LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 9/15 ts. 14-19
  • “Thusa go Tlhōka go Dumèla ga Me”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Thusa go Tlhōka go Dumèla ga Me”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Rapelela Gore Tumelo E Fenye
  • Go Lebana le Diteko Tse Di kwa Pele ka Tumelo
  • Tumelo E E Tla Dirang Gore Re Itekanele
  • ‘Lo Bolokilwe ka Tumelo’
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Supa Tumelo e e Thailweng mo Boammaaruring
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 9/15 ts. 14-19

“Thusa go Tlhōka go Dumèla ga Me”

“Hoñ rra ñwana a goa, a re, Kea dumèla; thusa go tlhōka go dumèla ga me.”—MAREKO 9:24.

1. Ke eng seo se neng sa dira gore rre mongwe a tlhaeletse a re, “Kea dumèla; thusa go tlhōka go dumèla ga me”?

RRAAGWE mosimane yo a neng a tsenwe ke badimo o ne a ema fa pele ga ga Jesu Keresete. Abo monna yoo a ne a eletsa gore ngwana wa gagwe a fodisiwe jang ne! Barutwa ba ga Jesu ba ne ba sena tumelo e e lekaneng go ntsha ledimona leo, mme monna yoo o ne a tlhaeletsa jaana: “Kea dumèla; thusa go tlhōka go dumèla ga me.” Ka maatla a a neng a a neilwe ke Modimo, Jesu o ne a leleka ledimona leo, mme kwantle ga pelaelo a nonotsha tumelo ya ga rraagwe mosimane yoo.—Mareko 9:14-29.

2. Ke ka ditsela dife tse pedi tseo ka tsone Bakeresete ba sa tlhabiweng ke ditlhong ka ntlha ya tumelo?

2 Fela jaaka rraagwe mosimane yo a neng a na le tsholofelo yoo, motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa ga a tlhabiwe ke ditlhong go bolela a re: “Kea dumèla.” Basotli ba ka nna ba ganela gore Modimo o na le maatla, ba ganetsa gore Lefoko la gagwe le boammaaruri, le eleng go ganela gore o teng. Mme Bakeresete ba boammaaruri ba dumela fela ba sa etsaetsege gore ba dumela mo go Jehofa Modimo. Lefa go le jalo, fa ba bua mo sephiring le Rraabone wa selegodimo, bone batho bano ba ka nna ba kopa jaana: “Thusa go tlhoka go dumèla ga me.” Seno ba se dira fela ba sa tlhabiwe ke ditlhong, ba itse gore le bone baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba kile ba mo kopa jaana: “Totisa tumèlō ea rona.”—Luke 17:5.

3. Ke eng se se botlhokwa ka tsela eo Johane a dirisitseng lefoko “tumèlō” ka yone mo Efangeleng ya gagwe, mme ke ka ntlha yang fa seno se tshwanela?

3 Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di bua go le gontsi ka tumelo. Ebile, Efangele ya ga Johane e dirisa mafoko a a farologaneng a a amanang le “tumèlō” ka makgetlo a le 40 lekgolong kgapetsa go feta Diefangele tse dingwe tse tharo di kopane. Johane o ne a gatelela gore go nna le tumelo ga go a lekana; go e bontsha go botlhokwa. Fa a ne a kwala mo e ka nnang ka 98 C.E. o ne a bona dikgogenyana tse di botlhole tsa botenegi di tsamaela go tshwara Bakeresete ba ba neng ba le bokoa mo tumelong. (Ditihō 20:28-30; 2 Petere 2:1-3; 1 Yohane 2:18, 19) Ka jalo go ne go le botlhokwa gore ba supe tumelo, ba neye bosupi jwa gore ba na le yone ka go dira ditiro tse di supang poifomodimo. Ba ne ba santse ba tla nna mo mathateng.

4. Ke ka ntlha yang fa bao ba nang le tumelo ba sa palelwe ke sepe?

4 Tumelo e dira gore Bakeresete ba kgone go itshokela mathata ape fela. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore fa ba ne ba na le “tumèlō e e kanañ ka tlhaka ea peo ea mosetara,” ba ne ba se kitla ba palelwa ke sepe. (Mathaio 17:20) Ka tsela eo, o ne a gatelela gore tumelo e maatla, ke loungo lwa moya o o boitshepo. Jesu ka gone o ne a sa gatelele se batho ba ka kgonang go se dira, mme se moya wa Modimo, kana maatla a a dirang a a gagwe a neng a ka se dira. Bao ba kaelwang ke one ga ba godise dikgoreletsi tse dinnye le mathata a mannye ba di dira gore e nne tse dikgolo thata. Go dirisa botlhale joo moya wa Modimo o bo nayang go ba thusa go leba dilo ka tsela e tshwanetseng. Le eleng mathata a a masisi a a nyelela fa a rarololwa ka maatla a a tshedisang a tumelo.—Mathaio 21:21, 22; Mareko 11:22-24; Luke 17:5, 6.

Go Rapelela Gore Tumelo E Fenye

5-7. (a) Ke mafoko afe a a tlhagisang ka tumelo ao Jesu a neng a a bolela fa a ne a tlhoma Segopotso? (b) Tumelo ya ga Petere e ne ya mo thusa jang go nonotsha bakaulengwe ba gagwe?

5 Jesu o ne a keteka Tlolaganyo le barutwa ba gagwe lekgetlo la bofelo ka 33 C.E. Morago ga fa a sena go ntsha Judase Isekariota o ne a tlhoma moletlo wa Segopotso a bolela jaana: “Me ke lo baea bogosi, yaka Rrè a bo mpeile . . . Simona, Simona, bōna, Satane o lopile gore lo mo neèlwè, gore a tlè a lo hèhèrè yaka mabèlè: Me ke gu rapeletse gore tumèlō ea gago e se tlhaele: me le wèna u re u sena go shokologa, u tlo u thatahatsè bakauleñwe ba gago.”—Luke 22:28-32.

6 Jesu o ne a rapela gore Simone Petere a se ka a felelwa ke tumelo. Lemororo Petere ka go itshepa thata a ne a ipelafatsa ka gore ga a kitla a itatola Jesu, ka bonako fela morago ga foo o ne a dira jalo ka makgetlo a mararo. (Luke 22:33, 34, 54-62) Ebile tota, dinku di ne tsa gasagana fa Modisa a ne a bolawa jaaka go ne go boleletswe pele. (Sekaria 13:7; Mareko 14:27) Lefa go ntse jalo, fa Petere a sena go rarabologelwa go tswa mo seraing sa poifo se a neng a wetse mo go sone o ne a nonotsha bomorwarraagwe ba semoya. O ne a tsosa kgang ya gore go batliwe mongwe yo o tla emelang Judase Isekariota yo a neng a sa ikanyege. Petere o ne a dirisa sa ntlha sa “dikopololō” tseo Jesu a neng a di mo file, go bulela Bajuda gore e nne maloko a Bogosi fa a ne a dira jaaka mmueledi wa baaposetoloi ka Pentekosete ya 33 C.E. (Mathaio 16:19; Ditihō 1:15–2:41) Satane o ne a batlile thata gore a tshware baaposetoloi mme a ba fefere jaaka korong, mme Modimo o ne wa tlhomamisa gore tumelo ya bone e se ka ya swa.

7 Akanya fela gore Petere o ne a ikutlwa jang fa a ne a utlwa Jesu a bolela jaana: “Me ke gu rapeletse gore tumèlō ea gago e se tlhaele.” Akanya fela ka seo! Morena le Mong wa ga Petere o ne a mo rapeletse gore tumelo ya gagwe e se ka ya tlhaela. Mme ga ya ka ya tlhaela kana ya swa. Ebile, ka letsatsi la Pentekosete, Petere le ba bangwe e ne ya nna bone batho ba ntlha go tlodiwa ka moya o o boitshepo go nna bana ba ntlha ba Modimo ba semoya, bao mo isagweng e neng e tla nna bajaboswa mmogo le Keresete mo kgalalelong ya selegodimo. Ba ne ba ka kgona go bontsha loungo lwa moya o o boitshepo, go akaretsa le tumelo go gaisa nako epe fela pele ga foo, ka go bo moya o o boitshepo o ne o dira mo go bone ka selekanyo se se iseng se bonwe pele. Abo kopo eno ya bone e ne e arabilwe ka tsela e e molemo jang ne: “Totisa tumèlō ea rona”!—Luke 17:5; Bagalatia 3:2, 22-26; 5:22, 23.

Go Lebana le Diteko Tse Di kwa Pele ka Tumelo

8. Ke tlhagiso efe e e mo nakong eo phuthego e e re fileng mabapi le go diragadiwa ga 1 Bathesalonia 5:3?

8 Re tla tloga re utlwa tlhaeletso ya “Kagishō le thagamō” e le fa go diragadiwa boperofeti jwa Bibela. (1 Bathesalonia 5:3) A tumelo ya rona e tlile go lekwa ke seno? Ee, ka go bo re mo kotsing ya go tshwarwa re itebetse ka ntlha ya fa merafe e tla lebega ekete e a atlega mo go lereng kagiso. Mme ga re kitla re nna le seabe mo tlhaeletsong eo ya go bolela fa go na le kagiso fa re ka nna re gakologetswe gore Jehofa Modimo ga a dirise makgotla ape fela a lefatshe leno go e lere. O na le tsela ya gagwe ya go lere kagiso ya boammaaruri, mme ke ka Bogosi jwa gagwe fela mo pusong ya ga Jesu Keresete. Ka gone, go atlega gope fela go merafe e ka nnang le gone go lere kagiso, e tla nna go go khutshwane fela e se ga mmatota. Go re thusa gore re nne re itisitse mo go seno, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o tla tswelela a ntse a gatisa ditlhagiso tse di mo nakong gore batlhanka ba ga Jehofa ba tle ba se ka ba tshwarwa ba itebetse fa merafe ya tsamaiso eno e kgologolo ya dilo e tlhaeletsa ka gore “Kagishō le thagamō” mme e se ya mmatota.—Mathaio 24:45-47.

9. Ke ka ntlha yang fa go senngwa ga Babelona O Mogolo go tlile go batla gore re nne pelokgale re bo re nne le tumelo?

9 Tlhaeletso ya “Kagishō le thagamō” e tla nna one molodi o o tla bitsang “tshenyègō ea choganeco” e e tla tlelang Babelona O Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolō 17:1-6; 18:4, 5) Seno le sone se tla leka tumelo ya Bakeresete. Fa bodumedi jwa maaka bo tla bo bo nyelela jalo bo nna matlotla fela, a tumelo ya Basupi ba ga Jehofa e tla sala e ntse e nonofile? Eleruri e tla nna jalo. Tiragalo eno—e e sa lebelelwang le e batho ba sa kgoneng go akanya gore e tlile go nna ka tsela efe—ga e kitla e dirwa ke motho. Batho ba tshwanetse go itse gore totatota ke katlholo ya ga Jehofa, fa a tla bo a itshekisa leina la gagwe leo bodumedi jwa maaka bo sa bolong go nna bo le leswefatsa. Mme batho ba ne ba ka itse jang fa mongwe a se kile a ba bolelela? Mme ke mang kwantle ga Basupi ba ga Jehofa yo a neng a ka lebelelwa go ba bolelela?—Bapisa Esekiele 35:14, 15; Baroma 10:13-15.

10. Tumelo ya rona e tlile go lekwa gape jang fa Goga a tlhasela batho ba ga Jehofa?

10 Basupi ba ga Jehofa ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng di ile tsa nna le bopelokgale jo bo tlhokegang go bolelela ba bangwe ka go diragadiwa go go tlang ga dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Babelona O Mogolo le tsamaiso yotlhe ya ga Satane ya dilo. (2 Bakorintha 4:4) Mo boemong jwa gagwe jaaka Goga wa Magoga, seo se kayang boemo jwa gagwe jo bo oleng, Satane o tla etelela pele masole a gagwe a selefatshe gore a lwe le batho ba Modimo. Tumelo e Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone mo maatleng a Modimo a go sireletsa e tla lekwa. Mme re ka nna le tumelo ya gore fela jaaka Lefoko la Modimo le ile la bolelela pele gore Jehofa o tla golola batho ba gagwe.—Esekiele 38:16; 39:18-23.

11, 12. (a) Ke eng se se neng sa tlhomamisa gore Noa le lelapa la gagwe ba tla bolokwa ka nako ya Morwalela? (b) Ga re kitla re tlhoka go tshwenyega ka eng ka nako ya sepitla se segolo?

11 Gompieno, ga re itse sentlentle gore Jehofa o tla sireletsa batho ba gagwe jang ka nako ya “sepitla se segolo,” mme seno ga e a tshwanela go nna lebaka la go belaela gore o tla dira jalo. (Mathaio 24:21, 22) Boemo jwa batlhanka ba segompieno ba Modimo bo tla tshwana le joo Noa le lelapa la gagwe ba neng ba iphitlhela ba le mo go jone ka nako ya Morwalela. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba boifa thata fa ba bona tsela eo Modimo o neng o supa maatla a one ka yone ebile ba tshwanetse ba bo ba ne ba rapela ka tlhoafalo fa ba ntse ba tswaletswe jalo mo arakeng ba dikologilwe ke metsi a a neng a phothosela go ba dikologa. Dikwalo ga di supe ka gope gore ba ne ba tshwenyegile mme ba ipotsa jaana: ‘A tota araka eno e nonofile sentle gore e ka se ka ya senngwa ke morwalela o o senyang ono? A re na le dijo tse di tla lekanang go fitlha Morwalela o feta? A re tla kgona go tshela mo lefatsheng le le fetogileng morago ga seno?’ Se se neng sa diragala morago ga foo se ne sa supa gore go tlhobaela ka tsela e e ntseng jalo e ne e tla bo e ne e le go itshwenya fela.

12 Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tlhoka go supa tumelo go tlhomamisa gore ba tla bolokwa. Seno se ne se kaya gore ba ne ba tshwanetse go reetsa ditaolo le kaelo ya moya wa Modimo o o boitshepo. Ka nako ya sepitla se segolo, go tla nna botlhokwa fela ka tsela e e tshwanang gore re latele kaelo ya moya o o boitshepo mme re ikobele ditaolo tsa ga Jehofa tse a re di nayang ka phuthego ya gagwe. Ka gone he re tla bo re sena lebaka la go tlhobaela le go botsa jaana: ‘Re tlile go bona jang dilo tse re di tlhokang semoyeng le nameng? Ke eng se se tlileng go direlwa batho ba ba godileng kana bao ba tlhokang go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng ya kalafi kana ka melemo? Jehofa o tlile go dira jang gore re kgone go falolela mo lefatsheng le lesha?’ Batlhanka botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla tlogelela sengwe le sengwe mo diatleng tsa gagwe gonne ba na le tumelo e e nonofileng.—Bapisa Mathaio 6:25-33.

13. Fela fa sepitla se segolo se simolola, ke ka ntlha yang fa re tlile go tlhoka go nna le tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame?

13 Fa sepitla se segolo se setse se simologile, ga go na pelaelo ya gore tumelo ya rona mo Modimong e tla nonotshiwa thata. Mo godimo ga moo, re tla kgona go bona gore Jehofa o dira seo a boletseng gore o tla se dira. Re tla bo re iponna ka matlho fa katlholo ya gagwe e diragadiwa! Mme a rona ka borona re tla bo re na le tumelo e e lekaneng go dumela gore Modimo o tla boloka batho ba gagwe fa a nyeletsa baikepi? A o tla tshwana le Aberahame, yoo a neng a dumela gore ‘Moatlhodi wa lefatshe lotlhe o tla dira tshiamo,’ a sa senye basiami le baikepi?—Genesise 18:23, 25.

14. Ke dipotso dife tse di tshwanetseng tsa re dira gore re sekaseke tumelo ya rona le gore re dire ka natla go e nonotsha?

14 Abo go le botlhokwa thata jang ne gore re age tumelo ya rona! Ereka bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo bo le gaufi thata jaana, a re letleng moya wa Modimo gore o re rotloetse gore re ‘tshele ka boitshepo le ka poifomodimo.’ (2 Petere 3:11-14) Mme ga re kitla re tshwenngwa ke megopolo e e tshwanang le eno e e tshwenyang thata ka sepitla se segolo: ‘A ke tshwanela go sirelediwa ke Jehofa? A nka bo ke dirile se se oketsegileng mo tirelong ya gagwe? A ruri ke ile ka dira ka natla go “apara motho yo mosha”? A ke mofuta wa motho o Jehofa a batlang a tsena mo lefatsheng le lesha?’ Dipotso tse di ntseng jalo tse di dirang gore motho a akanye di ka re thusa go sekaseka tumelo ya rona le go dira ka natla go e nonotsha jaanong!—Bakolosa 3:8-10.

Tumelo E E Tla Dirang Gore Re Itekanele

15. Ke eng seo Jesu ka dinako tse dingwe a neng a se bolelela bao a neng a ba fodisa, mme ke ka ntlha yang fa seno se sa tshegetse go fodisa ka tumelo go go dirwang gompieno?

15 Jesu ga a ka a fodisa fela mebele ya batho ba ba neng ba na le tumelo. (Yohane 5:5-9, 13) Ka jalo tiro ya gagwe ga e tshegetse ka gope thuto e e seng ya Dikwalo ya go fodisa ka tumelo. Ke boammaaruri gore Jesu ka dinako tse dingwe o ne a bolelela bao a neng a ba fodisitse a re: “Tumèlō ea gago e gu hodisitse.” (Mathaio 9:22; Mareko 5:34; 10:52; Luke 8:48; 17:19; 18:42) Mme fa a ne a bua seno o ne a bolela fela boammaaruri bongwe jo bo itsegeng thata: Fa e le gore bao ba neng ba lwala bao ba ne ba sa dumele gore Jesu o nonofile go ba fodisa, ba ka bo ba se kile ba itshwenya go tla kwa go ene gore a ba fodise.

16. Ke thulaganyo efe ya go alafa eo Jesu a e kaelang gompieno?

16 Gompieno, Jesu Keresete o kaela thulaganyo nngwe ya go fodisa ya semoya, mme batho ba ba fetang 4 000 000 ba eme sentle gore ba bone melemo go tswa mo go yone. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, ba itumelela go bo ba itekanetse sentle semoyeng lemororo ba ka tswa ba na le malwetsi mangwe mo nameng. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba leng mo gare ba bone ba na le tsholofelo ya go ya kwa legodimong, mme ba ‘lebile dilo tse di sa bonaleng tsa bosaeengkae.’ (2 Bakorintha 4:16-18; 5:6, 7) Mme Bakeresete ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba lebeletse pele go fodisiwa mo mmeleng mo lefatsheng le lesha la Modimo.

17, 18. Ke eng seo Jehofa a se baakanyeditseng seo se tlhalosiwang mo go Tshenolō 22:1, 2, mme tumelo e tlhokega jang gore se tle se re solegele molemo?

17 Moaposetoloi Johane o ne a bua ka dilo tseno tse Modimo o di baakanyeditseng botshelo jo bo sa khutleng ka mafoko ano a a mo go Tshenolō 22:1, 2 jaana: “Me a mpontsha noka ea metse a botshelō, e galalèla yaka legwèka, e cwa mo setuloñ sa Modimo le sa ga Kwana, E le mo gare ga mmila oa motse. Me moseya ono ga noka, le moseya ole, ga bo go le setlhare sa botshelō, se se uñwañ mauñō a le mehuta e le shomè le bobedi, se uñwa ka kgwedi ñwe le ñwe: me makakaba a setlhare e ne e le a a hodisañ merahe.” “Metse a botshelō” a akaretsa Lefoko la Modimo la boammaaruri le sengwe le sengwe se Jehofa a se baakanyeditseng go dira gore batho ba ba boikobo ba se ka ba tlhola ba leofa le go swa mme a ba naya botshelo jo bo sa khutleng mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. (Baefesia 5:26; 1 Yohane 2:1, 2) Fa ba santse ba le mo lefatsheng, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba ba 144-000 ba nwa metsi a botshelo a ba a baakanyeditsweng ke Modimo ka Keresete mme ba bidiwa “ditlhare tsa tshiamō.” (Isaia 61:1-3; Tshenolō 14:1-5) Ba ile ba ungwa maungo a mantsi mo lefatsheng. Jaaka batho ba ba tsositsweng kwa legodimong, ba tla nna le seabe mo go direng gore batho ba bone melemo ya thekololo e e tla “hodisañ merahe” mo boleong le mo losong ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete.

18 Fa tumelo ya rona e nonofile ka tsela e kgolwane mo dilong tse Modimo o re di baakanyeditseng, re tla batla go latela kaelo ya moya wa gagwe ya gore re di dirise ka mo go oketsegileng. Boitekanelo jwa mmele go bonala bo tla tla fa motho a ntse a supa fa a dumela mo go Keresete le fa a ntse a gatela pele semoyeng. Lemororo motho a tla bo a fodisitswe makoa a gagwe a magolo ka kgakgamatso, o tla nna a itekanela ka mo go oketsegileng fa a ntse a dira ditiro tse di siameng. O tla bo a dirisa dilo tse di alafang tse Modimo o di re baakanyeditseng ka setlhabelo sa ga Keresete. Ka jalo tumelo e tla tlhotlheletsa tsela e re tla bong re alafiwa le go itekanedisiwa ka yone mo nameng.

‘Lo Bolokilwe ka Tumelo’

19. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne re nonofile mo tumelong?

19 Pele go tla ga lefatshe le lesha la Modimo go nyeletsa lefifi la lefatshe la gone jaanong le le boikepo, abo go tla bo go le botlhokwa jang ne gore batlhanka ba ga Jehofa ba nne le tumelo e e nonofileng! Batho “ba ba sa dumeleñ” ba tla latlhelwa “mo bodibeñ yo bo shañ ka molelō le sulefura,” seo e leng loso lwa bobedi. Fa go twe se diragetse morago, e tla bo e le morago ga teko ya bofelo kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete. (Tshenolō 20:6-10; 21:8) Abo ba ba tla tswelelang ba bontsha tumelo le ba ba tla falolang go ya go ipelela isagwe e e sa khutleng ba le lesego jang ne!

20. Bakorintha wa ntlha 13:13 e tlile go nna le bokao jo bo kgethegileng jang kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse Di Sekete?

20 Morago ga foo mafoko ano a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 13:13 a tla nna le bokao jo bo kgethegileng: “Me yana go sala tumèlō, le cholohèlō, le loratō, boraro yo; me se segolo mo boraruñ yo ke loratō.” Ga re kitla re tlhola re tlhoka go dumela gore tsholofetso ya seperofeti e e mo go Genesise 3:15 e tla nna ya mmatota kana go solofela gore e tla diragadiwa. E tla bo e setse e diragetse. Jaaka batho ba ba bolokang bothokgami, re tla tswelela go solofela mo go Jehofa, re dumela mo go ene le mo go Morwawe, le go ba rata jaaka bao ba diragaditseng boperofeti jono. Mo godimo ga moo, lorato lo lo boteng le go batla go supa tebogo go tswa mo pelong ka go bo re bolokilwe lo tla re bofaganya le Modimo mme re tla ineela mo go ene ka bosakhutleng.—1 Petere 1:8, 9.

21. Ke eng seo re tshwanetseng go se dira gompieno gore re tle re ‘bolokiwe ka tumelo’?

21 Jehofa o dirile dipaakanyetso tse di molemolemo go nonotsha tumelo ya rona ka phuthego ya gagwe e e bonalang. Di dirise sentle tsotlhe. Nna gone ka metlha o bo o nne le seabe kwa dipokanong tsa batho ba Modimo. (Bahebera 10:24, 25) Ithute Lefoko la gagwe le dikgatiso tsa Bokeresete ka botlhaga. Rapela Jehofa gore a go neye moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13) Etsa tumelo ya bao ba etelelang phuthego pele ka boikobo. (Bahebera 13:7) Itise gore lefatshe leno le se ka la go tsietsa, (Mathaio 6:9, 13) Ee, o bo o nonotshe kamano ya gago ka namana le Jehofa ka tsela nngwe le nngwe fela e e ka kgonegang. Mo godimo ga tsotlhe, tswelela o supa fa o na le tumelo. Ka go dira jalo o ka kgona go nna gareng ga bao ba itumedisang Jehofa le bao ba tla bolokiwang, ka go bo Paulo o ne a bolela jaana: “Lo bolokilwe ka tshegōhaco ka tumèlō; me le gōna go bile go sa cwe mo go lona: me ke nèō ea Modimo.”—Baefesia 2:8.

O Tla Araba Jang?

◻ Ke diteko dife tsa tumelo tseo di leng fela fa pele ga rona?

◻ Ke ka ditsela dife tse pedi tseo tumelo ya rona e ka dirang gore re itekanele?

◻ Go ya ka 1 Petere 1:9, re tshwanetse go nna le tumelo ka lobaka lo lo kana kang?

◻ Ke dilo dife tse re di neilweng tseo re ka nonotshang tumelo ya rona ka tsone?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jaaka rre yoo Jesu a neng a fodisa morwawe, a o bona go le botlhokwa gore o nne le tumelo e e oketsegileng?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go tlile go tlhokega gore re nne le tumelo e e tshwanang le ya ga Noa le lelapa la gagwe gore re tle re falole “sepitla se segolo”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela