LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 1/1 ts. 5-8
  • Go Tlhagisiwa ga Dibopiwa Tse Disha!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhagisiwa ga Dibopiwa Tse Disha!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sebopiwa sa “Magodimo A Masha le Lefatshe Le Lesha”
  • “Lo Itumèlè ka Bosakhutleñ”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Kafa “Magodimo a Masha, le Lehatshe ye Lesha” Di Simologang Ka Gone
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Go Dira Dilo Tsotlhe Sesha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Legodimo le Lesha le Lefatshe le Lesha
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 1/1 ts. 5-8

Go Tlhagisiwa ga Dibopiwa Tse Disha!

KGOSI Solomone yo o botlhale nako nngwe o kile a re: “Ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi.” (Moreri 1:9) Seno se ntse jalo ka lefatshe leno leo re tshelang mo go lone, lefa go le jalo go tweng ka karolo e kgolo ya dibopiwa tsa ga Jehofa tsa semoya? Mo karolong eo, mongwe yo mogolo mo go Solomone, yo eleruri e neng e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela, o ile a nna sebopiwa se sesha se se tlhomologileng. Seno se ile sa nna jalo jang?

Mo ngwageng wa 29 mo Motlheng wa rona o o Tlwaelegileng, monna yo o itekanetseng eleng Jesu, o ile a itlhagisa mo go Johane gore a mo kolobetse kwa Nokeng ya Joredane. “Me Yesu, o rile a sena go kolobediwa, a siama a tlhatloga a cwa ha metsiñ; me bōnañ, magodimo a mo atlhamologèla, me a bōna Mōea oa Modimo o hologa yaka lephoi, o hologèla mo go èna; Me bōnañ, lencwe ya cwa mo magodimoñ, ya re, Eo ke morwake eo o ratègañ, eo ke itumèlañ thata mo go èna.” (Mathaio 3:16, 17) Ka gone, monna Jesu Keresete e ile ya nna ene sebopiwa sa ntlha se sesha, a tlolediwa go dira thato ya Modimo. Moragonyana, mo motheong wa loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo, Jesu o ile a nna Motsereganyi wa kgolagano e ntšha gareng ga Modimo le setlhopha se se tlhophilweng sa batho. Mongwe le mongwe wa bano e ile ya nna “sebopiwa se sesha,” ba tsalwa ka moya wa Modimo go iponela tsholofelo ya selegodimo, ka tebelelo ya go busa le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.—2 Bakorintha 5:17; 1 Timotheo 2:5, 6; Bahebera 9:15.

Go ralala makgolo a dingwaga, Bakeresete bano ba ba tloditsweng bao ba tsetsweng ka moya ba ile ba kgobokanngwa mmogo go nna seoposengwe le Keresete e le phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete, eo yone ka boyone eleng sebopiwa se sesha. Modimo o ile a e tlhopha go tswa mo lefatsheng ka boikaelelo jo bo rileng, jaaka fa moaposetoloi Petere a bolela jaana: “Lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bōnatse go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.” (1 Petere 2:9) Fela jaaka Keresete Jesu, eleng sebopiwa sa ntlha se sesha sa Modimo, sebopiwa seno se sesha boikarabelo jwa sone jo bogolo ke go rera mafoko a a molemo. (Luke 4:18, 19) Mongwe le mongwe wa bone, ba palo ya bone kwa bofelong e tla nnang 144 000, o tshwanetse gore a “aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.” (Baefesia 4:24; Tshenolō 14:1, 3) Seno se ba tlhoka gore ba tlhagolele “mauñō a mōea” jaaka fa a tlhalositswe mo go Bagalatia 5:22, 23 le gore ka boikanyegi ba tlhokomele tiro ya bone ya bolebalebi.—1 Bakorintha 4:2; 9:16.

Go tweng kaga sebopiwa seno se sesha mo metlheng ya segompieno? Go ya ka tsela eo thulaganyo ya Bibela ya nako e supang dilo ka gone, mafoko a Tshenolō 11:15 a a reng: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè; me o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae,” a ile a diragadiwa ka 1914. Kgato ya ntlha eo Keresete a ileng a e tsaya jaaka Kgosi e ntšha e e sa tswang go tlhongwa e ne e le go piriganya Satane mmogo le baengele ba gagwe ba badimona go tswa kwa legodimong a ba piriganyetsa mono mo lefatsheng. Seno se ne sa lere ‘tatlhego mo lefatsheng’ e le ka sebopego sa ntwa ya ntlha ya lefatshe mmogo le matshwenyego a mangwe a lefatshe a a ileng a nna gone.—Tshenolō 12:9, 12, 17.

Seno gape se ile sa tsibosa masalela a sebopiwa seno se sesha mo lefatsheng gore ba nne le seabe mo go diragatseng boperofeti jono jwa ga Jesu: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi [jo bo setseng bo tlhomilwe], a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” “Bokhutlō” jono ke eng? Jesu o tswelela pele go tlhalosa jaana: “Go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshadiwa.”—Mathaio 24:3-14, 21, 22.

Moya wa ga Jehofa o ne wa tlhotlheletsa batlodiwa bano ba sebopiwa se sesha go tshwarega mo tirong eno e e botlhokwatlhokwa go feta epe eo e kileng ya tsamaya ya dirwa mo lefatsheng. Palo ya baboledi bano ba ba matlhagatlhaga ba Bogosi e ile ya gola go tswa go dikete di sekae fela ka 1919 go ya go 50 000 mo magareng a bo 1930. Jaaka fa go ne go ile ga bolelelwa pele, “tumō ea bōnè e cwetse kwa lehatshiñ yotlhe, le mahoko a bōnè kwa dikhutloñ tsa lehatshe.”—Baroma 10:18.

A masalela a sebopiwa seno se sesha e ne e tla nna bone fela bao ba tla phuthelwang go falola? Nnyaa, ka gonne boperofeti bo ne bo ile jwa bolela gore baengele ba Modimo ba ne ba tla tshwara diphefo tsa sepitla se segolo go fitlhelela go phuthiwa go swediwa eseng fela go go malebana le Baiseraele ba semoya bao ba nang le tsholofelo ya selegodimo mme gape le go phuthiwa ga ba bangwe, eleng “boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go senañ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō, le batho le dipuō.” Go tla diragalang ka bano? Aitsane, “[ba ne ba tla tswa] mo pitlaganoñ e kgolo” ba sena lobadi lope go ya go ipelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise!—Tshenolō 7:1-4, 9, 14.

Se se itumedisang ke gore, boidiidi jono jo bogolo, jo bo phuthiwang go tswa mafatsheng a ka nna 229, bo ile jwa gola go fitlha go Basupi ba ba matlhagatlhaga ba ba ka nnang 4 500 000. Ba le bantsi ba setse ba tla jaaka go supiwa ke palo ya ba le 11 431 171 ya bao ba ileng ba nna gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu ka April 17 ngwaga o o fetileng. Mo dimilioneng tseno tsotlhe, ke fela ba le 8 683, ba bao ba ipolelang gore ke masalela a mo lefatsheng a sebopiwa seno se sesha, bao ba ileng ba ja ga ditshwantshetso tsa Segopotso. Bao ba bopang setlhopha seno se se botlana ba ne ba se kake ba kgona go fitlhelela kgolo e e kanakana mo tirong ya go rera gompieno ba le bosi fela. Dimilione tsa ba ba bopang boidiidi jo bogolo jaanong bo dira mmogo le bone mo go tswelediseng tiro pele. (Sefania 3:9) Mo godimo ga moo, maloko a a thapisitsweng sentle a boidiidi jo bogolo jaanong a dira tiro ya go tlhokomela dilo mmogo le ditiro tse dingwe tse di botlhokwa mmogo le Setlhopha Se Se Laolang se se tloditsweng sa Iseraele wa semoya, fela jaaka fa Banetinima bao e neng e se Baiseraele ba ile ba dira mmogo le baperesiti mo go baakanyeng dithako tsa Jerusalema.—Nehemia 3:22-26.

Sebopiwa sa “Magodimo A Masha le Lefatshe Le Lesha”

Abo go na le boitumelo jo bogolo jang ne jo bo nnang gone ka ntlha ya go phuthiwa gono! Ke fela jaaka fa Jehofa a ile a bolela gore go tla nna jaana: “Bōnañ, ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ. Me lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlhōlañ: gonne ke tlhōla Yerusalema go nna boipelō, le batho ba gagwè go nna boitumèlō. Me ke tla ipela ka Yerusalema, ke ya monate mo bathuñ ba me: me lencwe ya selelō ga le ketla le tlhōla le utlwiwa mo go èna, leha e le lencwe ya go gala.” (Isaia 65:17-19) Magodimo a masha a sebopiwa sa ga Jehofa a tla dirwa kwa bofelong ke Keresete Jesu le maloko a le 144 000 a a sa tswang go tsosiwa a sebopiwa se sesha sa bao ba ileng ba rekwa go tswa mo bathong mo e ka nnang go feta makgolo a dingwaga a le 19. A gaisa kgakalakgakala puso epe ya selefatshe eo e kileng ya busa kwa Jerusalema wa sebele, tota le eleng go feta ya motlha wa ga Solomone. E kopanyeletsa Jerusalema O Mosha, eleng motse wa selegodimo, o o tlhalosiwang ka bontle jwa one jotlhe jo bo tsabakelang mo go Tshenolō kgaolo 21.

Jerusalema o mosha ke monyadiwa wa semoya wa ga Keresete, eleng balatedi ba gagwe ba batlodiwa ba ba 144 000, bao ba kopanang le Monyadi wa bone wa kwa legodimong morago ga loso lwa bone le go tsosiwa semoyeng. Go buiwa ka bone ka tsela ya setshwantsho mo go Tshenolō 21:1-4 jaaka bao ba “[fologang] mo legodimoñ [ba] cwa kwa Modimoñ,” ke gore, ba dirisiwa ke ene mo go fitlhiseng masego mo sethong mono lefatsheng. Ka tsela eno boperofeti jono bo diragaditswe: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”

Abo re ka itumelela sebopiwa seno sa Modimo sa magodimo a masha thata jang ne! Go farologana le bolaodi jo bo bodileng jo bo fetang jo bo saleng bo tshwenya batho lobaka lo loleele jaana lwa dingwaga, puso eno ya Modimo yone e tla nnela ruri. Sebopiwa seno se sesha le losika lwa sone lwa semoya, boidiidi jo bogolo, ba itumelela tsholofetso eno ya Modimo e e tswelelang pele: “Gonne yaka magodimo a masha a ke tla a dihañ a tla sala a nntse ha pele ga me, le lehatshe ye lesha, losika loa lona lo tla sala lo nntse yalo, le leina ya lona yalo, go bua Yehofa.”—Isaia 66:22.

“Lehatshe ye lesha” le simolola go nna gone ka losika lono lwa sebopiwa se sesha sa batlodiwa. Ke mokgatlho o mosha wa batho ba ba boifang Modimo ba ba tla nnang mo lefatsheng. Letlhoo, bokebekwa, thubakanyo, boikepo, le boitshwaro jo bo sa siamang jo gompieno bo fitlhelwang mo mokgatlhong wa batho eleruri di supa botlhokwa jwa phetogo e e feletseng ya gore go tle mokgatlho o mosha wa lefatshe o o tla dirang kafa tlase ga kaelo ya magodimo a masha ao a iketleeditseng go dira dilo tse di molemo. Seno ke seo Jehofa a ikaeletseng go se dira. Fela jaaka a bopile magodimo a masha, ka gone o bopa lefatshe le lesha ka go phutha ba boidiidi jo bogolo e le bone motheo wa mokgatlho wa lefatshe le lesha la kagiso. Mokgatlho ono ke one fela o o tla falolang ‘pitlagano e kgolo’ o ntse o tshela.—Tshenolō 7:14.

Ke eng seo re ka se lebelelang morago ga sepitla se segolo? Fa a ne a bua le baaposetoloi ba gagwe, Jesu yo e neng e le ene wa ntlha go nna karolo ya magodimo a masha ao a tla busang lefatshe le lesha, o ile a solofetsa jaana: “Amarure kea lo raea, ka re, Lona ba lo ntshetseñ moragō, e tla re mo Boshahacoñ yoa dilō cotlhe, ha Morwa Motho a dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō, le lona lo tla dula mo dituloñ tsa bogosi di le shomè le mecō mebedi.” (Mathaio 19:28) Botlhe ba ba 144 000 ba Jerusalema yo Mosha ba tla nna le seabe mmogo le Jesu mo go atlholeng setho. Bopelotshetlha le letlhoo di tla tseelwa sebaka ke lorato leo e tla nnang lone motheo o mokgatlho wa batho o tla agelwang mo go one. Mathata a bomorafe, lotso, le bosetšhaba a tla bo a khumotswe. Kgato ka kgato tsogo e tla lere baratiwa bao ba neng ba sule e ba busetsa mo botshelong. Setho se se ikanyegang ka dimilione tse di diketekete se tla fetoga lelapa le legolo le le utlwanang, ba tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le le fetotsweng go nna paradaise.

Seno e tla nna sengwe se se fetang kgakala go ijesa dijo tsa ditoro. E tla nna sebopiwa sa go ya go ile—“magodimo a masha le lehatshe ye lesha [go ya ka polelo ea tsholohetso] a go tla agañ tshiamō mo go ōnè”! (2 Petere 3:13) Eleruri, seno ke tebelelo e e itumedisang, tsholofetso e kgolo eo e tlang ka ene yo o ileng a re, “Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha,” yo gape a ileng a oketsa ka mafoko ano a a nonotshang tumelo: “Mahoko a, a boikañō le boamarure.”—Tshenolō 21:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela