LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/1 ts. 8-9
  • Barutwa ba Bane Baa Bidiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barutwa ba Bane Baa Bidiwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barutwa ba Banè Baa Bidiwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Barutwa ba Banê ba Tla Nna Batshwari ba Batho
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Direla Jaaka Batshwari ba Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • O ne A Lwantsha go Nna le Poifo le Dipelaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Barutwa ba Bane Baa Bidiwa

MORAGO ga boiteko jwa go bolaya Jesu mo motseng wa gaabo wa Nasaretha, o ya Kaperenama gaufi le Lewatle la Galilea. Seno se diragatsa boperofeti jo bongwe jwa ga Isaia. Ke jo bo boleletseng pele gore batho ba Galilea ba ba nnang go bapa le lewatle ba tla bona lesedi le legolo.

Fa Jesu a ntse a tswelapele ka tiro ya gagwe e e nang le lesedi ya go rera ka Bogosi fano, o bona barutwa ba gagwe ba bane. Bano ba ne ba kile ba tsamaya le ene pelenyana mme ba boela kwa tirong ya bone ya go tshwara ditlhapi fa ba boa le Jesu kwa Judea. Go bonala Jesu jaanong a ba batla, ereka e le nako ya gore a nne le bathusi ba ba tlhomameng ba ka metlha, bao a ka ba katisetsang go tsweletsa bodihedi pele morago ga a sena go tsamaya.

Ka jalo fa Jesu a ntse a tsamaya go bapa le losi lwa lewatle o bona Simone Petere le balekane ba gagwe ba tlhatswa matloa a bone, o tshelela kwa go bone. O palama mo mokorong wa ga Petere mme o mo kopa gore a o katose lefatshe. Fa ba sena go tsamaela kgakajana, Jesu o dula fa fatshe mo mokorong le go simolola go ruta boidiidi jo bo mo losing.

Morago ga moo, Jesu o raya Petere a re: “Shutelañ kwa boteñ, me lo digèlè ditloa tsa lona go chwara.”

Petere o araba ka go re: “Morèna re letse re leka bosigo yotlhe, me re se ka ra chwara sepè: leha go nntse yalo, ke tla digela ditloa ka lehoko ya gago.”

Fa matloa a nwediwa, go tshwarwa bontsi jo bogolo jwa ditlhapi moo matloa a simololang go kgaoga. Ka potlako, banna bano ba gwetlha ditsala tsa bone tse di mo mokorong o o leng gaufi ka potlako go tla go thusa. Ka bonako mekoro ka bobedi e tletse ka ditlhapi tse dintsi moo eleng gore e simolola go nwela. Fa Petere a bona seno o wela fa pele ga ga Jesu mme a bo a re: “Ntlogèla Morèna; gonne ke motho oa boleo.”

Jesu o araba ka go re, “U seka ua boiha.” “Go simolola ka yeno u tla chwara batho.”

Jesu gape o laletsa le morwa-rragwe Petere ebong Anderea. O ba laela jaana, “Ntshalañ moragō, me ke tla lo diha bachwara batho.” Ba ba tshwarang ditlhapi le bone ebong Jakobe le Johane, barwa ba ga Sebeda, le bone baa lalediwa, mme, le bone, ba arabela kwantle ga tikatiko. Ka jalo ba bane bano ba tlogela tiro ya bone ya go tshwara ditlhapi mme ba nna balatedi ba ntlha ba bane ba ga Jesu ba ba tlhomameng le ba ka metlha. Luke 5:1-11; Mathaio 4:3-22; Mareko 1:16-20; Isaia 9:1, 2.

◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a bitsa barutwa ba gagwe gore ba mo latele, mme ke bomang?

◆ Ke kgakgamatso efe e e tshosang Petere?

◆ Ke mofuta ofe wa go tshwara ditlhapi oo Jesu a laletsang barutwa ba gagwe go o dira?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela