Pego ya Baboledi ba Bogosi
Dikgang Tse Di Molemo go tswa kwa Yuropa Botlhaba
GO DIRAGALA dilo tse di itumedisang di le dintsi kafa letlhakoreng la dilo tsa bolegodimo kwa Yuropa Botlhaba. Sengwe se se tlhomologileng e ile ya nna kopano ya meraferafe ya kwa Zagreb, ka August 16-18, 1991, fa Basupi ba ba 7 300 ba ne ba amogela ka boitumelo bakaulengwe ba bone go tswa mo merafeng e le 15. Go ne ga tla batho ba le 14 684. Go ne go bontsha lorato le kutlwano ka tsela e e gakgamatsang mo nageng eo e e tletseng dikhuduego!
Basupi ba kwa Yuropa Botlhaba ba tshwaregile ka go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa, joo ba lemogang gore ke jone fela bo ka lereng kagiso. Mo dikarolong dingwe ke kgwetlho mo go bone gore ba boloke boemo jwa bone jwa go se tseye letlhakore. Lefa go ntse jalo, gantsi batho ba a reetsa, mme Basupi ba bega maitemogelo a a molemo a le mantsi.
Mo toropong nngwe mosetsana wa dingwaga tse 16 o ne a utlwa mafoko a a molemo ka Mosupi wa ga Jehofa yo e leng ene fela mo toropong eo. Go ne ga simololwa thuto ya ka metlha ya Bibela, mme o ne a simolola go rata boammaaruri ka mo go oketsegileng. Ereka a ne a eletsa thata go bolelela ba bangwe dilo tse di molemo tseo a neng a di ithutile, o ne a leka go bua le bao a tsenang sekolo le bone mme lefa go ntse jalo ba ne ba mo ganetsa le go mo sotla. Go ne go na le mosetsana mongwe yo a neng a tsena sekolo nae yo a neng a ganetsa thata mme lefa go ntse jalo a gakgamadiwa ke bopelotelele jwa gagwe e bile bo mo kgatlha, ka gonne moithuti yo mosha yono wa Bibela o ne a se ke a bo a tenega le fa a rogakwa. Moragonyana, mosetsana yono o ne a neelwa bosupi jo bo oketsegileng, mme o ne a lemoga gore o ne a ntse a na le boikutlo jo bo phoso. Go ne ga simololwa thuto ya Bibela le ene, mme moithuti wa ntlha wa Bibela le tsala ya gagwe e ntšha ba ne ba leka go abelana boitumelo jwa bone le ba bangwe, le mororo ba ne ba ganediwa ke batsadi ba bone, morutabana wa bone, le bao ba neng ba tsena sekolo le bone.
Go neela bosupi ga bone go ne ga dira gore yo mongwe gape yo a neng a tsena sekolo le bone a amogele boammaaruri. Jaanong ba ne ba le bararo mo tlelaseng, mme basetsana bano ba bararo e ne e le dikao tse di molemo mo go iketleetseng go thusa ba bangwe le ka go ratana ka bobone. Go tswa foo mosetsana yo mongwe o ne a kopanela le bone.
Jaanong ba ne ba nna bane fa ba nna mo bankeng e e mo lebaleng la sekolo ba tlotla mmogo kaga Bibela. Mme seo se neng sa gakgamatsa ba le bantsi ke gore palo ya bone e ne ya gola. Mosetsana yo mongwe wa tlelase ya bone o ne a kopanela mo thutong ya Bibela a kgatlhilwe ke tsela e e molemo eo ba itshwarang ka yone. Botlhe ka botlhano jwa bone ba ne ba tswelela pele ba laletsa ba bangwe gore ba dire se se tshwanang, baithuti le barutabana. Lefa go ntse jalo, basetsana bano ba ne ba tswelela pele ba gatelelwa thata ke batsadi ba bone. Batsadi ba ne ba leka thata go pateletsa basetsana bano gore ba emise go ithuta Bibela ka go senya dibuka tsa bone le ka go ba tshwara makgwakgwa.
Go rera jaana ga motho a le mongwe fela yo mosha yo o kgatlhegang go ne ga felela ka eng? Mongwe wa basetsana bano o ne a kolobediwa kwa kopanong ya kgaolo ka 1990, mme ba bangwe ba bane ba ne ba kolobediwa kwa kopanong ya potologo ka dikgakologo tsa 1991. Seno se ile sa dira gore go itumelwe tota! Gompieno, basetsana bano botlhe ba batlhano ba direla jaaka babulatsela ba ka metlha! Mo toropong eo dilo tseno di diragetseng kwa go yone, jaanong go na le baboledi ba le 11, ba le 8 ba bone ba mo tirelong ya bobulatsela.
Jehofa o tshegetsa le go segofatsa Basupi ba gagwe ba ba kwa Yuropa Botlhaba. Kwantle ga pelaelo go bonala batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba mo karolong eno ya lefatshe ba ka oketsega thata.