LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 7/1 ts. 3
  • Kgololesego—Abo e Eletsega Jang Ne!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego—Abo e Eletsega Jang Ne!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lobopō Lotlhe Lo Nntse Loa Hègèlwa”—Ka Ntlhayang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Kafa Bakeresete ba Tshwanetseng go Ikutlwa ka Teng Kaga Kgololesego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Dirisa Kgololesego ya Bokeresete Kafa Tshwanelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Jubile ya ga Jehofa—Motlha wa Gore re Itumele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 7/1 ts. 3

Kgololesego​—Abo e Eletsega Jang Ne!

“NNEELA kgololesego kana o nneele loso!” ga tlhaeletsa jalo morata-naga wa Amerika ebong Patrick Henry dingwaga tse di ka nnang 200 tse di fetileng. Go ene, kgololesego e ne e tlhokega thata go gaisa le botshelo ka sebele. Go kgabaganya makgolo a dingwaga, dimilione tsa batho di ile tsa nna le maikutlo a a tshwanang.

Lefa go ntse jalo, mo halofong ya lekgolo la dingwaga le le fetileng, keletso ya kgololesego e ile ya nna ka dibopego tse disha. Mebuso ya bokolone e ile ya amogwa dimilione tsa babusiwa fa ba ne ba senka boipuso jwa sepolotiki gammogo le go bo bona. Go ile ga tlhongwa mekgatlho ya leago, ya ikonomi, le e leng ya sedumedi go senka kgololesego mo kgatelelong le mo kgethololong, e ka ne e le ya mmatota kana e e ikgopolelwang fela. Ga go ise go ko go diragale lefa e le leng pele gore banna ka bontsi jo bo kana-kana ba bo ba ile ba batla kgololesego mo taolong ya bahiri le ya bogoromente, basadi ba le bantsi mo taolong ya banna le borre, mme bana ba le bantsi go tswa taolong ya batsadi le ya barutabana. Lefa go le jalo, mekgatlho ya kgololesego ga se sepe se sesha. Tota, setho se tswa kgakala le yone. Buka ya histori e kgologolo thata mo lefatsheng, ebong Bibela e e Boitshepo, e re bolelela mo go oketsegileng. Ntlha ya konokono mo polelong eno, jaaka e fitlhelwa go Genesise 3:1-7, ke eno:

Ka bokhutshwanyane fela morago ga fa go sena go bopiwa monna le mosadi, mosadi o ne a atamelwa ke sebopiwa sa moengele. Ditiro tsa gagwe di ne tsa supa fa a ne a na le keletso ya go gololesega mo taolong ya Mmopi wa gagwe. Jalo ga go gakgamatse go bo a ile a umaka gore seo ene le monna wa gagwe ba neng ba se tlhoka e ne e le kgololesego. O ne a ganetsa ka go re, e ne e se boammaaruri gore Modimo o ba bofile ka dithibelo? Mme a botsa a re, ke eng fa ba ne ba sa tshwanela go ja “louñō loa setlhare se se ha gare ga tshimo”? Ka go bo ruri, ‘setlhare se ne se kgatlha mo matlhong,’ a ga go jalo? Ee ruri!

Itshomoleng, a ba tlhotlheletsa, mme “matlhō a lona a tla buduloga, me lo tla nna yaka Modimo, lo itse molemō le boshula.” Abo go ne go eletsega jang ne! Ee, kgololesego go tswa mo taolong e e “gatelelang” ya Modimo e ne ya dirwa gore e lebege e tlhokega thata jaaka botshelo ka bojone.

“Nneela kgololesego kana o nneele loso!” Adame le Efa ba ne ba di bona tsoo-pedi​—mme ba tlelwa ke bohutsana le go bo re tlisetsa! Jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela