Dilo Tseo Go Neng ga Tlamelwa ka Tsone tsa Namolo Di Supa Lorato lwa Bokeresete
“RATAÑ bakauleñwe,” moaposetoloi Petere o ne a tlhotlheletsa Bakeresete ka ene jalo. (1 Petere 2:17) Lorato lo lo ntseng jalo lo ne lo tshwanetse go kgabaganya dikgoreletsi tsotlhe tsa bomorafe, lotso, le bosetšhaba, go kitlanya batho mmogo mo bokaulengweng jwa mmatota. Ka ntlha ya fa Bakeresete ba pele ba ne ba tlhoka dilo tse di bonalang, lorato lo ne lwa tlhotlheletsa batho ba le bantsi go naya baaposetoloi meneelo e le gore e ke e abelwe ba ba e tlhokang. Pego e bolela gore “dilō cotlhe ba ne ba di tlhakanetse.”—Ditihō 2:41-45; 4:32.
Lorato lo lo ntseng jalo lo ne lwa bonala fa 1991 e ne e fela fa Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, se ne se kopa makala a le mmalwa a Mokgatlho wa Watch Tower a kwa Yuropa Bophirima gore a tlamele bakaulengwe ba ba tlhokang ba kwa Yuropa Botlhaba, go akaretsa le dikarolo tseo pele e neng e le Soviet Union ka dijo le diaparo. Re tlhagisa metseletsele ya dipego fano go tswa kwa go mangwe a makala ao a ileng a nna le seabe mo go seno.
Sweden
Ka December 5, 1991, go ne ga romelelwa diphuthego tsotlhe di le 348 tsa Sweden makwalo ao a neng a tlhalosa ka dilo tseo di neng di tlhokafala. Go ile ga tsibogelwa seno ka bonako. Mo malatsinyaneng a se makae fela, kolotswana ya ntlha e ne e setse e phuruletse e lebile kwa St. Petersburg, Russia, e rwele ditone di le 15 tsa bopi, mafura a a apayang, meteme ya nama, mashi a a loupa, le dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseo. Basupi ba ga Jehofa ba lefelo leo ba ne ba pagolola dithoto tseno mo loring mme ka bonakonyana fela ba aba diphuthelwana di le 750 ba di abela batho bao ba neng ba tlhoka thuso. Moragonyana, dikolotsana tse dingwe tse pedi di ne tsa rwalela dijo kwa Russia. Gotlhegotlhe, go ne ga romelwa ditone di le 51,5 go tswa kwa Sweden.
Keletso eo ba neng ba na nayo ya go ntsha diaparo le ditlhako meneelo e ne ya feta ka kwa ga seo se neng se lebeletswe. Mekgobekgobe ya diphuthelwana tsa diaparo e ne ya kgobelana ka lobelo lo logolo mo Diholong tsa Bogosi. Bontsi jwa Bakeresete ba ne ba ntsha diaparo tseo e neng e le tsa bone meneelo. Ba bangwe bone ba ile ba reka tse disha. Mokaulengwe mongwe o ne a reka disutu di le tlhano. E ne ya re fa mong wa lebenkele yo o neng a gakgamaletse seo a utlwa gore o ne a di reka ka maikaelelo afe o ne le ene a ntsha disutu tse dingwe tse tlhano moneelo. Mokaulengwe yo mongwe o ne a reka lebokoso la dikausu, ditlelafo, le disekhafo. E ne ya re fa a ne a sena go tlhalosa maikaelelo a go bo a ne a di reka, mong wa lebenkele o ne a mo naya disutu tse disha di le 30 ka tlhotlhwa ya di le pedi. Rralebenkele mongwe wa lebenkele la diaparo tsa go tshameka o ne a ntsha dipara di le 100 tsa ditlhako tse disha le dibutshi moneelo.
Dilo tseno tsotlhe e ne ya re morago ga moo tsa lerwe kwa lekaleng e le gore di tle go rulaganngwa, go pakiwa, le go pegwa mo diloring. Diaparo—tseo di ka lekanang le morwalo o o neng o ka rwalwa ke dikolotsana di le 40—di ne di tletse ka dikarolo tse dikgolo tsa lekala! Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba dira dibeke beke ba di rulaganya go dira mekoa e e farologaneng ya banna, ya basadi, le ya bana mme ebile ba tsenya mo dibokosong. Dikolotsana tse dingwe tse di farologaneng di le somelebotlhano di ne tsa dirisiwa go rwalela diaparo ka pabalesego kwa Russia, Ukraine, le Estonia.
Mokaulengwe mongwe yo o neng a kgweetsa lori ya Mokgatlho makgetlo a le robedi go ya kwa go seo e neng e le Soviet Union pele o ne a re: “Tsela eo bakaulengwe ba ileng ba re amogela ka yone fa re fitlha kwa go bone e ne e le tuelo e kgolo thata. Ba ne ba fitlha ba re tlamparela le go re atla, mme go sa kgathalesege maemo ao ba neng ba le mo go one a go tlhoka, ba ile ba re ruta thuto e kgolo kaga go nna pelotshweu jaaka Bakeresete.”
Finland
Go sa kgathalesege mathata a a masisi a tsa itsholelo kwa Finland, go anama ga go tlhoka ditiro, le mathata a tsa ikonomi, moya wa bakaulengwe ba kwa Finland ba ba ka tshwarang 18 000 wa go rata go thusa bakaulengwe ba bone ba kwa dinageng tseo pele e neng e le Soviet Union o ile wa nna mogolo thata. Ba ne ba romela ditone di ka feta 58 tsa dijo ka dibokoso di le 4 850 kwa St. Petersburg, Estonia, Latvia, Lithuania, le Kaliningrad. Ba ne gape ba tlatsa diphatlha tseo di neng di le teng mo loring ka dikhubikimetara di le 12 tsa diaparo. Dikoloi tse dingwe di le 25 tseo di dirisitsweng le dibene le tsone di ne tsa ntshiwa moneelo gore di ne di dirisiwe mo tirong ya Bogosi.
Dingwe tsa dibokoso tseno tsa dijo di ne tsa goroga kwa phuthegong nngwe ya baboledi ba le 14, kwa Slanti kwa karolong ya St. Petersburg. Ba ile ba kwala lekwalo go tlhalosa kafa ba anaanetseng seno thata ka teng. “Re na le bokgaitsadi ba ba godileng ba le lesome mo phuthegong ya rona. Bontsi jwa rona re lwala thata mme ka gone ga re kgone go ema lobaka lo loleele mo meleng ya dijo. Lefa go ntse jalo, Rraarona wa selegodimo ga a re neye lebaka lepe la go kgobega marapo mo dinakong tseno tse di thata mme go na le moo o tlatsa dipelo tsa rona ka boitumelo. Re tshwara dithuto tsa Bibela di le 43.” E ne ya re fa kgaitsadi mongwe wa kwa St. Petersburg a amogela sephuthelwana sa gagwe sa namolo, o ile a amega pelo thata mo a ileng a lela lobaka lwa diura di le pedi pele ga a se bula.
Denmark
Mo nageng eno e potlana e e leng kwa botsenong jwa Lewatle la Baltic, Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 16 000 ba ile ba ikopanya mmogo mme ba romela dilori di le 19 kwa Ukraine di na le ditone di le 64 tsa dijo di le mo dibokosong tse 4 200; dibokoso di le 4 600 tsa diaparo tsa boleng jo bo kwa godimo; le dipara tsa ditlhako tse disha di le 2 269. Mokaulengwe mongwe go tswa kwa Jeremane o ile a letlelela lekala go dirisa dilori tsa gagwe tse tlhano, tseo moragonyana a ileng a di abela bakaulengwe ba kwa Ukraine. E ne ya re fa mongwe wa bakgweetsi a boela morago o ne a re: “Re ile ra lemoga fa re boela morago ka dilo tse dikgolo tseo di fetang tseo re neng re di isitse teng. Lorato le moya wa go intsha setlhabelo wa bakaulengwe ba kwa Ukraine eleruri o ile wa nonotsha tumelo ya rona mo gogolo.”
Bakgweetsi ba ne ba tshwanelwa ke gore ba nne kelotlhoko go tila barukhutli mo tseleng e e yang kwa dikarolong tseo pele e neng e le Soviet Union. Malatsi a le mmalwa pele fela ga nngwe ya dilori tse di tswang Denmark e feta fao, batho bangwe ba ne ba ile ba rukhutlhiwa mo go yone tsela eo. Mokoloko wa dilori di le tlhano tseo di neng di rwele dijo tsa mokgatlho mongwe wa namolo di ne di ile tsa emisiwa ke barukhutlhi bao ba neng ba dirisa dihelikhopotara le disekatlhobolo tseo di itirisang. Ba ne ba tsaya dilori tseno tsotlhe tse tlhano, mme ba tlogela bakgweetsi ba iphotlhere fela mo thoko ga tsela. Go sa kgathalesege dikotsi tseo, ditlamelwana tsotlhe go tswa kwa lekaleng la Denmark di ile tsa goroga ka pabalesego mo bakaulengweng. Bakaulengwe ba koo le bone ba ile ba neela mokgweetsi lekwalonyana leno gore a boele gae ka lone, leo ba neng ba tshwaragane le bothata fa ba ne ba le kwala ka Seesemane: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang ba kwa Denmark: Re amogetse thuso ya lona. Jehofa o tla lo duela.”
Netherlands
Lekala la kwa Netherlands le ne la romela ditone tsa dijo di le 52 ka diphuthelwana di le 2 600. Di ile tsa isiwa kwa Ukraine ka mekoloko e mebedi e e farologaneng ya dilori. Nako le nako dilori tse thataro tseno di ne di sala ereka di ne di ntshitswe moneelo ke bakaulengwe ba kwa Jeremane e le gore di ke di dirisiwe mo tirong ya Bogosi kwa Botlhaba. Bakaulengwe ba kwa Ukraine ba ne ba fitisetsa bontsi jwa dijo tseno pele go ya kwa Moscow, Siberia, le kwa mafelong a mangwe ao tlhokafalo e neng e le kgolo gone. Mo godimo ga moo, bakaulengwe ba Ma-Dutch ba ne ba ntsha diaparo le ditlhako tsa dikhubikimitara di le 736 moneelo. Di ne tsa isiwa kwa Lviv kwa Ukraine ka mokoloko wa dilori di le 11 di beilwe leitlho ke koloi nngwe eo eseng lori.
Morago ga mosepele o moleele go ralala Jeremane le Poland, mokoloko ono o ne wa feta ka pabalesego mo melelwaneng ya dithoto ya kwa Ukraine mme wa fitlha mo dikgorong tsa motse wa Lviv ka 3:00 mo mosong. Bakgweetsi ba bega jaana: “Mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo, mophato wa bakaulengwe ba le 140 ba ne ba le teng go tla go thusa go pagolola dithoto mo diloring. Pele fela ga ba simolola tiro eno, bakaulengwe bano ba ba boikokobetso ba ne ba bontsha kafa ba ikaegileng ka gone ka Jehofa ka go rapela mmogo. E ne ya re fa tiro e sena go fediwa, ba ne ba boa ba kgobokana mmogo gape gore ba rapele go leboga Jehofa. Morago ga gore re ipelele moya wa go amogela baeng o o neng o botshiwa ke bakaulengwe ba lefelo leo, bao ba ileng ba re abela ka bopelotshweu bonnyane jo ba neng ba na le jone, ba ne ba re boledisa go fitlha kwa tseleng e kgolo, koo ba ileng ba fitlha ba rapela fa thoko ga tsela teng pele ga re kgaogana le bone.
“Mo mosepeleng o moleele o re neng re o tsere go boela gae, go ne go na le dilo tse dintsi tseo re neng re ka di gopola—moya wa go amogela baeng o re o boneng mo bakaulengweng ba kwa Jeremane le Poland, le wa bakaulengwe ba rona ba kwa Lviv; tumelo ya bone e e nonofileng le go sekamela ga bone mo thapelong; moya wa bone wa go amogela baeng ka go re tlamela ka marobalo le dijo le eleng le fa bone ba ne ba tlhoka; go bontsha ga bone go nna le kutlwano le go nna seoposengwe; le go bontsha malebogo ga bone. Re ile gape ra akanya ka bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba re neng re ba tlogetse kwa gae, bao ba ileng ba aba dilo ka bopelotshweu jaana.”
Switzerland
Lekala la kwa Switzerland le simolola pego ya lone ka go tsopola Yakobe 2:15, 16: “Ha oo ra motho, kgotsa kgantshadia motho a sa apara, a ba a tlhōka tse e leñ diyō tsa letsatsi, Me moñwe oa lona a ba a raea, a re, Tsamaeañ sentlè, lo thuthahalè, lo kgorè; me leha go nntse yalo lo sa ba nee dilō tse di tlhōkwañ ke mmele, ana goa bo go thusañ?” Mme jaanong pego e tswelela jaana: “Re ne ra gopola lokwalo lono fa Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne se re kopa gore re tlamele bakaulengwe bao ba neng ba tlhoka ka dilo tse di bonalang.
“Go ise go ye kae ke fa mongwe le mongwe a tshwaregile mo go seno! Mo malatsinyaneng a le mabedi fela, ditone di le 12 tsa dijo ka diphuthelwana di le 600 di ne tsa romelwa kwa Ukraine ka dilori di le tharo tseo di neng di tswa kwa Jeremane, tseo di neng di tla fitlha di abelwa go dirisiwa mo tirong koo. Dikgang tsa gore dilo tsotlhe di ne di fitlhile ka pabalesego di ne tsa leretse bakaulengwe ba rona ba kwano boitumelo jo bogolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, diphuthego di ne di kgobokanya diaparo, mme ka bonako fela lekala la rona le ne le penologa ka dibokoso kana disutukeise le dikgetsana! Dikgetsana tseo di neng di na le diaparo tsa bana di ne gape di na le ditshamekisi tseo di neng di tswa kwa baneng ba kwa Switzerland ba di abela ditsala tsa bone tseo ba neng ba sa di itse kwa Bokone jo bo kgakala. Diphuthelwana di le dintsi tsa tšhokolete di ne di sukunyeditswe mo gare ga diaparo.”
Dilo tseno tsotlhe di ne di tla romelwa jang? Pego e bolela jaana: “Lekala la kwa Fora le ne la re thusa ka dikolotsana tse pedi le bakgweetsi ba banè. Mo godimo ga moo, lori e le nngwe go tswa mo lekaleng la rona le tse dingwe tse nnè tseo e neng e le tsa bakaulengwe ba gone mono di ne di tlhokega go rwalela ditone di le 72 kwa Ukraine.” Mokoloko wa boleele jwa dimetara di le 150 o ne wa fitlha ka pabalesego kwa lefelong leo go neng go rolelwa dithoto kwa go lone kwa Lviv, leo bakaulengwe ba koo ba ka nna lekgolo ba ne ba letile mo go lone go tla go pagolola dithoto mo diloring. Bakgweetsi ba bega gore go sa utlwaneng ga bone ka dipuo tse ba neng ba di bua go ne ga seka ga nna sekgoreletsi ka jaana difatlhego tsa bone di ne di supa kanaanelo ya bone e e tswang pelong.
Austria
Bakaulengwe ba kwa Austria ba ne ba romela ditone di le 48,5 tsa dijo, dibokoso di le 5 114 tsa diaparo, le dipara tsa ditlhako di le 6 700 kwa Lviv le kwa Uzhgorod kwa Ukraine. Ba ne gape ba romela ditone di le 7 tsa dijo, dibokoso tsa diaparo di le 1 418 le dipara tsa ditlhako di le 465 kwa Belgrade, Mostar, Osijek, Sarajevo, le Zagreb kwa karolong eo pele e ne e le Yugoslavia. Pego ya lekala e bolela gore: “Re ile ra nna le dikolotsana di le 12 tseo di neng di rwele dithoto, di tsamaya sekgala sa [dikilometara di le 34- 000]. Bontsi jwa tiro eno ya go rwala dithoto bo ile jwa dirwa ke mokaulengwe mongwe le morwawe bao ba nang le kgwebo ya dilori tseo di rwalang dithoto.”
Malebana le diaparo tseo di neng di ntshitswe moneelo, pego e tswelela pele jaana: “Re ne ra dirisa Holo ya Dikopano jaaka yone eo go neng go lerwe dilo mo go yone. Mekgobekgobe ya dilwana e ne ya nna ya itelekela jalo, go fitlhela go sa tlhole go na le moo di ka bewang gone. Jaaka ka nako ya ga Moshe, batho ba ne ba tshwanelwa ke gore ba kganelwe gore ba seka ba tlhola ba lere dilo tse dingwe tse di oketsegileng. (Ekesodo 36:6) Tota le eleng batho bao e neng e se Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ntsha meneelo ya madi, ‘ka gonne,’ ba tlhalosa, ‘ka tsela eno re a itse gore a tla fitlha kwa bathong ba ba tlhokang.’ Re ne gape ra bona bontsi jwa mabokoso a a lolea ao re neng re a tlhoka thata go tswa kwa difemeng tsa batho ba lefatshe kwantle ga go re kopa sepe.” Bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba neng ba rulaganya le go paka dilo tsotlhe e ne e le ba dingwaga tsa go tloga ka tse 9 go ya go tse 80. Ba ile ba ba ba dira maiteko a gore ba tlhophe dithae le dihempe gore di tshwanelane le sutu nngwe le nngwe.
Pego e bolela jaana: “Batlhankedi ba puso kwa Austria le kwa dikgorong tsa melelwane ba ile ba re thusa thata mo go direng gore go kgonege gore re rwale dithoto le mo go re abeleng dipampiri tse di tlhokegang gore dilo di rwalelwe kwa di yang gone kwantle ga mathata.”
Italy
Go tswa kwa Roma dijo tse di bontsi jo bo kana ka ditone di le 188 di ne tsa romelwa ka mekoloko ya dilori tse pedi tse dikgolo go ralala Austria, Czechoslovakia, le Poland go ya kwa dikarolong tseo pele e neng e le Soviet Union. Setlhopha sengwe le sengwe sa mekoloko eno se ne se akaretsa bakgweetsi ba le barataro, makheneke, rrametlakase ya dikoloi, moranodi, motlhokomedi wa dilo, moapei, ngaka, moeteledipele wa mokoloko a tsamaya ka koloi ya jipe, le mokaulengwe yo o neng a tlhoma ditente.
Go ne ga rekwa dijo go tswa kwa difemeng tse supa tsa dijo. Lekala le bega jaana: “E ne ya re fa beng ba difeme ba utlwa maikaelelo a seno, bangwe ba bone ba ne ba eletsa go tsaya karolo mo go seno. Makgolo a le mmalwa a [dikilogerama] tsa pasta le reise mmogo le dibokoso tseo di neng di dirisiwa go paka dilo, di ne tsa ntshiwa meneelo ke difeme dingwe tsa batho ba lefatshe. Tse dingwe tsone di ile tsa ntsha ditaere tsa dilori tsa mo segaganeng jaaka meneelo kana go ithebolela go ntsha meneelo ya madi.
“Bakaulengwe mo Italy ba ne ba ipelela tshono eno thata ya go thusa. Bana le bone ba ne ba batla go nna le seabe. Mosimanyana mongwe wa dingwaga tse tlhano o ne a romela moneelo o monnye o a neng a solofela gore o ne o tla rekela ‘bakaulengwe ba kwa Russia moteme wa tlhapi e kgolo thata ya tuna.’ Mosetsanyana mongwe yo mmotlana o ne a bona madi go tswa kwa go borremogolwagwe ka ntlha ya go bo a ile a bona maduo a mantle kwa sekolong gore a ke a rekele batsadi ba gagwe mpho. ‘Lefa go le jalo,’ o ne a kwala, ‘e ne ya re fa ke ne ke lemoga gore bontsi jwa bakaulengwe ba me ba ne ba sena dilo tse di siameng go ka di ja go tshwana le nna, ke ne ke akanya gore mpho e e molemo thata eo ke neng ke ka e rekela batsadi ba me e ne e ka nna ya thusa bakaulengwe bao.’ O ne a latlhela madi a a seng kana ka sepe mo lebokosong la meneelo. ‘Ke solofela gore ke tla tswelelapele ke ntse ke bona maduo a mantle, e le gore ke tle ke kgone go romela madi a a oketsegileng,’ o ne a bolela jalo.” Pego ya lekala e konesetsa ka go bolela gore makwalo ao a supang kanaanelo go tswa kwa bakaulengweng ba kwa Ukraine, mafoko a kanaanelo a bakaulengwe ba kwa Italy, le maitemogelo a a ipedisang, ka nako ya fa go rulaganngwa dilo le ka nako ya fa di rwalelwa kwa di yang teng a ne a ama pelo, a kgothatsa, a bile a kitlanya bakaulengwe.
Dijo Tsa Diketekete tsa Baeng
Kopano ya ntlha ya boditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa karolong eo pele e neng e le Soviet Union e ne ya tshwarelwa kwa Setediamong sa Kirov kwa St. Petersburg kwa Russia, ka June 26-28, 1992. Kopano eo e se kitlang e lebalesega eo, ya setlhogo se se reng “Batshodi ba Lesedi,” e ne e na le baeng ba ba fetang 46 200 go tswa kwa dinageng tse 28. E ile ya dira gore go tlhage tshono e nngwe gape ya gore “mokgatlho otlhe wa bakaulengwe” o bontshiwe lorato lwa Bokeresete.—1 Petere 2:17, NW.
Batlakopanong go tswa kwa U.S.S.R. ba ne ba neelwa ditone tsa dijo tsa mahala tseo di neng di tswa kwa Denmark, Finland, Sweden, le go tswa kwa dinageng tse dingwe tsa kwa Yuropa Bophirima e le gore ba ke ba di je ka nako ya kopano. Ka nako ya fa ba ne ba bothologa morago ga thulaganyo ya bofelo ya kopano, ba ne ba newa diphuthelwana tsa dijo tsa mofago wa bone wa mo tseleng fa ba boela gae.
Dipego tseo di begilweng fano di bontsha gore go aba ga go a ka ga ya letlhakoreng le le lengwe—kwa Botlhaba—fela. Go ile ga abalanwa dilo tse di farologaneng. Ee, dijo le diaparo di ne di leba kwa botlhaba, lefa go le jalo go tswa kwa bophirima go ya kwa botlhaba e ne e le dikakgelo tse di senang palo tse di amang pelo tsa lorato le maitemogelo ao a tlhotlheletsang tumelo, tse di bontshang bopelotelele le go nna le tumelo ga diketekete tsa baobamedi ba ga Jehofa mo dingwagasomeng tseno tse di nang le kgatelelo le tse di leng bokete go tshela mo go tsone. Ka gone, matlhakore oo mabedi a ile a iponela ka matlho boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.
[Kerafa/Setshwantsho mo go tsebe 21]
1. Go tswa kwa Finland: St. Petersburg, Russia; Tallinn le Tartu, Estonia; Riga, Latvia; Vilnius le Kaunas, Lithuania; Kaliningrad, Russia; Petrozavodsk, Karelia
2. Go tswa kwa Netherlands: Lviv, Ukraine
3. Go tswa kwa Sweden: St. Petersburg, Russia; Lviv, Ukraine; Nevinnomyssk, Russia
4. Go tswa kwa Denmark: St. Petersburg, Russia; Lviv, Ukraine
5. Go tswa kwa Austria: Lviv, Ukraine; Belgrade, Mostar, Osijek, Sarajevo, Zagreb (dikarolo tseo pele e neng e le Yugoslavia)
6. Go tswa kwa Switzerland: Lviv, Ukraine
7. Go tswa kwa Italy: Lviv, Ukraine
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Dibokoso tsa diaparo mo lekaleng la kwa Sweden
Ka nako ya fa go ne go pegwa dilo tsa namolo
Dijo di le mo sephuthelwaneng
Beikone le hemo go tswa kwa Denmark
Mokoloko wa dilori di le 11 le koloi e le 1
Diphuthelwana le disutukeise mo lekaleng la kwa Austria
Nako ya fa go ne go pagololwa dithoto go tswa mo loring kwa Lviv, Ukraine