Seo Re Tshwanetseng Go Se Dira Fa Re Ikobela Modimo
“Ke gōna ka re, lo ineèleñ mo Modimoñ.”—YAKOBE 4:7.
1. Go ka twe Modimo o re o obamelang ke wa mofuta mang?
ABO Jehofa e le Modimo yo o molemolemo jang ne! Ga a kake a lekanngwa le ope, ga a kake a tshwantshiwa le ope, ga a kake a bapisiwa le ope, ebile ga a tshwane le ope mo dilong di le dintsi! Ke Mogodimodimo, Molaodi wa Lobopo lotlhe yo o nang le taolo ya mmatota mo dilong tsotlhe. O sa le a le teng go tswa bosaengkae go ya bosakhutleng mme o galalela fela thata mo go seng motho ope yo o ka mmonang mme a tshela. (Ekesodo 33:20; Baroma 16:26) Nonofo ya gagwe le botlhale ga di kake tsa lekanngwa, o itekanetse ka botlalo mo tshiamisong mme ebile ke ene lorato ka bolone. Ke Mmopi wa rona, Moatlhodi wa rona, Motlhomamolao wa rona, le Kgosi ya rona. Neo nngwe le nngwe e e molemo le e e itekanetseng e tswa kwa go ene.—Pesalema 100:3; Isaia 33:22; Yakobe 1:17.
2. Go ikobela Modimo go akaretsa dilo dife?
2 Ka ntlha ya mabaka ano otlhe, kwantle ga pelaelo re tshwanetse go mo ikobela. Mme lefa go ntse jalo seno se akaretsa gore re dire eng? Dilo di le mmalwa. Ereka re sa kgone go bona Jehofa Modimo ka namana, go mo ikobela go akaretsa go utlwa lentswe la segakolodi se se rutilweng, go dirisana mmogo le phuthego ya Modimo e e mo lefatsheng, go tlotla babusi ba lefatshe, le go tlotla molaomotheo wa botlhogo mo lelapeng.
Go Nna Le Segakolodi Se Se Siameng
3. E le gore re nne le segakolodi se se molemo, re tshwanetse ra utlwa dithibelo tsa mofuta ofe?
3 Gore re nne le segakolodi se se siameng, re tshwanetse go utlwa melao e re ka sekang ra patelediwa go e ikobela—ke gore, melao kana melaometheo eo babusi ba batho ba ka se kang ba e pateletsa. Ka sekai, molao wa bolesome wa Melao E E Lesome, o o neng o iletsa go eletsa sengwe sa mongwe ka wena, o ne o ka se ka wa patelediwa ke babusi ba batho. Kana gone, seno ke bosupi jwa gore Melao E E Lesome e tswa go Modimo, ka gonne ga go na lekgotla lepe la batho le le tlhomang melao leo le neng le ka tlhoma molao o o neng o ka se ka wa patelediwa ka go dira gore o otlhaelwe fa o tlodilwe. Ka go tlhoma molao ono, Jehofa Modimo o ne a neela Moiseraele mongwe le mongwe boikarabelo jwa gore a nne lepodise la gagwe ka namana—fa a ne a batla go nna le segakolodi se se molemo. (Ekesodo 20:17) Ka tsela e e tshwanang, dingwe tsa ditiro tsa nama tse di neng di ka thibela motho gore a se ka a rua Bogosi jwa Modimo ke “mahuha” le “dipelotshètlha”—ditiro tseo baatlhodi ba batho ba ka se kang ba di otlhaela. (Bagalatia 5:19-21) Mme lefa go ntse jalo re tshwanetse ra tila dilo tseno gore re tle re nne le segakolodi se se siameng.
4. E le gore re nne le segakolodi se se molemo, re tshwanetse go tshela tumalanong le melaometheo efe ya Bibela?
4 Ee, re tshwanetse go tshela tumalanong le melaometheo ya Bibela. Melaometheo e e ntseng jalo e ka sobokanngwa mo melaong e mebedi eo Jesu Keresete a neng a e bolela fa a araba potso ya gore molao o mogolo ke ofe mo melaong ya ga Moshe. “U ratè Yehofa Modimo oa gago ka pelo eotlhe ea gago, le ka mōea otlhe oa gago, le ka tlhaloganyō eotlhe ea gago. . . . U ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Mathaio 22:36-40) Mafoko a a bontshang gore molao ono wa bobedi o akaretsa eng ke mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 7:12: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo: gonne mo ke molaō le baperofeti.”
5. Re ka nna le kamano e e molemo le Jehofa Modimo jang?
5 Re tshwanetse gore re dire seo re itseng gore se tshwanetse mme re tile go dira seo re itseng gore se phoso, lefa ebile ba bangwe ba re bona kana ba sa re bone. Go tshwanetse ga nna jalo lefa e le gore re ka kgona go dira seo re sa tshwanelang go se dira kana ra se ka ra dira se re tshwanetseng go se dira mme re bo re sa tshwarwe. Go kaya go nna le kamano e e molemo le Rraarona wa selegodimo, re nna re gopotse tlhagiso eno eo moaposetoloi Paulo a e bolelang mo go Bahebera 4:13: “Ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.” Go gagamalela go dira se se tshwanetseng go tla re thusa gore re lwe le maano a a boferefere a ga Diabolo, re emelane le dikgatelelo tsa lefatshe, re bo re lwe le bokoa jo re bo ruileng jwa go sekamela mo bopelotshetlheng.—Bapisa Baefesia 6:11.
Go Ikobela Phuthego ya Modimo
6. Mo metlheng ya pele ga Bokeresete Jehofa o ne a dirisa mesele efe ya puisano?
6 Jehofa Modimo ga a tlogela sengwe le sengwe mo magetleng a rona gore re itirele tshwetso motho ka namana gore re tla dirisa jang melaometheo ya Bibela mo matshelong a rona. Go tswa kwa tshimologong ya hisitori ya motho, Modimo o ile a dirisa batho jaaka mesele ya puisano. Ka jalo, Adame e ne e le mmueledi wa Modimo mo go Efa. Molao o o malebana le leungo le le neng le ileditswe o ne o neilwe Adame pele go bopiwa Efa ka jalo. Adame o tshwanetse a bo a ne a itsise Efa gore Modimo o batla gore a dire eng. (Genesise 2:16-23) Noa e ne e le moperofeti wa Modimo mo lelapeng la gagwe le mo bathong ba motlha wa pele ga morwalela. (Genesise 6:13; 2 Petere 2:5) Aberahame e ne e le mmueledi wa Modimo mo lelapeng la gagwe. (Genesise 18:19) Moshe e ne e le moperofeti wa Modimo ebile a bua ka ene le morafe wa Iseraele. (Ekesodo 3:15, 16; 19:3, 7) Morago ga gagwe go fitlha ka Johane Mokolobetsi, Modimo o ne a dirisa baperofeti le baperesiti ba le bantsi, le dikgosi di le dintsi go bolelela batho ba gagwe gore o batla gore ba dire eng.
7, 8. (a) Fa e sale Mesia a tla, go ile ga dirisiwa bomang jaaka babueledi ba Modimo? (b) Go ikobela Modimo go tlhoka gore Basupi ba ga Jehofa ba dire eng gompieno?
7 Fa Mesia ebong Jesu Keresete a tla, Modimo o ne a dirisa ene le baaposetoloi le barutwa ba ba neng ba atamelane thata le ene gore ba direle jaaka babueledi ba Gagwe. Moragonyana, balatedi ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete ba ne ba tla tshwanelwa ke gore ba direle jaaka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” ka go bolelela batho ba ga Jehofa kafa ba ka dirisang melaometheo ya Bibela mo matshelong a bone ka gone. Go ikobela Modimo go ne go kaya go amogela sedirisiwa se Jehofa Modimo a neng a se dirisa.—Mathaio 24:45-47; Baefesia 4:11-14.
8 Dintlha di bontsha gore gompieno “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o dirisana le Basupi ba ga Jehofa mme o emelwa ke Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi bano. Setlhopha seo le sone se tlhoma balebedi mo maemong a a farologaneng—jaaka bagolwane le baemedi ba ba etang—gore ba kaele tiro ya mo lefelong leo ba leng mo go lone. Go ikobela Modimo go tlhoka gore Mosupi mongwe le mongwe yo o ineetseng a ikobele balebedi bano tumalanong le Bahebera 13:17: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōa ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.”
Go Amogela Kotlhao
9. Gantsi go ikobela Modimo go akaretsa eng?
9 Gantsi go ikobela Modimo go kaya go amogela kotlhao e e tswang mo go bao ba direlang jaaka balebedi. Fa rona ka borona re sa iphe kotlhao e e tlhokegang ka metlha, go ka nna ga tlhokega gore re gakololwe re bo re otlhaiwe ke bao ba nang le boitemogelo ebile ba na le thata ya go dira jalo, jaaka bagolwane ba rona ba phuthego. Go tla bo go le botlhale gore re amogele kotlhao e e ntseng jalo.—Diane 12:15; 19:20.
10. Bao ba otlhayang ba na le boikarabelo bofe?
10 Go bonala sentle gore bagolwane bao ba otlhayang ba tshwanetse gore bone ka bobone ba tlhome dikao tsa go ikobela Modimo. Jang? Go ya ka Bagalatia 6:1, ga ba a tshwanela go gakolola ka tsela e e molemo fela mme gape ba tshwanetse go tlhoma sekao: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.” Ka mafoko a mangwe, kgakololo ya mogolwane e tshwanetse ya dumelana le sekao sa gagwe. Seo se dumelana le kgakololo e e neetsweng mo go 2 Timotheo 2:24, 25 le mo go Tito 1:9. Ee, bao ba kgalemang kana ba gakololang ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore le ka motlha ba se ka ba nna bogale. Ba tshwanetse gore ka metlha ba nne bonolo, ba nne pelonomi, mme ba ntse ba buelela melaometheo ya Lefoko la Modimo ka tlhomamo. Ba tshwanetse gore ka metlha ba nne bareetsi ba ba sa tlhaoleng batho, ba lapolosa bao ba lapileng ebile ba imelwa.—Bapisa Mathaio 11:28-30.
Go Ikobela Babusi ba Lefatshe
11. Ke eng se se tlhokegang fa Bakeresete ba dirisana le babusi ba lefatshe?
11 Go ikobela Modimo gape go tlhoka gore re utlwe babusi ba lefatshe. Re gakololwa jaana mo go Baroma 13:1: “A motho moñwe le moñwe a ineèlè mo go utlweñ babusi ba bagolo: gonne ga go na mmushō opè ha e se o o cwañ mo Modimoñ; me babusi ba ba leñ gōna, ba beilwe ke Modimo.” Mo gare ga dilo tse dingwe, mafoko ano a batla gore re utlwe melao ya pharakano le go tlhomamisa gore re duela lekgetho, jaaka moaposetoloi Paulo a umaka mo go Baroma 13:7.
12. Go ikobela Kaesare ga rona go lekanyeditswe ka tsela efe?
12 Lefa go ntse jalo, go phepafetse gore go ikobela Kaesare gotlhe go go ntseng jalo go tshwanetse gore go lekanyediwe. Ka metlha re tshwanetse gore re gakologelwe molaomotheo ono o Jesu Keresete a o boletseng, jaaka fa o kwadilwe mo go Mathaio 22:21: “Ke gōna ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare; lo bo lo ntshetsè Modimo tse e leñ tsa Modimo.” Ntlhanyana e e kwa tlase ya Baroma 13:1 go Oxford NIV [New International Version] Scofield Study Bible e akgela jaana: “Seno ga se reye gore o tshwanetse go utlwa melao e e sa tshegetseng boitsholo jo bontle kana e e kgatlhanong le Bokeresete. Fa go na le melao e e ntseng jalo o tshwanetse go utlwa Modimo bogolo go batho (Dit. 5:29; bapisa Dan. 3:16-18; 6:10 le tse di latelang).”
Go Ikobela Modimo mo Lelapeng
13. Go ikobela Modimo mo lelapeng go tlhoka gore maloko a lelapa a dire eng?
13 Mo lelapeng, yo o direlang jaaka tlhogo ke monna ebile e le rre. Seno se tlhoka gore basadi ba utlwe kgakololo e e neetsweng mo go Baefesia 5:22, 23: “Basadi ba lo nyecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona, yaka e ka bo e le mo go Morèna. Gonne monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō.”a Fa e le ka bana, ga ba itirele melao ya bone mme go na le moo ba tshwanetse go ikobela rraabone le mmaabone ka bobedi jwa bone ka tsela ya bomodimo, jaaka Paulo a tlhalosa jaana mo go Baefesia 6:1-3: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo Moreneñ: gonne mo, go siame. Tlotla rrago le mmago—e e leñ eōna taolō ea ntlha e e nañ le polèlō ea choloheco,—gore go tlè go nnè molemō mo go wèna, le gore o tshelè ka bolele mo lehatshiñ.”
14. Go ikobela Modimo go tlhoka gore ditlhogo tsa malapa di dire eng?
14 Gone ke boammaaruri, go nna motlhofo gore basadi le bana ba ikobele Modimo ka tsela e e ntseng jalo fa banna le borre ka bobone ba ikobela Modimo. Ba dira seno ka go dirisa botlhogo jwa bone tumalanong le melaometheo ya Bibela, jaaka eo e fitlhelwang mo go Baefesia 5:28, 29 le 6:4: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè. Eo o ratañ mosadi oa gagwè oa ithata: Gonne ga go e se go ko go nne motho opè eo o kileñ a ila nama ea gagwè, me oa e otla, a e ñomaele, hèla yaka Keresete le èna o dihèla phuthègō.” Borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”
Dilo Tse Di Tla Re Thusang go Bontsha Gore Re Ikobela Modimo
15. Ke leungo lefe la moya leo le tla re thusang gore re bontshe gore re ikobela Modimo?
15 Ke eng seo se tla re thusang go bontsha gore re ikobela Modimo mo dikarolong tseno tse di farologaneng? Selo sa ntlha, go nna le lorato lo lo seng pelotshetlha—go rata Jehofa Modimo le bao a ba tlhomileng gore ba re okamele. Re bolelelwa jaana mo go 1 Yohane 5:3: “Lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna: me ditaolō tsa ōna ga di tlhokohatse.” Jesu o ne a tlhagisa ntlha eno e e tshwanang mo go Yohane 14:15: “Ha lo nthata, lo tla tshegetsa ditaolō tsa me.” Eleruri, lorato—lo eleng leungo la ntlhantlha la moya—lo tla re thusa go anaanela dilo tsotlhe tse Jehofa a di re diretseng mme ka jalo lo tla re thusa gore re ikobele Modimo.—Bagalatia 5:22.
16. Poifomodimo e thusa ka eng malebana le go bontsha gore re ikobela Modimo?
16 Sa bobedi, go na le poifomodimo. Go boifa go kgopisa Jehofa Modimo go tla re thusa ka gonne “ke go ila boshula.” (Diane 8:13) Kwantle ga pelaelo, go boifa go kgopisa Jehofa go tla dira gore re se ka ra ineela ka ntlha ya go tshaba motho. Gape go tla re thusa go utlwa ditaelo tsa Modimo go sa kgathalesege mathata ao re ka tshwanelwang ke go a fenya. Mo godimo ga moo, go tla re thusa gore re se ka ra ineela mo dithaelong dipe kana mo go sekameleng go dira diphoso. Dikwalo di bontsha gore go boifa Jehofa ke gone go ileng ga dira gore Aberahame a kgone go leka go isa morwawe yo a mo ratang ebong Isake setlhabelo, le gore go boifa go kgopisa Jehofa ke gone go ileng ga dira gore Josefa a gane a bo a atlege fa mosadi wa ga Potifaro a leka go mo raela go tsenela mo boitsholong jo bo sa siamang.—Genesise 22:12; 39:9.
17. Tumelo e na le seabe sefe mo go bontsheng ga rona gore re ikobela Modimo?
17 Sengwe sa boraro se se ka re thusang ke go nna le tumelo mo go Jehofa Modimo. Tumelo e tla re thusa go utlwa kgakololo eno e e neetsweng mo go Diane 3:5, 6: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.” Tumelo e tla re thusa segolobogolo fa e le gore go lebega okare re tshwenyega ka gonne re sa tshwarwe sentle kana re ikutlwa ekete re a tlhaolwa ka ntlha ya lotso lwa rona kana morafe o re tswang mo go one kana ka ntlha ya go sa utlwane le mongwe. Gape bangwe ba ka nna ba akanya gore ba tlodisitswe matlho go sa tshwanela fa ba sa hakiwe gore ba direle jaaka bagolwane kana batlhanka ba bodihedi. Fa re na le tumelo, re tla emela gore Jehofa a baakanye dilo ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Fa re ntse re eme jalo re ka nna ra tlhoka go tlhagolela boitshoko ka bopelotelele.—Dikhutsahalō 3:26.
18. Selo sa bone seo se ka re thusang go bontsha gore re ikobela Modimo ke eng?
18 Sengwe sa bone seo se ka re thusang ke boikokobetso. Motho yo o ikokobetsang ga a na bothata malebana le go bontsha gore o ikobela Modimo ka gonne ‘ka boikokobetso jwa pelo o kaya fa ba bangwe ba mo gaisa ka molemo.’ Motho yo o ikokobetsang o iketleeditse go itshwara jaaka “eo o leñ mmōtlana bogolo.” (Bafilipi 2:2-4; Luke 9:48) Mme lefa go ntse jalo motho yo o ikgodisang ga a rate go ikoba ebile go a mo tena. Ga twe motho yo o ntseng jalo a ka mpa a senyegelwa ke seriti fela ka ntlha ya go batla go galalediwa, go na le gore a ntshiwe mo kotsing ka go tshwaiwa diphoso.
19. Poresidente mongwe wa pele wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo sa boikokobetso?
19 Sekao se se molemo sa boikokobetso le go ikobela Modimo se kile sa tlhomiwa ke Joseph Rutherford, poresidente wa bobedi wa Watch Tower Bible and Tract Society. Fa Hitler a ne a thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane, bakaulengwe ba koo ba ne ba mo kwalela ba mmotsa gore ba tshwanetse gore ba dire jang ereka dipokano tsa bone le tiro ya bone ya go rera di ne di thibetswe. O ne a bolelela lelapa la Bethele kgang eno mme a bolela ka papamalo gore o ne a sa itse gore o tla raya bakaulengwe ba kwa Jeremane a reng, bogolo jang ka ntlha ya dikotlhao tse di setlhogo tse ba neng ba ka di bona. O ne a re fa mongwe a itse gore ba ka tewa ga tweng, a ka itumela fa a ka bolelelwa. A moya wa boikokobetso!b
Melemo ya go Bontsha Gore Re Ikobela Modimo
20. Go bontsha gore re ikobela Modimo go felela ka masego afe?
20 Go ka nna ga bodiwa sentle jaana, Melemo ya go bontsha gore re ikobela Modimo ke efe? E mentsi eleruri. Re tila go tlhobaela le go kgobega marapo tseo di tlelang batho ba ba itaolang. Re nna le kamano e e siameng le Jehofa Modimo. Re tsalana le batho ba ba molemolemo ebong bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Mo godimo ga moo, ka go itshwara tumalanong le molao, re tila go nna le mathata le babusi ba lefatshe go sa tlhokege. Gape re nna le botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa re le banna le basadi, batsadi le bana. Mo godimo ga moo, ka go tswelela pele re ikobela Modimo, re dira tumalanong le kgakololo e e neetsweng mo go Diane 27:11: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Modihedi mongwe wa mmulatsela o ne a bua le mmulatsela mongwe yo o sa nyalang a baka tsela eo mosadi wa gagwe a mo tlotlang le go mo tshegetsa ka lorato ka yone. Mmulatsela yo o sa nyalang o ne a akanya gore tsala ya gagwe o ka bo a ile a oketsa ka go bua sengwe kaga dinonofo tse dingwe tsa mosadi wa gagwe. Mme lefa go ntse jalo, e ne ya re dingwaga moragonyana, fa mmulatsela yo o neng a sa nyala a tla go nyala, o ne a lemoga kafa go leng botlhokwa ka gone gore mosadi a mo tshegetse ka loroto gore ba tle ba itumele mo lenyalong.
b Morago ga go rapela thata le go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, Joseph Rutherford o ne a bona ka phepafalo gore o tshwanetse go fetola bakaulengwe ba Jeremane jang. E ne e se ene a tshwanetseng go ba bolelela gore ba tshwanetse go dira eng kana ga ba a tshwanela go dira eng. Ba ne ba na le Lefoko la Modimo, leo le neng le ba bolelela ka phepafalo gore ba tshwanetse go dira eng malebana le go kopana mmogo le go neela bosupi. Ka jalo bakaulengwe ba Jeremane ba ne ba dira dilo mo sephiring mme lefa go ntse jalo ba tswelela pele ba utlwa ditaolo tsa ga Jehofa tsa gore ba kopane mmogo le go neela bosupi kaga leina la gagwe le Bogosi jwa gagwe.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Modimo o ile a dirisa banna bafe jaaka mesele ya puisano, mme batlhanka ba gagwe ba ne ba tshwanetse go ba direla eng?
◻ Go ikobela Modimo go dira mo dikamanong dife tse di farologaneng?
◻ Ke dinonofo dife tseo di tla re thusang go bontsha gore re ikobela Modimo?
◻ Go ikobela Modimo go felela ka masego afe?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Modimo o ne a dirisa thulaganyo ya tempele ya kwa Jerusalema go bolelela batho ba gagwe gore o batla eng
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Mafelo ao re ka bontshang gore re ikobela Modimo mo go one