LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 6/15 ts. 17-22
  • Letloa le Ditlhapi Di Kaya Eng mo go Wena

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letloa le Ditlhapi Di Kaya Eng mo go Wena
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Setshwantsho Se Se Kayang Dilo Tse Dikgolo
  • Ditlhapi Tseno Di Tshwarwa Leng?
  • Motlha Ono wa Rona O Tlhaolegile Tota
  • Seabe sa Gago mo go Tshwarweng ga Ditlhapi
  • Ba Segofadiwa Ka Tao e e Oketsegileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Direla Jaaka Batshwari ba Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ga o Itse Kwa Seno se Tla Nnang le Katlego Teng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A o ‘Tlhaloganya Bokao’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 6/15 ts. 17-22

Letloa le Ditlhapi Di Kaya Eng mo go Wena

“Lona lo neilwe go itse masaitsiweñ a bogosi yoa legodimo.”—MATHAIO 13:11.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re ka kgatlhegela setshwantsho seno sa ga Jesu?

A O ITUMELELA go itse sephiri sengwe kana go rarabolola malepa? Go jang fa e le gore go dira jalo go ne go tla go thusa gore o bone sentle ka phepafalo gore seabe sa gago ke eng mo boikaelelong jwa Modimo? Se se itumedisang ke gore o ka kgona go bona tshiamelo ya go kgona go lemoga seo ka setshwantsho sengwe se Jesu a neng a se bolela. Se ne sa tlhakanya ba bantsi ba ba neng ba se utlwa tlhogo mme se ile sa gakgamatsa ba bantsi ba ba senang palo fa esale ka nako eo, mme lefa go ntse jalo, wena o ka se tlhaloganya.

2 Ela tlhoko seo Jesu a neng a se bolela mo go Mathaio kgaolo 13 kaga go dirisa ga gagwe ditshwantsho. Barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa jaana: “Ana u buèlañ ka dichwanchō?” (Mathaio 13:10) Ee, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa ditshwantsho tse batho ba bantsi ba neng ba ka se ka ba di tlhaloganya? O ne a araba jaana mo temaneng ya 11 go ya go ya 13: “Lona lo neilwe go itse masaitseweñ a bogosi yoa legodimo; me bōnè ga baa go newa. . . . Ke gōna kaha ke buañ nabō ka dichwanchō ka gōna; ka go bo leha ba lebile, ga ba bone, leha ba utlwa, ga ba utlwe, le gōna ga ba tlhaloganye.”

3. Re ka solegelwa molemo ka tsela efe fa re ka tlhaloganya ditshwantsho tsa ga Jesu?

3 Morago Jesu o ne a dirisa Isaia 6:9, 10, eo e neng e tlhalosa kaga batho ba e neng e le bosusu ebile ba foufetse semoyeng. Lefa go ntse jalo, rona ga re a tshwanela go nna jalo. Re ka itumela tota gone jaanong le mo isagweng e e tlang e e sa khutleng fa re ka tlhaloganya ra bo ra dira re latela ditshwantsho tsa gagwe. Jesu o re tlhomamisetsa jaana ka lorato: “Me matlhō a lona a segō, gonne aa bōna; le ditsèbè tsa lona, gonne dia utlwa.” (Mathaio 13:16) Mafoko a a re tlhomamisetsang ao a akaretsa ditshwantsho tsotlhe tsa ga Jesu mme lefa go ntse jalo a re tlhomeng mogopolo mo setshwantshong se sekhutshwanyane seno sa letloa se go begilweng ka sone mo go Mathaio 13:47-50.

Setshwantsho Se Se Kayang Dilo Tse Dikgolo

4. Jesu o ne a anela kaga eng ka go dira setshwantsho jaaka go begilwe mo go Mathaio 13:47-50?

4 “Bogosi yoa legodimo bo chwana le lotloa lo lo digecweñ mo lewatleñ, me loa gogoba ga ditshika cotlhe tsa ditlhapi: Lo e rileñ lo sena go tlala, ba lo gōgèla ha thokō; me ba dula, ba tlhōphèla tse di monate mo megopuñ, me tse di boshula ba di latlha, Go tla nna hèla yalo mo bokhutloñ yoa lehatshe; baengele ba tla cwa, ba tlhaola ba ba boshula mo go ba ba siameñ, Me ba ba latlhèla mo bokepishoñ yoa molelō: go tla nna selelō le phuranyō ea mènō gōna.”

5. Ke dipotso dife tse di tsogang kaga se se kaiwang ke setshwantsho sa letloa?

5 O tshwanetse wa bo o setse o kile wa bona banna ba tshwara ditlhapi ka letloa, lefa ebile e le mo baesekopong kana mo thelebisheneng, ka jalo ga o kitla o nna le bothata jwa go bopa setshwantsho seno sa ga Jesu mo kakanyong ya gago. Mme go tweng ka dintlha tsa sone le seo se se kayang? Ka sekai, Jesu o ne a bolela gore setshwantsho seno se bolela kaga “bogosi yoa legodimo.” Lefa go ntse jalo, re tlhomamisa gore o ne a sa reye gore “ditshika cotlhe” tsa batho, ba ba siameng le ba ba sa siamang, kana ba ba bosula, ba tla tsena mo Bogosing. Gape, ke bomang ba ba tshwarang ditlhapi? A go tshwara ditlhapi gono le go di tlhopha go ne ga dirwa mo motlheng wa ga Jesu, kana go ka tswa go dirwa fela mo motlheng ono wa rona, “mo bokhutloñ yoa lehatshe”? A o na le seabe mo setshwantshong seno? O ka tila jang go ipona o felela le bao ba lelang le go phuranya meno?

6. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela thata go tlhaloganya setshwantsho sa letloa? (b) Ke eng se se tla re thusang go se tlhaloganya?

6 Dipotso tse di ntseng jalo di bontsha gore setshwantsho seno ga se motlhofo. Lefa go ntse jalo se lebale seno: “Matlhō a lona a segō, gonne aa bōna; le ditsebe tsa lona, gonne dia utlwa.” A re boneng gore a re ka se ka ra kgona go batla se e se kayang gore ditsebe tsa rona di utlwe le matlho a rona a bone kafa se leng botlhokwa ka teng. Ebile tota, re setse re na le sekopololo sa botlhokwa sa go lotlolola gore re bone gore se kaya eng. Setlhogo se se fetileng se ile sa re bolelela gore Jesu o ne a laletsa batshwari ba ditlhapi ba kwa Galilea gore ba tlogele tiro ya bone mme ba tle go dira tiro ya semoya jaaka “bachwari ba batho.” (Mareko 1:17) O ne a ba bolelela jaana: ‘Go simolola kajeno lo tla tshwara batho [ba tshela, NW].’—Luke 5:10.

7. Jesu o ne a tshwantsha kaga eng fa a bua ka ditlhapi?

7 Go dumalana le seo, ditlhapi tse di mo setshwantshong seno di emela batho. Ka gone, fa temana ya 49 e bolela ka go tlhaola ba ba sa siamang mo go ba ba siameng, ga e bolele ka ditshedi tse di siameng le tse di sa siamang tsa lewatle, mme e bolela ka batho ba ba sa siamang le ba ba siameng. Ka tsela e e tshwanang, temana ya 50 ga e a tshwanela go re dira gore re akanye ka diphologolo tsa lewatle tse di lelang le go khuranya meno. Nnyaa. Setshwantsho seno se bolela kaga go phuthiwa ga batho mme moragonyana ba bo ba tlhaolwa eleng selo se se leng masisi tota, jaaka seo se felelang ka sone se supa.

8. (a) Ke eng seo re ka se ithutang kaga seo se tla diragalelang ditlhapi tse eseng tsone? (b) Mabapi le seo se neng sa bolelwa kaga ditlhapi tse di sa siamang, re ka swetsa jang kaga Bogosi?

8 Ela tlhoko gape gore ditlhapi tse di sa tshwanelang eleng ba ba bosula, ba tla latlhelwa mo bokepishong jwa molelo, koo ba tla lelang le go khuranya meno teng. Go na le kwa gongwe gape koo Jesu a neng a bolela gore go lela le go khuranya meno go tla dirwa ka kwa ntle ga Bogosi. (Mathaio 8:12; 13:41, 42) Mo go Mathaio 5:22 le 18:9, o umaka le eleng “molete oa molelō,” fa a bolela kaga go bolaelwa ruri. A seo ga se supe fa go le botlhokwa gore re bone seo setshwantsho seno se se kayang re bo re tseye kgato e e tshwanetseng? Rotlhe re itse gore ga go na batho ba ba bosula mo Bogosing jwa Modimo ebile ga ba kitla ba nna teng. Ka gone, fa Jesu a ne a bolela gore “bogosi yoa legodimo bo chwana le lotloa,” o tshwanetse a bo a ne a kaya gore fa go buiwa ka Bogosi jwa Modimo, go na le sengwe seo se tshwanang le letloa le le digetsweng kwa tlase go phutha mefuta e e farologaneng ya ditlhapi.

9. Baengele ba na le seabe sefe mo setshwantshong sa letloa?

9 Go ne go tlile go dirwa tiro ya go tlhaola fa letloa le sena go digelwa kwa tlase le fa ditlhapi di sena go phuthiwa. Jesu o ne a bolela gore ke bomang ba ba nang le seabe mo go seno? Mathaio 13:49 e ne ya supa gore banna ba ba tshwarang ditlhapi ebile ba tlhaola bano ke baengele. Ka jalo Jesu o ne a re bolelela gore baengele ba ne ba okamela sedirisiwa sengwe mo lefatsheng se se dirisiwang go tlhaola batho—bangwe ke ba ba molemo le ba ba tshwanelang Bogosi jwa legodimo, bangwe ba itshupa ba sa tshwanela pitso eo.

Ditlhapi Tseno Di Tshwarwa Leng?

10. Re ka ntsha mabaka ka tsela efe go leka go bontsha gore go tshwara ditlhapi go ne ga dirwa ka lobaka lo loleele thata?

10 Dintlha tse di dikologileng seno di re thusa go bona gore seno se diragala leng. Pele fela ga seno, Jesu o ne a re naya setshwantsho se se neng se bolela kaga go jalwa ga peo e e molemo, mme lefa go ntse jalo morago go ne ga jalwa le mofero mo tshimong e e emelang lefatshe. O ne a tlhalosa mo go Mathaio 13:38 gore peo e e molemo e ne e emela “bana ba bogosi; me mohoka ke bana ba eo o boshula.” Di ne tsa gola mmogo ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga, go fitlha fa nako ya thobo e tla ka nako ya bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo. Go tswa foo mofero o ne wa ntshiwa mme morago wa tshubiwa. Fa re tshwantsha seno le setshwantsho sa letloa, re lemoga gore go tsenngwa ga ditshedi mo letloeng go ne go tlile go tsaya lobaka lo loleele tota lwa nako.—Mathaio 13:36-43.

11. Tiro ya go tshwara ditlhapi mo merafeng yotlhe e ile ya dirwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

11 Go ya ka setshwantsho sa ga Jesu, ditlhapi di ne di tlile go phuthiwa fela di sa tlhaolwe, seo se raya gore letloa le ne le tlile go tsenya ditlhapi tse di siameng le tse di sa siamang. Ka nako ya fa baaposetoloi ba ne ba santse ba tshela, baengele ba ba neng ba kaela tiro ya go tshwara ditlhapi ba ne ba dirisa phuthego ya Modimo ya Bokeresete go tshwara “ditlhapi” tseo di neng tsa nna Bakeresete ba ba tloditsweng. O ka nna wa bolela gore pele ga Pentekosete ya 33 C.E. letloa la ga Jesu la go tshwara ditlhapi le ne le na le barutwa ba ba ka nnang 120 fela. (Ditihō 1:15) Mme lefa go ntse jalo fela fa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e sena go tlhomiwa, go ne ga simololwa go tshwarwa ditlhapi go dirisiwa letloa, mme go ne ga tshwarwa ditlhapi tse di siameng di le diketekete. Go tloga ka 36 C.E., go ne ga tshwarwa ditlhapi mo metsing a merafe yotlhe, jaaka Baditšhaba ba ne ba kgatlhegela Bokeresete mme ba ne ba nna maloko a phuthego ya ga Keresete e e tloditsweng.—Ditihō 10:1, 2, 23-48.

12. Ke eng se se neng sa rotoga fa baaposetoloi ba sena go swa?

12 Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela fa baaposetoloi ba ne ba sa tlhole ba le teng, go ne ga nna le Bakeresete bangwe ba ba neng ba tswelela ba batla boammaaruri jwa bomodimo le go bo ngaparela. Bobotlana bangwe ba bone ba ne ba amogelwa ke Modimo, mme o ne a ba tlotsa ka moya wa gagwe o o boitshepo. Lefa go ntse jalo, botenegi bo ne jwa phasalala gonne fa baaposetoloi ba swa tlhotlheletso ya bone e e neng e bo kganela e ne e sa tlhole e le teng. (2 Bathesalonia 2:7, 8) Go ne ga nna le phuthego e e neng e ipolela gore ke phuthego ya Modimo mme e sa tshwanela. E ne e ipolela ka tsela e e phoso gore ke morafe o o boitshepo o o tloditsweng ka moya wa Modimo gore o tle o buse le Jesu.

13. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore Labokeresete e ne e na le seabe mo tirong ya letloa?

13 A o akanya gore batho bano ba ba sa ikanyegeng ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba na le seabe sepe mo setshwantshong seno sa letloa? Gone mme re na le lebaka la go araba re re, ee, ba ne ba na le sone. Letloa leno la tshwantshetso le ne le akaretsa Labokeresete. Ke boammaaruri gore Kereke ya Katoliki e ile ya leka ka dingwaga tse dintsi go thibela batho go nna le Bibela. Lefa go ntse jalo maloko a Labokeresete a ile a nna le seabe se segolo mo go ranoleng, le mo go direng dikopi tsa Lefoko la Modimo, le go le phasalatsa. Moragonyana dikereke di ile tsa bopa kana tsa tshegetsa mekgatlho ya Bibela, e e neng ya ranolela Bibela mo dipuong tsa dinaga tse di kwa kgakala. Ba ne ba romela gape le barongwa ba e leng dingaka le barutisi, bao ba neng ba fetola batho Bakeresete mme ba fetoga fela ba lebile melemo e ba neng ba e direlwa. Seno se ne sa phutha palo e ntsi ya ditlhapi tse di sa siamang, tseo Modimo o neng o sa di amogele. Mme lefa go ntse jalo, seno se ne sa dira gore dimilione tsa batho bao eseng Bakeresete ba itse kaga Bibela le mofuta mongwe wa Bokeresete, le mororo o ne o le bosula.

14. Go tshwara ditlhapi tse di siameng go ile ga thusiwa jang ke tiro nngwe e e neng ya dirwa ke dikereke tsa Labokeresete?

14 Mo nakong eno yotlhe, ba ba ikanyegang ba ba neng ba gasame ba ba neng ba kgomaretse Lefoko la Modimo ba ne ba iteka ka natla tota kafa ba neng ba ka kgona ka teng. Mo lobakeng lope fela lwa nako lo lo ka bolelwang, ba ne ba bopa phuthego ya Modimo ya boammaaruri e e tloditsweng ya mo lefatsheng. Mme re ka tlhomamisega gore le bone ba ne ba tshwara ditlhapi, kana batho, bontsi jwa bao Modimo a neng a tla ba leba ba siame ebile a tla ba tlotsa ka moya wa gagwe. (Baroma 8:14-17) Batho ba ba molemo bano ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba kgona go bolela boammaaruri jwa Bibela mo Bakereseteng ba bantsi ba ba neng ba fetogile fela ka ntlha ya melemo e ba e newang kana bao ba neng ba na le kitso e nnye e ba e boneng mo Dikwalong tse di neng di ranoletswe mo dipuong tsa bone ke mekgatlho ya Bibela ya Labokeresete. Ke boammaaruri gore ditlhapi tse di siameng di ne di ntse di phuthiwa, le mororo bontsi jwa tseo di neng di phuthiwa ke Labokeresete di ne di sa siama go ya kafa Modimo o lebang ka teng.

15. Ka tlhamalalo fela letloa la setshwantsho seno le emela eng?

15 Ka jalo, letloa le emela sedirisiwa se se ipolelang gore ke phuthego ya Modimo mme se phutha ditlhapi. Le ile la akaretsa Labokeresete le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, bano ba ba umakilweng morago ba ile ba tswelela ba phutha ditlhapi tse di siameng ba kaelwa ke baengele ntswa ba sa ba bone, go dumalana le Mathaio 13:49.

Motlha Ono wa Rona O Tlhaolegile Tota

16, 17. Ke ka ntlha yang fa nako e re tshelang mo go yone e le botlhokwa mo go diragadiweng ga setshwantsho sa ga Jesu sa letloa?

16 A jaanong re sekasekeng nako. Sedirisiwa seno sa letloa se ile sa phutha ditlhapi tse di siameng mmogo le tse dingwe tse dintsi tse di sa siamang, kana batho ba ba bosula ka makgolokgolo a dingwaga. Morago go ne ga tla nako e baengele ba neng ba simolola go dira tiro e kgolo ya go tlhaola ka yone. E ne e le ka nako efe? Temana ya 49 e bontsha ka phepafalo fela gore ke mo “bokhutloñ yoa lehatshe.” Seno se dumalana le seo Jesu a neng a se bolela mo setshwantshong seno sa dinku le dipodi: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.”—Mathaio 25:31, 32.

17 Ka gone, go dumalana le Mathaio 13:47-50 tiro ya makgaolakgang ya go tlhaola e e kaelwang ke baengele e sale e ntse e dirwa go tloga fa motlha wa “bokhutlo yoa lehatshe” o simolola ka 1914. Seno se ne sa bonala thata morago ga 1919, ka nako ya fa masalela a batlodiwa a ne a gololwa mo botshwarong kana mo kgolegelong ya fa a ne a golegilwe ka nakwana semoyeng, mme ba ne ba nna sedirisiwa se se molemo thata sa go wetsa tiro ya go tshwara ditlhapi.

18. Ditlhapi tse di siameng di ile tsa phuthelwa jang mo megopong?

18 Go ne go tlile go diragala eng ka ditlhapi tse di siameng tse di tlhaotsweng? Temana ya 48 e bolela gore batshwari ba ditlhapi ba ba di tlhaolang ba baengele ba ne ba “tlhōphèla [ditlhapi] tse di monate mo megopuñ, me tse di boshula ba di latlha.” Megopo ke dilo tse go tshelwang mo go tsone tse di sireletsang tseo ditlhapi tse di siameng di tsenngwang mo go tsone. A seno se ile sa diragala mo motlheng ono wa rona? Ee, ruri. Jaaka ditlhapi tse di siameng tsa tshwantshetso di ile tsa tshwarwa di ntse di tshela, di ile tsa phuthelwa mo diphuthegong tsa Bakeresete ba boammaaruri. Diphuthego tseno tse di tshwanang le megopo di ile tsa thusa go di sireletsa le go di bolokela go direla Modimo, a ga o dumalane le seno? Lefa go ntse jalo, mongwe a ka nna a akanya jaana, ‘Seno se siame ebile se molemo, mme lefa go ntse jalo se ama jang botshelo jwa me jwa jaanong le isagwe ya me?’

19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana gompieno go tlhaloganya setshwantsho seno? (b) Ke tiro efe ya botlhokwa ya go tshwara ditlhapi e e ileng ya dirwa fa esale go tloga ka 1919?

19 Go diragadiwa ga se se tshwantshiwang fano go ne go sa tle go diragala fela mo makgolong a dingwaga a a fa gare ga motlha wa baaposetoloi le 1914. Mo lobakeng loo lwa nako, sedirisiwa sa letloa se ne sa phutha batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete mme e se bone le ba e neng e le ba boammaaruri. Ee, se ne se phutha ditlhapi tse di sa siamang le tse di siameng. Mo godimo ga moo, tiro ya go tlhaola e e dirwang ke baengele ga e a ka ya khutla mo dingwageng tse di dikologileng ngwaga wa 1919. Nnyaa ruri. Dikarolo tse dingwe tsa setshwantsho seno sa letloa di dira go fitlha le mo motlheng ono wa rona. Seno se a re ama ebile se ama le isagwe ya rona. Re tshwanetse go tlhaloganya ka bonako gore seno se re ama jang le go itse lebaka la go bo go ntse jalo fa re batla gore mafoko ano a re tlhalose: “Me matlhō a lona a segō, gonne aa bōna; le ditsèbè tsa lona, gonne dia utlwa” le go tlhaloganya.—Mathaio 13:16.

20 O tshwanetse wa bo o itse gore morago ga 1919 masalela a a tloditsweng a ne a dira ka natla mo tirong ya go rera a dirisana mmogo le baengele, bao ba neng ba tswelela ba dirisa letloa la bone la tshwantshetso go gogela ditlhapi kwa lotshitshing, gore ba tlhaole tse di siameng mo go tse di sa siamang. Dipalo tsa go tloga ka nako eo di bontsha gore go tshwarwa ga ditlhapi tse di siameng tse di neng di tlile go tlodiwa ka moya wa Modimo go ne ga tswelela jaaka ba bofelo ba ba ba 144 000 ba ne ba phuthiwa ke letloa leno la tshwantshetso. (Tshenolō 7:1-4) Mme lefa go ntse jalo, go phuthiwa ga ditlhapi tsa tshwantshetso tse di neng di phuthelwa go tlodiwa ka moya o o boitshepo go ne ga khutla mo bogareng jwa bo 1930. A phuthego ya masalela a a tloditsweng jaanong e ne e tshwanetse go latlha letloa, jaaka go ne go ka tualo, e bo e nna fela e sa dire sepe, e emetse tuelo ya yone ya selegodimo? Gotlhelele nnyaa!

Seabe sa Gago mo go Tshwarweng ga Ditlhapi

21. Ke ditlhapi dife gape tse di ileng tsa tshwarwa mo motlheng ono wa rona? (Luke 23:43)

21 Setshwantsho sa ga Jesu sa letloa se ne se remeletse thata mo ditlhaping tse di siameng tsa bao ba neng ba tla duelwa ka go newa bonno mo Bogosing jwa magodimo. Lefa go ntse jalo, kwantle ga setshwantsho seno, go na le mokgwa mongwe gape wa go tshwara ditlhapi wa tshwantshetso o o dirwang ka selekanyo se segolo tota, jaaka go ne ga supiwa ka setshwantsho mo setlhogong se se fetileng. Go tshwara ditlhapi gono, ga se go tshwarwa ga ditlhapi tse di siameng tse di tloditsweng tse di umakilweng mo setshwantshong seno sa ga Jesu, mme lefa go ntse jalo ke sa ditlhapi tsa tshwantshetso tse di neng di tla tshwarwa di tshela mme di newe tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise.—Tshenolō 7:9, 10; bapisa Mathaio 25:31-46.

22. Seno se ka felela ka eng seo re ka se itumelelang, mme ke eng se sengwe gape se re ka se bonang?

22 Fa e le gore o na le tsholofelo eo, he o ka itumelela go bo Jehofa a letlile gore tiro eno ya go tshwara ditlhapi e e bolokang matshelo e tswelele go fitlha jaanong. Seno se ile sa dira gore o kgone go lebelela pele go bona dilo tse di molemo tseno. Go lebelela pele? Ee, leo ke lone lefoko le le tshwanelang thata go ka dirisiwa, ereka tsela e seo se tla felelang ka yone e tla dumalana le gore re tswelele re ikanyega mo go Yoo a kaelang tiro eno e e tswelelang pele ya go tshwara ditlhapi. (Sefania 2:3) Gakologelwa go tswa mo setshwantshong seno gore ga se ditlhapi tsotlhe tseo di gogiwang ka letloa tse di felelang di bone molemo, Jesu o ne a bolela gore tse di sa siamang kana ba ba bosula, ba tla tlhaolwa mo go ba ba siameng. Mme seo se tla felela ka eng? Jesu o ne a tlhalosa ditsela tse di botlhoko tseo ditlhapi tse di sa siamang kana ba ba bosula ba tla felelang ka teng mo go Mathaio 13:50. Bano ba tla latlhelwa mo bodibeng jo bo shang jwa molelo, seo se rayang gore ba tla nyelelediwa ruri.—Tshenolō 21:8.

23. Ke eng se se dirang gore tiro ya go tshwara ditlhapi e nne botlhokwa jaana gompieno?

23 Ditlhapi tse di siameng tse di tloditsweng mmogo le ditlhapi tsa tshwantshetso tse di ka nnang tsa tshelela ruri mo lefatsheng, tsotlhe di na le isagwe e e molemolemo thata. Ke ka lebaka le le molemo he go bo baengele ba tlhokometse thata gore tiro e e atlegang eno ya go tshwara ditlhapi e dirwe mo lefatsheng lotlhe jaanong. Mme abo go tshwarwa tse dintsi jang ne! O tla bo o nepile fa o ka bolela gore ka tsela nngwe seno ke kgakgamatso ruri e e tshwanang fela le ya nako ya fa baaposetoloi ba ne ba tshwara ditlhapi tsa mmatota fa Jesu a ne a ba laela gore ba digele matloa a bone.

24. Ke eng se re tshwanetseng ra batla thata go se dira mabapi le go tshwara ditlhapi ka tsela ya semoya?

24 A o nna le seabe ka botlhaga ka tsela e o ka kgonang ka yone mo tirong eno e e bolokang matshelo ya go tshwara ditlhapi ya semoya? Le mororo re ka tswa re nnile le seabe se se kana kang go fitlha jaanong, mongwe le mongwe wa rona a ka solegelwa molemo fa a ka leba seo se ileng sa fitlhelelwa mo tirong eno e kgolo ya go tshwara ditlhapi e e bolokang matshelo e e dirwang jaanong. Fa re dira jalo re tshwanetse ra rotloetsega gore re nne tlhaga thata mo go digeleng matloa a rona gore re tshware mo malatsing a a leng fela fa pele ga rona!—Bapisa Mathaio 13:23; 1 Bathesalona 4:1.

A O Gakologelwa Dintlha Tseno?

◻ Ke eng se se emelwang ke mefuta e mebedi ya ditlhapi e e mo setshwantshong sa ga Jesu sa letloa?

◻ Dikereke tsa Labokeresete di ile tsa nna le seabe sefe mo tirong ya letloa?

◻ Ke ka ntlha yang fa go tshwara ditlhapi go go dirwang mo motlheng ono wa rona go le botlhokwa thata jaana?

◻ Setshwantsho sa letloa se tshwanetse sa dira gore re itlhatlhobe ka tsela efe ka namana?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go ile ga tshwarwa ditlhapi mo Lewatleng la Galilea ka makgolokgolo a dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela