LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/1 ts. 31
  • Kgololesego ya Semoya kwa Colombia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego ya Semoya kwa Colombia
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—Colombia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Kgololesego—Abo e Eletsega Jang Ne!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Kgololesego ya Bodumedi e Kayang ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • “Lobopō Lotlhe Lo Nntse Loa Hègèlwa”—Ka Ntlhayang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/1 ts. 31

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Kgololesego ya Semoya kwa Colombia

FA E sale ka nako ya baeteledipele ba Spain ba bafenyi, Bokatoliki bo ile jwa nna le tlhotlheletso e kgolo ya bodumedi kwa Amerika Borwa. Kwa Colombia e setse e le nako e telele e le bodumedi jo bo lebiwang ke Puso e le jo bo kafa molaong. Dingwaga tse 105 tse di fetileng, Vatican e ne e ntse e na le tumalano eo e e dirileng le mmuso wa Colombia eo mo go yone kereke e neng e sirelediwa e bile e neetswe ditshwanelo tse di kgethegileng mo dilong tse di amanang le thuto le lenyalo.

Ka December 1990 batho ba kwa Colombia ba ne ba tlhopha baemedi ba puso bao ba neng ba tla tlhoma molaotheo o mosha, mme seo se ile sa dirwa mo bogareng jwa 1991. Molaotheo o mosha ono o fetola boemo jwa bodumedi kwa Colombia. Ditumelo tsotlhe jaanong di na le ditshwanelo tse di lekanang mo molaong mme bana ba ba leng mo dikolong tseo di leng kafa tlase ga puso ga ba a tshwanela go patelediwa dithuto tsa bodumedi. Tumalano e Vatican e e dirileng le puso e tshwanetse go ntšhafadiwa go akantswe ka diphetogo tseno tse di dirilweng mo molaotheong.

Kgololesego e kgolwane eno ya bodumedi e tla fokotsa tlhotlheletso eo Kereke ya Katoliki e nang le yone mme seno se tla dira gore go nne motlhofo thata gore batho ba ba dipelodiphepa ba bone kitso ya Bibela le kgololesego ya semoya.

Basupi ba ga Jehofa ba ba 51 000 mo nageng eno ba ntse ba dira dipaakanyetso tsa gore ba tlhokomele batshabi ba semoya jaaka fa ba ntse ba letetse go bona kgololesego eno ya semoya. Kago ya bone e ntšha ya lekala eo e atolositsweng eo mo go yone go bileng go na le motšhini wa offset o o nang le mebala yotlhe wa lobelo lo lo seng kana ka sepe e ntse e le gaufi le go wediwa. Go ile ga romelwa babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana kwa ditorotswaneng gore ba ye go senka dinku tsa ga Jehofa tse di timetseng mme ba ile ba dira tiro e e kgatlhisang ya go ruta Bibela. Mo ditoropong di le 63, tseo mo go nngwe le nngwe ya tsone go ka nnang le baagi ba le 10 000, go ile ga simololwa diphuthego le ditlhopha tse disha di le 47.

Jaaka fa moya wa ga Jehofa o ntse o tlhotlheletsa batho ba ba dipelodiphepa, basha ba le bantsi le bone ba ile ba arabela. Kgatiso ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e itshupile e le thuso e e tlhwatlhwakgolo go batsadi mmogo le mo basheng ba ba ntseng jalo. Fa Mosupi mongwe a ntse a tsamaya ka ntlo le ntlo, o ne a kopana le monna mongwe yo o neng a setse a badile dikarolo dingwe tsa buka eno, e le sekaelo seo a neng a se adimilwe ke moagisane wa gagwe. O ne a kgatlhilwe thata ke go bona botlhale jo bo leng teng mo go yone jo bo dirang fa go buiwa ka mathata a lelapa. O ne a kgatlhiwa segolobogolo ke Kgaolo 4, e e reng “Ke Ka Ntlhayang Fa Rre le Mmè Ba Ne Ba Tlogelana?” ka gonne ene le mosadi wa gagwe ba ne ba setse ba ya ntlheng ya gore ba kgaogane. O ne a bolela gore buka eno e mo namotse mo masetlapelong a a seng kana ka sepe. Gone jaanong ene le lelapa la gagwe ba ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa mme ba nna teng mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego. Ba leboga Jehofa thata ka ntlha ya botlhale jo bo dirang jo a ntseng a bo neela ka Bibela le ka phuthego ya gagwe.

Boitemogelo jono ke bosupi jwa kgololesego ya semoya e e nnang teng kwa Colombia jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba thusa bao ba bolailweng ke tlala ya semoya ya go batla go ithuta kaga maikaelelo a a kgatlhisang a ga Jehofa le ka lefatshe la gagwe le lesha leo le leng gaufi.—2 Petere 3:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela