Ke Ka Ntlha Yang Fa Modimo O Ikobelwa Le Gone Ke Bomang Ba Ba Mo Ikobelang?
“Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi; ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—YEREMIA 10:23.
1. Ke mefuta efe ya boipuso eo e ileng ya tseelwa kwa godimo ke ba le bantsi?
SENGWE sa ditlankana tsa batho tsa semolao tse di itsegeng thata ke sa Boipolelo jwa Boipuso, seo ka sone dikolone di le 13 tsa Boritane tsa kwa Amerika Bokone di neng di ipolela gore ga di tlhole di tla busiwa ke naga e e neng e le mmaatsone, Boritane, ka lekgolo la bo 18 la dingwaga. Ba ne ba batla kgololesego, mme go ipusa mo nageng e sele e e neng e laola le kgololesego di ne di tsamaelana. Boipuso jwa sepolotiki le jwa ikonomi bo ka nna mosola fela thata. Mo metlheng ya bosheng jaana dingwe tsa dinaga tsa Yuropa Botlhaba di ile tsa gatela pele go fitlha mo boemong jwa go bona boipuso jwa sepolotiki. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse ra dumela gore boipuso jo bo ntseng jalo bo ile jwa lere mathata a mantsi a a masisi mo dinageng tseo.
2, 3. (a) Ke mofuta ofe wa boipuso o o sa eletsegeng? (b) Ntlha eno e ne ya gatelelwa leng la ntlha?
2 Lefa e bile mefuta e e farologaneng ya go ipusa e ka eletsega go le kana kang, go na le mofuta o le mongwe wa go ipusa o o sa eletsegeng. Ke ofe oo? Go ipusa kwantle ga Modiri wa motho, Jehofa Modimo. Seo ga se lesego, ke phutso. Ka ntlha yang? Ka gonne go ne go sa ikaelelwa gore motho a dire a se kafa tlase ga Modiri wa gagwe, jaaka mafoko a ga moperofeti Jeremia a a tsopotsweng fa godimo a bontsha ka tshwanelo. Ka mafoko a mangwe, go ne go ikaeletswe gore motho a ikobele Modiri wa gagwe. Go ikobela Mmopi wa rona go kaya go mo utlwa.
3 Ntlha eo e ne ya bolelelwa batho ba ntlha ba babedi sentle ka phepafalo fa Jehofa a ne a ba laela jaaka fa go kwadilwe mo go Genesise 2:16, 17 jaana: “U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” Ereka Adame a ne a gana go ikobela Modiri wa gagwe seno se ne sa tlisetsa ene le losika lwa gagwe sebe, matshwenyego le loso.—Genesise 3:19; Baroma 5:12.
4, 5. (a) Go gana ga batho go ikobela Modimo go ile ga felela ka eng? (b) Ke molao ofe wa boitsholo o re ka se kang ra o tila?
4 Go gana ga batho go ikobela Modimo ga go botlhale ebile ke boitsholo jo bo phoso. Mo lefatsheng go dira jalo go ile ga felela ka gore go tlale boikepo, bokebekwa, thubakanyo, le boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong mmogo le diphelelo tsa jone tsa malwetsi a a tshelanwang ka go tlhakanela dikobo. Mo godimo ga moo, a petso ya mo malatsing ano ya bokebekwa jo bo dirwang ke bana ga e bakiwe ke ka gonne basha ba gana go ikobela Jehofa, le batsadi ba bone le melao ya naga? Moya ono wa go rata go ipusa o bonwa mo tseleng e e fapogileng le e e botlhaswa eo batho ba le bantsi ba aparang ka yone le mo puong ya matlhapa e ba e dirisang.
5 Mme lefa go ntse jalo tota molao o o sa fetogeng wa boitsholo wa Mmopi ga o kake wa tilwa: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ.”—Bagalatia 6:7, 8.
6, 7. Lebaka la konokono le le bakang go gana go ikoba ke lefe, mme seno se bonwa mo dikaing dife?
6 Tota lebaka la konokono le le dirang gore batho ba gane go ikoba jaana ke lefe? Ka bokhutshwane, ke bopelotshetlha le boikgodiso. Ke gone ka moo Efa, mosadi wa ntlha, a neng a iteseletsa gore a tsiediwe ke noga mme a ja loungo lo lo neng lo ileditswe. Fa a ka bo a ile a nna tekatekano, a bo a nna boikokobetso, keletso ya gore a batle go tshwana le Modimo—a itirele tshwetso ya se se molemo le se se bosula—e ka bo e sa ka ya mo kgatlha. Gape fa a ka bo a se kile a nna pelotshetlha, o ka bo a sa ka a batla sengwe se Modiri wa gagwe ebong Jehofa Modimo a neng a se ileditse ka tlhamalo.—Genesise 2:16, 17.
7 Lobaka lo lokhutshwane fela morago ga gore Adame le Efa ba fapoge, boikgodiso le bopelotshetlha di ile tsa baka gore Kaine a bolaye morwarraagwe ebong Abele. Gape, bopelotshetlha bo ne jwa dira gore baengele bangwe ba dire ka tsela ya go ipusa, ba tlogela boemo jwa bone jwa pele ba bo ba nna batho ba senama gore ba itumelele menate e ba neng ba e eletsa. Boikgodiso le bopelotshetlha di ile tsa tlhotlheletsa Nimerode mme fa e sale ka nako ya gagwe bontsi jwa babusi ba lefatshe ba na le dinonofo tseo.—Genesise 3:6, 7; 4:6-8; 1 Yohane 3:12; Yude 6.
Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse go Ikobela Jehofa Modimo
8-11. Ke mabaka afe a mane a a nonofileng ao a dirang gore re ikobele Modimo?
8 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikobela Modiri wa rona, Jehofa Modimo? Lebaka la ntlha ke ka gonne ke Molaodi wa Lobopo lotlhe. Ke ene yo ka tshwanelo a nang le taolo yotlhe. Ke Moatlhodi wa rona, ke Motlhomamolao wa rona, ebile ke Kgosi ya rona. (Isaia 33:22) Go ne ga kwalwa sentle jaana kaga gagwe: “Dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.”—Bahebera 4:13.
9 Mo godimo ga moo, ereka Modiri wa rona e le mothatayotlhe, ga go na ope yo o ka mo ganetsang mme a atlega; ga go na ope yo o ka itlhokomolosang lebaka la gore o tlamega go Mo ikobela. Mo isagweng, bao ba ganang ba tla bolawa jaaka go bolailwe Faro wa bogologolo le jaaka go tla bolawa Satane Diabolo ka nako e Modimo a e tlhomileng.—Pesalema 136:1, 11-15; Tshenolō 11:17; 20:10, 14.
10 Dibopiwa tsotlhe tse di botlhale di tlamega gore di ikobe ka gonne di diretswe gore di direle Modiri wa tsone. Tshenolō 4:11 e bolela jaana: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.” Ke ene Mmopi yo Mogolo wa Dijana tsa Letsopa, mme o dira dijana tsa batho gore di dire se a se batlang.—Isaia 29:16; 64:8.
11 Ga re a tshwanela go tlhokomologa ntlha ya gore Modiri wa rona o botlhale mo dilong tsotlhe, ka jalo o itse seo se re siametseng. (Baroma 11:33) Melao ya gagwe e diretswe go ‘solegela rona molemo.’ (Duteronome 10:12, 13) Mo godimo ga tsotlhe, “Modimo o lorato,” ka jalo o re batlela se se re siametseng fela. Abo re na le mabaka a mantsi jang ne a a re tlamang gore re ikobele Modiri wa rona, Jehofa Modimo!—1 Yohane 4:8.
Jesu Keresete, Sekao Se Se Molemolemo Sa Go Ikobela Modimo
12, 13. (a) Jesu Keresete o ne a bontsha gore o ikobela Modimo jang? (b) Ke mafoko afe a ga Jesu a a bontshang gore o ne a rata go ineela?
12 Kwantle ga pelaelo epe, Morwa wa ga Jehofa yo o esi, Jesu Keresete, o re tlhomela sekao se se molemolemo sa go ikobela Modimo. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa seno mo go Bafilipi 2:6-8: “[Jesu e rile] a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ, Me a ikhudula, a tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho. Me o rile a hitlhèlwa a le mo popegoñ ea motho, a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ [ye] e leñ losho loa mokgōrō.” Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bolela kgapetsakgapetsa gore o ne a sa dire sepe ka go rata gagwe; o ne a sa dire dilo ka tsela ya go ipusa, mme go na le moo ka metlha o ne a ikobela Rraagwe wa selegodimo.
13 Re bala jaana mo go Yohane 5:19, 30: “Hoñ Yesu a ba hetola, a re, Amarure, amarure, kea lo raea, Morwa ga a na go diha sepè ka esi, ha e se se o bōnañ Rara a se diha: gonne dilō tse o di dihañ, Morwa le èna o di diha hèla yalo. Ga ke na go diha sepè ke le nosi: ke atlhola yaka ke utlwa: me katlholō ea me e siame; ka go bo ke sa batle go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” Ka tsela e e tshwanang, mo bosigong jo a okilweng ka jone, o ne a rapela jaana kgapetsakgapetsa: “Eseñ kaha go rateñ ga me, e leñ kaha go rateñ ga gago.”—Mathaio 26:39, 42, 44; bona gape le Yohane 7:28; 8:28, 42.
Dikao tsa Bogologolo tsa Ba Ba Neng ba Ikobela Modimo
14. Noa o ne a bontsha gore o ikobela Modimo ka ditsela dife?
14 Sengwe sa dikao tsa bogologolo tsa batho ba ba neng ba ikobela Modimo e ne e le Noa. O ne a bontsha gore o a ikoba ka ditsela di le tharo. Ya ntlha, ka go nna monna yo o siameng, a itekanetse mo ditshikeng tsa gagwe, a sepela le Modimo wa boammaaruri. (Genesise 6:9) Ya bobedi, ka go aga areka. “Mo go cotlhe tse Modimo o di mo laoletseñ, a diha hèla yalo.” (Genesise 6:22) Ya boraro, ka go tlhagisa kaga Morwalela o o neng o tla a bolela jaaka “moreri wa tshiamō.”—2 Petere 2:5.
15, 16. (a) Aberahame o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo sa go ikobela Modimo? (b) Sara o ne a bontsha go ikoba jang?
15 Aberahame e ne e le sekao se sengwe se se tlhomologileng sa go ikobela Modimo. O ne a bontsha go ikoba ka go utlwa taolo ya Modimo e e neng e re: “Tloga, u cwè mo lehatshiñ ya ga eno.” (Genesise 12:1) Seo se ne se raya gore a tlogele lefelo la gagwe le le manobonobo la kwa Ura (o e neng e le motse o o tlhomologileng, jaaka fa go bontshiwa ke seo baithutamarope ba se fitlhetseng) a ya go kailakaila jaaka mokgarakgatshegi mo nageng e e seng ya gaabo ka lobaka lwa dingwaga di le lekgolo. Aberahame o ne a bontsha gore o ikobela Modimo segolobogolo ka go fenya teko e kgolo ya gore a iketleetse go isa morwawe Isake setlhabelo.—Genesise 22:1-12.
16 Mosadi wa ga Aberahame ebong Sara o re tlhomela sekao se sengwe se se molemo sa go ikobela Modimo. Kwantle ga pelaelo go kailakaila mo nageng e a sa e tlwaelang go ne go na le dilo di le dintsi tse di seng monate, mme lefa go ntse jalo ga go na gope fa re balang teng go twe o ne a ngongorega. O ne a tlhoma sekao se se molemo sa go ikobela Modimo ka makgetlho a mabedi fa Aberahame a ne a raya babusi ba baheitane a re ke kgaitsadie. Mo makgetlong ao ka bobedi o ne a dirisana sentle le ene, lefa seo se ile sa rata go felela ka gore a nne mongwe wa bagadingwana ba bone. Se se supang gore o ne a ikobela Modimo ke tsela eo a neng a bitsa monna wa gagwe ebong Aberahame ka yone mo pelong, a re ke “morèna oa me,” go bontsha gore tota o ne a ikoba go tswa mo pelong.—Genesise 12:11-20; 18:12; 20:2-18; 1 Petere 3:6.
17. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Isake o ne a bontsha go ikobela Modimo?
17 A re se nyatseng sekao sa go ikobela Modimo seo se tlhomilweng ke morwa Aberahame ebong Isake. Ditso tsa Sejuda di kaya gore Isake o ka nna a bo a ne a na le dingwaga di le 25 fa Jehofa a ne a laela rraagwe ebong Aberahame gore a mo ntshe setlhabelo. Fa Isake a ne a batlile go gana, o kabo a ile a fenya rraagwe motlhofo fela, yo o neng a mo feta ka dingwaga di le lekgolo. Mme lefa go ntse jalo ga a ka a dira jalo. Le mororo Isake a ne a ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go sena phologolo e e tla isiwang setlhabelo, o ne a ineela ka bonolo mo go rraagwe fa a mmaya mo sebesong a bo a mmofa diatla le maoto gore a thibele kana a laole go tsiboga gope mo go neng go ka diragala fa thipa e ka bo e dirisitswe.—Genesise 22:7-9.
18. Moshe o ne a bontsha jang tsela e e ka latelwang ya go ikobela Modimo?
18 Dingwaga moragonyana, Moshe o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa go ikobela Modimo. Kwantle ga pelaelo seo se supiwa ke go bo a tlhalosiwa a ne “a le boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” (Dipalō 12:3) Lebaka la go bo a ile a latela melao ya ga Jehofa ka kutlo ka dingwaga di le 40 mo sekakeng, lefa a ne a okametse batho ba ba ratang go tsuologa ba ka nna dimilione tse pedi kana tse tharo, le supa ka mo go oketsegileng gore o ne a ikobela Modimo. Ka jalo rekoto e bolela gore “Moshe [o ne] a diha yalo: yaka cotlhe tse Yehofa o di mo laoletseñ, a diha yalo hèla.”—Ekesodo 40:16.
19. Jobe o ne a bontsha ka mafoko afe gore o ikobela Jehofa?
19 Jobe le ene ke mongwe yo o tlhomologileng yo o neng a re tlhomela sekao se se molemolemo sa go ikobela Modimo. Fa Jehofa a sena go letla Satane gore a fedise dilwana tsotlhe tsa ga Jobe, gore a bolaye bana ba gagwe, go tswa foo a bo a mo itaya ka “dishō tse di boshula, go simolola ka sebete sa lonaō go ea phugoñ ea gagwè,” mosadi wa ga Jobe o ne a mo raya a re: “A u sa nntse u tshegeditse bosenañ molato yoa gago? itatolè Modimo, me u shwè.” Lefa go ntse jalo, Jobe o ne a bontsha gore o ikobela Modimo ka go mo raya a re: “U bua yaka moñwe oa basadi ba ba dieleele a tla a bue. A re tla amogèla molemō mo seatleñ sa Modimo, me re se ke re amogele boshula?” (Jobe 2:7-10) Mafoko a gagwe a a kwadilweng mo go Jobe 13:15 le one a bontsha boikutlo jo bo ntseng jalo: “Leha o mpolaea, ke tla nna ke o lebèlèla hèla.” Lefa gone Jobe tota a ne a amegile thata ka gore ene o siame, ga re a tshwanela go lebala gore kwa bofelong Jehofa o ne a raya mongwe wa ba go neng go ka bo go twe ke bagomotsi ba gagwe a re: “Bocarara yoa me bo gu tuketse, le ditsala tsa gago tse pedi: gonne ga loa bua se se siameñ kaga me, yaka Yobe motlhanka oa me a buile.” Kwantle ga pelaelo, Jobe o tlhoma sekao se se molemolemo sa go ineela kafa tlase ga Modimo.—Yobe 42:7.
20. Dafide o ne a bontsha go ikobela Modimo ka ditsela dife?
20 Sekao se sengwe gape sa mo Dikwalong tsa Sehebera ke Dafide. Fa Kgosi Saulo a ne a tsoma Dafide jaaka ekete ke phologolo, Dafide o ne a nna le sebaka gabedi sa gore a fedise matshwenyego a gagwe ka go bolaya Saulo. Lefa go ntse jalo, Dafide ga a ka a dira jalo ka ntlha ya go ikobela Modimo. Mafoko a gagwe a kwadilwe jaana mo go 1 Samuele 24:6: “A go se tualo ha nka dihèla morèna oa me selō se, e le motlodiwa oa ga Yehofa, me ke ka mo ntshetsa lecōgō ya me, ka a le motlodiwa oa ga Yehofa.” (Bona gape le 1 Samuele 26:9-11.) Ka tsela e e tshwanang o ne a bontsha gore o ikobela Modimo ka go amogela kgalemo fa a dirile diphoso kana a leofile.—2 Samuele 12:13; 24:17; 1 Ditihalō 15:13.
Sekao sa ga Paulo sa Boikobo
21-23. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha go ikobela Modimo mo maemong afe a a farologaneng?
21 Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, re na le sekao se se tlhomologileng sa ga moaposetoloi Paulo sa go ikobela Modimo. Ka go dira jalo o ne a etsa Mong wa gagwe ebong Jesu Keresete fela jaaka a ne a mo etsa le mo dikarolong tse dingwe tsotlhe tsa bodihedi jwa gagwe jwa boaposetoloi. (1 Bakorintha 11:1) Le mororo Jehofa Modimo a ne a mo dirisa thata go feta baaposetoloi ba bangwe botlhe, Paulo ga a ise a ko a itshware jaaka motho a ipusa. Luke o re bolelela gore fa go ne go tsoga kgang ya gore a Baditšhaba ba ba neng ba sokologile ba ne ba tlhoka go rupisiwa, “bakauleñwe [ba kwa Antioka ba ne] ba laola gore Paulo le Barenabase, le ba bañwe ba bōnè, ba tlhatlogèlè kwa Yerusalema kwa baaposetoloiñ le kwa bagolwaneñ, kaga kgañ e.”—Ditihō 15:2.
22 Fa e le kaga tiro ya ga Paulo ya borongwa, re bolelelwa jaana mo go Bagalatia 2:9: “E rile ba lemoga tshegōhaco e ke e neilweñ, Yakobe, le Kefase, le Yohane, ba ba itsegeñ ha e le maotwana, ba neèla nna le Barenabase diatla tsa bolekane, gore re eè kwa go Badichaba, me bōnè ba eè go ba bogwèra.” Paulo ga a ka a dira dilo ka tsela ya go ipusa, mme go na le moo o ne a batla kaelo.
23 Ka tsela e e tshwanang, ka nako ya fa Paulo a ne a le kwa Jerusalema la bofelo, o ne a amogela kgakololo e a neng a e neelwa ke bagolwane ba koo malebana le go ya kwa tempeleng le go latela thulaganyo ya Molao gore botlhe ba kgone go bona gore e ne e se motenegi fa go tliwa mo Molaong wa ga Moshe. Ereka go lebega gore go dira jalo go ile ga felela ka matlhotlhapelo a gore morafe o nne kgatlhanong le ene, a go ikobela bagolwane bao e ne e le phoso? Le eseng, jaaka fa re bona mo go Ditihō 23:11: “Mo bosigoñ yoa letsatsi yeuō, Morèna a èma ha go èna, a re, Nametsèga: gonne yaka u shupile kaga me mo Yerusalema, u na le go shupa yalo le kwa Roma.”
24. Go tla tlotliwa ka dikarolo dife tse dingwe tsa boikobo mo setlhogong se se latelang?
24 Eleruri, Dikwalo di re neela mabaka a a nonofileng a gore re ikobe le dikai tse di kgatlhang tsa bao ba neng ba bontsha go ikoba ka tsela e e ntseng jalo. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlhatlhoba dikarolo tse di farologaneng tse mo go tsone re ka ikobelang Jehofa Modimo, dilo tse di ka re thusang go dira jalo, le dituelo tse re ka di bonang ka ntlha ya seo.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Ke mofuta ofe wa go ipusa o o sa eletsegeng?
◻ Lebaka la konokono le le bakang gore batho ba gane go ikoba ke lefe?
◻ Ke mabaka afe a a dirang gore re bo re tshwanetse go ikobela Jehofa?
◻ Dikwalo di neela dikao dife tse di molemo tsa ba ba neng ba ikobela Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Nimerode, mmusi wa ntlha wa motlha wa morago ga morwalela go tsuologela go ikobela Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Noa, sekao se se itekanetseng sa go ikobela Modimo.—Genesise 6:14, 22