Ke Ne Ka Tsaya Kgato ka Nako ya Thobo
JAAKA FA E BOLETSWE KE WINIFRED REMMIE
“THŌBŌ e kgolo rure, me barobi ba bannye.” Morena Jesu o ne a bua mafoko ano ka gonne a ne a amegile thata ka batho bao ba neng ba patikegile ebile ba gasagasame jaaka dinku tse di senang modisa. Le nna ke ile ka ikutlwa fela jalo, mme mo dingwageng tse 40 tse di fetileng, ke ntse ke leka go tsaya kgato e e tshwanetseng malebana le pitso ya Mong ya gore re dire mo thobong.—Mathaio 9:36, 37.
Ke tsholetswe kwa Afrika Bophirima mo lelapeng le mo go lone go neng go na le bana ba le supa, botlhe e le basetsana. Batsadi ba rona ba ne ba le bonolo, mme ba gagamaditse molao; gape ba ne ba rata bodumedi thata. Re ne re tlamega go ya kwa kerekeng le kwa sekolong sa Sontaga beke le beke kwantle ga go tikatika. Seno e ne e se bothata mo go nna ka gonne ke ne ke rata dilo tsa semoya. Ebile tota, fa ke na le dingwaga di le 12, ke ne ka tlhomiwa gore ke tsamaise dithuto tsa sekolo sa Sontaga.
Lenyalo le go Rata go Lekeletsa Dilo
Ka 1941, fa ke ne ke na le dingwaga di le 23, ke ne ka nyalana le Lichfield Remmie, motlhokomelamatlotlo kwa ofising ya puso. Re ne re humile fa go tliwa kafa dilong tse di bonalang, mme lefa go ntse jalo ka ntlha ya go rata go lekeletsa dilo le go eletsa go ikgobokanyetsa khumo ya dilo tse di bonalang re ne ra leba kwa Liberia ka 1944. Go ne ga nna le phetogo e kgolo mo botshelong jwa monna wa me ka 1950, mme moragonyana ya nna mo go jwa me, fa a ne a kopana le Hoyle Ervin, morongwa wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a sena go ithuta ka dibeke di le tharo fela, monna wa me o ne simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera.
Ke ne ka kgopisega fa monna wa me a ne a lesa go ya kerekeng. Kana e ne e le Moporotesetanta yo o ineetseng yo ebile a neng a itima dijo le ka paka ya Lent tota. Fa ke ne ke mmona la ntlha a ya go rera, a tshotse kgetsana ka letsogo, ke ne ka tlala bogale. “Go a reng ka wena?” ke ne ka mmotsa ka bogale. “Monna wa maemo jaaka wena a ya go rera le batho bano ba dieleele!” O ne a ritibetse ebile a wetse dibete fa ke ntse ke mo garaswanya jaana.
Letsatsi le le latelang, Mokaulengwe Ervin o ne a tla kwa ntlong ya rona a tla go ithuta le Lichfield. Jaaka ke ne ke tlhola ke dira, ke ne ka nnela kgakala ke sena kgatlhego fa ba ntse ba ithuta. Gongwe ke gone ka moo Mokaulengwe Ervin a neng a mpotsa gore a ke ne ke sa itse go bala le go kwala. Ga tweng? Nna, ke sa itse go bala le go kwala? A tlhapa! Ke ne ke tla mmontsha gore ke ne ke rutegile go le kana kang! Ke ne ke tla upolola bodumedi jono jwa maaka!
Ke Amogela Boammaaruri
Lobaka lo lokhutshwane fela morago ga seno, ke ne ka bona buka ya Let God Be True (A Modimo O Nne Boammaaruri) mo tafoleng e e mo phaposing ya bonno. ‘A setlhogo sa boeleele,’ ke ne ka akanya jalo. ‘A Modimo o ntse o se boammaaruri nako e yotlhe?’ Fa ke ntse ke phetlha buka eno, ka bofefo ke ne ka bona sengwe se nka ngongoregang ka sone. E ne e re motho ga a na moya, ke moya! Le eleng dintša le dikatse ke meya! Seno ruri se ne sa ntshwenya. ‘A thuto ya bomatla!’ ke ne ka akanya jalo.
Fa monna wa me a tla gae, ke ne ka mo tlhasela ka bogale. “Batsietsi bano ba re motho ga a na moya. Ke baperofeti ba maaka!” Monna wa me ga a ka a omana; go na le moo, o ne a fetola jaana a wetse dibete: “Winnie, sengwe le sengwe se mo Bibeleng.” Moragonyana, fa Mokaulengwe Ervin a ne ka bopelotelele a mpontsha mo Bibeleng gore re meya le gore moya wa rona o a swa, ke ne ka akabala. (Esekiele 18:4) Sengwe se se neng sa nkgatlha thata e ne e le temana ya Genesise 2:7, eo e bolelang jaana: “Me motho [Adame] a dihèga mōea o o tshedileñ.”
Ruri ke ne ke ntse ke le phoso! Ke ne ka ikutlwa ke tsieditswe ke baruti mme ka se ka ka tlhola ke ya kerekeng gape. Go na le moo, ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete tsa Basupi ba ga Jehofa. Abo go ne go kgatlha jang ne go bona kafa ba neng ba ratana ka gone! Jo e ne e tshwanetse ya bo e le jone bodumedi jwa boammaaruri.
Go Roba kwa Cape Palmas
Mo e ka nnang dikgwedi di le tharo moragonyana, monna wa me o ne a bulegelwa ke phatlha ya gore a ka utswa madi a mantsi mo khamphaneng ya gagwe—mme lefa go ntse jalo ga a ka a dira jalo. Badirikaene ba ne ba mo sotla: “Remmie, o tla bo o swe o ntse o le dikobo dikhutshwane.”
Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo a ne a ikanyega, o ne a tlhatlosiwa maemo a bo a romelwa kwa Cape Palmas go ya go bula ofisi e ntšha gone. Re ne ra rera ka tlhagafalo mme morago ga dikgwedi di le pedi fela, re ne ra nna le setlhopha se sepotlana sa batho ba ba neng ba kgatlhegela molaetsa wa Bibela fela thata. Moragonyana, Lichfield o ne a kolobediwa fa a ne a le mo loetong go ya kwa motsengmogolo, Monrovia, go ya go tsaya dilwana tsa ofisi e ntšha. Gape o ne a kopa thuso kwa Mokgatlhong gore go tlhokomelwe batho ba ba kwa Cape Palmas bao ba neng ba kgatlhegela boammaaruri.
Mokgatlho o ne wa tsaya kgato ka go romela Mokaulengwe le Kgaitsadi Faust kwa Cape Palmas. Kgaitsadi Faust o ne a nthusa fela thata, mme ka December 1951, ke ne ka bontsha gore ke ineetse go Jehofa ka go kolobediwa. Jaanong ke ne ke ititeile sehuba go feta lefa e le leng pele gore ke ne ke tla ‘phuthela botshelo jo bo sa khutleng loungo.’ (Yohane 4:35, 36) Ka April 1952, ke ne ka simolola bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka mmulatsela.
Jehofa o ne a segofatsa maiteko a me ka bofefo fela; mo ngwageng o le mongwe fela, ke ne ka thusa batho ba le batlhano go ineela le go kolobediwa. Mongwe wa bone, Louissa Macintosh, e ne e le ntsalae poresidente wa Liberia, W. V. S. Tubman. O ne a kolobediwa a bo a tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng mme a tswelela pele a ikanyega go Modimo go fitlha a swa ka 1984. O ne a rerela poresidente ka makgetlo a le mmalwa.
Re Ya kwa Lower Buchanan
Ka 1957, fa re ne re etetswe ke molebedi wa kgaolo, nna le monna wa me re ne ra lalediwa gore re nne babulatsela ba ba kgethegileng. Morago ga go buisana le go rapela, re ne ra amogela kabelo eno. Lichfield o ne a tlhoka dikgwedi di sekae gore a konele tiro ya gagwe ya boitshediso kwa Cape Palmas, ka jalo ke ne ka lebisa dinao kwa Lower Buchanan, tshimo eo e neng e ise e ko e berekiwe pele, ka ya go simolola tiro koo.
Fa ke goroga, ke ne ka fiwa boroko ke lelapa la ga Maclean. Letsatsi le le latelang, go ya ka ngwao ya teng, ke ne ka isiwa kwa kgosaneng ya morafe wa Pele. Kgosana eno le lelapa la gagwe ba ne ba nkamogela ka maatlametlo, mme ke ne ka neela setlhotshwana sa batho bosupi mo legaeng la gagwe. Batho ba ka feta borataro mo go bao ke neng ka buisana le bone ka letsatsi leo, go akaretsa le kgosana le mosadi wa gagwe, e ne ya re kgabagare ya nna Basupi.
Go ise go ye kae ke ne ka iphitlhela ke kgweetsa thuto ya Tora ya Tebelo go na le batho ba feta 20. Ke ne ka tshwanelwa ke go ikaega ka Jehofa fela thata, mme o ne a nnonotsha go ya kafa ke neng ke tlhoka ka gone a bo a nthusa gore ke kgone go tlhokomela dinku tsa gagwe. Fa ke ne ke ikutlwa ke lapile kana ke sa kgone, ke ne ke ikgopotsa batho ba ba ikanyegang ba bogologolo, bogolo jang basadi ba ba tshwanang le Debora le Huleda, bao ba neng ba dira jaaka Jehofa a ba romile ba sa boife sepe.—Baatlhodi 4:4-7, 14-16; 2 Dikgosi 22:14-20.
Ka March 1958, ke setse ke na le dikgwedi di le tharo fela mo Lower Buchanan, ke ne ka amogela lokwalo lo lo neng lo nkitsise gore re ne re tla etelwa ke molebedi wa potologo, John Charuk. Ke ne ka hira phaposi e e kwa tlase ya ntlo eo e neng e ka kgona go tsenya setlhopha se segolo sa batho. Go tswa foo ke ne ka ya kwa Upper Buchanan go ya go kgatlhantsha Mokaulengwe Charuk, mme lefa go ntse jalo a se ka a tla. Fa ke sena go leta go fitlha go nna lefitshwana, ke ne ka boela kwa Lower Buchanan ke kgobegile marapo.
Mo e ka nnang gare ga bosigo, ke ne ka utlwa mongwe a kokota mo mojakong. Fa ke o bula, ke ne ka fitlhela molebedi wa potologo a se nosi mme a patilwe ke monna wa me, yo o neng a goroga ka nako e le nngwe fela le Mokaulengwe Charuk mme go ne go sa rulaganngwa jalo. Ba ne ba itsile jang gore ke ne ke le kae? Ba ne ba kopane le motsomi mongwe mme ba mmotsa gore a o ne a itse mosadi mongwe yo o rerelang batho kaga Jehofa. “Ee,” o ne a araba, go tswa foo a ba kaela kwa ke neng ke nna teng. Abo ke ne ka itumela jang ne go bo mo dikgweding di le tharo fela ke le kwa Lower Buchanan, lesedi la me le ne le phatsima thata jaana!—Mathaio 5:14-16.
Fa mokaulengwe Charuk a ne a re etetse re ne ra itumelela go nna le tlhora ya palo ya batho ba ba neng ba tlile ba le 40. Fa nako e ntse e ya go ne ga tlhomiwa phuthego e e golang ka bofefo, mme re ne ra kgona go aga Holo e ntle ya Bogosi. Lefa go ntse jalo, botshelo bo ne bo se matobetobe ka dinako tsotlhe. Ka sekai, ka 1963 go ne ga simololwa go bogisiwa batho ka ntlha ya bodumedi kwa Kolahun, mme monna wa me o ne a tshwarwa a latlhelwa mo kgolegelong. O ne a ketekwa mo go botlhoko a bo a tshwanelwa ke go robadiwa kwa kokelong.
Ka one ngwaga oo, moragonyana fela ga gore a ntshiwe mo kokelong, re ne ra nna le kopano kwa Gbarnga. Ka letsatsi la bofelo, masole a ne a kokoanya batho botlhe bao ba neng ba le gone mme a re laola gore re dumedise folaga. Fa re gana, masole a ne a re pateletsa gore re tsholetse matsogo a rona re bo re leba fela kwa letsatsing. Gape ba ne ba betsa bangwe ba rona ka mekgothi ya ditlhobolo tsa bone. Go nthusa gore ke boloke bothokgami jwa me go Modimo, ke ne ka ikopelela pina ya Bogosi e e reng “Lo Se Boifeng!” Go tswa foo masole a ne a re latlhela mo kgolegelong e e leswe tota. Morago ga malatsi a le mararo batswakwa ba ne ba gololwa, mme nna le Lichfield re ne ra fudusediwa kwa Sierra Leone. Basupi ba lefelo leo ba ne ba gololwa letsatsi le le latelang.
Ditshiamelo le Dituelo tse Dingwe
Re ne ra abelwa gore re bereke le Phuthego ya Bo, e e kwa borwa jwa Sierra Leone. Re ne ra direla koo dingwaga tse robedi pele ga fa re fudusediwa kwa Njala. Fa re ntse re le kwa Njala monna wa me o ne a tlhomiwa gore a direle jaaka molebedi wa potologo mo boemong jwa mongwe, mme ke ne ka nna le tshiamelo ya go tsamaya le ene fa a ntse a le mo tirelong eno. Go tswa foo, mo magareng a bo 1970, re ne ra boa ra abelwa mo Phuthegong ya East Freetown.
Ke ile ka duelwa ka gore ke bone bontsi jwa bao ke neng ke ithuta Bibela le bone ba amogela kobamelo ya boammaaruri. Ke na le “dikwalō tse di . . . hakañ” tse e leng bana le ditlogolwana tsa semoya ba feta 60. (2 Bakorintha 3:1) Bangwe ba ile ba tshwanelwa ke go dira diphetogo tse dikgolo, jaaka Victoria Dyke, yo e neng e le moperofeti wa sesadi wa bodumedi jwa Aladura. Morago ga go tlhatlhoba 1 Yohane 5:21, kgabagare o ne a latlha didirisiwa tsa gagwe tse dintsi le dilo tse a di obamelang. O ne a bontsha boineelo jwa gagwe ka go kolobediwa mme kgabagare a nna mmulatsela yo o kgethegileng, a bo a thusa ba losika lwa gagwe ba le bantsi gore ba amogele boammaaruri.
Ka April 1985, monna wa me o ne a tlhokafala, dikgwedi di sekae fela pele re digela ngwaga wa rona wa bo 44 re nyalane. Mme lefa go ntse jalo ga ke a sala ke le nosi. Ke ntse ke tswelela pele go direla Mothusi wa me, Jehofa jaaka modihedi wa nako e e tletseng. Mme ke ikutlwa ke atamalane ka mo go kgethegileng le bao ke ba thusitseng go mo itse. Ke lelapa ka tsela e e kgethegileng. Ke a ba rata le bone ba a nthata. Fa ke lwala, ba itlhaganelela go tla go ntlhokomela, mme le nna ke a ba thusa.
Kwantle ga pelaelo, fa ke ne nka tshwanelwa ke go go dira gape go tswa kwa tshimologong, ke ne nka itumelela go tsaya sekele ya me le go nna le seabe mo thobong jaaka modirimmogo le Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Winifred Remmie gompieno