Go Direla Jaaka Batshwari ba Batho
“Me Yesu a raea Simone, a re, U se ka ua boiha: go simolola ka yeno u tla chwara batho [ba tshela, “NW”].”—LUKE 5:10.
1, 2. (a) Go tshwara ditlhapi go ile ga nna le seabe sefe mo hisitoring ya motho? (b) Ke mokgwa ofe o mosha wa go tshwara ditlhapi o o neng wa simolola dingwaga tse di ka nnang 2 000 tse di fetileng?
BATHO ba ile ba tshwara ditlhapi tse ba tlileng go di ja mo mawatleng, mo matsheng, le mo dinokeng tse di mo lefatsheng. Ditlhapi tse di neng di tshwarwa mo nokeng ya Nile e ne e le karolo ya botlhokwa ya dijo tsa Baegepeto ba bogologolo. Ka nako ya fa metsi a Nile a ne a fetolwa madi mo metlheng ya ga Moshe, Baegepeto ba ne ba sotlega tota eseng fela ka gonne metsi a ne a tlhaela gape gonne ditlhapi di ne tsa swa, seo se ama selekanyo sa dijo tse ba neng ba di bona. Moragonyana kwa Sinai, fa Jehofa a ne a naya Baiseraele Molao, o ne a ba bolelela gore ba ne ba ka ja ditlhapi dingwe mme tse dingwe ba se ka ba di ja gonne di ne di sa itsheka. Seno se ne se bontsha gore Baiseraele ba ne ba tla ja tlhapi fa ba tsena mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, ka jalo bangwe ba bone ba ne ba tla nna batshwari ba ditlhapi.—Ekesodo 7:20, 21; Lefitiko 11:9-12.
2 Lefa go ntse jalo, go ne ga itsisiwe mokgwa mongwe wa go tshwara ditlhapi dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Ono e ne e le mokgwa wa go tshwara ditlhapi wa semoya o o neng o tla solegela batshwari ba ditlhapi mmogo le tsone ditlhapi molemo! Mokgwa ono wa go tshwara ditlhapi o santse o dirisiwa le gompieno, ebile o solegela dimilione tse di mo lefatsheng lotlhe molemo fela thata.
‘Go Tshwara Batho Ba Tshela’
3, 4. Ke batshwari bafe ba babedi ba ditlhapi ba ba neng ba kgatlhegela Jesu Keresete thata?
3 Jesu, Ene yoo a neng a tlile go simolola mokgwa ono o mosha wa go tshwara ditlhapi o ne a kolobediwa ke Johane Mokolobetsi ka ngwaga wa 29 C.E. mo nokeng ya Joredane. Dibeke di sekae moragonyana, Johane o ne a supetsa barutwa bangwe ba gagwe ba babedi Jesu a bo a re: “Bōnañ, Kwana oa Modimo!” Mongwe wa barutwa bano, yoo leina la gagwe e neng e le Anderea, o ne a bolelela morwarraagwe Simone Petere ka bonako a re: “Re bonye Mesia”! Se se kgatlhang ke gore tiro ya ga Anderea le Simone e ne e le go tshwara ditlhapi.—Yohane 1:35, 36, 40, 41; Mathaio 4:18.
4 Go ne ga diragala gore lobakanyana morago ga foo Jesu a rerele boidiidi jwa batho fa thoko ga Lewatle la Galilea, gaufi thata le koo Petere le Anderea ba neng ba nna teng. O ne a raya batho a re: “Ikwatlhaeañ; gonne bogosi yoa legodimo bo atametse.” (Mathaio 4:13, 17) Re ka akanya fela gore Petere le Anderea ba ne ba eletsa thata go utlwa molaetsa wa gagwe. Lefa go ntse jalo, go lebega gore ba ne ba sa lemoge gore Jesu o tlile go ba bolelela sengwe se se tlileng go fetolela matshelo a bone ruri. Mo godimo ga moo, seo Jesu a neng a tlile go se bolela mo go bone le go se dira fa pele ga bone se kaya sengwe se se botlhokwa thata mo go rona rotlhe gompieno.
5. Petere wa motshwari wa ditlhapi o ne a kgona jang go nna mosola mo go Jesu?
5 Re bala jaana: “Me ga dihala ea re ka batho ba bantsi ba mo pitlaganya, ba utlwa lehoko ya Modimo, a bo a eme ha bodibeñ yoa Genesereta. Me a bōna mekōrō e le mebedi e eme ha bodibeñ: me bachwari ba ditlhapi ba bo ba dule mo go eōna, me ba tlhacwa ditloa tsa bōnè.” (Luke 5:1, 2) Bogologolo ka nako eo, batshwari ba ditlhapi ba ba neng ba dira seno jaaka tiro ya bone ba ne ba dira bosigo, mme banna bano ba ne ba tlhatswa matloa a bone morago ga go tshwara ditlhapi bosigo. Jesu o ne a swetsa go dirisa mokoro o mongwe wa bone gore a kgone go rerela boidiidi joo jwa batho sentle. “Me a tsèna mo go moñwe oa mekōrō, e le oa ga Simone, me a mo lōpa gore a ke a katogè lehatshe go le gonnye. Me a dula, a ruta batho a le mo mokoroñ.”—Luke 5:3.
6, 7. Jesu o ne a dira kgakgamatso efe ya go tshwarwa ga ditlhapi, mme seo se ne sa dira gore go bolelwe eng kaga go tshwara ditlhapi?
6 Ela tlhoko gore Jesu o ne a akantse sengwe gape se se fetang fela go ruta boidiidi jono: “Me yana e rile a sena go khutla go bua, a raea Simone, a re, Shutèlañ kwa go boteñ, me lo digèlè ditloa tsa lona go chwara.” Gakologelwa gore batshwari bano ba ditlhapi ba ne ba setse ba feditse bosigo jotlhe ba dira fano. Ga go gakgamatse go bo Petere a araba jaana: “Morèna, re letse re leka bosigo yotlhe, me re se ka ra chwara sepè: leha go nntse yalo, ke tla digèla ditloa ka lehoko ya gago.” Go ne ga diragala eng fa ba ne ba dira seno? “Ba shobokanya bontsi yo bogolo yoa ditlhapi: me ditloa tsa bōnè tsa bo di kgaoga. Me ba gwètlha balekane ba bōnè ba ba mo mokoroñ o moñwe, gore ba tlè go ba thusa. Me ba tla; me ba tlatsa mekōrō eoo mebedi, ea ba ea tla ea simolola go nwèla.”—Luke 5:4-7.
7 Jesu o ne a dirile kgakgamatso. Sekgala seo sa lewatle se ne se sena sepe bosigo jotlhe; jaanong se ne se tletse ditlhapi. Kgakgamatso eno e ne ya ama Petere thata. “Simone Petere ea re a bōna yalo, a wèla ha mañoleñ a ga Yesu a re, Ntlogèla Morèna; gonne ke motho oa boleo. Gonne go le èna, le botlhe ba o nañ nabō, ba bo ba gakgamaletse chwarō ea ditlhapi tse ba di chwereñ. Le bōnè bo Yakobe yalo, le Yohane, bomorwa Sebede, e le balekane ba ga Simone.” Jesu o ne a didimatsa Petere a bo a bolela mafoko a a neng a tlile go fetola botshelo jwa ga Petere. “U se ka ua boiha: go simolola ka yeno u tla chwara batho [ba tshela, NW].”—Luke 5:8-10.
Batshwari ba Batho
8. Batshwari ba banè ba ba neng ba dira seno jaaka tiro ya bone ba ne ba dira jang fa ba ne ba lalediwa go tla go ‘tshwara batho’?
8 Jesu o ne a tshwantsha batho le ditlhapi ka tsela eo, mme o ne a laletsa motshwari yono wa ditlhapi wa maemo a a kwa tlase go tlogela tiro eno e a neng a itshedisa ka yone gore a tle go tshwara ditlhapi ka mokgwa o mongwe wa maemo a a kwa godimo—go tshwara batho ba tshela. Petere le morwarraagwe Anderea ba ne ba amogela taletso eno. “Me ba akoha ba tlogèla ditloa tsa bōnè, ba mo sala moragō.” (Mathaio 4:18-20) Morago ga foo Jesu o ne a bitsa Jakobe le Johane, ba ba neng ba ntse mo mokorong wa bone ba roka matloa a bone. Bano le bone o ne a ba laletsa gore ba tle go nna batshwari ba batho. Ba ne ba araba jang? “Me ba akoha ba tlogèla mokōrō le rrabō, ba mo sala moragō.” (Mathaio 4:21, 22) Jesu o ne a itshupa e le setswerere thata mo go tshwareng meya. Mo lekgetlong leno o ne a tshwara banna ba le banè ba tshela.
9, 10. Petere le ditsala tsa gagwe ba ne ba supa ba na le tumelo e e ntseng jang, mme ba ne ba katisiwa jang gore ba tshware ditlhapi ka tsela ya semoya?
9 Motshwari wa ditlhapi yo o dirang seno jaaka tiro ya gagwe o itshedisa ka go rekisa tse a di tshwereng, mme motshwari wa ditlhapi wa semoya ga a kake a dira jalo. Ka gone, barutwa bano ba ne ba supa fa ba na le tumelo e kgolo tota fa ba ne ba tlogela dilo tsotlhe gore ba sale Jesu morago. Lefa go ntse jalo, ba ne ba sa belaele gore go tshwara ditlhapi ka tsela ya semoya go ba neng ba tlile go go dira go ne go tlile go atlega. Jesu o ne a kgonne go dira gore metsi a a neng a sena sepe a tlale ka ditlhapi tota. Ka tsela e e tshwanang, fa ba ne ba digela matloa a bone mo metsing a morafe wa Iseraele, barutwa bano ba ne ba ka tlhomamisega gore Modimo o ne o tla ba thusa go tshwara batho ba tshela. Tiro eo ya go tshwara ditlhapi ka tsela ya semoya e e neng ya simolola bogologolo koo e santse e tswelela, mme Jehofa o santse a dira gore go tshwarwe tse dintsi fa e dirwa.
10 Jesu o ne a katisa barutwa bao go tshwara batho ka dingwaga tse di fetang tse pedi. Ka nako nngwe o ne a ba naya dikaelo ka kelotlhoko a bo a ba romela gore ba mo etele pele ba ye go rera. (Mathaio 10:1-7; Luke 10:1-11) Barutwa ba ne ba gakgamala ka nako ya fa Jesu a ne a okiwa a bo a bolawa. Mme lefa go ntse jalo a fa Jesu a ne a swa jalo go ne go raya gore ga go kitla go tlhola go tshwarwa batho? Ditiragalo di ne tsa araba ka bonako.
Go Tshwara Ditlhapi mo Lewatleng la Batho
11, 12. Jesu o ne a dira kgakgamatso efe ya go tshwara ditlhapi fa a sena go tsosiwa mo baswing?
11 Barutwa ba ne ba boela kwa Galilea fela fa Jesu a sena go swela kafa ntle ga Jerusalema le fa a sena go tsoga mo baswing. Ka nako nngwe ba le supa ba bone ba ne ba kopane gaufi le Lewatle la Galilea. Petere o ne a bolela gore ene o ya go tshwara ditlhapi mme ba bangwe ba ne ba mo latela. Jaaka ka tlwaelo, ba ne ba ya go tshwara ditlhapi go le bosigo. Ebile tota, ba ne ba latlhela matloa a bone mo lewatleng bosigo jotlhe ba sa kgone go tshwara sepe. Mme ka mahube, motho yo ba neng ba mmona a eme fa lotshitshing o ne a ba tlhaeletsa a le kwa moseja ga metsi a re: “Bana, a lo na le señwe se se yewañ?” Barutwa le bone ba ne ba mo tlhaeletsa ba re: “Nya.” Ka jalo yo o emeng kwa lotshitshing a ba raya a re: “Digèlañ lotloa kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ga mokōrō, me lo tla chwara. Hoñ ba lo digèla, me ba retelèlwa ke go lo gōga ka ntlha ea bontsi yoa ditlhapi.”—Yohane 21:5, 6.
12 A boitemogelo jo bo gakgamatsang ruri! Go lebega barutwa ba ne ba gakologelwa kgakgamatso e ba neng ba kile ba e bona ya ditlhapi, mme mongwe wa bone o ne a lemoga gore motho yo o kwa lotshitshing e ne e le mang. “Hoñ morutwa eo Yesu o mo ratañ a raea Petere, a re, Ke Morèna. Me ea re Petere a utlwa ha e le Morèna, a ikgatlhèlèla kobō ea gagwè, gonne o na a sa apara sepè, a ithabuetsa mo lewatleñ. Me barutwa ba bañwe ba tla ka mokōrwana, gonne ba ne ba se kgakala le lehatshe, e ka ne e le sebaka sa mabōgō a makgolo mabedi.”—Yohane 21:7, 8.
13. Fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, go ne ga simololwa thulaganyo efe ya meraferafe ya go tshwara ditlhapi?
13 Kgakgamatso eno e ne e supa eng? Gore tiro ya go tshwara batho e ne e sa fela. Ntlha eno e ne ya gatelelwa fa Jesu a ne a bolelela Petere seno ka makgetlo a le mararo—gape a bolelela barutwa botlhe ka go bua nae—gore ba fepe dinku tsa gagwe. (Yohane 21:15-17) Ee, go ne go na le thulaganyo ya go fepa ya semoya e e neng e santse e ba emetse. O ne a setse a kile a perofesa jaana pele a swa: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Jaanong eo e ne e le nako ya gore boperofeti jono bo simolole go diragadiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Barutwa ba gagwe ba ne ba setse ba tla digela matloa a bone mo lewatleng la batho, mme matloa a bone a ne a se kitla a tswa fela a sena sepe.—Mathaio 28:19, 20.
14. Tsela e balatedi ba ga Jesu ba neng ba tshwara ditlhapi ka yone e ne e segofadiwa ka tsela efe mo dingwageng tsa pele Jerusalema e senngwa?
14 Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe pele a tlhatlogela kwa setulong sa bogosi sa ga Rraagwe kwa legodimong a re: “Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:8) Tiro e kgolo ya go tshwara ditlhapi ka tsela ya semoya mo merafeng yotlhe e ne ya simolola ka nako ya fa barutwa ba ne ba tshelwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. Mo letsatsing leo la Pentekosete fela, go ne ga tshwarwa meya e le dikete di le tharo e tshela, mme ka bonako fela morago ga foo “palō ea banna ea tloga ea nna e ka ne e le makgolo a mashomè matlhano.” (Ditihō 2:41; 4:4) Ba ne ba tswelela ba ntse ba oketsega. Pego e re bolelela jaana: “Me badumedi ba oketsègèla Morèna bogolo, bontsi yoa banna le basadi.” (Ditihō 5:14) Ka bonako fela, Basamaria ba reetsa mafoko a a molemo, mme morago Baditšhaba le bone ba dira jalo. (Ditihō 8:4-8; 10:24, 44-48) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bakolosa dingwaga di ka nna 27 morago ga Pentekosete a re mafoko a a molemo a ‘reretswe lobopo lotlhe kafa tlase ga legodimo.’ (Bakolosa 1:23) Go phepafetse he gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tsamaetse kwa kgakala thata le metsi a Galilea fa ba ntse ba tshwara ditlhapi. Ba ne ba digetse matloa a bone mo Bajudeng ba ba neng ba gasame mo Mmusongmogolo wa Roma mmogo le mo mawatleng a a neng a lebega a sena sepe a batho ba e neng e se Bajuda. Mme matloa a bone a ne a tla a tletse. Boperofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio 24:14 jo bo amang dilo tse Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba di tlhoka bo ne jwa diragadiwa pele Jerusalema e senngwa ka 70 C.E.
Go Tshwara Batho mo ‘Letsatsing la Morena’
15. Ke tiro efe ya go tshwara ditlhapi e go neng ga perofesiwa ka yone mo bukeng ya Tshenolō, mme e ne ya dirwa leng?
15 Lefa go ntse jalo go ne go santse go na le go le gontsi kwa pele. Gaufi le kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, Jehofa o ne a senolela moaposetoloi yo e neng e le ene fela yo a neng a santse a tshela ebong Johane dilo tse di neng di tla diragala ka “letsatsi ya Morèna.” (Tshenolō 1:1, 10) Karolo nngwe e e tlhomologileng e ne e tlile go nna go bolelwa ga mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe. Re bala jaana: “Me ka bōna moengele eo moñwe a hoha gare ga legodimo, a na le Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ go a bolèlèla ba ba agileñ mo lehatshiñ, le chaba ñwe le ñwe, le locō, le puō, le batho.” (Tshenolō 14:6) Batlhanka ba Modimo ba ne ba tla kaelwa ke baengele fa ba ntse ba rera mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe le le nang le baagi eseng fela mo Mmusongmogolo wa Roma. Tiro ya go tshwara meya e ne e tla dirwa mo lefatsheng lotlhe, mme ponatshegelo eo e ne ya diragadiwa mo motlheng ono wa rona.
16, 17. Tiro ya go tshwara ditlhapi mo metlheng eno ya morago e ne ya simolola leng, mme Jehofa o ile a e segofatsa jang?
16 Go tshwara ditlhapi go ne ga tsamaya jang mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga? Pele ga nako eno, batshwari ba ditlhapi ba ne ba le babotlana thata. Fa Ntwa ya Lefatshe I e sena go khutla, go ne go na le bareri ba ba tlhaga ba mafoko a a molemo ba le dikete di le nnè fela e le banna le basadi bao bontsi jwa bone e neng e le batlodiwa. Ba ne ba digela matloa a bone gongwe le gongwe koo Jehofa a neng a ba bulela tsela teng, mme meya e mentsi e ne ya tshwarwa e tshela. Morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, Jehofa o ne a ba bulela metsi a masha go tshwara ditlhapi mo go one. Barongwa ba ba neng ba ya kwa Sekolong sa Watchtower sa Bibela sa Gileade ba ne ba etelela tiro pele mo dinageng tse dintsi. Dinaga tse di tshwanang le Japane, Italy, le Spain, tseo pele di neng di lebega di ka se ka tsa ungwa sepe, kgabagare di ne tsa ntsha meya e mentsi. Bosheng jaana re ile ra utlwa kafa go tshwara ditlhapi go ileng ga atlega ka teng kwa Yuropa Botlhaba.
17 Gompieno, matloa a tletse mo a batlang a thubega mo dinageng tse dintsi. Go tshwarwa gono ga meya e mentsi go ile ga dira gore go tlhomiwe diphuthego tse disha le dipotologo tse disha. Go agiwa Diholo tse disha tsa Bogosi le Diholo tsa Dikopano ka dinako tsotlhe ka ntlha ya seno. Go tlhokega bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba oketsegileng go tlhokomela ba ba ntseng ba oketsega bano. Tiro e kgolo eno e ne ya simololwa ke ba ba ikanyegang bao bogologolo ka 1919. Isaia 60:22 e ile ya diragadiwa ka mmatota. ‘Yo monnye o ne a nna makgolo a le lesome,’ jaaka batshwari ba ditlhapi ba ba dikete tse nnè bao ba feta dimilione tse nnè gompieno. Mme bokhutlo ga bo ise bo tle.
18. Re ka etsa jang sekao se se molemo sa batshwari ba ditlhapi ba semoya ba lekgolo la ntlha la dingwaga?
18 Seno se kaya eng mo go rona motho ka namana? Lokwalo lo bolela gore ka nako ya fa Petere, Anderea, Jakobe, le Johane ba ne ba lalediwa go tla go nna batshwari ba ditlhapi, ba ne “ba tlogèla gotlhe, ba mo sala moragō [Jesu].” (Luke 5:11) A sekao se se molemo ruri sa go supa tumelo le boineelo! A re ka tlhagolela go nna le moya o o tshwanang wa go intsha setlhabelo, go iketleetsa ka tsela e e tshwanang go direla Jehofa le mororo seo se ka batla gore re dire sengwe se segolo? Dimilione tsa batho di ile tsa araba ka gore di ka kgona. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, barutwa ba ne ba tshwara batho gongwe le gongwe kwa Jehofa a neng a ba letla go dira jalo gone. Ba ne ba tshwara fela ba sa tlhaole e le mo Bajudeng kana mo Baditšhabeng. A re rereleng mongwe le mongwe re sa ikgogone kana re sa tlhaole.
19. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa metsi ao re tshwarang ditlhapi mo go one a lebega a sena sepe?
19 Go tweng he fa tshimo ya lona mo lobakeng lono e sena maungo? O se ka wa kgobega marapo. Gakologelwa gore Jesu o ne a tlatsa matloa a barutwa ba gagwe fa ba sena go leka go tshwara ditlhapi bosigo jotlhe mme ba sa tshware sepe. Selo se se tshwanang se ka diragala ka tsela ya semoya. Ka sekai, kwa Ireland, Basupi ba ba ikanyegang ba ne ba dira ka dingwaga tse dintsi mme ba bona maungo a mannye fela. Lefa go ntse jalo, bosheng jaana go fetogile. Dipego tsa 1991 Yearbook of Jehovah’s Witnesses di supa gore kwa bokhutlong jwa ngwaga wa tirelo wa 1990 Ireland e ne e nnile le ditlhora di le 29 di tlhomagane! Gongwe tshimo ya lona le yone ka letsatsi lengwe e tla ungwa ka tsela e e tshwanang. Fa Jehofa a santse a letlile, nna o ntse o tshwara ditlhapi!
20. Re tshwanetse ra nna le seabe leng mo go tshwareng batho?
20 Kwa Iseraele, batshwari ba ditlhapi ba ne ba tshwara ditlhapi bosigo ka nako ya fa mongwe le mongwe a ne a le mo dikobong tse di monate tse di bothito. Ba ne ba tswa, ka nako e le bone ba neng ba sa e rate, mme lefa go ntse jalo e le nako e ba neng ba kgona go tshwara ditlhapi tse dintsi ka yone. Le rona re tshwanetse go ithuta tshimo ya rona gore re ye go tshwara ditlhapi, jaaka go ne go ka tualo, fa bontsi jwa batho bo le kwa gae ebile bo ka reetsa. E ka nna mo maitsiboeng, ka mafelobeke, kana ka nako nngwe fela. Lefa e ka nna leng, a re direng bojotlhe kafa re ka kgonang ka teng go bona batho ba ba dipelo di siameng.
21. Ke eng se re tshwanetseng ra se gakologelwa fa e le gore tshimo ya rona e dirwa kgapetsakgapetsa?
21 Go tweng fa tshimo ya rona e akarediwa kgapetsakgapetsa? Batho mo lefatsheng ba tiro ya bone e leng go tshwara ditlhapi gantsi ba ngongorega ka gore mafelo a ba tshwarang ditlhapi mo go one ga a tlhole a na le sepe. Mme lefa go ntse jalo a mafelo a rona a semoya a re tshwarang ditlhapi mo go one a ka tswa a sa tlhole a na le ditlhapi? Nnyaa ruri! Ditshimo tse dintsi di ungwa ka mo go oketsegileng le eleng lefa di akarediwa kgapetsakgapetsa. Tse dingwe di ungwa botoka gonne di diriwa thata. Lefa go ntse jalo, fa go etelwa magae nako le nako, tlhomamisa thata gore o kwala koo go neng go sa fitlhelwa ope teng mme morago go iwe kwa bathong bao. Ithute ditlhogo tse di farologaneng tse o ka tlotlang ka tsone. Gakologelwa gore yo mongwe o tla etela fano gape ka bonako, ka jalo se nne lobaka lo loleele thata fa o amogetswe kana o se ka wa bua sengwe se se seng botlhale go dira gore mong wa ntlo a nne kgatlhanong. Mme dira gore o nne setswerere mo tirong ya mmila mmogo le mo bosuping jo eseng jwa ka tlwaelo. Digelang matloa a lona a semoya nako le nako le gongwe le gongwe fa go kgonega.
22. Ke tshiamelo efe e kgolo e re e itumelelang mo motlheng ono?
22 Gakologelwa gore mokgwa ono wa go tshwara ditlhapi o solegela molemo batshwari ba ditlhapi mmogo le ditlhapi. Fa bao re ba tshwarang ba itshoka, ba ka tshelela ruri. Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.” (1 Timotheo 4:16) Jesu ke ene wa ntlha go katisa barutwa ba gagwe go tshwara ditlhapi ka tsela ya semoya, mme tiro eno e santse e dirwa e kaelwa ke ene. (Bapisa Tshenolō 14:14-16.) Abo e le tshiamelo e kgolo jang ne go dira kafa tlase ga gagwe mo go direng tiro eno! A re nneng re digeleng matloa a rona fa Jehofa a santse a letla. A go na le tiro epe e kgolo e e leng teng e e fetang ya go tshwara meya e tshela?
A O Kgona go Gakologelwa?
◻ Jesu o ne a katisa balatedi ba gagwe gore ba dire tiro efe?
◻ Jesu o ne a bontsha jang gore loso lwa gagwe lo ne lo sa khutlisa tiro ya go tshwara ditlhapi ka tsela ya semoya?
◻ Jehofa o ne a segofatsa tiro ya semoya ya go tshwara ditlhapi ka tsela efe mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
◻ Go ile ga tshwarwa ditlhapi tse dintsi go le kana kang mo ‘letsatsing la Morena’?
◻ Rona batho ka bongwe re ka nna batshwari ba ditlhapi ba ba kgonang go tshwara thata jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba oketsa go dira ga bone tiro ya bomodimo ya go tshwara ditlhapi