimo?
JEHOFA MODIMO ke Motswedi wa thuto e e molemo go gaisa epe e motho a ka e amogelang. Fa re mo reetsa fa a bua, bogolo jang ka Lefoko la gagwe le le Boitshepo, o tla nna Mokaedi wa rona yo Mogolo. (Isaia 30:20) Mekwalo ya Bibela ya dibuka tsa Sehebera gape e mmitsa “o e leñ Modimo.” (Pesalema 50:1) Ka gone, kaelo ya ga Jehofa ke thuto ya bomodimo.
2. Go boammaaruri ka tsela efe gore Modimo ke ene fela a leng botlhale?
2 Lefatshe le ipelafatsa ka ditheo tsa lone tse dintsi tsa thuto, mme ga go na sepe sa tsone se se rutang thuto ya bomodimo. Kana mme gone, botlhale jotlhe jo lefatshe le saleng le ntse le bo kokoanya go tswa metlheng ya bogologolo, ga se sepe fa bo bapisiwa le kaelo ya bomodimo e e ikaegileng ka botlhale jwa ga Jehofa jo bo ka se kang jwa lekanngwa le sepe. Baroma 16:27 ya re Modimo ke one fela o leng botlhale, mme seno se boammaaruri ka kgopolo ya gore Jehofa ke ene fela a nang le botlhale jo bo feletseng.
3. Ke ka ntlha yang fa Jesu Keresete e le ene morutisi yo mogolo go gaisa botlhe yo o kileng a nna teng mo lefatsheng?
3 Morwa Modimo, Jesu Keresete, ke sekao se segolo sa botlhale gape ke ene morutisi yo mogolo go gaisa botlhe yo o kileng a tshela mo lefatsheng. Ruri seo ga se gakgamatse! Jehofa e ne e ntse e le Morutisi wa gagwe kwa magodimong ka dingwaga tse dintsintsi. Tota e bile, thuto ya bomodimo e simologile fa Modimo o ne o simolola go kaela popo ya gagwe ya ntlha, Morwawe yo o tsetsweng a le esi. Ke gone ka moo Jesu a neng a ka re: “Ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile.” (Yohane 8:28, Diane 8:22, 30) Mafoko a Keresete a a buileng ka boene a a kwadilweng mo Bibeleng a oketsa kitso ya rona ka thuto ya bomodimo fela thata. Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ruta se Jesu a neng a se ruta, ba utlwa Mokaedi wa bone yo Mogolo, yo thato ya gagwe e leng gore “botlhaletlhale yo bontsi yoa Modimo” bo itsisiwe ka phuthego.—Baefesia 3:10, 11; 5:1; Luke 6:40.
Go Senka Botlhale
4. Ke eng se se boletsweng kaga bokgoni jwa boboko?
4 Gore re nne le botlhale jo bo tswang mo thutong ya bomodimo go tlhokega gore re dirise ka tlhoafalo dinonofo tsa go akanya tse Modimo a di re fileng. Seno se ka kgonega ka gonne boboko jwa motho bo na le bokgoni jo bogolo fela thata. Buka ya The Incredible Machine e bolela jaana: “Le eleng dikhomputara tse di raraaneng fela thata tse re ka di akanyang ga se sepe fa di bapisiwa le boboko jwa motho jo bo raraaneng e bile bo kgona go fetofetoga le maemo ka selekanyo se se kwa godimo fela thata—e le dinonofo tse di kgonegang ka ntlha ya tsamaiso ya jone e e raraaneng ya ditsibosi tse di rulagantsweng sentle tsa dikhemikale tsa seka motlakase. . . . Ditsibosi tse di dimilionemilione tse di tabogakang mo bobokong jwa gago ka nako epe fela di na le tshedimosetso e e seng kana ka sepe. Di bega kaga se se diragalang mo teng le kafa ntle ga mmele wa gago: kaga go tsipoga monwana wa leoto, kana monko wa kofi, kana motlae wa tsala ya gago. Mme jaaka ditsibosi tse dingwe di ntse di rarabolola le go tlhatlhoba tshedimosetso, di dira gore o ikutlwe ka tsela nngwe, o gakologelwe dilo dingwe, o akanye ka tsela nngwe, kana di dira dithulaganyo tse di ka dirang gore o dire tshwetso. Ka bonako fela, ditemosi tse di tswang mo bobokong jwa gago di bolelela dikarolo tse dingwe tsa mmele wa gago gore di dire eng: o tshikinye monwana wa gago wa leoto, o nwe kofi eo, o tshege, kana gongwe o arabe ka botlhale. Ka yone nako eo boboko jwa gago bo a bo bo ntse bo tlhokometse kafa o hemang ka gone, tsamao ya madi a gago, thempheretšhara ya mmele wa gago, le dilo tse dingwe gape tsa botlhokwa tse o sa di lemogeng. Bo ntsha ditaelo tse di bolokang mmele wa gago o dira sentle ka thelelo go sa kgathalesege diphetogo tse di diregang kgapetsakgapetsa go go dikologa. Gape bo ipaakanyetsa dilo tse di ka tlhokegang mo isagweng.”—Tsebe 326.
5. Go ya ka Dikwalo, botlhale ke eng?
5 Le mororo boboko jwa motho kwantle ga pelaelo bo na le bokgoni jo bo gakgamatsang, re ka dirisa tlhaloganyo jang ka tsela e e molemolemo? E seng ka go dirisa nonofo yotlhe ya rona re ithuta puo nngwe ka natla, hisitori, saense, kana go tshwantshanya bodumedi. Re tshwanetse go dirisetsa nonofo ya rona ya go akanya segolobogolo gore re amogele thuto ya bomodimo. Ke yone fela e lereng botlhale jwa mmatota. Mme gone botlhale jwa boammaaruri ke eng? Go ya ka Dikwalo, botlhale bo remeletse thata mo go sekasekeng dilo ka tsela e e utlwalang o ikaegile ka kitso e e tlhomameng le go tlhaloganya ka botlalo. Botlhale bo re thusa gore re atlege fa re dirisa kitso le tlhaloganyo go rarabolola mathata, go tila kana go fema dikotsi, go thusa ba bangwe, le go fitlhelela mekgele ya rona. Se se kgatlhang ke gore, Bibela e supa fa botlhale e le phapaang ya boeleele le bomatla—mekgwa e kwantle ga pelaelo re batlang go e tila.—Duteronome 32:6; Diane 11:29; Moreri 6:8.
Buka ya ga Jehofa E Kgolo
6. Gore re bontshe botlhale jwa boammaaruri, ke eng se se tshwanetseng sa dirisiwa sentle?
6 Go na le botlhale jo bontsi thata jwa selefatshe go re dikologa. (1 Bakorintha 3:18, 19) Ee ruri, lefatshe leno le na le dikolo le dilaeborari tse dintsintsi tse di nang le dibuka di le dimilionemilione! Bontsi jwa tsone ke dibuka tse di rutang ka puo, mathematiki, saense, le dikarolo tse dingwe tsa kitso. Mme lefa go ntse jalo, Mokaedi yo Mogolo o re file buka e e gaisang tse dingwe tsotlhe—Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, e leng Bibela. (2 Timotheo 3:16, 17) Ga e boammaaruri fela fa e bua ka dilo tse di tshwanang le hisitori, thutafatshe, le thutadimela mme gape le fa e bolelela pele ka isagwe. Mo godimo ga moo, e re thusa gore re tshele matshelo a a itumedisang fela thata a bile a na le mosola thata gone jaanong. Ee gone, fela jaaka baithuti mo sekolong sa selefatshe ba tshwanetse go dirisa dibuka tsa bone, le rona re tshwanetse go itse Buka e kgolo ya Modimo sentle re bo re e dirise gore re tle re kgone go nna le botlhale jwa boammaaruri jaaka ba ba ‘rutiwang ke Jehofa.’—Yohane 6:45.
7. O ka re ke ka ntlha yang fa go itse se se mo Bibeleng ka tlhogo fela go sa lekana?
7 Mme legale go itse Bibela ka tlhogo fela ga go tshwane le botlhale jwa boammaaruri le go dira go ya kafa thutong ya bomodimo. Ka sekai: Mo lekgolong la bo17 la dingwaga C.E., monna mongwe wa Mokatoliki yo o neng a bidiwa Cornelius van der Steen o ne a batla go nna Mojesuite mme a ganwa ka go bo a ne a le mokhutshwane thata. Mo bukeng ya gagwe e go tweng The Jesuits—History & Legend of the Society of Jesus, Manfred Barthel a re: “Komiti e ne ya bolelela van der Steen gore e ne e iketleeleditse go mo letlelela fela lefa a le mokhutshwane, fa fela a ne a ka ba tlhomamisetsa gore o tla tshwara Bibela yotlhe a bo a e bue ka tlhogo. Go ka bo go se na mosola go bua ka kgang eno fa van der Steen a ka bo a sa ka a dumelana le kopo eno ya boikgodiso.” A bo e ne e le matsapa a magolo jang ne go tshwara Bibela yotlhe ka tlhogo! Lefa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo go tlhaloganya Lefoko la Modimo go botlhokwa thata go na le go le tshwara fela ka tlhogo.
8. Ke eng se se tla re thusang gore re solegelwe molemo ke thuto ya bomodimo re bo re bontshe botlhale jwa boammaaruri?
8 Fa re batla go solegelwa molemo ka botlalo ke thuto ya bomodimo le go bontsha botlhale jwa boammaaruri, re tlhoka go nna le kitso e e tlhomameng ya Dikwalo. Gape re tshwanetse ra kaelwa ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa, kana maatla a gagwe a a dirang. Seno se tla re thusa gore re ithute boammaaruri jo bo tseneletseng ka “dilō tse di boteñ tsa Modimo.” (1 Bakorintha 2:10) Ka lebaka leo, a re ithuteng Buka ya ga Jehofa e kgolo ka tlhoafalo re bo re rapelele gore a re kaele ka moya o o boitshepo. Go dumelana le Diane 2:1-6, a re ikanyeng botlhale, re dire gore dipelo tsa rona di nne le temogo, mme re batle tlhaloganyo. Re tshwanetse go dira seno jaaka e kete re batla matlotlo a a fitlhegileng, gonne ke ka go dira jalo fela re ‘ka itseng go boifa Jehofa le go nna le kitso ya boammaaruri ka Modimo.’ Go tlhatlhoba diphenyo dingwe le mesola ya thuto ya bomodimo go tla oketsa kanaanelo ya rona ka botlhale jo bo tswang go Modimo.
Go Tswelela Pele O Tlhaloganya
9, 10. Modimo o ne a reng, jaaka fa go kwadilwe mo go Genesise 3:15, mme mafoko ao a ka tlhaloganngwa jang ka tshwanelo?
9 Thuto ya bomodimo e fenya ka go dira gore batho ba ga Jehofa ba golele pele mo go tlhaloganyeng ga bone Dikwalo. Ka sekai, re ithutile gore Satane Diabolo ke ene a neng a dirisa noga kwa Edena go bua maaka a go re Modimo O ne a sa bue boammaaruri fa a ne a re kwatlhao ya go ja loungo lo lo ileditsweng e ne e tla nna loso. Mme lefa go ntse jalo re a bona gore go sa utlwe Jehofa Modimo tota go ile ga dira gore batho ba swe. (Genesise 3:1-6; Baroma 5:12) Mme legale, Modimo o ne a neela batho tsholofelo fa a ne a raya noga, mme ka go rialo a raya Satane a re: “Ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.”—Genesise 3:15.
10 Mafoko ao a ne a na le masaitseweng a a ntseng a senolwa kgato ka kgato ka thuto ya bomodimo. Jehofa o rutile batho ba gagwe gore setlhogo sa konokono sa Bibela se kaga go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe ka Losika, yo e leng setlogolwana sa ga Aberahama le Dafide se se nang le tshwanelo ya semolao ya go busa mo Bogosing. (Genesise 22:15-18; 2 Samuele 7:12, 13; Esekiele 21:25-27) Mokaedi wa rona yo Mogolo o re rutile gore Jesu Keresete ke ene Losika lwa konokono lwa “mosadi,” phuthego ya Modimo ya lobopo lotlhe. (Bagalatia 3:16) Lefa Satane a ile a mo leka ka diteko tse dintsi, Jesu o ile a boloka bothokgami—le eleng go fitlha losong, mo e neng e le go kgojwa serethe ga Losika. Gape re ithutile gore baruaboswa mmogo le Keresete ba Bogosi ba ba 144 000 ba ba tswang mo merafeng yotlhe ya batho ba tla thusana le ene go tapeta tlhogo ya ga Satane, “nōga ea bogologolo.” (Tshenolō 14:1-4; 20:2; Baroma 16:20; Bagalatia 3:29; Baefesia 3:4-6) A bo re anaanela kitso e e ntseng jalo ya Lefoko la Modimo jang ne!
Go Tsena mo Leseding Le Le Gakgamatsang la Modimo
11. Ke ka ntlha yang fa go ka twe thuto ya bomodimo e fenya ka go lere batho mo leseding la semoya?
11 Thuto ya bomodimo e fenya ka go tsenya batho mo leseding la semoya. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba diragalelwa ke seo e le go diragadiwa ga 1 Petere 2:9 e e reng: “Me lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.” Gompieno lesedi le le abiwang ke Modimo le itumelelwa le ke ba “boidiidi yo bogolo” ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolō 7:9; Luke 23:43) Jaaka fa Modimo o ntse o tsweletse ka go ruta batho ba one, Diane 4:18 e a diragadiwa: “Me tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.” Go ithuta re ntse re gatela pele jalo go dira gore re tlhaloganye thuto ya bomodimo sentle, fela jaaka baithuti ba gatela pele ka ntlha ya go thusiwa ke morutabana fa ba ithuta thutapuo, hisitori, kana thuto nngwe fela e sele.
12, 13. Thuto ya bomodimo e ile ya sireletsa batho ba ga Jehofa kgatlhanong le dikotsi dife tsa dithuto?
12 Thuto ya bomodimo e fenya gape ka gore botlhe ba ba e amogelang ka boikokobetso e ba sireletsa mo ‘dithutong tsa badimo.’ (1 Timotheo 4:1) Kafa letlhakoreng le lengwe, a ko o lebe Labokeresete fela! Bogologolo ka 1878, moruti yo mogolo wa Roma Katoliki ebong John Henry Newman o ne a kwala jaana: “E re ka ka nako eo baetapele ba Kereke ba ne ba ikantse gore Bokeresete bo ka kgona go itshireletsa kgatlhanong le tshwaetso ya bosula, le gore bo ka kgona go fetola didirisiwa le mekgwa ya kobamelo ya bodimona go di dirisa mo efangeleng, . . . go tswa fela mo dinakong tsa bogologolo ba ne ba ikemiseditse gore fa go ne go tlhaga sebaka sa go dira jalo, ba dirise, kana ba etse, kana ba amogele mekgwa le dingwao tsa batho ka kakaretso, mmogo le matlhajana a barutegi.” Newman o ne a oketsa ka gore dilo tse di tshwanang le metsi a a boitshepo, diaparo tsa seruti, le ditshwantsho “tsotlhe di simologile mo boheitaneng, mme tsa itshepisiwa ka go amogelwa ke Kereke.” Batho ba Modimo ba a itumela eleruri ka gonne thuto ya bomodimo e ba sireletsa kgatlhanong le botenegi jo bo ntseng jalo. E fekeetsa mefuta yotlhe ya bodimona.—Ditihō 19:20.
13 Thuto ya bomodimo e fenya maaka a bodumedi ka ditsela tsotlhe. Ka sekai, jaaka ba ba rutiwang ke Modimo, ga re dumele Tharonngwe mme go na le moo re dumela gore Jehofa ke Mogodimodimo, Jesu ke Morwawe, le gore moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a dirang. Ga re tshabe molelo wa dihele, ka gonne re itse gore dihele tse go buiwang ka tsone mo Bibeleng ga se sepe fela fa e se lebitla le le tlwaelegileng la batho. Mme lefa ba ba mo bodumeding jwa maaka ba re moyasebele wa motho ga o swe, rona re itse gore baswi ga ba utlwe sepesepe. Boammaaruri jo re bo boneng ka thuto ya bomodimo bo bontsintsi fela. A bo e le lesego jang ne go bo re se mo botshwarong jwa semoya jwa Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka!—Yohane 8:31, 32; Tshenolō 18:2, 4, 5.
14. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba ka tswelela pele ba tsamaya mo leseding la semoya?
14 E re ka thuto ya bomodimo e fenya maaka a bodumedi, e dira gore batlhanka ba Modimo ba kgone go tsamaya mo leseding la semoya. Totatota, ba utlwa lentswe kwa morago ga bone le re: “Tsela ke e, tsamaeañ mo go eōna.” (Isaia 30:21) Thuto ya Modimo gape e sireletsa batlhanka ba gagwe kgatlhanong le megopolo e e phoso. Fa “baaposetoloi ba e señ bōnè” ba ne ba tsosa mathata kwa phuthegong ya kwa Korintha, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne dibolaō tsa ntwa ea rona ga se tsa nama, me di nonohile ha pele ga Modimo go diga dikagō tsa phemèlō tse di thata;—Re diga ditlhatlhanyō, le señwe le señwe se se choletsegileñ, se se ikgoleletsañ go thiba kicō ea Modimo, re gapèla megopolō eotlhe mo kgolegoñ ea go utlwa Keresete.” (2 Bakorintha 10:4, 5; 11:13-15) Megopolo e e sa dumelaneng le thuto ya bomodimo e fedisiwa ke kaelo e e neelwang ka bonolo mo phuthegong le ke go rerela batho ba ba kwantle ga yone mafoko a a molemo.—2 Timotheo 2:24-26.
Obamela ka Moya le ka Boammaaruri
15, 16. Go obamela Jehofa ka moya le ka boammaaruri go kaya eng?
15 Jaaka fa tiro ya go rera ka Bogosi e ntse e gatela pele, thuto ya bomodimo e fenya ka go bontsha batho ba ba pelonomi kafa ba ka obamelang Modimo ka “mōea le ka boamarure” ka gone. Jesu o ne a bolelela mosadi mongwe wa Mosamaria fa sedibeng sa ga Yakobe gaufi le motse wa Sikara gore o ka mo nosa metsi a a neelang botshelo jo bo sa khutleng. O ne a oketsa jaana, a bua ka Basamaria: “Lona lo ōbamèla se lo sa se itseñ . . . Me lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamelañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè.” (Yohane 4:7-15, 21-23) Go tswa foo Jesu o ne a ipolela gore ke ene Mesia.
16 Mme re ka obamela Modimo ka moya jang? Ka go obamela ka tsela e e itshekileng ka dipelo tse di lebogang tse di ratang Modimo ka ntlha ya kitso e e tlhomameng ya Lefoko la gagwe. Re ka mo obamela ka boammaaruri ka go gana maaka a bodumedi le ka go dira thato ya Modimo, jaaka fa e tlhalosiwa mo Bukeng ya ga Jehofa e kgolo.
E Fenya Diteko le Lefatshe
17. O ne o ka supa jang gore thuto ya bomodimo e thusitse batlhanka ba ga Jehofa gore ba fenye diteko?
17 Fa batho ba Modimo ba lebana le diteko, thuto ya bomodimo e nna e ntse e fenya. Akanya ka seno: Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e simologa ka September 1939, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba tlhoka go nna le temogo e e kgethegileng ka Buka ya gagwe e kgolo. Ba ne ba thusiwa thata ke setlhogo sengwe sa The Watchtower ya November 1, 1939, se se neng sa papamatsa thuto ya bomodimo kaga kgang ya boitlhaodi jwa Bokeresete. (Yohane 17:16) Ka tsela e e tshwanang, kwa tshimologong ya bo1960, ditlhogo tsa The Watchtower tse di buang kaga go ikobela “babusi ba bagolo” ba dipuso ka selekanyo se se rileng di ile tsa thusa batlhanka ba Modimo gore ba reetse thuto ya bomodimo fa seemo se ba neng ba tshela mo go sone se befa.—Baroma 13:1-7; Ditihō 5:29.
18. Batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete mo lekgolong la bobedi le la boraro la dingwaga C.E. ba ne ba leba boitlosobodutu jo bo makgapha jang, mme thuto ya bomodimo e thusa jang mo ntlheng eno gompieno?
18 Thuto ya bomodimo e re thusa go fenya dithaelo, tse di tshwanang le go raelesega go batla go itlosa bodutu ka tsela e e makgapha. Ela tlhoko gore batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete mo lekgolong la bobedi le la boraro la dingwaga tsa Motlha wa Rona ba ne ba reng. Tertullian o ne a kwala jaana: “Ga re amane ka gope le botsenwa jo bo dirwang kwa disorokiseng, makgapha a a dirwang kwa dikagong tsa dipontsho, le bolalome jo bo dirwang kwa dipatlelong tsa metshameko, e ka tswa e le ka puo, ka go lebelela kana ka go reetsa.” Mokwadi yo mongwe wa motlha one oo o ne a botsa jaana: “Mokeresete yo o ikanyegang o tla bo a batlang mo dilong tseno, e re ka a sa tshwanela le e leng go akanya ka bosula tota? Go ka tla jang gore a kgatlhiwe ke ditshupo tseno tsa keletso e e feteletseng?” Le mororo bakwadi bano ba tshedile dingwaga di le mmalwa morago ga Bakeresete ba lekgolo la ntlha, ba ne ba kgala boitlosobodutu jo bo makgapha. Mo motlheng ono, thuto ya bomodimo e re neela botlhale jwa go bifela boitlosobodutu jo bo makgapha, jo bo tletseng ka boitsholo jo bo maswe le thubakanyo.
19. Thuto ya bomodimo e re thusa jang gore re fenye lefatshe?
19 Go tshela go ya ka thuto ya bomodimo go dira gore re kgone go fenya lefatshe ka bolone. Ee, go diragatsa thuto ya Mokaedi wa rona yo Mogolo go dira gore re fenye ditlhotlheletso tse di bosula tsa lefatshe leno le le laolwang ke Satane. (2 Bakorintha 4:4; 1 Yohane 5:19) Baefesia 2:1-3 e bolela gore Modimo o re rudisitse le fa re ne re sule ka ntlha ya ditlolo tsa rona le dibe tsa rona fa re ne re sepela kafa taolong ya kgosana ya thata ya loapi. Re leboga Jehofa go bo thuto ya bomodimo e re thusa go fenya dikeletso tsa selefatshe le moya o o tswang mo mmabeng wa gagwe e bile a le mmaba wa rona—motsietsi yo mogolo go gaisa, ebong Satane Diabolo!
20. Ke dipotso dife tse di tshwanetseng go tlhatlhobiwa go ya pele?
20 Go phepafetse he, gore, thuto ya bomodimo e fenya ka ditsela di le dintsi. E bile tota, ga go kgonege gore re ka umaka dilo tsotlhe tse e fentseng mo go tsone. E ama batho mo lefatsheng lotlhe. Mme lefa go ntse jalo wena e go direla eng? Thuto ya bomodimo e ama botshelo jwa gago jang?
O Ithutile Eng?
◻ Botlhale jwa boammaaruri bo ka tlhalosiwa jang?
◻ Modimo o ne a senola eng kgato ka kgato malebana le Genesise 3:15?
◻ Thuto ya bomodimo e fentse jang mo dikgannyeng tsa semoya?
◻ Go obamela Modimo ka moya le ka boammaaruri go kaya eng?
◻ Thuto ya bomodimo e thusitse batlhanka ba ga Jehofa jang gore ba fenye diteko le lefatshe?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Jesu o ne a boloka bothokgami go ya losong—go kgobiwa ga Losika mo seretheng