Ditshwantsho Go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
Gerasa—Kwa Mojuda le Mogerika Ba Kopaneng Gone
MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwala gore mo losikeng lwa ga Aberahame lwa boammaaruri, “ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika.” (Bagalatia 3:26-29) Ee, Modimo o ne o amogela batho go sa kgathalesege gore motho o tswa mo morafeng ofe kana ke wa lotso lofe.
Mafoko ao a ka lebega a tshwanela Bakeresete ba ba neng ba gasame le kgaolo nngwe ya Roma, jaaka kgaolo ya Galatia, koo go neng go kopakopane Bajuda, Bagerika, Baroma, le merafe ya mo lefelong leo. Mme go tweng ka dikarolo dingwe tsa Iseraele ka boyone, tse di tshwanang le Gileada?
Karolo eo e kwa botlhaba jwa Joredane, fa gare ga Lewatle la Letswai (Le Le Suleng) le Lewatle la Galilea. Mo e ka nnang mo gare ga setlhaba seno se se nonneng, Noka ya Jaboka e fologela kwa Joredane. Setshwantsho se se fa godimo se bontsha mangwe a marope a a kgatlhang a Gerasa, e jaanong e bidiwang Jerash, eo e neng e le gaufi le bokone jwa Jaboka.
Tsela nngwe ya bogologolo e e tswang borwa e ya bokone eo e neng e dirisiwa ke bagwebi eo e neng e bidiwa “tsela ya kgosi” e ne e ralala Gileada. Go bonala gore Jakobe le lelapa la gagwe ba ile ba tsamaya ka yone tsela e fa ba tswa mo Harana ba ya kwa Jaboka. O ne a lwa le moengele a bo a kopana le Esawe gaufi le koo Gerasa e neng e tla agiwa gone. (Genesise 31:17-25, 45-47; 32:22-30; 33:1-17) Moragonyana, Baiseraele ba ne ba fuduga go tswa mo borwa ba pagamela ka tsela ya kgosi fa ba ne ba ya kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng. Merafe e le mebedi le halofo e ne ya thibelela kafa bokone le kafa borwa jwa Jaboka fa thoko ga tsela ya bagwebi.—Dipalō 20:17; Duteronome 2:26, 27.
A Bagerika ba ne ba nna le seabe mo lefelong leno, fa e le gore go ntse jalo, ba ne ba nna naso jang? Ee, ba ne ba nna naso fa Alexander yo Mogolo a ne a thopa lefelo leo. Go ya ka dipolelo tse di bolelwang ke bagolo, o ne a tlhoma motse wa Gerasa a o tlhomela batho bao e neng e kile ya nna masole a gagwe. Fa go ntse go ya, Bagerika ba ne ba nna le tlhotlheletso e kgolo. Metse e le some ya dikoloni eo e neng e le kafa botlhaba jwa Joredane le Lewatle la Galilea e ne ya bopa kgolagano e go neng go twe ke Dekapolise. O ka nna wa bo o lemogile leina leo mo Bibeleng, eo e begang gore “machutichuti a mantsi a batho a . . . sala [Jesu] moragō, a a cwañ kwa Galilea, le kwa Dekapolise, le kwa Yerusalema, le kwa Yudea, le kwa moseya ga Yoredane.” Gerasa e ne e le mongwe wa metse ya Dekapolise.—Mathaio 4:25.
‘Alexander o ne a rulagantse gape gore a lere Bagerika mo dikarolong tsotlhe tsa motsemogolo. Syria Borwa segolobogolo [go akaretsa le Dekapolise], ereka e ne e le lengwe la mafelo ao a neng a le botlhokwa, e ne ya amogela batho ba le bantsi ba Bagerika. Go fitlha le gompieno ga go na karolo epe e e kafa botlhaba ya lefatshe eo e nang le marope a Bagerika a mantsi ebile a kgatlha jaaka a naga e e kwa botlhaba jwa Joredane. Metse ya Segerika e ne e bontsha, go le gonnye fela, tsamaiso e e feletseng ya mekgwa le dingwao tsa Segerika—ditempele tse di magasigasi tsa medimo le medimo ya sesadi ya Bagerika, dijimonasiamo, dibata tse di tlhapelang batho botlhe, meletlo ya ngwaga le ngwaga ya metshameko, mme mo dikarolong di le dintsi go na le dikolo tsa botlhalefi le dikolo tse dikgolwane.’—Hellenism, e e kwadilweng ke Norman Bentwich.
Fa o ka etela marope a Gerasa, o tla fitlhela bosupi jo bontsi jwa seo. Gaufi le kgoro e e kafa borwa, go na le patlelo e e tshekeletsa, kana marekisetso a botlhe, ao a bonalang mo setshwantshong. Gongwe o tla gakgamadiwa ke go bona dibata tse di tlhapelang, ditempele, mabala a metshameko, le dikago tsa batho botlhe, bontsi jwa tsone bo golagantswe ka mebila e e ditsweng ka semente go tlhomagantswe dipilara mo go tsone. Kwantle ga toropo, o ka bona maje kana matshwao ao a neng a tshwaya sekgala fa thoko ga tsela ya bogologolo eo e neng e golaganya Gerasa le metse e mengwe ya Dekapolise le maemakepe a lewatle la Mediterranean.
Le fa Roma a sena go gapa Gerasa ka 63 B.C.E., moya wa Bogerika o ile wa tswelela pele o le gone. O ka akanya fela kafa moya ono o neng o ka tlhotlheletsa Bajuda ba ba neng ba nna kwa Gerasa le mo karolong eo ka gone. Buka ya Hellenism e akgela jaana: “Ka bonya ka bonya Bajuda ba ne ba simolola go tsaya megopolo ya bodumedi ya batho ba ba neng ba nna mo tikologong ya bone, le go leba Dikwalo ba ntse ba tlhotlhelediwa ke megopolo eo.”
Lefa gongwe Jesu a ne a se ka a rera mo motsengmogolo ono, o ne a tsena mo kgaolong ya Gerasa, eo e ka nnang ya bo e ile ya fitlha kwa Lewatleng la Galilea. O ne a kgoromeletsa badimo ntle mo monneng mongwe kwa kgaolong eo, a ba letla gore ba tsene mo dikolobeng. (Mareko 5:1-17) Barutwa ba gagwe ba ntlha ba ka nna ba bo ba ile ba rerela Bajuda ba ba mo ditoropong tsa Dekapolise, mme morago ga 36 C.E., mafoko a a molemo a ne a ka bolelelwa Bagerika ba kwa Gerasa. Lefa motho yo o amogelang Bokeresete a ne a latela dingwao tsa Sejuda ka ditsela tsotlhe, kana e le Mojuda yo o itshwarang Segerika, kana e le Mogerika, o ne a ka amogelwa ke Modimo wa boammaaruri go nna karolo ya losika lwa semoya lwa ga Aberahame.
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
Dion
Gerasa (Jarash)
Filadelefia (Raba))
Tsela ya Kgosi
Lewatle la Letswai
Jerusalema
Jordan
Jaboka
Pella
Scythopolis (Beth-shean)
Gadara
Lewatle la Galilea
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Setshwantsho se se fa godimo se gatisitswe se le segolo mo go 1992 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est