LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 9/15 ts. 9-14
  • Supa Tumelo e e Thailweng mo Boammaaruring

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Supa Tumelo e e Thailweng mo Boammaaruring
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo Ke Eng?
  • E Thailwe mo Boammaaruring jwa Motheo
  • Loungo lwa Moya O O Boitshepo
  • Go Dira Gore Tumelo E Nne E E Tletseng
  • Ke ka Ntlha Yang Fa Re Sekaseka Tumelo ya Rona?
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Tumelo—E a Re Nonotsha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 9/15 ts. 9-14

Supa Tumelo e e Thailweng mo Boammaaruring

“Me kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go o kgatlha: gonne eo o tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, e bile e le ōna moduedi oa ba ba o batlañ.”—BAHEBERA 11:6.

1, 2.Tumelo ya ga Adame e ne ya lekwa jang, mme go ne ga felela jang?

TUMELO e batla se se fetang fela go dumela gore Modimo o teng. Motho wa ntlha ebong Adame, o ne a sa belaele gore Jehofa Modimo o teng. Modimo o ne o setse o kile wa bua le Adame, gongwe ebile ka Morwawe ebong Lefoko. (Yohane 1:1-3; Bakolosa 1:15-17) Lefa go le jalo, Adame o ne a latlhegelwa ke tebelelo ya go tshelela ruri gonne o ne a palelwa ke go utlwa Jehofa le go supa fa a dumela mo go ene.

2 Go ne go lebega fa Adame a se kitla a tlhola a itumela mo isagweng fa mosadi wa gagwe ebong Efa a ne a palelwa ke go utlwa Jehofa. Ka go bo, go akanya fela gore o tla latlhegelwa ke mosadi wa gagwe go ne ga leka tumelo ya monna wa ntlha fela thata! A Modimo o ne a ka rarabolola bothata jono ka tsela e e neng e tla tlhomamisetsa Adame gore o tla tswelela a itumetse ebile a tshela sentle? Adame o ile a supa gore ka tsela nngwe o ne a sa akanye jalo ka go kopanela le Efa mo phosong eo. O ne a leka go rarabolola bothata joo ka tsela ya gagwe, go na le gore a batle go kaelwa ke Modimo ka tlhoafalo. Ereka a ne a palelwa go supa fa a dumela mo go Jehofa, Adame o ne a iteretse loso a bo a le leretse le ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe.—Baroma 5:12.

Tumelo Ke Eng?

3. Tsela eo Bibela e tlhalosang tumelo ka yone e farologana jang le tlhaloso ya buka nngwe e e tlhalosang mafoko?

3 Buka nngwe e e tlhalosang mafoko e tlhalosa tumelo jaaka “go dumela ka tsela e e nonofileng mo sengweng se se sa kgonweng go ntshediwa bosupi.” Lefa go ntse jalo, Bibela ga e dumalane le kgopolo eo mme e gatelela sengwe se se farologaneng. Tumelo e thailwe mo dintlheng dingwe, mo dilong tsa mmatota, mo boammaaruring. Dikwalo di bolela jaana: “Me yana tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” (Bahebera 11:1) Motho yo o nang le tumelo o tlhomamisega gore sengwe le sengwe se Modimo o se solofeditseng se tshwana fela jaaka ekete se setse se diragaditswe. Bosupi jwa dilo tsa mmatota tse di solofeditsweng tse di iseng di bonwe bo tlhatswa pelo ebile bo nonofile ka tsela e e leng gore go bolelwa gore tumelo e bolelwa fa e lekana fela le bosupi joo.

4. Buka nngwe ya tshupiso e tshegetsa tsela e Bibela e tlhalosang tumelo ka yone jang?

4 Mo go New World Translation, lediri la Sehebera ’a·manʹ fa le le mo popegong ya ledirisi ka dinako tse dingwe le ranolwa jaaka “go bontsha tumelo.” Go ya ka Theological Wordbook of the Old Testament, “bokao jwa lone jo bo kwa moding bo naya kgopolo ya go tlhomama . . . fa le bapisiwa le dikgopolo tsa segompieno kaga tumelo jaaka sengwe se se ka nnang sa kgona go direga, se go solofelwang fa se le boammaaruri, mme se sa tlhomamisiwe.” Yone buka eo e bolela jaana: “Lediriletswa ʼāmēn ‘ammaaruri’ le dirisiwa gape mo Tesetamenteng E Ntšha jaaka amēn leo e leng lefoko la Sekgoa ‘amen.’ Jesu o ne a dirisa lefoko leo kgapetsakgapetsa (Math 5:18, 26, jalo le jalo) go gatelela gore kgang eo e ne e le boammaaruri.” Lefoko le le ranotsweng jaaka “tumelo” mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika gape le raya go dumela mo sengweng se se thailweng mo dintlheng dingwe kana mo boammaaruring bongwe.

5. Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “go ikanya” mo go Bahebera 11:1 le ne le dirisiwa jang mo makwalong a bogologolo a kgwebo, mme seno se botlhokwa jang mo Bakereseteng?

5 Lefoko la Segerika (hy·poʹsta·sis) le le ranotsweng jaaka go “ikanya” mo go Bahebera 11:1 le ne le dirisiwa thata mo makwalong a kgwebo a bogologolo a koma go kaya sengwe se se tlhomamisang gore selo seo se tla ruiwa mo nakong e e tlang. Bakanoki Moulton le Milligan ba akantsha gore seno se kwalwe jaana: “Tumelo ke lokwalo lo lo kannweng semolao lwa dilo tse di solofetsweng.” (Vocabulary of the Greek Testament) Go phepafetse gore fa motho a tshotse lokwalo lwa semolao lwa lefelo lengwe, a ka “ikanya” gore letsatsi lengwe e tla nna la gagwe.

6. Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “tlhōmamishō” mo go Bahebera 11:1 le kaya eng?

6 Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “tlhōmamishō” (eʹleg·khos) mo go Bahebera 11:1 le naya kgopolo ya go ntsha bosupi go bontsha sengwe, segolobogolo sengwe se se farologaneng gotlhelele le se go lebegang ekete ke sone. Bosupi jo bo siameng kana jo bo tlhomameng tota bo phepafatsa seo pele se neng se sa lemogiwe, ka gone bo ganetsa seo se ka tswang se ne se lebega ekete se boammaaruri. Ka jalo mo Dikwalong tsa Sehebera le tsa Segerika, tumelo totatota ga se “go dumela sengwe seo se sa kgonweng go supiwa fa se le boammaaruri.” Go farologana le seo, tumelo e thailwe mo boammaaruring.

E Thailwe mo Boammaaruring jwa Motheo

7. Paulo le Dafide ba tlhalosa bao ba latolang gore Modimo o teng jaaka eng?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a bolela boammaaruri jwa motheo fa a ne a kwala ka Mmopi gore “dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ; me yalo batho bauō [baganetsi ba boammaaruri] ba bo ba se na seipatō.” (Baroma 1:20) Ee, “magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō le eōna e shupa tihō ea diatla tsa ōna.” (Pesalema 19:1; 104:24) Mme go tweng fa motho a sa batle go sekaseka bosupi? Mopesalema Dafide o ne a bolela jaana: “Moikepi o bua ka boikgodishō yoa sehatlhōgō sa gagwè, a re, Ga o ketla o go lehetsa: megopolo eotlhe ea gagwè ke gore, Ga go na Modimo opè.” (Pesalema 10:4; 14:1) Ka bokhutshwane, tumelo e thailwe mo boammaaruring jwa gore Modimo o teng.

8. Bao ba bontshang tumelo ba kgona go tlhomamisega le go lemoga eng?

8 Ga se fela gore Jehofa o teng; gape o a ikanyega, mme re ka ikanya ditsholofetso tsa gagwe. O ne a bolela jaana: “Rure yaka ke gopotse, go tla dihala yalo; le yaka ke ikaeletse go tla èma hèla yalo.” (Isaia 14:24; 46:9, 10) Mafoko ano ga se mafoko fela a a sa kaeng sepe. Go na le bosupi jo bo phepafetseng jwa gore boperofeti jo bo makgolokgolo jo bo kwadilweng mo Lefokong la Modimo bo diragaditswe. Ka tshedimosetso eno, bao ba supang fa ba na le tumelo ba kgona go bona fa boperofeti jo bontsi jwa Bibela bo ntse bo tswelela go diragadiwa. (Baefesia 1:18) Ka sekai, ba bona fa “seshupō” sa gore Jesu o teng se diragadiwa, go akaretsa le go rerwa ga Bogosi go go tsamayang ka lebelo, mmogo le go atolosiwa go go boleletsweng pele ga kobamelo ya boammaaruri. (Mathaio 24:3-14; Isaia 2:2-4; 60:8, 22) Ba itse gore go ise go e kae merafe e tla tlhaeletsa e re “Kagishō le thagamō” le gore ka bonako fela morago ga foo Modimo o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.” (1 Bathesalonia 5:3; Tshenolō 11:18) Abo e le lesego jang ne go nna le tumelo e e thailweng mo mafokong a a boammaaruri a boperofeti!

Loungo lwa Moya O O Boitshepo

9. Tumelo le moya o o boitshepo di amana jang?

9 Boammaaruri joo tumelo e thailweng mo go bone bo fitlhelwa mo Bibeleng, e e kwadilweng ka moya wa Modimo o o boitshepo. (2 Samuele 23:2; Sekaria 7:12; Mareko 12:36) Go a utlwala he gore tumelo ga e kake ya nna teng fa moya o o boitshepo o sa dire. Ke ka ntlha ya moo Paulo a neng a ka kwala jaana: “Loungo lwa moya [lo akaretsa] . . . tumelo.” (Bagalatia 5:22, NW) Mme bontsi bo gana boammaaruri jwa bomodimo, bo leswefatsa matshelo a bone ka dikeletso tsa nama le ka dikgopolo tse di utlwisang moya wa Modimo botlhoko. Ke gone ka moo, ‘batho ba senang tumelo botlhe,’ ka go bo ga ba na motheo o ba ka e agelang mo go one.—2 Bathesalonia 3:2; Bagalatia 5:16-21; Baefesia 4:30.

10. Batlhanka ba pele ba ga Jehofa ba ne ba supa jang gore ba ne ba na le tumelo?

10 Lefa go ntse jalo, batho bangwe go tswa mo ditlogolwaneng tsa ga Adame ba ile ba supa tumelo, Bahebera kgaolo 11 e umaka Abele, Enoke, Noa, Aberahame, Sara, Jakobe, Josefa, Moshe, Rahaba, Gideone, Barake, Samesone, Jafeta, Dafide le Samuele, mmogo le batlhanka ba bangwe ba bantsi ba ga Jehofa ba ba sa umakiwang ka maina, bao ba ‘neng ba supiwa ka tumelo.’ Tlhokomela dilo tse di neng tsa dirwa “ka tumèlō.” Ka tumelo Abele o ne a “isetsa Modimo setlhabèlō” mme Noa a “baakanya ntlo e e kokobalañ.” Ka tumelo Aberahame a “utlwa, a huduga a ea kwa heloñ ha o na a tla go amogèla go nna boshwa.” Gape ka tumelo, Moshe o ne a “tloga mo Egepeto.”—Bahebera 11:4, 7, 8, 27, 29, 39.

11. Ditihō 5:32 e bontsha eng kaga batho ba ba ikobelang Modimo?

11 Go phepafetse he gore batlhanka botlhe bao ba ga Jehofa ga ba a ka ba dumela fela gore Modimo o teng. Ba ne ba supa tumelo eo, ba ikanya Ene jaaka “moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) Ba ne ba dira seo moya wa Modimo o neng o ba laela go se dira, ba dira go ya ka kitso e e tlhomameng ya boammaaruri e ba neng ba na le yone, lemororo e ne e le nnye thata. Abo ba ne ba farologane le Adame thata jang ne! Ga a ka a supa tumelo e e thailweng mo boammaaruring kana a dira go ya kafa moya o o boitshepo o neng o mo kaela ka teng. Modimo o naya fela batho ba ba mo ikobelang moya wa gagwe.—Ditihō 5:32.

12. (a) Abele o ne a dumela mo go eng, mme o ne a bontsha seno jang? (b) Lemororo ba ne ba na le tumelo, basupi ba ga Jehofa ba metlha ya pele ga Bokeresete ba ne ba se ka ba amogela eng?

12 Go farologana le rraagwe ebong Adame, Abele yo e neng e le motho wa bomodimo o ne a na le tumelo. Gongwe o ne a utlwa boperofeti jono jo e neng e le jone jwa ntlhantlha go bolelwa, go tswa mo batsading ba gagwe: “Me ke [Jehofa Modimo] tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (Genesise 3:15) Ka gone Modimo o ne wa solofetsa jalo gore o tla nyeletsa boikepo mme o tlise tshiamo. Abele o ne a sa itse gore tsholofelo eno ya gagwe e ne e tlile go diragadiwa jang. Mme tumelo ya gagwe ya gore Modimo ke Moduedi wa bao ba O batlang ka tlhoafalo e ne e nonofile tota go mo tlhotlheletsa gore a ntshe setlhabelo. Go lebega a ne a akanyetsa boperofeti jono thata mme a dumela gore madi a ne a tlhoka go tshololwa gore tsholofetso eno e diragadiwe le gore batho ba dirwe boitekanelo. Ka gone, setlhabelo sa phologolo se Abele a neng a se dira se ne se tshwanetse. Lefa go ntse jalo, lemororo ba ne ba na le tumelo, Abele le basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba pele ga Bokeresete ga ba a ka “ba bōna tihahalō ea polèlō ea choloheco.”—Bahebera 11:39.

Go Dira Gore Tumelo E Nne E E Tletseng

13. (a) Ke eng seo Aberahame le Dafide ba neng ba se ithuta kaga go diragadiwa ga tsholofetso? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore ‘boammaaruri bo tlile ka Jesu Keresete’?

13 Ka dipaka tse di rileng go ralala makgolo a dingwaga, Modimo o ne wa senola boammaaruri jo bo oketsegileng mabapi le gore tsholofetso e e kaga ‘losika lwa mosadi’ e tla diragadiwa jang. Aberahame o ne a bolelelwa jaana: “Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.” (Genesise 22:18) Moragonyana, Kgosi Dafide o ne a bolelelwa gore Losika lo lo solofeditsweng le ne le tla tswa mo losikeng lwa bogosi. Ka 29 C.E., Losika loo le ne la tla e le Jesu Keresete. (Pesalema 89:3, 4; Mathaio 1:1; 3:16, 17) Go farologana le Adame yo a neng a sena tumelo, “Adame oa moragō,” Jesu Keresete, o ne a tlhoma sekao mo go bontsheng tumelo. (1 Bakorintha 15:45) O ne a tshela a ineetse mo go direleng Jehofa le mo go diragatseng boperofeti jo bontsi jo bo neng bo bolelela pele ka Mesia. Ka gone Jesu o ne a dira gore boammaaruri jo bo neng bo bua ka Losika lo lo solofeditsweng bo bonale sentle mme a dira gore dilo tse Molao wa ga Moshe o neng o di tshwantshetsa di diragale tota. (Bakolosa 2:16, 17) Ka gone go ne go ka bolelwa gore ‘boammaaruri bo tlile ka Jesu Keresete.’—Yohane 1:17.

14. Paulo o ne a bontsha Bagalatia jang gore tumelo e ne e godisitswe?

14 Ereka jaanong boammaaruri bo ne jwa tla ka Jesu Keresete, motheo oo go dumela “choloheco” go neng go ka thaiwa mo go one o ne o le mogolwane. Tumelo e ne e nonotshitswe, e atolositswe, jaaka go ne go ka tualo. Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng jaana kaga seno: “Me lokwalō lo cwaletse dilō cotlhe mo boleuñ, gore polèlō ea choloheco e e emeñ ka tumèlō mo go Yesu Keresete e nèwè bōnè ba ba dumèlañ. Me e rile tumèlō e e se e tle, ra bo re disiwa ha tlhatse ga molaō, re cwalelecwe tumèlō e e neñ e tla nama e senolwa. Yalo molaō e ne e nntse e le mogōga banyana mo go rona, go re gogèla kwa go Keresete, gore re siamisiwè ka tumèlō. Me yanoñ ka tumèlō e tsile, ga re tlhole re le mo go mogōga banyana. Gonne lo bana ba Modimo lotlhe, mo go Keresete Yesu, ka tumèlō.”—Bagalatia 3:22-26.

15. Tumelo e ne e ka dirwa e e tletseng jang fela?

15 Baiseraele ba ne ba supile tumelo mo tseleng eo Modimo o neng o dirisana le bone ka yone ka kgolagano ya Molao. Jaanong tumelo eo e ne e tlhoka go okediwa. Jang? Ka go dumela mo go Jesu yo o tloditsweng ka moya yoo Molao o neng o diretswe gore o ba gogele kwa go ene. Eo ke yone tsela fela eo tumelo e neng e ka dirwa e e tletseng ka yone mo metlheng ya pele ga Bokeresete. Abo go ne go le botlhokwa jang ne mo Bakereseteng bao ba ntlha gore ba ‘lebe kwa go Jesu mosimolodi le mowetsi wa tumelo ya bone’! (Bahebera 12:2) Eleruri, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go dira jalo.

16. Moya o o boitshepo o ne wa tla jang ka tsela e e nonotshitsweng, mme ka ntlha yang?

16 Fa go akanngwa ka kitso e e oketsegileng ya boammaaruri jwa bomodimo le matswela a yone a a dirang gore tumelo e oketsege, a moya o o boitshepo le one o ne o tla tla ka tsela e e nonotshitsweng jalo? Ee. Moya wa Modimo eleng mothusi yo o neng a solofeditswe gore o tla tla oo Jesu a neng a bua ka one, o ne wa tshololelwa mo barutweng ba gagwe ka Pentekosete ya 33 C.E. (Yohane 14:26; Ditihō 2:1-4) Moya o o boitshepo ka gone o ne o dira mo go bone ka tsela e ntšha gotlhelele jaaka e ne e le bomonnawe Keresete ba ba tloditsweng. Tumelo ya bone, eo e leng loungo lwa moya, e ne e nonotshitswe. Seno se ne sa ba dira gore ba siamele tiro e kgolo ya go dira barutwa e e neng e larile kwa pele.—Mathaio 28:19, 20.

17. (a) Boammaaruri bo tlile jang le tumelo e ile ya dirwa e e tletseng jang go tloga ka 1914? (b) Re na le bosupi bofe jwa gore moya o o boitshepo o ntse o dira go tloga ka 1919?

17 Tumelo e ne ya nna teng fa Jesu a ne a tla jaaka Kgosi e e Tlhophilweng dingwaga tse di fetang 1 900 tse di fetileng. Mme ereka jaanong e le Kgosi ya selegodimo e e busang, ene yo tumelo ya rona e theilweng mo go ene—boammaaruri jo bo senotsweng—o godile thata, ka gone o dira gore tumelo ya rona e felele. Ka tsela e e tshwanang, tsela e moya o o boitshepo o neng o dira ka yone e ne e nonotshitswe. Go ne go na le bosupi jo bo phepafetseng jwa seno ka 1919, fa moya o o boitshepo o ne o naya batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo maatla gape go tswa mo boemong jwa bone jwa go sa direng sepe. (Esekiele 37:1-14; Tshenolō 11:7-12) Go ne ga thaiwa motheo wa paradaise ya semoya, eo mo masomeng a a neng a latela a dingwaga e bonalang ka tsela e e oketsegileng ebile e galalela go feta ngwaga mongwe le mongwe o o fetang. A go ka tswa go na le bosupi bongwe jo bogolwane jwa gore moya wa Modimo o o boitshepo o a dira?

Ke ka Ntlha Yang Fa Re Sekaseka Tumelo ya Rona?

18. Ditlhodi tsa Baiseraele di ne di farologana jang ka go nna le tumelo?

18 Ka bonako fela fa Baiseraele ba sena go gololwa mo botshwarong kwa Egepeto, go ne ga ntshiwa banna ba le 12 go ya go tlhola naga ya Kanana. Lefa go ntse jalo, ba le lesome ba bone ba ne ba sena tumelo, ba belaela gore a Jehofa tota o ne a nonofile go diragatsa tsholofetso ya gagwe mme a neye Baiseraele naga eo. Ba ne ba laolwa ke seo ba neng ba se bona, dilo tse di bonalang. Mo go ba ba 12 bao, ke Joshua le Kalebe fela ba ba neng ba tsamaya ka tumelo eseng ka pono. (Bapisa 2 Bakorintha 5:7.) E ne ya nna bone fela ba ba neng ba falola mo gare ga banna bao mme ba tsena mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng ka go bo ba ne ba bontsha fa ba na le tumelo.—Dipalō 13:1-33; 14:35-38.

19. Motheo o tumelo e ka agelwang mo go one o boteng go gaisa pele ka tsela efe gompieno, mme lefa go le jalo re tshwanetse go dira eng?

19 Gompieno, re fela fa melelwaneng ya lefatshe le lesha la Modimo la tshiamo. Re tlhoka tumelo gore re tsene mo go lone. Ka boitumelo, motheo wa boammaaruri oo tumelo e thailweng mo go one ga o ise o nne boteng ka tsela eno. Re na le Lefoko la Modimo le feletse, sekao sa ga Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng, re tshegeditswe ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba semoya ba le dimilione, le tshegetso ya moya wa Modimo o o boitshepo ka selekanyo se se fetang sa motlha ope fela. Lefa go le jalo, re dira sentle go sekaseka dintlha kaga tumelo mme re tseye dikgato tsa go e nonotsha fa re santse re ka kgona.

20. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di ipotsa?

20 ‘Ija, ke dumela gore seno ke boammaaruri,’ o ka nna wa rialo. Mme tumelo ya gago e nonofile go le kana kang? Ipotse jaana: ‘A Bogosi jwa ga Jehofa jwa selegodimo ke jwa mmatota mo go nna jaaka dipuso tsa batho? A ke anaanela le go tshegetsa phuthego e e bonalang ya ga Jehofa le Setlhopha Se Se Laolang? A ke kgona go bona ka matlho a tumelo gore merafe jaanong e phuthelwa go tsaya maemo a makgaolakgang a Hara-Magedona? A tumelo ya me e tshwana sentle le ya “boidiidi yo bo kalokalo yoa bashupi” jo bo umakiwang mo go Bahebera kgaolo 11?’—Bahebera 12:1; Tshenolō 16:14-16.

21. Tumelo e tlhotlheletsa jang ba ba nang le yone, mme ba segofadiwa jang? (Akaretsa dikakgelo tse di mo lebokosong le le mo tsebeng ya 13.)

21 Bao ba nang le tumelo e e thailweng mo boammaaruring ba tlhotlhelediwa gore ba tseye kgato. Fela jaaka setlhabelo se se neng sa amogelwa se se neng se dirwa ke Abele, ditlhabelo tsa bone tsa pako di itumedisa Modimo. (Bahebera 13:15, 16) Jaaka Noa, yo e neng e le moreri wa tshiamo yo a neng a utlwa Modimo, ba latelela tshiamo jaaka bareri ba Bogosi. (Bahebera 11:7; 2 Petere 2:5) Jaaka Aberahame, bao tumelo ya bone e thailweng mo boammaaruring ba utlwa Jehofa go sa kgathalesege gore seo se ba kgoreletsa jang le eleng le mo maemong a a lekang. (Bahebera 11:17-19) Jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba metlha ya bogologolo, bao ba nang le tumelo gompieno ba segofadiwa fela thata le go tlhokomelwa ke Rraabone yo o lorato wa selegodimo.—Mathaio 6:25-34; 1 Timotheo 6:6-10.

22. Tumelo e ka nonotshiwa jang?

22 Fa e le gore o motlhanka wa ga Jehofa mme o fitlhela gore tumelo ya gago e bokoa ka tsela nngwe, o ka dira eng? Nonotsha tumelo ya gago ka go ithuta Lefoko la Modimo ka botlhaga mme o letle molomo wa gago gore o penologe ka metsi a boammaaruri a a tletseng mo pelong ya gago. (Diane 18:4) Fa e le gore tumelo ya gago ga e nonotshiwe ka metlha, e ka nna ya koafala, ya se ka ya tlhola e dira, ya bo ya swa. (1 Timotheo 1:19; Yakobe 2:20, 26) Ititeye sehuba gore seno ga se kitla se diragalela tumelo ya gago. Kopa Jehofa gore a go thuse ka go rapela jaana: “Thusa go tlhoka go dumèla ga me.”—Mareko 9:24.

O Tla Araba Jang?

◻ Tumelo ke eng?

◻ Ke ka ntlha yang fa motho a ka se ka a nna le tumelo kwantle ga boammaaruri le moya o o boitshepo?

◻ Jesu Keresete o ne a nna Mowetsi wa tumelo ya rona jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go sekaseka gore tumelo ya rona e nonofile go le kana kang?

[Lebokoso mo go tsebe 13]

BA BA NANG LE TUMELO. . .

◻Ba bua ka Jehofa.—2 Bakorintha 4:13.

◻Ba dira ditiro tse di tshwanang le tse di neng di dirwa ke Jesu.—Yohane 14:12.

◻Ba kgothatsa ba bangwe.—Baroma 1:8, 11, 12.

◻Ba fenya lefatshe.—1 Yohane 5:5.

◻Ga ba boifisiwe ke sepe.—Isaia 28:16.

◻Ba tshwanelwa ke go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Yohane 3:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela