LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 2/1 ts. 25-29
  • Ke Ile Ka Kgotsofala Fa Ke Direla Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ile Ka Kgotsofala Fa Ke Direla Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Botshelo jwa Me jwa Bodumedi Bo Simolotseng ka Teng
  • Phetogo E Kgolo
  • Ba Lelapa la me le Ba Bangwe Ba Tsaya Kgato
  • Tiro E Ntšha
  • Go Dira kwa Lesotho le kwa Botswana
  • Go Ruta le go Ranola
  • “O Leleditse Nomoro e e Seng Yone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Gola le Phuthego ya ga Jehofa mo Afrika Borwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Nnang lo Jale Peo—Jehofa o Tla e Ungwisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Ikemisetsa go ‘Tlhomama le go Nitama’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 2/1 ts. 25-29

Ke Ile Ka Kgotsofala Fa Ke Direla Modimo

JAAKA GO BOLETSE JOSHUA THONGOANA

Bogologolo ka 1942 ke ne ke tlhakane tlhogo thata. Ke ne ke ithuta dibuka tse di gatisitsweng ke Ma-Seventh-Day Adventist mmogo le tseo di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower. Fela jaaka Baiseraele ba bogologolo, ke ne ke “akabala ha gare ga maik[u]tlō a mabedi.”—1 Dikgosi 18:21.

MA-SEVENTH-DAY ADVENTIST ba ne ba nthomelela dithuto tseo ba di gatisitseng tseo di neng di bidiwa “Lentswe la Boperofeti.” Ke ne ke itumelela go araba dipotso tsa bone, mme ba ne ba solofetsa go nnaya setifikeite se sentle fa ke ne nka kgona diteko tsa me tsotlhe. Mme ke ne ka tlhokomela gore dikgatiso tsa “Lentswe la Boperofeti” mmogo le tsa Mokgatlho wa Watch Tower di ne di romelwa ka poso go tswa kwa toropong nngwe ya mo Afrika Borwa eleng Cape Town. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘A mekgatlho e mebedi eno ya itsane? A dithuto tsa bone di a dumalana? Fa go sa nna jalo, ke ofe o o siameng?’

Go rarabolola kgang eno, ke ne ka romela makwalo a a tshwanang go nngwe le nngwe ya mekgatlho eno. Ka sekai, ke ne ka kwalela Mokgatlho wa Watch Tower jaana: “A lo itse batho ba ba amanang le ‘Lentswe la Boperofeti,’ mme fa e le gore lo a ba itse, lo akanyang ka dithuto tsa bone?” Go ise go ye kae, ke ne ka amogela dikarabo go tswa mo ditlhopheng tsoopedi. Lekwalo le le neng le tswa kwa Mokgatlhong wa Watch Tower le ne la bolela gore bone ba itse kaga “Lentswe la Boperofeti” mme ba tlhalosa gore dithuto tsa yone, tse di ntseng jaaka Tharonngwe le go boa ga ga Keresete a le mo nameng, e ne e se tsa dikwalo. Lekwalo la bone le ne le na le dikwalo tse di ganetsang dithuto tseno.—Yohane 14:19, 28.

Karabo e e neng e tswa go “Lentswe la Boperofeti” e ne e le fela gore bone ba itse “batho ba Watch Tower,” mme ga ba dumalane le dithuto tsa bone. Go ne go sa neelwa mabaka ape. Ke ne ka swetsa ka gore Mokgatlho wa Watch Tower o e leng moemedi wa kafa molaong wa Basupi ba ga Jehofa ke one o o siameng. Abo ke itumela jang ne gompieno morago ga dingwaga tse 50 ke ntse ke kopanela le Basupi, go bo ke ile ka dira tshwetso e e siameng eo!

Kafa Botshelo jwa Me jwa Bodumedi Bo Simolotseng ka Teng

Ke ne ka tsholwa ka 1912 mo lefelong la selegae le le bidiwang Makanye, le le kwa botlhaba jwa motse mongwe mo Afrika Borwa kwa Pietersburg. Ka nako eo Makanye e ne e le kafa tlase ga taolo ya sedumedi ya Kereke ya Anglican, ka jalo ke ne ka nna leloko la kereke eo. Ka nako ya fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome, lelapa la gaetsho le ile la fudugela kwa lefelong le le neng le laolwa ke Kereke ya Lutheran Berlin Mission, mme batsadi ba me ba ne ba tsena kereke eo. Go ise go ye kae ke ne ka tshwanelega go ka nna teng mo tirelong ya Selalelo le go ka ja thathana ya senkgwe le go nwa thotinyana ya beine, mme seno ga se a ka sa nkgotsofatsa mo dilong tse ke neng ke di tlhoka semoyeng.

Morago ga go fetsa dithuto tsa sekolo tseo di tsereng sebaka sa dingwaga di le robedi, rre o ne a nthomela kwa Sekolong sengwe sa Thapiso kwa Kilnerton, mme ka 1935, ke ile ka amogela Setifikeite sa Borutabana sa Ngwaga wa Boraro. Mongwe wa barutabana bao ke neng ke dira le bone e ne e le mohumagatsana mongwe yo o neng a bidiwa Caroline. Re ile ra nyalana, mme moragonyana Caroline o ne a tshola ngwana wa mosetsana yo re ileng ra mo sha leina la Damaris. Dingwaga di se kae morago ga moo, ke ne ka nna tlhogo ya Sekolo sa Sehlale se se neng se le mo lefelong la selegae kwa Mamatsha. Ereka sekolo seo se ne se laolwa ke Kereke ya Dutch Reformed, re ne re tsena kereke eo, re nna teng mo ditirelong tsa yone ka metlha. Re ne re dira seno ka gore e ne e le selo se se dirwang ke botlhe, mme ga go a ka ga nkgotsofatsa.

Phetogo E Kgolo

Ka Sontaga mongwe ka 1942, re ne re ntse re ithuta difela kwa kerekeng fa lekau lengwe la motho yo mosweu le ne la tsena ka mojako le tshotse dibuka tse tharo tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower—Creation, Vindication, le Preparation. Ke ne ka akanya gore dibuka tseo di tla lebega di le dintle mo shelofong ya laeborari ya me ya dibuka ka jalo ke ne ka di tsaya ka madi a a ka nnang ka disheleng di le tharo. Moragonyana ga moo ke ne ka utlwa gore monna yoo ebong Tienie Bezuidenhout e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa e le ene fela mo lefelong leo. Mo loetong lwa gagwe lo lo latelang Tienie o ne a tla le fonokerafa mme a tshameka dipuo dingwe tsa ga Moatlhodi Rutherford ka yone. Ke ne ka itumelela thatathata e e neng e re “Snare and Racket,” (Serai le Maano) mme Caroline le nnake ebong Priscilla, yo o neng a nna le rona, bone ga ba a ka ba e itumelela. Fa Tienie a boa lekgetlo la boraro o ne a nnaya fonokerafa gore ke tle ke tshamekele ditsala tsa me direkoto tseo.

Ka letsatsi lengwe ke ne ka tlhatlhoba buka ya Creation mme ka bona kgaolo e e reng “Where are the Dead,” (Baswi Ba Kae?) Ke ne ka simolola go e bala ke solofetse go utlwa dilo tse di monate tseo ba ba suleng ba di ipelelang kwa legodimong. Go fapaana le seo ke neng ke se solofetse, buka e ne ya bontsha gore baswi ba mo mabitleng mme ga ba itse sepe. Ditemana tse di tswang mo Bibeleng tse di jaaka Moreri 9:5, 10, di ne di tsopotswe go tshegetsa seo. Kgaolo e nngwe e ne e na le setlhogo se se reng “Awakening the Dead” (Go Tsosiwa ga Baswi), mme go ne ga umakiwa Yohane 5:28, 29 go supa gore baswi ga ba utlwe sepe mme ba letetse tsogo. Seno se ne se utlwala. Se ne se kgotsofatsa.

Ka yone nako eo ka 1942, ke ne ka kgaola kamano ya me le “Lentswe la Boperofeti” mme ka simolola go bolelela ba bangwe ka dilo tseo ke neng ke di ithuta mo dikgatisong tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Wa ntlha go tsaya kgato e ne e le Judah Letsoalo yo e neng e le tsala eo re neng re le mo tlelaseng e le nngwe kwa Sekolong sa Thapiso kwa Kilnerton.

Nna le Judah re ne ra tsamaya dikilometara di le 51 ka dibaesekele gore re nne teng kwa kopanong ya Basupi ba Maafrika kwa Pietersburg. Morago ga moo, ditsala go tswa kwa Pietersburg di ne tsa tla kwa Mamatsha go tla go nthusa go bolelela baagelani ba me ka molaetsa wa Bogosi. Kgabagare, kwa kopanong e nngwe kwa Pietersburg, ka December 1944, ke ne ka bontsha gore ke ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa.

Ba Lelapa la me le Ba Bangwe Ba Tsaya Kgato

Caroline, Priscilla, le morwadiake ebong Damaris, ba ne ba tswelela ba ntse ba ya kwa Kerekeng ya Dutch Reformed. Ra welwa ke masetlapelo. Caroline o ne a tshola ngwana wa rona wa bobedi—e le ngwana wa mosimane yo a neng a bonala a na le botsogo jo bontle yo re ileng ra mo sha leina la Samuel. O ne a lwala ka bonako fela a bo a swa. Ditsala tsa ga Caroline tsa kwa kerekeng ga di a ka tsa mo gomotsa, ba bolela gore Modimo o ne o batla gore morwa wa rona a tle go nna le ene kwa legodimong. Caroline o ne a nnela go botsa jaana a utlwile botlhoko: “Ke ka ntlha yang Modimo a ka tsaya morwa wa rona?”

Fa Basupi ba kwa Pietersburg ba utlwa ka masetlapelo a a re wetseng, ba ne ba tla mme ba re naya kgomotso ya boammaaruri e e thailweng mo Lefokong la Modimo. Moragonyana Caroline o ne a bolela jaana: “Seo Bibela e se bolelang kaga lebaka la go bo re swa, kaga boemo jwa baswi, le kaga tsholofetso ya tsogo se ne se utlwala, mme ke ne ka gomotsega tota. Ke ne ka batla go nna teng kwa lefatsheng le lesha le go amogela morwaake gape go tswa kwa mabitleng.”

Caroline o ne a kgaotsa go ya kerekeng, mme ka 1946 ene, Priscilla, le Judah ba ne ba kolobediwa. Ka bonakonyana fela morago ga go kolobediwa, Judah o ne a tsamaya go ya go simolola tiro ya go rera kwa lefelong lengwe la selegae le le bidiwang Mamahlola, mme o ne a tswelela pele a ikanyega go fitlha a tlhokafala ka 1991.

Ka nako ya fa Judah a ne a tsamaya, e ne ya nna nna fela monna yo o setseng go tlhokomela phuthego ya rona e e neng e bidiwa ya Boyne. Gracely Mahlatji o ne a fudugela mo lefelong la rona, mme kgabagare a nyala Priscilla. Nna le Gracely re ne re refosana beke nngwe le nngwe go neela dipuo tsa phatlalatsa ka Sepedi, puo ya Seafrika e e buiwang mo lefelong leo. Gore batho ba kgone go bona dibuka tsa Bibela, Mokgatlho o ne wa nkopa gore ke ranolele dibuka mo Sepeding. Go ne ga nkgotsofatsa thata go bona fa dibuka tseno di solegela batho molemo.

Go atolosa letsholo la dipokano tsa phatlalatsa, re ne ra reka fonokerafa e e nang le sebuelagodimo se segolo gore re tle re tshameke dipuo tsa Bibela mo tshimong ya rona yotlhe. Re ne ra adima kolotsana e e neng e gogiwa ke ditonki gore re tle re kgone go rwala sedirisiwa se se bokete seno go tswa lefelong le lengwe go ya kwa go le lengwe. Ka ntlha ya seno, baagelani ba rona ba ne ba re sha leina la metshamekiso la “Batho ba Kereke ya Tonki.”

Mo go lone lobaka loo phuthego ya rona e nnye e ne ya tswelela pele e ntse e gola. Kgabagare, bokgaitsadiake ba babedi le banna ba bone ba ne ba nna Basupi mme ba nna ba ikanyega botlhe go fitlha ba swa. Mo godimo ga moo, ba le bantsi go tswa phuthegong ya Boyne (e jaanong e bidiwang Mphogodiba) ba ne ba tsenela tiro ya go rera ya nako e e tletseng, mme bontsi jwa bone ba santse ba le mo tirelong eo. Jaanong, go na le diphuthego di le pedi mo karolong e kgolo eno ya metse ya selegae e e phatlaletseng, mme go na le palogotlhe ya baboledi ba le 70 ba ba tlhagafetseng mo tirong eno ya go rera.

Tiro E Ntšha

Ka 1949, ke ne ka tlogela go ruta kwa sekolong mme ka nna modihedi wa mmulatsela wa ka metlha. Kabelo ya me ya ntlha e ne e le go etela badiri ba batho ba bantsho ba ba neng ba dira mo dipolasing bao ba neng ba nna mo dipolasing tsa batho ba basweu mo tikologong ya Vaalwater kwa Teransefala. Bangwe ba beng ba dipolase ba ne ba na le mokgwa o o neng o sa tswa go nna teng bosheng wa go tlhaola batho mme ba ne ba iketleeditse go dira gore batho ba bantsho ba itse gore ba kafa tlase ga batho ba basweu mme ba tshwanetse go direla beng ba bone ba basweu. Ka jalo ka nako ya fa ke ne ke rerela badiri ba batho ba bantsho, bangwe ba batho ba basweu ba ne ba akanya gore ke rera kaga go tsuolola. Ba bangwe ba bile ba ntatofatsa ka gore ke Mokomonisi ebile ba ntshosetsa ka gore ba tla nthuntsha.

Ke ne ka bega boemo jono kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower, mme go ise go ye kae ke ne ka romelwa kwa kabelong e nngwe e e neng e le mo lefelong lengwe la selegae leo le neng le bidiwa Duiwelskloof. Mo e ka nnang ka yone nako eo mosadi wa me le ene o ne a tlogela tiro ya go ruta mme a mpata mo tirelong ya bobulatsela. Ka thapama nngwe ka 1950, fa re boa kwa tirelong ya tshimo re ile ra fitlhela enfelopo e kgolo e e tswang kwa Mokgatlhong. Seo se neng se re gakgamatsa ke gore, mo go yone go ne go na le taletso eo mo go yone ke neng ka lalediwa go ya go amogela thapiso ya go direla jaaka molebedi yo o etang. Re ne ra etela diphuthego tse di mo Afrika Borwa ka dingwaga di le tharo, mme morago ga moo ka 1953 re ile ra abelwa go direla kwa Lesotho, naga e e leng mo bogareng jwa Afrika Borwa e e dikologilweng ke naga fela.

Go Dira kwa Lesotho le kwa Botswana

Ka nako ya fa re ne re simolola go direla kwa Lesotho, go ne go na le magatwe a gore go tlwaelegile gore baeng ba tlhaselwa ba bolawe gore go dirwe ditlhare ka bone. Nna le mosadi wa me re ne re amegile ka seno, mme lorato lwa bakaulengwe ba rona ba Basotho le moya wa go amogela baeng oo ba neng ba na le one di ile tsa re thusa gore re lebale dilo tse di ntseng jalo.

Fa ke ne ke etela diphuthego tse di kwa Dithabeng tsa Maluti tsa Lesotho, ke ne ke tle ke tsamaye ka sefofane ke tlogela mosadi wa me mo mafelong a eseng a dithaba koo a neng a sala a ntse a tswelela pele mo tirelong ya bobulatsela go fitlha ke boa. Ditsala di ne di tle di mpate go tswa phuthegong e nngwe go ya go e nngwe ba nthusa gore ke se ka ka timela mo dithabeng.

Mo lekgetlong lengwe ke ne ka bolelelwa gore, re ne re tla tshwanela go kgabaganya Noka ya Orange re palame dipitse gore re fitlhe kwa phuthegong e e latelang. Ke ne ka tlhomamisediwa gore pitse ya me e bokgwabo mme lefa go ntse jalo ka tlhagisiwa gore fa metsi a nna maatla thata, dipitse gantsi di leka go latlha morwalo o di o rweleng. Ke ne ke tshwenyegile ka gore ke ne ke se sa itse go palama pitse sentle ebile ke ne ke sa kgone go šapa sentle. Go ise go ye kae re ne re setse re le mo teng ga noka, mme metsi a fitlha mo disaleng tsa dipitse. Ke ne ke tshogile thata mo e leng gore ke ne ka lesa ditomo mme ka tshwarelela mo seriring sa pitse. Abo ke ne ka kgwa mowa jang ne fa re fitlha re bolokesegile ka kwa letlhakoreng le lengwe la losi la noka!

Bosigong joo ga ke a ka ka kgona go tshwara boroko ka ntlha ya gore mmele wa me o ne o le botlhoko ka ntlha ya go palama pitse. Mme lefa go ntse jalo matsapa ano a ne a duelwa tota ka gore ditsala di ne tsa anaanela loeto lono fela thata. Ka nako ya fa ke simolola tiro ya eta kwa Lesotho, go ne go na le tlhora ya baboledi ba le 113. Gompieno, palo eo e oketsegile go nna 1 649.

Ka 1956 kabelo ya rona e ne ya fetolwa go ya go rera kwa Nageng ya Tshireletso ya Bechuanaland, eo jaanong e bidiwang Botswana. Botswana ke naga e kgolwane thata, mme go ne go tlhokega gore go tsamaiwe sekgala se seleele thata go fitlhelela baboledi botlhe. Re ne re tsamaya ka terena kana ka teraka e e bulegileng. Go ne go sena ditulo, ka jalo re ne ra tshwanela go nna fa fatshe ka merwalo ya rona. Gantsi re ne re fitlha kwa lefelong leo re neng re ya kwa go lone re tletse lerole ebile re lapile. Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba re amogela ka metlha, mme difatlhego tsa bone tse di itumetseng di ne di re lapolosa.

Ka nako eo, dikgatiso tsa Mokgatlho di ne di thibetswe kwa Botswana, ka jalo tiro ya rona ya go rera ka ntlo le ntlo e ne e dirwa ka kelotlhoko, re sa dirise dibuka tsa Mokgatlho. Mo lekgetlong le lengwe re ne ra tshwarwa re dira gaufi le motse wa Maphashalala mme ra golegiwa. Re ne ra dirisa Bibela go iphemela, re bontsha fa tiro ya rona e le e e begilweng mo go Mathaio 28:19, 20. Le mororo bangwe ba badiredi ba ne ba kgatlhiwa ke seno, kgosi e ne ya laela gore Basupi ba lefelo leo ba bediwe. Mme se se neng sa re gakgamatsa ke gore moruti o ne a re buelela mo kgosing gore e re utlwele botlhoko mme e re itshwarele. Kgosi e ne ya dumela mme re ne ra gololwa.

Go sa kgathalesege go bogisiwa le go thibelwa ga dibuka tsa rona, tiro ya Bogosi e ne ya nna e ntse e tswelela pele. Ka nako ya fa ke fitlha kwa Botswana, go ne go na le tlhora ya baboledi ba le 154. Dingwaga tse tharo fa thibelo e sena go fedisiwa, palo eo e ne e oketsegile e le 192. Gompieno, go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 777 ba ba rerang kwa nageng eo.

Go Ruta le go Ranola

Kgabagare, ke ne ka dirisiwa jaaka mokaedi wa Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi sa bagolwane ba Bakeresete. Moragonyana ke ne ka itumelela go bona tshiamelo ya go nna mokaedi wa Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela. Nna le mosadi wa me re ne ra direla gape ka nakwana kwa lekaleng la Afrika Borwa. Ka dinako tseo ke ne ke thusa ka go ranola, mme Caroline ene a dira kwa boapelong.

Ka letsatsi lengwe ka 1969, molebedi wa lekala ebong Frans Muller, o ne a nkatamela mme a bolela jaana: “Mokaulengwe Thongoana, ke rata go go bona le mosadi wa gago kwa ofising ya me.” Fa re le koo o ne a tlhalosa gore re ne re le gareng ga bao ba neng ba tlhophilwe go nna baemedi kwa Kopanong ya 1969 ya “Kagiso mo Lefatsheng” kwa Lontone. Re ile ra itumelela moya wa go amogela baeng oo bakaulengwe ba rona ba kwa Engelane le kwa Scotland ba neng ba o bontsha, mme seno se ne sa oketsa kafa re anaanelang ka teng bokaulengwe jwa rona jwa lefatshe ka bophara.

Mo dingwageng tse di masome a mane tse di fetileng, Caroline o nnile molekane yo o ikanyegang mo tirong ya rona ya go nna bareri ba nako e e tletseng. Re ne re itumelela le go hutsafalela dilo tse dintsi mmogo. Le mororo re ile ra swelwa ke bana ba babedi, morwadiarona ebong Damaris, o ne a gola a nna Mosupi yo o molemo mme o bile a nna le seabe mo tirong ya go ranola kwa lekaleng la Afrika Borwa.

Botsogo jwa rona ga bo tlhole bo re letla go nna le seabe mo tirong ya go eta, ka jalo mo dingwageng di sekae tse di fetileng, re ntse re dira jaaka babulatsela ba ba kgethegileng mo phuthegong nngwe kwa Seshego, motse mongwe gaufi le Pietersburg. Ke direla jaaka molebedi yo o okamelang. Bibela e bolela gore “go na le letlōtlō ya boitumelō [mo go Jehofa],” mme tota ke bone boitumelo le kgotsofalo fa ke direla Modimo mo borwa jwa Afrika.—Pesalema 16:11.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go neela bosupi mo motseng wa Seshego, mo Afrika Borwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela