Ke Bomang Ba Ba Dumelang mo Meyeng E E Bosula?
AO DUMELA gore meya e e sa bonaleng e ka ama botshelo jwa gago? Batho ba le bantsi ba ne ba ka araba ka nnyaa yo o utlwalang sentle. E re ka ba dumela gore Modimo o teng, ba tshega kgopolo ya gore go na le bangwe ba ba dirang bosula ba ba nang le maatla a a fetang a batho.
Lebaka le lengwe la go bo batho ba le bantsi ba kwa Bophirima ba sa dumele gore go na le meya e e sa bonaleng ke ka ntlha ya tlhotlheletso ya Labokeresete, yo ka makgolokgolo a dingwaga a neng a ruta gore lefatshe le fa gare ga lobopo, ke gore le fa gare ga legodimo le dihele tse di kwa tlase ga lefatshe. Thuto eno e ruta gore baengele ba tshela botshelo jo bo manobonobo kwa legodimong fa badimona bone ba tsamaisa ditiro tsa kwa diheleng.
Fa dilo tse di bonweng ka saense di ntse di dira gore batho ba latlhe megopolo e e phoso kaga popego ya lobopo lono, go dumela mo dibopiweng tsa semoya e ne ya nna tumelo e e siilweng ke nako. The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Ka ntlha ya diphetogo tsa ga Copernicus tsa mo lekgolong la bo16 la dingwaga (tse di theilweng mo dithutong tsa ga moithutadinaledi mongwe wa Mopolishe e bong Copernicus), tse di neng tsa dira gore . . . Lefatshe le se ka la tlhola le lebiwa jaaka le le fa gare ga lobopo mme go na le moo, le lebiwe jaaka polanete fela e e leng nngwe ya setlhopha sa tse di dikologang letsatsi mme setlhopha seo e le karolwana fela ya masomosomo a dinaledi tse di mo lobopong lo lo lebegang lo le logolo e bile lo sena fa lo felelang teng—dikgopolo tsa gore go na le baengele le badimona di ne di sa tlhole di lejwa di le boammaaruri.”
Lefa batho ba le bantsi ba sa dumele mo meyeng e e bosula, go santse go na le dimilionemilione tse di dumelang mo go yone. Baengele ba ba bosula ba umakwa thata mo ditumelong di le dintsi, tsa mo nakong e e fetileng le tsa gone jaanong. Kwantle ga seabe sa bone sa go senya bomoya jwa batho, go tsewa gore baengele bano ba ba bosula ke bone ba ba tlhotlheletsang gore go nne le matlhotlhapelo, a a jaaka ntwa, tlala, le dithoromo tsa lefatshe, e bile gape ba dira gore go nne le bolwetse, malwetse a tlhaloganyo, le loso.
Satane Diabolo, yo Bakeresete le Bajuda ba mo tsayang e le ene moya o o bosula yo mogolo mo go yone yotlhe, Mamoselema ba mmitsa Iblis. Mo bodumeding jwa Peresia wa bogologolo jwa Ba-Zoroaster, o itsiwe jaaka Angra Mainyu. Mo bodumeding jwa Ba-Gnostic, jo bo neng bo aname mo lekgolong la bobedi le la boraro la dingwaga C.E., go ne go akanngwa gore ke Demiurge, e le leina le le reilweng modimo o o fufegelang Mmopi e bile a le mmotlana mo go ene mme a ne a obamelwa ke batho ba le bantsintsi ka go tlhoka go itse.
Meya e e bosula e e kwa tlase ka maemo e umakwa thata mo ditumelong tsa kwa Botlhaba. Bahindu ba dumela gore baasura (badimona) ba kgatlhanong le badeva (medimo). Baasura ba ba tshabiwang thatathata ke barakshasa, e leng ditshedi tse di tshosang tse di pokang kwa diphupung.
Babuda ba dumela gore badimona ke maatla a a nang le dipopego tsa batho a a thibelang motho go bona Nirvana, e leng go fedisiwa ga keletso. Moraedi yo mogolo mo go bone ke Mara, le barwadie ba bararo e bong Rati (Keletso), Raga (Monate), le Tanha (Tlhobaelo).
Baobamedi ba Ba-china ba dirisa melelo e megolo, ditotšhe, le dikirikete go itshireletsa mo go kuei, kana badimona ba ba amanang le dilo tsa tlholego. Ditumelo tsa Sejapane le tsone di bolela gore go na le badimona ba le bantsi, go akaretsa le ba tengu ba ba boifisang thata, e le meya e e tsenang batho go fitlha moruti a e leleka.
Mo ditumelong tsa kwa Asia, Afrika, Oceania, le tsa dinaga tsa kwa Amerika tse di senang thutego e e tshwanelang sentle, ba dumela gore dibopiwa tsa semoya di a ba thusa kana di a ba gobatsa go ikaegile ka maemo le boikutlo jo ba nang le jone. Batho ba tlotla meya eno gore ba seka ba welwa ke masetlapelo, le gore ba diragalelwe ke melemo mengwe.
Fa o akanya gape le kafa batho ba kgatlhegelang maselamose le tirisabadimo thata ka gone, go phepafala sentle gore go dumela mo meyeng e e bosula go sa le ka go nna teng mo hisitoring e bile go aname. A mme go a utlwala gore re dumele gore dibopiwa tse di ntseng jalo di teng? Bibela e bolela gore di teng. Lefa go ntse jalo, fa e le gore di teng, ke ka ntlha yang fa Modimo o letlelela gore di utlwise motho botlhoko?