“Lobopō Lotlhe Lo Nntse Loa Hègèlwa”—Ka Ntlhayang?
MONNA le mosadi ba ntlha ba ne ba huralela Modimo. Mme fa ba sena go bona “kgololesego” e ba neng ba e batla, ba ne jaanong ba tshwanelwa ke gore ba ipabalele go ya kafa ba ka kgonang ka teng. Ba ne ba akofa ba lemoga gore molemo o ba neng ba o gopotse o ne o seyo gotlhelele. Go senang maitemogelo le go tlhaela kitso go ne ga tlisa mathata.
Ke sone se bale bantsi ba rona ba tletsweng ke kgethololo kana tshiamololo. Ke sone se bontsi jwa rona bo tseneng mo bokgobeng jwa go nna batho ba ba sa itekanelang, ba ba lwalang, ba ba bogang botlhoko jo bo sa tlwaelegang jwa mmele le jwa tlhaloganyo, le go tsholola dikeledi tsa bohutsana. Kana, jaaka Bibela e tlhalosa, ke sone se ‘lobopo lotlhe lo ntseng lo hegelwa, mme lo ntse lo le mo botlhokong mmogo le gompieno.’—Baroma 8:22.
Boiteko jwa ntlha jwa motho jwa go bona kgololesego ka gone bo ne jwa fetoga go nna kgolego mo go ene. O setse jaanong a na le makgolo a dingwaga a le 60 a ntse a leka go ikgolola mo diphelelong tse di bosula tsa yone. Mme ka katlego efe?
Kgololesego ya Sepolotiki
Motho o ile a lekeletsa bogoromente ba mefuta yotlhe. Bao ba nnileng ba ba gatelelang kana ba ba tshiamololo, kana ba ba paletsweng ke go fitlhelela ditlhokafalo tsa batho tse di botlhokwa, ba ile ba latlhwa kana le e leng go menolwa mo go setlhogo mme ba emisediwa ka ba bangwe—mme ka matswela a a belaetsang.
Mmega-dikgang Lance Morrow, fa a ne a bua kaga diphetogo tsa sepolotiki, o ne a re: “Histori e ile ya kgabaganya ditiragalo di le dintsi thata tsa ditsholofelo tse e seng tsone tsa phetogo e e ileng ya felela e tshwana fela ka kgatelelo, ka polao, le ditsamaiso tsa puso tse e di tlositseng—diphenyo tsa ditsholofelo tse di matlhagatlhaga godimo ga boitemogelo.”
Go emisetsa goromente mongwe yo o sa itekanelang ka yo mongwe tota go ka se twe ke tsela e e tshwanetseng ya go lere kgololesego ya mmannete. Jalo he, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala a re: ‘Motho o na le thata mo go yo mongwe go ikutlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Ka phepafalo, ‘lobopo lotlhe [lo tla nna] lo ntse lo hegelwa mmogo le go nna mo botlhokong’ go fitlhela goromente yo o itekanetseng a golola batho tota-tota mo pusong e e sa itekanelang.
Kgololesego mo Kgethololong ya Bomorafe le ya Lotso le Mmala
Ditlhoano tsa lotso le mmala kana bomorafe di thulana ka tlhamalalo le boammaaruri jwa Bibela jwa gore Modimo “o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla” le gore “Modimo [ga se] motlhaodi wa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, o a lebosèga mo go ōna.” (Ditihō 17:26; 10:34, 35) Mme bao ba batlang go tshwarwa ka tekatekanyo ba ile ba palelwa ke go go bona, le e leng mo merafeng eo e iphakang gore ke ya Bokeresete.
Ka sekai, akanya ka lotso lwa bantsho. Bangwe ba ba iphakang gore ke Bakeresete ba bolela gore letlalo la mmala o montsho le nnile gone ka ntlha ya phutso ya bomodimo mo go Kanane le go ditlogolwana tsa gagwe, e ba dira gore ba nne batlhanka. Mo go seno ba a fosa. Lotso lwa bantsho ga lo a tlholega mo go Kanane mme mo go Kushe mme gongwe ebile mo go Pute. Mme ga go ope wa bone yo o neng a hutsiwa.—Genesise 9:24, 25; 10:6.
Go sa kgathalesege lebaka leno, bantsho gantsi ba ile ba iphitlhela ba gateletswe kafa leagong le kafa itsholelong tota le ke bantsho ka bone. Ba ile ba tlhologelela kgololesego. Mme mekgatlho ya bone ya kgololesego, go sa kgathalesege ditsuololo le dikgwanto tsa kganano, e ile ya.lere katlego fela e sekae. Ka go sa kgone go fetola dipelo ka botlalo, ba ile ba palelwa ke go nyeletsa kgethololo ya lotso le mmala, botlhoka-kitso jwa sedumedi, le tlhaelo ya lorato lwa moagelani.
Jalo ‘lobopo lotlhe lo tla nna lo ntse lo hegelwa le go nna mo botlhokong mmogo’ go fitlhela kgethololo ya bomorafe e fedisiwa ke Bogosi jwa Modimo ka Keresete.
Kgololesego ya Basadi
Go ralala makgolo a dingwaga, basadi ba ile ba seka ba tshwarwa sentle mme gantsi ba tsewa jaaka batho ba ba kwa tlase ka boemo. Seno ga se ka ntlha ya phoso ya Mmopi wa bone. O ne a seka a bopela mosadi gore monna a mo lebe fela jaaka sedirisiwa sa thobalo. Lefa e le ene monna ga a ka a laelwa gore a nne seganka mo go ene. Jaaka mosadi wa monna, o ne a tshwanetse go nna “thushō” ya gagwe, go direla jaaka “thushō e e mo lebanyeñ,’”gore a nne “nama e le ñwe hèla” le ene.—Genesise 1:26-28; 2:18-24.
Keletso ya ga Efa ya go ikemela mo taolong e e lorato ya Modimo ga e a ka ya felela ka kgololesego mme ka bokgoba jo bo setlhogo. Ka go bonela seno pele, Modimo o ne a bolelela-pele a re: “Kelecō ea gago e tla nna kwa monneñ oa gago, me o tla gu laola.” (Genesise 3:16) Mo basading ba le bantsi, go gatelelwa ke banna ba ba sa itekanelang go ile ga itumolola thata, mme mekgatlho ya basadi e le mentsinyana e ile ya leka go e tlosa.
Mme Mekgatlho ya Kgololesego ya Basadi, lemororo e lerile diphetogo dingwe tse di tokafatsang, e ile ya palelwa ka go bo e fapaana le kgololesego e e lekalekaneng e Modimo a e solofetsang. ‘Lobopo lotlhe lo tla nna lo ntse lo hegelwa mmogo le go nna mo botlhokong’ go fitlhela Bogosi jwa Modimo bo ruta banna botlhe go ‘rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone’ le go tshwara ‘basadi ba ba godileng jaaka fa e ka bo e le bommaabo le barweetsana jaaka bokgaitsadiabone, ka boitsheko jotlhe.’—Baefesia 5:28; 1 Timotheo 5:2.
Pele re tlhalosa gore letsatsi leo le tla tla jang, re tshwanetse go buisanya ka potso e nngwe e e botlhokwa. Tota Bakeresete ba tshwanetse go leba jang mekgatlho ya gompieno ya kgololesego?
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Go emisetsa goromente a le mongwe yo o sa itekanelang ka yo mongwe yo le ene a sa itekanelang ga se tharabololo ya go tlisa kgololo ya mmatota
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Go gana taolo, tsuololo le dikgwanto tsa kganano ga di fetole dipelo
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Mokgatlho wa Kgololesego ya Basadi o ile wa palelwa ka go bo o fapaana le kgololesego e e lekalekaneng eo Modimo a e solofetsang