LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 9/1 ts. 20-26
  • “Lo Itumèlè ka Bosakhutleñ”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Itumèlè ka Bosakhutleñ”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Yerusalema oa Selegodimo”
  • “Yerusalema o Mosha”
  • “Yerusalema o o kwa Godimo”
  • “Magodimo a Masha, le Lehatshe ye Lesha”
  • “Lehatshe ye Lesha” le a Ipela
  • “Lencwe ya Selelō Ga le Ketla le Tlhōla le Utlwiwa”
  • Pharologanyo ya Jerusalema wa Selefatshe le Jerusalema wa Selegodimo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Jerusalema—‘Lebaka la go Ipela’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Jerusalema yo Mosha ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Motse o o Galalelang
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 9/1 ts. 20-26

“Lo Itumèlè ka Bosakhutleñ”

1. (a) “Motse” wa Bahebera 11:10 ke eng? (b) “Boidiidi yo bogolo” bo tshwanetse go emela ‘‘tihahalō ea polèlō ea choloheco” go fitlhelela leng?

ELERURI, re ka itumela fela thata ka go bo Kgosi ya Bomesia, Keresete Jesu, jaanong o busa mo “Yerusalema” wa selegodimo. Ono ke motse wa “selegodimo” o o umakiwang mo go Bahebera kgaolo 11, o ebileng Aberahame, Isake le Jakobe ba neng ‘ba o lekela.’ Ba ne “ba ipolèla ha ba le baeñ le baeti mo lehatshiñ” ja Kanana, ka go bo ka tlhoafalo ba ne ba lebelela “motse o e leñ ōna o o nañ le mothèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.” Mme jaaka “boidiidi yo bogolo,” bao gompieno ba nang le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, “tihahalō ea polèlō ea choloheco” go banna bao ba bogologolo e tshwanetse ya ema pele go fitlhelela Bakeresete ba ba tloditsweng ba sena go amogela boswa jwa bone mo Bogosing jwa selegodimo.—Bahebera 11:8-16, 39, 40; Tshenolō 7:9.

“Yerusalema oa Selegodimo”

2. (a) Bahebera 12:1, 2 e supela pele jang go tsholofelo ya Bogosi jwa Bomesia? (b) Go tla ga Bogosi go ne ga tshwantshediwa jang kwa Thabeng ya Sinai?

2 Bahebera kgaolo 12 e tswelela go kgothaletsa Bakeresete ba ba tloditsweng go solegelwa molemo ke sekao sa basupi bao ba ba ikanyegang ba metlha ya bogologolo, mme gape ba nne ba “lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona,” bao e neng ya re morago ga go itshoka, ba “dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi” go fitlhelela “metlha [e e laotsweng] ea Badichaba” e fela. (Bahebera 12:1, 2) Go tswa foo, a otlelela tsholofelo ya Bogosi ya Bakeresete bano, Paulo o tlhalosa ditshupo tse di boitshegang tsa kgalalelo ya ga Jehofa kwa Thabeng ya Sinai ka nako ya tlhomo ya kgolagano ya Molao le Iseraele wa nama. E ne ya nna gone ka nako eo fa Jehofa a ne a bolelela Iseraele; “Ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, . . . Me lo tla bo lo nntse bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshèpō.”—Ekesodo 19:5, 6.

3. Baiseraele ba semoya ba “tsile” jang go sengwe se se boitshegang bogolo?

3 Lefa go ntse jalo, Iseraele wa semoya—Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno—ba mo “kgōlagano[ng] e ncha.” (Bahebera 8:8-11) Mme jaanong ba “tsile” mo sengweng se se boitshegang bogolo thata. Seo ke eng? Paulo o araba mo go Bahebera 12:22 ka gore: “Lo tsile mo thabeñ ea Siona, le mo motsiñ oa Modimo o o tshedileñ, mo Yerusalema oa selegodimo.” Go tla moo go ne ga simolola ka barua-boswa ba Bogosi ba motlha wa ga Paulo, jaaka fa bano go ne ga “agiwa ntlo ea semōea ka [bone]” mo motheong, Keresete Jesu, o jaanong o neng o theilwe mo Siona. (1 Petere 2:4-9) Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng ba tla tswelela ba tla mo Jerusalema wa selegodimo go fitlhelela botlhe ba ba 144 000 ba phuthelwa kwa go Kwana, go ema le ene mo Thabeng ya Siona ya selegodimo.—Tshenolō 14:1-5.

4. Mabapi le Bogosi jwa Bomesia, ke dikarolo dife tse dingwe tse Bakeresete ba ba tloditsweng ba “tsile[ng]” go tsone?

4 Fano mo go Bahebera 12:22-24, Paulo o tlhalosa gape dikarolo tse dingwe tseo Bakeresete ba “tsile[ng]” go tsone, mme ebile di nang le kamano le Bogosi jwa Bomesia le boikaelelo jwa jone. O bua ka go nna gone ga “[masomosomo] a a senañ palō a baengele,” ao Daniele 7:9-14 le Mathaio 25:31 di supang gore a gone fa Mongwe yoo “chwanañ le moñwe morwa motho” a amogela Bogosi. Paulo o bua gape ka “phutheg[o] ea batsalwa pele” bao ba ruang Bogosi. O tlotlomatsa Modimo jaaka “Moatlhodi oa botlhe,” yo o bolelang ‘barwa bano ba batsalwa pele’ ba siame kana ba thokgame, gore ba isiwe mo kgolaganong e ntšha eo Jesu a neng a e tsereganya ka madi a gagwe a a tlhotlhwa kgolo. (Bahebera 9:13-15; Baroma 5:1, 9) Paulo o umaka gape le ka ‘matshelo a semoya a bano ba ba siameng,’ baruaboswa ba Bogosi, bao jaanong ba tsamayang “mo bosheñ yoa botshelō.”—Baroma 6:4; 8:16.

5. (a) Bahebera 12:28, 29 e supa jang gore “Yerusalema oa selegodimo” ke Bogosi jwa Bomesia? (b) Bahebera 13:14, 15 e bontsha jang gore “motse” o o tla tla mo isagweng?

5 Gore “Yerusalema oa selegodimo” wa ga Bahebera 12:22 o lebisitse go Bogosi jwa Bomesia joo Bakeresete ba ba tloditsweng ba ‘tsileng’ go jone go tlhalosediwa pele ke ditemana tseno tse di latelang, 28 le 29, koo Paulo o kgothatsang bano ka go re, “Ke gōna, ereka re amogèla bogosi yo bo sa kakeñ yoa reketlisiwa, a re nneñ le tshegōhaco e re ka dihañ tihō e e kgatlhañ Modimo ka eōna, ka tshisimogō le poihō; Gonne Modimo oa rona ke molelō o o lailañ.” Tlhagiso e e ntseng jalo ya ‘go tla’ ka tlhagafalo mo Jerusalema wa selegodimo, kana Bogosing jwa Bomesia, e tswelela pele go ya bofelong jwa lokwalo lwa ga Paulo, jaaka fa re bala mo kgaolong ya bofelo, e leng, Bahebera 13:14: “Mono ga re na motse o o tlhōmameñ, me re batla ōna motse o o tla tlañ.” Ereka jaanong Bogosi bo tlile mo ngwageng o o tshwaileng motlha wa 1914! Abo batlodiwa ba ba setseng mo lefatsheng ba tshwanetseng ba lekela go ‘batla pele bogosi’ le mo go neeleng Jehofa ka metlha “chupèlō ea pakō, ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè”!—Mathaio 6:33; Bahebera 13:15.

“Yerusalema o Mosha”

6. (a) “Yerusalema o Mosha” ke eng, jaaka a tlhalosiwa mo go Tshenolō? (b) Ke ka ntlha yang fa “boidiidi yo bogolo” bo tshwanetse go kgatlhegela thata “Yerusalema” yo?

6 Go tweng he, ka “Yerusalema o mosha,” yo o umakilweng pele mo go Tshenolō 3:12? Fano Jesu yo o galaleditsweng a re ka ‘yo o fenyang’: “Ke tla mo diha lekotwana mo tempeleñ ea Modimo oa me, . . . ke tla kwala mo go èna leina ya Modimo oa me, le leina ya motse oa Modimo oa me, eboñ Yerusalema o mosha, o o hologañ mo legodimoñ kwa Modimoñ oa me.” Moragonyana, mo go Tshenolō 21:1, 2 le 10, Johane o bona bafenyi bano mo “legodimo[ng] ye lesha” mme o tlhalosa setlhopha sa bone se se bopaganeng jaaka “motse o o boitshèpō, Yerusalema o mosha, o hologa mo legodimoñ o cwa kwa Modimoñ, o etleedicwe yaka monyadwi eo o kgabetseñ monna oa gagwè,” Keresete monyadi. Jerusalema o Mosha ono ke boemedi jwa Modimo jo ka jone a dirang gore “metse a botshelō” a elelele batho ba ba kutlo, jaaka fa bano ba fodisiwa le go tlisiwa botshelong jo bo itekanetseng mono mo lefatsheng. Ka gone Modimo, Mosimolodi wa thulaganyo eno e ntlentle, ka tlhamalalo o “tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko.” Abo “boidiidi yo bogolo,” jwa balekane ba masalela a setlhopha sa “monyadwi,” bo ipela jang ne mo tebelelong eo!—Tshenolō 22:1, 2; 21:4.

7. “Yerusalema o Mosha’’ o farologana jang le “Yerusalema oa selegodimo”?

7 Lefa go ntse jalo, go na le pharologanyonyana magareng a “Yerusalema o Mosha’ yo o tlhalosiwang mo go Tshenolō le “Yerusalema oa selegodimo” wa buka ya Bahebera ka gore “Yerusalema o Mosha” o dirilwe ka ba ba 144 000 ba ba beeleditsweng ke monyadi, lemororo “Yerusalema oa selegodimo” a na le ba ba 144 001, “1” yo e le Kgosi ya monyadi. Ka gone dibuka tsa Bibela Bahebera le Tshenolō di bontsha tshwano e e atamelaneng magareng a “Yerusalema oa selegodimo” le “Yerusalema o Mosha.”

“Yerusalema o o kwa Godimo”

8, 9. (a) “Yerusalema o o kwa godimo’’ ke mang kana ke eng? (b) Fa a ne a tsopola go tswa go Isaia 54, Paulo o tlhalosa jang tiro ya gagwe ya bosadi?

8 Mo go Bagalatia 4:26 re bala ka “Yerusalema” yo mongwe gape. Ke “Yerusalema o o kwa godimo.” Mme ene ke mang? Moaposetoloi Paulo o re ka ga gagwe: “Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.”—Bapisa Isaia 54:13.

9 “Yerusalema o o kwa godimo” yono ke phuthego ya ga Jehofa ya seka-mosadi kwa magodimong. E dirilwe ka masomosomo a baengele ba ba ikanyegang, go akareletsa jaanong le moengele yo mogolo yo o galaleditsweng, Jesu Keresete. (Tshenolō 12:7) Bano ba direla mo boemong jwa “mosadi” go Morena Modimo wa bone. Mabapi le “mosadi” yono Paulo o tswelela ka gore: “Go kwadilwe, ga twe, [mo go Isaia 54:1] Itumèlè, wèna moopa eo u sa belegeñ; ponyèga u thomeletsè, wèna eo u sa boneñ pèlègō: gonne bana ba eo o lore ba heta ba eo o nañ le monna ka bontsi.”—Bagalatia 4:27.

10. “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a tla go “ponyèga’’ jang ka boipelo?

10 Tiragatsong ya boperofeti jo, “mosadi” wa ga Jehofa, phuthego ya gagwe ya selegodimo e e gakgamatsang ya dibopiwa tsa moya, e tshwanetse ya bo e ile ya ponyega ka boitumelo go bona Jesu Keresete a tlhagisiwa jaaka ene yo mogolo wa “losika” fa a ne a kolobediwa ka 29 C.E. Boipelo joo bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa penologa fa Jesu yo o bolokang bothokgami a ne a tsosiwa mo baswing ka 33 C.E. mme a tsholelediwa kafa letsogong je legolo la Modimo kwa magodimong. Mme, a boipelo go bona “losika” lo nna lontsi jaaka barutwa ba ga Jesu Keresete ba tlisiwa gape le bone, go nna bana ba gagwe ba semoya! Seno sotlhe e ne e le tiragatsong ya tsholofetso ya Modimo go Aberahame gore O ne a tla ‘ntsifatsa losika lwa gagwe’ go segofatsa merafe yotlhe ya lefatshe.—Genesise 22:15-18; Bagalatia 3:29.

11. Mo metlheng ya segompieno, “Yerusalema o o kwa godimo” o ne a ipedisiwa jang?

11 Ka 1914 C.E., magodimo a ne a ipela gape go bona “mosadi” wa Modimo a tshola gape “ñwana, ñwana oa mosimane,” Bogosi jwa ga Keresete. Mme fa Keresete Kgosi (yo gape a bidiwang Mikaele, le le rayang “Ke Mang Yo o Tshwanang le Modimo?”) a ne a arabela kgwetlho ya ga Satane ka go piriganyetsa Diabolo le baengele ba gagwe go tswa sebakeng sa selegodimo, kwantle le pelaelo masomosomo a baengele a ne a arabela ka boipelo jo bogolo ka “lencwe ye legolo” le le neng le re: “Ke gōna a lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna!” Ba ne ba ipela gape, go tloga go 1919 go ya pele, go bona “bana” ba ba setseng mo lefatsheng ba “Yerusalema o o kwa godimo” ba kgaoganngwa gotlhelele le bodumedi jwa Sebabelona. (Tshenolō 12:1-12; 18:4, 5) Mme jaanong, jaaka bano ba ba golotsweng ba atamela labofelo go “Yerusalema oa selegodimo,” Bogosi jwa Bomesia, abo go tshwanetse go nna le boipelo jang go bontsintsi jwa baengele ba ba ikanyegang ba “Yerusalema o o kwa godimo”!—Isaia 62:11; Tshenolō 19:7.

“Magodimo a Masha, le Lehatshe ye Lesha”

12. (a) “Yerusalema” yo o lebisitsweng mo go Isaia 65:17, 18 ke ofe? (b) “Yerusalema o Mosha” o amana jang le “magodimo a masha,” mme ke tirelo efe e a e dirang?

12 “Yerusalema o o kwa godimo,” phuthego ya Modimo ya seka-mosadi, e ipela thata mo go sotlhe se Morena Modimo, Jehofa, a se fitlhelelang. Lefa go ntse jalo, a jaanong re tlhatlhobeng Isaia 65:17-19. Boperofeti fano bo lebisitse go Jehofa a tlhola sengwe se sesha. Ka jalo, “Yerusalema” yono e tshwanetse go nna “Yerusalema o Mosha” yo jaanong a tlhagisiwang jaaka “morwadia Siona,” yo o beeleditsweng ke Kgosi ya Monyadi, Jesu Keresete. (Isaia 62:11) Jehofa o re jaana ka “monyadwi” yo: “Gonne ke tlhōla Yerusalema go nna boipelō, le batho ba gagwè go nna boitumèlō.” “Monyadwi” wa selegodimo o ipela ele tota ka go tlisiwa mo bolokong jo bo feletseng jwa 144 000, mme le go bona gape Modimo o tlhola “lehatshe ye lesha”—mokgatlho wa batho o o kitlanyeng wa bolegodimo gareng ga setho.—Tshenolō 21:1-5.

13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa taletso ya ‘go ipela’ jaanong e tswela pele? (b) Ke setshwantsho sefe se se gakgamatsang se se neelwang mo go Tshenolō 21:9-27? (c) Re na le lebaka lefe la go leba “Yerusalema o Mosha” jaaka ‘lebaka la go ipela’?

13 Taletso eno e ya go batho botlhe ba Modimo: “Lona lo ipelè, lo itumèlè ka bosakhutleñ mo go se ke se tlhōlañ.” Go na lebaka le le popota la go ipela! Ka go bo mo bogaufing, Jehofa o tla tlotlomatsa leina la gagwe le le gakgamatsang ka go senya baganetsi botlhe. (Pesalema 83:17, 18) He, “magodimo a masha” a tla bo a tsere taolo gotlhelele! Mme abo Tshenolō 21:9-27 e neela setshwantsho se sentle jang ne ka “motse o o boitshèpō, Yerusalema, [“monyadwi” wa ga Kwana, Jesu] o hologa mo legodimoñ kwa Modimoñ, O na le kgalalèlō ea Modimo”! A tsabakela, ka tshwantshetso, jaaka lejana lengwe le lengwe le le tlhokegang, mme a phatsimisiwa ke kgalalelo ya Modimo sebele, Jerusalema o Mosha ono o dira ka mo go gakgamatsang mo boikarabelong jwa gagwe go romela “merahe” ya setho go “metse a botshelō,” ao a elelang a “cwa mo setuloñ sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana.”—Tshenolō 22:1, 2, 17.

14 Ka mo go utlwalang he, ke mabapi le “monyadwi, mosadi oa ga Kwana,” yo o tsisiwang mmogo le Keresete, monyadi wa gagwe, mo pusong ya “magodimo a masha,” go bo Jehofa a re: “Gonne ke tlhōla Yerusalema go nna boipelō, le batho ba gagwè go nna boitumèlō.” (Isaia 65:18) Mme “lehatshe ye lesha” le tsena jang mo boipelong jono?

“Lehatshe ye Lesha” le a Ipela

15. Metheo ya “lehatshe ye lesha” e theilwe jang?

15 Ga se gore ke fela kwa magodimong mme gape le mono mo lefatsheng mo Jehofa a neng a tlisa ‘lebaka la go ipela.’ Ka go bo a tlhomile metheo ya “lehatshe ye lesha,” mokgatlho o o boifang Modimo gareng ga batho o o tla golang go fitlhelela, ka nako e e leng yone, o tlatsa kgolokwe yotlhe, kgalaletsong ya ga Jehofa. (Isaia 11:9) E ne e le ka ngwaga wa 1919 fa Jehofa a ne a dira gore “Yerusalema o o kwa godimo” wa gagwe wa seka-mosadi a tsale lehatshe”—naga e e humileng eleruri—eo a neng a tsenya mo go yone ba ba setseng ba Iseraele wa gagwe wa semoya mo lefatsheng. (Isaia 66:8, 10, 22) “Lehatshe” leno le itshupile go nna paradaise ya semoya, mme ke mono mo batho ba ga Jehofa ba neng ba phuthiwa jaaka bathai ba “lehatshe ye lesha.” Go ile ga seka ga tlhokafala gore go letelwe go fitlha morago ga sepitla sa bofelo go bo go ka tsenwa mo paradaiseng ya semoya. E setse e le teng fano!

16. Ke tiragatso efe e e gakgamatsang e e nnileng gone go Isaia 62:1, 6, 7?

16 Ereka jaana batho ba ga Jehofa jaanong ba setse ba tsisitswe mo ‘lehatsheng’ je le ungwang, boperofeti jo bo gakgamatsang jwa ga Isaia kgaolo 62, jo bo amanang le Siona, “Yerusalema o o kwa godimo,” bo setse bo diragaditswe. “Tshiamō ea gagwè e cwèla kwa ntlè yaka phatsimō,” mme e phatsimesediwa mo merafeng yotlhe mo sethong ke batho ba gagwe, bao Isaia a ba tlhalosang ka mantswe ano: “Ke tlhomile balebedi mo dithakoñ tsa gago, wèna Yerusalema; ga ba ketla ba didimala gopè motshegare le bosigo: lona ba lo leñ bagakolodi ba ga Yehofa, Go se ka ga itapolosa lona, . . . go tsamaea a tlhōmamisa, le go tsamaea a diha Yerusalema pakō mo lehatshiñ pele.” Eleruri, phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo e ile ya nna “pakō [e e ntseng jalo] mo lehatshiñ” jaaka Basupi ba gagwe ba rera mo kgolokweng yotlhe. Mme karolo e kgolo ya pako e e dirwa jaanong ke balekane ba “balebedi” ba ba tloditsweng—“boidiidi yo bogolo yoa . . . morahe moñwe le moñwe,” bao ba emang fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo, ‘ba o dihela tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo.’—Isaia 62:1, 6, 7; Tshenolō 7:9, 14, 15.

17. (a) Tirelo ya “motshegare le bosigo” e nnile jang karolo ya Basupi ba ga Jehofa? (b) Lebaka le le tlhomologileng la boipelo ka 1982 e ne e le lefe? (c) Ke mo pakeng efe boipelo jono bo penologang, mme ke ka ntlha yang seno se tshwanela?

17 Tirelo eno ya “motshegare le bosigo” ya “balebedi” le ya balekane ba bone ba “boidiidi yo bogolo” e gatela pele ka boheho! Tirelo e e ntseng jalo ya moya otlhe e nnile ka metlha kamego ya balebedi ba ba etang ba ba ikanyegang le basadi ba bone, barongwa, babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng le badiri ba Bethele. Moragong jaana diketekete tsa Basupi ba ba tlhagafetseng, bannye le bagolo, ba intshitse ditlhabelo e le gore ba tle ba arole mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang kgwedi kana go feta, ba senya bobotlana dioura tse pedi ka ntlo le ntlo le tirelo e nngwe ya tshimo letsatsi le letsatsi. Ka 1982 tiro eno ya lefatshe ka bophara e ne ya fitlhelela tlhora ya ka metlha, ka palo-kakaretso ya babulatsela ba le 305 778 ka boipelo ba bega tirelo—eo ka botlalo e tshegeditsweng ke basupi ba ba ikanyegang ba le 2 000 000 le ba ba fetang foo. Eleruri, Jehofa o ntse a “tlhōla Yerusalema go nna boipelō, le batho ba gagwè go nna boitumèlō”—boitumelo jo gape bo penologang ngwaga mongwe le mongwe ka paka ya go keteka Segopotso se se laetsweng ke Morena Jesu.—1 Bakorintha 11:23-26.

“Lencwe ya Selelō Ga le Ketla le Tlhōla le Utlwiwa”

18. Go sa kgathalege mathata, ke tsholofetso efe e e neng ya diragadiwa tebang le “boidiidi yo bogolo,” mme jang?

18 Lefa gone go tla nna go nna le mathata le dipogiso fa fela Satane a sa ntse a letleletswe go tlisa tatlhego mo lefatsheng leno, “boidiidi yo bogolo” jwa baobamedi ba ba ineetseng ga ba sa tlhole ba utlwa “mogote” ope wa go sa amogelwe ke Modimo. Ereka ba dirile, ebile ba amogetse topo ya bone ya “segakolodi se se siameñ,” baboledi bano ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng ba mafoko a a molemo a Bogosi ba direla ka boipelo, jaaka Kwana, Keresete Jesu, a ba gogela “kwa mecwediñ ea metse a botshelō.” Tsholofetso eno e setse e diragaditswe mo go bone mo paradaiseng ya semoya: “Me Modimo o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.”—1 Petere 3:21; Tshenolō 7:16, 17.

19. (a) Ke ka ntlha yang “lencwe ya go gala” le sa utlwiwe mo “Yerusalema”? (b) Isaia 65:21-25 e bontsha eng tsamaelanong le tlhaloso ya leina “Yerusalema”?

19 Se se tshwanang thata le lokwalo lono lwa bofelo ke tlhaloso ya ga Jehofa sebele mo go Isaia 65:19: “Ke tla ipela ka Yerusalema, ke ya monate mo bathuñ ba me: me lencwe ya selelō ga le ketla le tlhōla le utlwiwa mo go èna, leha e le lencwe ya go gala.” Ba ba setseng mo lefatsheng ba ba sa ntseng ba tla tsosediwa mo “Yerusalema o Mosha’ ba ile ba itemogela boipelo jono, mme jaanong Jehofa o thololela masego a a tshwanang mo go ba “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele.” (Yohane 10:16) Abo mafoko a a latelang mo go Isaia 65:21-25 a tlhalosa ka mo go gakgamatsang jang ne boemo jwa paradaise jwa “batho” ba Modimo bao ba neng ba phuthiwa jaaka bathai ba “lehatshe ye lesha”! Eleruri, “Motheo wa Kagiso e e Sebedi” ke ono—kagiso jaanong gareng ga baobamedi ba ga Jehofa ebile e katologela le kwa Paradaiseng ya sebele, fa thato ya Modimo e tla bo e dirwa mo lefatsheng lotlhe.—Tshenolō 21:3-5; Mathaio 6:10.

20. Ka mo go tshwanelang, ke dipotso dife tse re ka di ipotsang ka borona?

20 A o batla go baka Jehofa ka bosakhutleng mo Paradaiseng ya lefatshe ka ntlha ya dilo tse di gakgamatsang tse a di fitlhelelang ka “Yerusalema o o kwa godimo,” phuthego ya gagwe e e ineetseng ya seka-mosadi? A o batla go bona “Yerusalema oa selegodimo” a na le Keresete Kgosi ya gagwe, Dafide yo Mogolwane, a fenya tshiamololo yotlhe? A o batla go bona “Yerusalema o Mosha” wa monyadwi a folosetsa tlhotlheletso ya gagwe kwano tlase go tswa go Modimo le Keresete wa gagwe mo legodimong, e le gore a tle a phimole dikeledi tsotlhe tsa batho?

21. Re ka bontsha jang kanaanelo ya sotlhe se se tshwantshediwang ke Jerusalema yo o ikanyegang?

21 Fa e le gore seo ke keletso ya gago, he ka boikanyegi tswelela ka ‘tirelo e e boitshepo’ ya gago ka go tshegetsa sotlhe se se neng se tshwantshediwa ke Jerusalema yo o ikanyegang wa bogologolo, motse oo wa “Kgosi e kgolo,” Morena Modimo Jehofa. (Tshenolō 7:15) E le gore o tle o kopanele mo pineng ya tempele e e ipedisang ya Pesalema 87:3, jaaka o opela ka boitumelo: “Dilō tse di galalèlañ di buiwa kaga gago, wèna motse oa Modimo.”

O sena go ithuta setlhogo se, o tlhaloganyang ka:

◻ “Yerusalema oa selegodimo”—Bahebera 12:22

◻ “Yerusalema o Mosha”—Tshenolō 21:2

◻ “Yerusalema o o kwa godimo”—Bagalatia 4:26

◻ “Magodimo a masha, le lehatshe ye lesha’—lsaia 65:17, 18

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Jerusalema o Mosha—“go nna boipelō”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela