LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 1/1 ts. 18-23
  • Boifa Jehofa mme O Galaletse Leina la Gagwe Le Le Boitshepo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boifa Jehofa mme O Galaletse Leina la Gagwe Le Le Boitshepo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boifa Modimo go a Fenya
  • Go Dira ka go Boifa Jehofa
  • Rata Se Se Molemo, O Ile Se Se Bosula
  • Boifa Jehofa O Bo O Mmake
  • Galaletsa Jehofa ka Bosakhutleng
  • Dira Gore Pelo ya Gago e Boife Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Ithuta go Itumelela go Boifa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ke ka Ntlhayang fa re Tshwanetse go Boifa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Boifa Modimo—A Go Ka go Solegela Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 1/1 ts. 18-23

Boifa Jehofa mme O Galaletse Leina la Gagwe Le Le Boitshepo

“Morèna, emañ eo o se ketlañ a boiha a galaletsa leina ya gago? gonne u boitshèpō u le wesi.”—TSHENOLŌ 15:4.

1, 2. (a) Jehofa o ne a bula dikgoro tsa legodimo jang ka 1991? (b) Ke polelo efe ya botshelo eo e ileng ya tlhotlheletsa morongwa mongwe yo o ikanyegang gore a fe kgakololo eno: “Boifa Jehofa”? (Bona gape le 1991 Yearbook, ditsebe 187-9.)

JEHOFA o ne a ‘bula dikgoro tsa legodimo mme a gorometsa lesego go fitlha le sa tlhole le na le bonno.’ Mafoko ao a ka dirisiwa gantsintsi mo Basuping ba ga Jehofa mo metlheng ya bosheng jaana. (Malaki 3:10) Ka sekai, ka ngwaga wa tirelo wa 1991, matlhagatlhaga a Basupi ba ba etileng le ba mo gae a ne a bontshiwa ke fa ba kopana mmogo jaaka Bakeresete kwa dikopanong tse di kgethegileng tseo di neng di tshwerwe go dikologa lefatshe—go tswa kwa Dikopanong tsa “Puo E E Itshekileng” tsa kwa Buenos Aires kwa Amerika Borwa; le kwa Manila, Taipei, le Bangkok kwa Botlhaba; go ya mo Dikopanong tsa “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego” tsa kwa Budapest, Prague, le kwa Zagreb (August 16-18, 1991) kwa Yuropa Botlhaba.

2 Abo go ne go ipedisa jang ne mo baemeding ba ba tswang kwa moseja go kopana le Basupi ba ba sa bolong go ikanyega mo mafelong ao! Ka sekai, kwa Bangkok, Frank Dewar—yo o kileng ya ne e le ene fela mmoledi wa Bogosi kwa Thailand—o ne a bolela kaga tirelo ya gagwe ya borongwa ya dingwaga tse 58. O ne a dira go tswa kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific go ya kwa Borwabotlhaba jwa Asia, go tsena le eleng mo China. O ne a ile a lebana le dikotsi tsa go thubegelwa ke sekepe, diphologolo tsa naga mo dikgweng, malwetsi a a tletseng mo dinageng tsa boboatsatsi, le puso e e setlhogo ya sesole ya Bajapane. Erile a bodiwa gore o ka gakolola batlakopanong ka go reng, karabo ya gagwe e ne ya nna motlhofo fela: “Boifa Jehofa!”

3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bontsha poifomodimo?

3 “Boifa Jehofa!” Abo go le botlhokwa jang ne mo go rona rotlhe gore re tlhagolele poifo eno e e siameng! “Go boiha Yehofa ke tshimologō ya botlhale.” (Pesalema 111:10) Poifo eno ga e reye go tshaba Jehofa lebaibai. Go na le moo, ke go mo tlotla ka tsela e e boteng jaaka kgosi e e boitshegang le go tlotla dinonofo tsa gagwe tsa bomodimo, e theilwe mo temogong e re e bapalang ka go ithuta Lefoko la Modimo. Mo go Tshenolō 15:3, 4, sefela sa ga Moshe le sa ga Kwana sa re: “Ditihō tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamaco, Morèna, Modimo, Mothataeotlhe; ditsela tsa gago di tshiamō le boamarure, Kgosi ea metlha. Morèna, emañ eo o se ketlañ a boiha a galaletsa leina ya gago? gonne u boitshèpō u le wesi.” Jehofa ka ntlha ya go bo a ikanyega mo baobameding ba gagwe o na le ‘lokwalo lwa segopodiso loo lo kwalwang fa pele ga gagwe, lo kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang leina la gagwe.’ Ba duelwa ka go neelwa botshelo jo bo sa khutleng.—Malaki 3:16; Tshenolō 20:12, 15.

Go Boifa Modimo go a Fenya

4. Ke go gololwa gofe ga bogologolo goo go tshwanetseng ga re kgothatsa gore re boife Jehofa?

4 Fa Baiseraele ba ne ba gwanta go tswa mo Egepeto wa ga Faro, Moshe o ne a bontsha ka phepafalo gore o ne a boifa Jehofa fela. Go ise go ye kae Baiseraele ba ne ba kganeletswe fa gare ga Lewatle le Lehibidu le masole a a maatla a Baegepeto. Ba ne ba ka dira eng? “Moshe a raea batho, a re, Se boiheñ, emañ hèla, me lo bōnè poloka ea ga Yehofa, e o tla e lo dihèlañ gompiyeno, gonne Baegepeto ba lo ba bonyeñ gompiyeno, ga lo ketla lo tlhōla lo ba bōna gopè ka bosakhutleñ. Yehofa o tla lo tlhabanèla, me lona lo tla didimala hèla.” Jehofa o ne a kgaoganya metse ka kgakgamatso. Baiseraele ba ne ba kgabaganya boalo jwa lewatle. Go tswa foo metse a boela gape ka maatla. Masole a ga Faro a ne a nyelediwa. Jehofa o ne a boloka morafe oo o o boifang Modimo, mme ka nako e e tshwanang a diragatsa katlholo mo go Baegepeto ba ba neng ba sa boife Modimo. Fela jalo le gompieno, o tla bontsha boikanyegi jwa gagwe fa a golola Basupi ba ba boifang Modimo mo lefatsheng la ga Satane.—Ekesodo 14:13, 14; Baroma 15:4.

5, 6. Ke ditiragalo dife tsa motlha wa ga Joshua tseo di re bontshang gore re tshwanetse go boifa Jehofa go na le go boifa motho?

5 Morago ga go fuduga go tswa mo Egepeto, Moshe o ne a romela ditlhodi di le 12 kwa Lefatsheng la Tsholofetso. Ba ba lesome ba ne ba tshoga fa ba bona baagi ba naga eo bao ba neng ba tshwana le mekaloba, mme ba leka go kgoba Baiseraele marapo gore ba se ka ba tsena mo lefatsheng leo. Lefa go ntse jalo ba bangwe ba babedi, Joshua le Kalebe, ba ne ba bega jaana: “Ke lehatshe ye le molemō o o heteletseñ. Ha Yehofa a itumèla mo go rona, hoñ o tla re hitlhisa mo lehatshiñ yeuō, o tla le re naea: ke lehatshe ye le èlañ mashi le dinotshe. Hèla lo se ka loa cuololèla Yehofa hèla, le gōna lo se ka loa boiha batho ba lehatshe yeuō; gonne ke diyō mo go rona: phemèlo ea bōnè e tlosicwe mo go bōnè, me Yehofa o na le rona: lo se ka loa ba boiha.”—Dipalō 14:7-9.

6 Lefa go ntse jalo, Baiseraele bao ba ne ba ineela mo go boifeng motho. Ka jalo, ga ba a ka ba fitlha kwa lefatsheng la tsholofetso. Mme Joshua le Kalebe, mmogo le kokomana e ntšha ya Baiseraele, ba ne ba nna le tshiamelo ya go tsena mo lefatsheng leo le lentlentle le go lema masimo a mofine le a motlhware. Fa a ne a bua le kokoano ya Baiseraele a ba laela, Joshua o ne a gakolola jaana: “Boihañ Yehofa, lo mo dihèlè ka mo go senañ boithamakō le ka boamarure.” Mme Joshua o ne a oketsa ka go re: “Kaga me, le ba ntlo ea me, rona, re tla dihèla Yehofa hèla.” (Yoshue 24:14, 15) Abo e le mafoko a a kgothatsang jang ne go ditlhogo tsa malapa le ba bangwe botlhe gore ba boife Jehofa jaaka fa re ipaakanyetsa go tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo!

7. Dafide o ne a gatelela botlhokwa jwa go boifa Modimo jang?

7 Mosimane wa modisa ebong Dafide le ene o ne a tlhoma sekao sa go boifa Jehofa fa a ne a gwetlha Goliathe mo leineng la Modimo. (1 Samuele 17:45, 47) Fa a ne a tloga a swa, Dafide o ne a ka bolela jaana: “Mōea oa ga Yehofa o no oa bua ka nna, lehoko ya gagwè le ne le le mo lolemeñ loa me. Modimo oa Iseraela o rile, eo e leñ Lehika ya Iseraela o buile le nna; a re, Motho eo o busañ batho ka tshiamō, eo o busañ mo poihoñ ea Modimo, o tla nna yaka lesedi ya bosa, ha letsatsi le tlhaba, e le moshō o o senañ maru.” (2 Samuele 23:2-4) Babusi ba lefatshe leno ga ba boife Modimo ka tsela e e ntseng jalo, mme abo matswela a gone a tla nna botlhoko jang ne! Abo seno se tla farologana le fa Jesu, “Morwa Dafide,” a tla bo a busa lefatshe ka go boifa Jehofa!—Mathaio 21:9.

Go Dira ka go Boifa Jehofa

8. Ke ka ntlha yang fa Juda e ile ya atlega fa e ne e busiwa ke Jehoshafate, mme seno se supa eng malebana le gompieno?

8 Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo morago ga loso lwa ga Dafide, Jehoshafate o ne a nna kgosi ya Juda. Yo le ene o ne a nna kgosi eo e neng e direla ka go boifa Jehofa. O ne a busetsa thulaganyo ya bolegodimo mo Juda, a tlhoma baatlhodi mo nageng yotlhe, a bo a ba neela ditaelo tseno: “Ga lo atlhole kaga motho, ha e se kaga Yehofa hèla; me o na le lona mo go atlholeñ. Me ke gōna yana a poihō ea ga Yehofa e nnè mo go lona; lo tlhōkōmèlè lo e dihè: gonne ga go na boikèpō bopè mo go Yehofa Modimo oa rona, leha e le go tlhōkōmèla bomañmañ yoa batho, leha e le go amogèla dinèo. . . . Lo dihè yana mo go boiheñ Yehofa, ka boikañō, le ka pelo e e itekanetseñ.” (2 Ditihalō 19:6-9) Ka jalo, Juda o ne a atlega mo go boifeng Jehofa, fela jaaka batho ba Modimo ba solegelwa molemo ke tirelo ya balebedi ba ba kutlwelobotlhoko gompieno.

9, 10. Jehoshafate o ne a fenya jang ka go boifa Jehofa?

9 Lefa go ntse jalo, Juda o ne a na le baba. Ba ne ba ikemisetsa gore ba tla nyeletsa morafe oo wa Modimo. Masole a a kopaneng a Baamona, Bamoaba, le a a tswang kwa Thabeng ya Seira a ne a thelesegela mo nageng ya Juda mme a tshosetsa Jerusalema. E ne e le masole a mantsi ebile a nonofile. Jehoshafate o ne a rapela Jehofa “ba Yuda botlhe ba [eme] ha pele ga Yehofa ba na le banyana ba bōnè, le bana ba bōnè.” Go tswa foo Jehofa o ne a araba thapelo eo ka go dira gore moya o o boitshepo o fologele mo go Jahasiele wa Molefi, yo a neng a bolela jaana: “Yehofa o lo raea yana, a re, Lo se ka loa boiha, le gōna lo se ka loa rèrèga ka ntlha ea bontsi yo bogolo yo; gonne tlhabanō ga se ea lona, ke ea Modimo. E re ka moshō lo bololè lo eè go tlhabana nabō: . . . Ga go ketla go batlwa gore lo tlhabanè mo tlhabanoñ e: lo ikemiseñ lo èmè hèla, me lo bonè poloka ea ga Yehofa e e nañ le lona, lona ba Yuda le ba Yerusalema: lo se ka loa boiha, lo bo lo se rèrège: e re ka moshō lo bololè lo eè go tlhabana nabō: gonne Yehofa o na le lona.”—2 Ditihalō 20:5-17.

10 Erile ka moso, banna ba Juda ba kubuga. Fa ba ne ba tswa ba ya go kgatlhantsha sera jaaka ba ne ba laetswe, Jehoshafate o ne a ema ka dinao mme a re: “Nkutlwañ, lona ba Yuda, le lona banni ba Yerusalema; lo dumeleñ mo go Yehofa Modimo oa lona, me yalo lo tla tlhōmamisiwa; dumèlañ baperofeti ba gagwè, yalo lo tla tlhōgōnōlōhala.” Batho bao ba neng ba opelela Jehofa ba ne ba gwanta kwa pele ga banna ba ba tlhomeletseng, mme ba opelela gongwe ba re: “Bakañ Yehofa; gonne boutlwèlō botlhokō yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.” Jehofa o ne a bontsha boutlwelo botlhoko joo ka go tlhakanya masole a baba ditlhogo gore ba bo ba kgemethane ka bobone. Erile fa banna ba Yuda ba ya kwa kagong e e kwa godimo mo nageng go tla go leba, go ne go setse fela ditopo tsa dira.—2 Ditihalō 20:20-24.

11. Malebana le poifo, merafe e farologana jang le batho ba Modimo?

11 Fa merafe e e fa gaufi e ne e utlwela kaga go falodiwa mono ga kgakgamatso, “poihō ea Modimo” e ne ya nna mo go bone. Kafa letlhakoreng le lengwe, morafe o o neng o obamela Jehofa ka poifo jaanong o ne wa nna le “boikhucō mo tikologoñ eotlhe.” (2 Ditihalō 20:29, 30) Ka mo go tshwanang, fa Jehofa a atlhola ka Hara-Magedona, merafe e tla boifa Modimo le Morwa wa gagwe wa Moatlhodi, Jesu Keresete, mme ga ba ketla ba kgona go ema ka letsatsi le legolo la bogale jwa Modimo.—Tshenolō 6:15-17.

12. Go boifa Jehofa go ile ga duelwa jang mo dinakong tse di fetileng?

12 Go boifa Jehofa ka tsela e e siameng go na le matswela a a molemo. Noa o ne a bontsha “poihō ea Modimo, a baakanya ntlo e e kokobalañ, gore a tlè a bolokè ba ntlō ea gagwè.” (Bahebera 11:7) Mme fa e le ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, go begwa gore, morago ga lobaka lwa go bogisiwa, phuthego e ne “ea bōna kagishō, ka go chosholosiwa; me ereka e sepela mo poihoñ ea Morèna, le mo kgomocoñ ea Mōea o o Boitshèpō, ea kōkōtlègèla.”—fela jaaka e dira kwa Yuropa Botlhaba gompieno.—Ditihō 9:31.

Rata Se Se Molemo, O Ile Se Se Bosula

13. Ke jang fela re ka amogelang masego a a tswang kwa go Jehofa?

13 Jehofa o molemo ka mo go feletseng. Ka jalo, “go boiha Yehofa ke go ila boshula.” (Diane 8:13) Go kwadilwe jaana kaga Jesu: “U ratile tshiamō, me ua ila boikèpō, ke gōna Modimo, Modimo oa gago, o gu tloditseñ ka loukwane loa boitumèlō.” (Bahebera 1:9) Fa e le gore rona, jaaka Jesu, re eletsa masego a ga Jehofa, re tshwanetse ra tlhoa bosula jwa lefatshe le le ikgogomosang la ga Satane mmogo le boitsholo jwa lone jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, bokebekwa jwa lone, le bogagapa jwa lone. (Bapisa Diane 6:16-19.) Re tshwanetse go rata seo Jehofa a se ratang mme ra ila seo a se ilang. Re tshwanetse ra tshaba go dira sepe seo se ka se keng se itumedise Jehofa. “Batho ba kgaogana le boshula ka go boiha Yehofa.”—Diane 16:6.

14. Jesu o re tlhomela sekao jang?

14 Jesu o re tlogeletse sekao mme re tshwanetse ra se sala morago fela thata. “Eo e rileñ a kgōywa, a se ka a ba a kgōba; eo e rileñ a boga botlhoko, a se ka a bōpa; me a ineèla hèla mo go eo o atlholañ ka tshiamō.” (1 Petere 2:21-23) Ka go boifa Jehofa, le rona re ka itshokela go kgobiwa, go tlhoiwa le go bogisiwa go re go kgobelelwang ke lefatshe la ga Satane.

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go boifa Jehofa go na le go boifa bao ba kgonang go bolaya mmele?

15 Jesu o re gakolola jaana mo go Mathaio 10:28: “Lo se ka loa boiha ba ba bolaeañ mmele, me ba sa nonoha go bolaea mōea: me bogolo lo boihè èna eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ.” Lefa mongwe yo o boifang Jehofa a ka bolawa ke mmaba, botlhoko jwa loso ke jwa nakwana fela. (Hosea 13:14) Fa a tsosiwa, o tla kgona go bua a re: “Losho, phenyo ea gago e kae? Losho, lobèlèla loa gago lo kae?”—1 Bakorintha 15:55.

16. Jesu o ne a bontsha jang gore o boifa Jehofa ebile o a mo galaletsa?

16 Jesu ka boene ke sekao se se molemolemo mo go botlhe bao ba ratang tshiamo ya ga Jehofa ebile ba tlhoile se se bosula. Tsela e a neng a boifa Jehofa ka yone e bontshiwa ke mafoko a gagwe a bofelo fa a ne a bua le barutwa ba gagwe, jaaka fa re a fitlhela mo go Johane 16:33: “Dilō tse ke di buile le lona, gore lo nnè le kagishō mo go nna. Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.” Pego ya ga Johane e tswelela jaana: “Yesu a bua dilō tse; me a lelalèla legodimoñ, a re, Rara, lobaka lo hitlhile; galaletsa Morwao, gore Morwao a gu galaletsè . . . Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea.”—Yohane 17:1-6.

Boifa Jehofa O Bo O Mmake

17. Re ka etsa sekao sa ga Jesu ka ditsela dife?

17 A rona gompieno re ka etsa sekao sa ga Jesu sa bopelokgale? Kwantle ga pelaelo re ka kgona go dira jalo ka go boifa Jehofa! Jesu o re itsisitse leina le dinonofo tsa ga Jehofa tse di tlhomologileng. Fa re boifa Jehofa jaaka Morena Mogodimodimo wa rona, re mo goleletsa kwa godimo thata ga medimo e mengwe yotlhe, go akaretsa le Tharonngwe e e sa kgoneng go tlhalosiwa, e e sa tlhaloganngweng ya Labokeresete. Jesu o ne a direla Jehofa a mmoifa ka tshwanelo, a gana go wela mo serung sa go boifa motho yo o swang. “(Eboñ Yesu,) eo e rileñ mo metlheñ ea gagwè a le mo nameñ, a sena go isa merapèlō le mekokotlèlō e e nañ le selelō se se tona le dikeledi kwa go èna eo o nonohileñ go mo golola mo loshuñ, me [a] utlwiwa ka ntlha ea go boiha Modimo ga gagwè.” Jaaka Jesu, a le rona re boifeng Jehofa jaaka fa re tswelela pele re ithuta go mo utlwa ka dilo tseo re di bogang—re ntse re dirile poloko ya bosakhutleng mokgele wa rona ka metlha.—Bahebera 5:7-9.

18. Re ka direla Modimo tirelo e e boitshepo ka poifomodimo jang?

18 Moragonyana mo lokwalong loo lo a neng a lo kwalela Bakeresete ba Bahebera, Paulo o kgothatsa Bakeresete ba ba tloditsweng jaana: “Ereka re amogèla bogosi yo bo sa kakeñ yoa reketlisiwa, a re nneñ le tshegōhaco e re ka dihañ tihō e e kgatlhañ Modimo ka eōna, ka tshisimogō le poihō.” Gompieno, “boidiidi yo bogolo” bo nna le seabe mo tirelong eo e e boitshepo. Mme e akaretsa eng? Fa a sena go tlhalosa bopelonomi jwa ga Jehofa jo a bo bontshitseng ka go ntsha Morwawe, Jesu Keresete, setlhabelo, Paulo o bolela jaana: “A re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.” (Bahebera 12:28; 13:12, 15) Go bontsha gore re anaanela bopelonomi jwa ga Jehofa, re tshwanetse ra batla go dirisa ura nngwe le nngwe e re e bonang re e dirisetsa mo tirelong ya gagwe e e boitshepo. Ba boidiidi yo bogolo gompieno ba dira karolo e kgolo go gaisa ya tirelo eo, ba direla jaaka ditsala tse di ikanyegang tsa batlodiwa ba Bakeresete ba ba setseng. Ba bolela fa poloko e tswa go Modimo le go Keresete, ba ntse ba eme ka tsela ya tshwantshetso fa pele ga setulo sa Modimo sa bogosi, “ba o dihèla motshegare le bosigo.”—Tshenolō 7:9, 10, 15.

Galaletsa Jehofa ka Bosakhutleng

19, 20. Go tla bo go na le mefuta efe e mebedi ya poifo ka “motlha . . . oa ga Yehofa”?

19 Letsatsi la ga Jehofa le le galalelang la ipusolosetso le atamela ka bofefo! “Bonañ, motlha oè tla, o tuka yaka leishō ya boubèlō; me botlhe ba ba bokaka, le botlhe ba ba dihañ boikèpō, ba tla nna dirine: me motlha o o tlañ o tla ba laila, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” Nako eo e e boitshegang ke “motlha o mogolo le o o boitshègañ oa ga Yehofa.” (Malaki 4:1, 5) O tla ‘tseanya’ baikepi, mme “ga ba ketla ba halola gopè.”—Yeremia 8:15; 1 Bathesalonia 5:3.

20 Lefa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba tlhotlhelediwa ke mofuta o mongwe wa poifo. Moengele yo o neetsweng “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ” o ba tlhaeleditse ka lentswe le le kwa godimo, a re: “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō; gonne nakō ea katlholō ea ōna e tsile.” (Tshenolō 14:6, 7) Re tla ema ka go tlotla katlholo eo jaaka fa mogote o o bogale wa Hara-Magedona o tla bo o laila lefatshe la ga Satane le le boikepo. Poifo e e siameng ya go boifa Jehofa e tla bo e tsentswe mo dipelong tsa rona ka tsela eo e ka se kang ya phimoga. Ekete re ka nna sego ka nako eo gore re iphitlhele re le mo gare ga ba ba ‘bolokilweng bao ba ileng ba bitsa leina la ga Jehofa’!—Yoele 2:31, 32; Baroma 10:13.

21. Go boifa Jehofa go tla lere masego afe?

21 Go tla latela masego a a molemolemo, go akaretsa “dinyaga tsa botshelō” tseo di tla tswelelang ka bosakhutleng! (Diane 9:11; Pesalema 37:9-11, 29) Ka jalo, lefa tsholofelo ya rona e ka tswa e le go rua Bogosi kana go direla mo karolong ya jone ya mo lefatsheng, jaanong a re tsweleleng pele re direla Modimo tirelo e e boitshepo ka poifo le tlotlo tsa bomodimo. A re tsweleleng pele re galaletsa leina la gagwe le le boitshepo. Mme re tla segofadiwa ka matswela afe? Re tla leboga re sa kgaotse go bo re ile ra reetsa kgakololo e e botlhale ya gore re boife Jehofa ka metlha!

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ “Go boifa Jehofa” go kaya eng?

◻ Go boifa Modimo go ne ga solegela batho ba gagwe ba bogologolo molemo jang?

◻ Jesu o re tlogeletse sekao sefe sa go boifa Modimo?

◻ Re ka boloka bothokgami jang ka ntlha ya go boifa Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mo lokwalong lwa Tshenolō, bonnake ba ga Jesu ba bonwa ba opela “sehela sa ga Moshe,” pina ya go baka Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ntwa ya ga Jehoshafate e fenya ka ntlha ya go boifa Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bao ba boifang Jehofa ba tla duelwa ka botshelo jo bo tswelelang pele ka bosakhutleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela