Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—Colombia
COLOMBIA ke naga e e sa tshwaneng le epe kwa Amerika Borwa. Lewatle la Atlantic mmogo le la Pacific di kopana le lotshitshi lwa naga eno e e kgabisitsweng ke dithaba tsa bolekheno. Mo lotshitshing lwa nagatlase ya boboatsatsi le naga ya teng e e lebala go mogote thata mme mo nagagodimong, kwa ditlhoeng tsa Dithaba tsa Andes tse di apesitsweng ke kapoko go tsididi.a
Le mororo Colombia e itsege e le naga ya gauta le diemeralete, batho ba teng ke bone ba ba tlhokegang le go feta. Gompieno, Jehofa o tlatsa ntlo ya gagwe ya semoya ka kgalalelo. Baobamedi ba ba siameng, ba ba eletsegang ba ologela mo go yone kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, go akaretsa le Colombia.—Hagai 2:7.
Balaodibagolo ba Kgwebo Ba Kgatlhegile
Ka Sontaga, November 1, 1992, go ne go kgakolwa ofisi e ntšha ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower le dikago tsa bogatisetso kwa Facatativá, e e bokgakala jwa dikilomitara di le 42 kwa bokonebophirima jwa Bogotá. Go bontshiwa dikago kwa lekaleng leno go ile ga ama baeng tota. Fa moeti mongwe a sena go boela kwa feketiring e a dirang kwa go yone, o ne a rotloetsa balaodi ba gagwe ka boitumelo gore ba ye go bona phuthego e e nang le ‘bokgoni jo bo gakgamatsang, e e nang le thulaganyo, le e e nang le badiri ba ba matlhagatlhaga.’ Fa balaodibagolo ba ne ba bontshiwa dikago mo loetong lo lo latelang, ba ne ba kgatlhega tota mme ba botsa dipotso di le dintsi.
Balaodibagolo bano ba ne ba batla go isa baokamedi ba bone, batlhokomedi, le diforomane—totatota, ba ne ba batla go isa badiri ba bone botlhe—gore ba ye go bontshiwa dikago. Beke nngwe le nngwe, ba ne ba rulaganya gore badiri ba le 15 go ya go 25 ba ye go bontshiwa dikago go fitlha badiri botlhe ba ba 1 300 ba bona bokgoni joo jwa phuthego.
Makgolokgolo a badiri ba bone ba ne ba bontshiwa dikago tsa lekala leno ba bo ba bona bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. Ba ne ba kgatlhiwa ke go bona kafa phuthego eno e leng kgolo ka teng le tiro ya Bogosi ya go rera ya lefatshe ka bophara, ba ne ba gakgamadiwa ke botegeneki jwa maemo a a kwa godimo jo bo dirisiwang mo ditirong tsa Mokgatlho. Fa ba tsamaya, ba le bantsi ba ne ba utlwiwa ba bolela gore ba ikutlwa jaaka e kete ba ‘tlogela Paradaise ba boela kwa lefatsheng le le senang thulaganyo.’
Boammaaruri Bo Bonwa ke Mefuta Yotlhe
Batho ba mefuta yotlhe ba fitlhelelwa ka mafoko a a molemo. (1 Timotheo 2:3, 4) Ka sekai, mongwe yo e neng e le motlhami le moeteledipele wa bente ya roko ya heavy metal o ne a amogela boammaaruri jwa Bibela, a fetola botshelo jwa gagwe, mme go ise go ye kae a nna mmulatsela wa ka metlha. Moragonyana o ne a tlhomiwa jaaka motlhanka wa bodihedi. Batho ba le mmalwanyana ba ba neng e le maloko a ditlhopha tsa majelathoko ba ithutile go ikanya tsholofelo ya Bogosi jwa ga Jehofa. Jaanong ba tshwaregile thata mo go rereng molaetsa wa lefatshe le lesha le le nang le kagiso.
Batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi le barekisi ba tsone le bone ba ile ba amogela boammaaruri. Lekau lengwe le jaanong e leng Mosupi le ne le okametse temo ya diokobatsi le laboratori ya khokeine mo sekgweng ka dingwaga di le tlhano pele le tlogela mofuta oo wa botshelo. O bone boitumelo ka go bala le go dirisa melaometheo ya Bibela. Babolai ba ba bonweng molato e bile ba le mo toronkong ba rapela ka tlhoafalo gore Jehofa a ba itshwarele maleo a bone mme a ba amogele jaaka batlhanka ba gagwe ba ba tlhotlheleditsweng ke go ithuta Bibela ka bopeloephepa.
Ka jalo mefuta yotlhe ya batho e amogela molaetsa wa Bogosi. Kwa Colombia, fela jaaka kwa dinageng tse dingwe, Jehofa o tlatsa ntlo ya gagwe ka kgalalelo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona 1994 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
PEGO YA NAGA
Ngwaga wa Tirelo wa 1993
TLHORA YA PALO YA BA BA NEELANG BOSUPI: 60 854
KABALANO: Mosupi a le 1 mo bathong ba le 558
PALO YA BA BA NENG BA LE TENG KWA SEGOPOTSONG: 249 271
PALOGARE YA BABOLEDI BA E LENG BABULATSELA: 8 487
PALOGARE YA DITHUTO TSA BIBELA: 100 927
PALO YA BA BA KOLOBEDITSWENG: 5 183
PALO YA DIPHUTHEGO: 751
OFISI YA LEKALA: FACATATIVÁ
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Badiri ba ofisi ya lekala le barongwa ka 1956
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Setshwantsho sa ofisi ya lekala se se tshotsweng go tswa mo sefofaneng