LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 10/15 ts. 22-25
  • “Go Ema Re Tlhomame Jaaka Letsomane le le Lengwe Fela” kwa Chad

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Go Ema Re Tlhomame Jaaka Letsomane le le Lengwe Fela” kwa Chad
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Kwa N’Djamena
  • Mo Tseleng E E Yang kwa Pala
  • Setlhopha Se Se Tlhaga sa Kwa Kélo
  • Koumra, Doba, le Bongor
  • Ba A Utlwana le Fa Ba Kgaogane Thata
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 10/15 ts. 22-25

“Go Ema Re Tlhomame Jaaka Letsomane le le Lengwe Fela” kwa Chad

Fela jaaka Bakeresete ka bone go dikologa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Chad ba anaanela dikopano tsa ngwaga le ngwaga tseo di baakanyediwang go ba aga semoyeng. Eno ke pego ya loeto lwa metseletsele ya malatsi a kopano e e kgethegileng eo e neng ya tshwarwa mo karolong e e kwa borwa ya naga eno e e dikaganyeditsweng ke dinaga tse dingwe e e kwa bogare jwa Afrika.

Dikopano tsa kwa Chad gantsi di tshwarwa ka ditlhophanyana tse dinnye le ka nako e e tlhomiwang go lebilwe maemo a loapi ka ntlha ya bokgakala le mathata a dipalangwa. Go tloga ka June go fitlha ka September, setlha sa pula se dira gore mosepele o nne bokete tota mme mo mafelong a mangwe o retele gotlhelele. Malatsi a dikopano tse di kgethegileng a nna fa dipula tse dikgolo di sena go feta. Malatsi a boikhutso a bokhutlo jwa ngwaga a siametse dikopano tse dikgolwane tsa kgaolo. Mme pele dipula di simolola gape ka June, go tshwarwa dikopano tsa potologo tsa malatsi a le mabedi.

GO NE go le mogote ebile go le bongola mo thapameng eo ya Sontaga. Holo ya Bogosi ya kwa N’Djamena, motsemogolo wa Chad, e ne e tletse ka batho ba le 184. Lemororo go ne go le mogote, ba ne ba reeditse puo ka tlhoafalo ya setlhogo se se reng, “Go Ema Re Tlhomame mo Moyeng O Le Mongwe Fela.” Mo mosong, ba ne ba itumelela go bona batho ba bararo ba bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo metsing. Eno e ne le letsatsi la ntlha la dikopano tse di kgethegileng tse thataro tseo nna le molebedi yo o etang wa mo lefelong leo, re neng ra nna le tshiamelo ya go di tshwara.

Setlhogo sa metseletsele eno, “Go Ema Re Tlhomame Jaaka Letsomane Le Le Lengwe Fela,” se ne sa itumelelwa thata ke Basupi ba ba 267 ba kwa Chad. Ba nna kgakala le Bakeresete ka bone ba kwa dinageng tse dingwe. Lefa go le jalo, ba tswelela ba dira ka kutlwano le bakaulengwe ba bangwe ba bone mo lefatsheng ka bophara ka gonne ba kgothadiwa ke go amogela dijo tse di tshwanang tsa semoya le go tlhokomelwa ka tsela e e tshwanang. Kgakololo e e mosola ya thulaganyo eno e ne ya ba nonotsha gore ba eme ba nonofile kgatlhanong le tlhotlheletso e e bolalome ya lefatshe la ga Satane le pogiso kana kganetso.

Kwa N’Djamena

Phuthego ya ntlha ya Basupi ba ga Jehofa mo Chad e ne ya tlhomiwa mo N’Djamena ka 1964. Jaanong e na le baboledi ba mafoko a a molemo a Bogosi ba ba fetang 90. Go ne go itumedisa tota go leba bareetsi le go bona bontsi jwa bao ba sa bolong go nna ba dira ka boikanyegi fa esale mo malatsing a ntlha a tiro mo Chad. Mokaulengwe mongwe o ne a na le basadi ba bararo fa a simolola go ithuta boammaaruri jwa Bibela. Ka bonako fela o ne a bona botlhokwa jwa go tshela ka ditekanyetso tsa Bibela. O ne a nyala mosadi wa gagwe wa ntlha kafa molaong mme a kgaogana le ba bangwe, lemororo a ne a dira thulaganyo ya go ba tlhokomela. O ne a kolobediwa ka 1973 mme o ntse a le tlhaga mo tirong fa esale go tloga ka nako eo.

Tumelo ya mogolwane mongwe yo a neng a nna le seabe mo thulaganyong e ne ya lekwa thata. Puso e e neng e busa ka 1975 e ne ya pateletsa gore go obamelwe dingwe tsa dingwao tseo di neng di thailwe mo go obameleng baswi; mongwe le mongwe yo a neng a sa dire tumalanong le seo o ne a ka bolawa. Puso e ne ya simolola go tsoma mokaulengwe yono ka a ne a emela tumelo ya gagwe a nonofile. O ne a kgona go falola fela ka gonne go ne ga busa puso e nngwe.

Mo Tseleng E E Yang kwa Pala

Fa re fetsa kwa N’Djamena, re ne ra simolola loeto lo lo lebang kwa borwa go ya go tshwara dikopano tsa bofelo tse tlhano. Re ne re tlhola re tsamaya ka tsela eno mme e ne e le fela ka setlha se eseng sa dipula. Jaanong, September e ne e ya kwa bokhutlong mme setlha sa dipula se ne se tloga se fela, sengwe le sengwe se ne se le setala ebile se tlhoga. E ne e le nako e e itumedisang go tsamaya ka yone. Re ne ra feta masimo a mantsi a lebelebele. Diako tse di leng mo matlhakeng a maleele tse di neng di iphaphathile le tsela di ne di setse di butswa. Di ne di tla tloga di rojwa, di omisiwa, di bo di bolokiwa mo difaleng tse di motsu kwa godimo tse di agilweng ka mmopa tse di tletseng mo mafelong a masimo. Lebelebele ke sejo se segolo sa Ba-Chad ba bantsi. Se setliwa mo kikeng e tona ka motshe wa logong oo gantsi o leng moleele go feta motho yo o setlang. Morago ga foo boupe joo bo tlhakanngwa le metsi a a belang bo bo bo dirwa dikgaragana tseo di tla jewang ka moro o o dirilweng ka okra kana matonkomane.

Re ne ra bona masimo a mantsi a katune fa re ntse re tsenelela kwa teng re lebile kwa borwa. Ka gonne lefelo le le mo karolong e e kwa borwa eno le le sebatla, masimo a a neng a thuntse ano a ne a lebega jaaka ekete a fitlha kwa kgaleng. Go ise go e kae malapa a tla bo a tlile go roba katune eno ka diatla. Katune ke sejalo seo ba kgonang go se rekisa motlhofo mo Chad, gape go ile ga kotulwa ditone di le 133 000 ka 1988. Re ne ra feta Letsha la Léré moragonyana mo thapameng eo. Fano naga e tletse dithaba ebile e kgatlha tota, segolobogolo ka nako eno ya ngwaga. Ereka re ne ra fitlha koo ka nako e e tshwanetseng re ne ra kgona go reka ditlhapi tse di sa tswang go tshwarwa tseo di neng di besiwa fa thoko ga tsela. E ne e le dijo tseo mongwe le mongwe yo o laleditseng baeng a neng a ka rata go di ba naya.

Selo sengwe seo se dirang gore mosepele mo setlheng seno o nne bokete ke gore fa pula e ka na, ditsela di a thijwa gore dipalangwa di se ka tsa feta. Ka ntlha yang? Gore ditsela di se ka tsa senyega. Ka jalo re ne ra felelwa ke tsholofelo fa re bona loapi lo nna lontsho jaaka inka fa pele ga rona. Eleruri re ne re sa eletse go robala mo puleng fa thoko ga tsela. Mme se se botlhokwa thata ke gore re ne re tla tsena thari kwa letsatsing la kopano e e kgethegileng. Se se itumedisang ke gore pula eno ya morago e e neng e na matsorotsoro e ne ya se ka ya fitlha kwa tseleng. Lemororo re ne ra tshwanela go ema lobakanyana kwa dithibeding dingwe di le mmalwa, re ne ra goroga bosigo re babalesegile kwa Pala, torotswana e e ka nnang le batho ba le 32 000. Mme abo re ne ra itumela jang ne fa re goroga koo! Re ne ra bona dinaledi le losagaripana lwa Milky Way mo loaping lo lo senang ngwedi loo lwa morago ga pula, e ne e le sengwe se se kgatlhang tota go se leba seo bontsi jwa batho ba ba nnang mo ditoropong tse dikgolo ba se kang ba se bona le ka motlha. Se ne sa re gakolola ka lebaka la go bo re nna re nonofile—go tlotla Mmopi yo Mogolo wa lobopo lono lo lo gakgamatsang.

Go ne ga phuthega diphuthego tse pedi le setlhophanyana sengwe kwa Pala. Go ne go na le bakaulengwe bangwe ba bararo ba babotlana ba ba neng ba tsamaile ka dinao dikilometara di le 100 go tla kwa kopanong eno. Ereka dikopano tsa kwa borwa di le dinnye ebile go na le bakaulengwe ba le mmalwa fela, dikarolo dingwe tsa thulaganyo di ne di gatisitswe kwa kopanong e e kwa N’Djamena mme tsa dirisiwa gape. Seno se kgonisa gore thulaganyo e nne ya maemo a a kwa godimo le eleng lefa go tla palonyana e nnye fela. Re re ra itumelela go nna le mokolobediwa a le mongwe.

Setlhopha Se Se Tlhaga sa Kwa Kélo

Morago re ne ra tsaya loeto lo lokhutshwane go ya kwa Kélo, koo go neng ga nna le batho ba le 194 kwa thulaganyong ka Sontaga. Malapa a mantsi a a nang le bana ba bannye a ne a tsamaile dikilometara di feta 30 go tla fano. Go ne go tlile go kolobediwa batho bangwe ba babedi ba ba ineetseng bosha. Mo setlheng se eseng sa pula, gantsi go nna bothata go kolobetsa fa kopano e sa tshwarelwa gaufi le noka; ka gone, batho ba bantsi ba ne ba tshwanela go kolobediwa mo tankeng. Mme ereka setlha sa dipula se ne se sa tswa go feta, dilo di ne di le motlhofonyana. Lefa go ntse jalo, re ne ra tshwanela go tsamaya dikilometara di le 20 go bona lefelo le le tshwanetseng sentle.

Mongwe wa batho ba ba neng ba tlile go kolobediwa e ne le mosetsanyana mongwe yo tumelo ya gagwe e neng e lekilwe thata. Lelapa la gaabo le ne le solofeditse monna mongwe yo a neng a sa kgatlhegele go ithuta Bibela gore a mo nyale. Mo godimo ga moo, o ne a batla go nyala go ya ka ngwao ya setso go na le ka molao. Ereka a ne a dumela go duela bogadi jo bontsi, lelapa la gaabo le ne la mo gatelela tota. O ne a tshwanela go fudugela felo gongwe ka nakwana go tila lenyalo leno le le sa dumalaneng le Dikwalo leo le neng le batliwa ke lelapa la gaabo. O ne ema a nonofile mme a dira botswelelopele jo bo molemo tota. Fa esale ka a kolobediwa, lelapa la gaabo ga le tlhole le mo ganetsa. Re leboga Jehofa go bo re na le batho ba ba ikanyegang jalo mo go rona.

Bakaulengwe ba ba kwano ba na le mabaka a mangwe a go leboga Jehofa. Go ne ga nna le ntwa ya semorafe kwa Chad, mme morago ga nna le leuba le legolo ka 1984. Mogolwane mongwe wa mo lefelong leo o gakologelwa gore ka nako nngwe mo leubeng leo, o ne a leba mo Holong ya Bogosi mme a ipotsa gore a batho bao ba neng ba le teng moo ba ne ba tla bo ba santse ba tshela mo dikgweding di sekae tse di latelang. Lefa go ntse jalo, phuthego ya ga Jehofa e ne ya ba thusa ka dijo, mo maemong ao a bone. Jaanong ba supa kanaanelo ya bone ka go nna tlhaga mo tirelong. Go na le moya o o nonofileng thata wa bobulatsela kwa Kélo. Ka October 1989, baboledi ba Bogosi ba ba fetang nngwetharong ya phuthego ba ne ba baakanya mabaka a bone gore ba nne le seabe mo tirong ya go rera ka nako e e tletseng.

Seo se neng sa ba diragalela ka nako ya leuba se ne sa ba ruta gore le bone ba tshwanetse go aba. Mo ngwageng o o fetileng mogolwane mongwe mo phuthegong o ne a lwala ka bonako fela a bo a swa. O ne a tlogela lelapa le le nang le bana ba le robong, yo mmotlana mo go bone o ne a na le dikgwedi di le mmalwa fela. Mosadi wa gagwe o ne a gatelelwa ke lelapa laabo gore a hutsafale ka tsela eo e neng e kopanyeletsa kobamelo ya baswi. Bakaulengwe ba ne ba mo tshegetsa mme o ile a kgona go emelelana le kgatelelo eo. Morago phuthego e ne ya thusa go mo agela ntlo le bana ba gagwe ba bannye, mmogo le go mo thusa ka ditsela tse di farologaneng ka dilo tse di bonalang. Seno se ne sa felela ka bosupi jo bo molemo tota mo toropong, se bontsha kafa ditiro tsa Bokeresete di felelang ka boitumelo ka gone.—Ditihō 20:35.

Koumra, Doba, le Bongor

Morago ga foo re ne ra ya kwa Koumra. Tsela e e tshetsweng matlapana e ne ya dira gore loeto loo lwa dikilometara di le 300 lo nne bonolo. Mo tseleng, re ne ra ralala toropokgolo ya Moundou, eo eleng lefelo la difeketiri le le nang le batho ba ba fetang dikete di le lekgolo. Go ne ga tla batho ba le 71 kwa Koumra. Mokaulengwe mongwe yo mmotlana yo a neng a sa itse le kwa kgoro ya sekolo e lebileng teng o ne a bua kwa seraleng. O ne a tlhalosa kafa thulaganyo ya go ithuta go bala le go kwala ya kwa Holong ya Bogosi e neng ya mo thusa ka gone ya bo ya mo dira gore a itshephe. Jaanong o tshwara dithuto ka Bibela le batho ba bangwe ba banè.

Morago ga letsatsi la kopano e e kgethegileng kwa Koumra, re ne ra boela gape kwa N’Djamena, mme ra ema kwa Doba go tshwara kopano ya botlhano mo metseletseleng eno ya rona. Bangwe ba bao ba neng ba tla kwa go yone ba ne ba tshwarwa ke pula mme ba tshwanela go lala fa thoko ga tsela. Lefa go le jalo, mongwe le mongwe o ne a goroga sentle pele thulaganyo ya kwa Doba e simolola. Go ne go na le ba le 51 mme go ne ga kolobediwa motho a le mongwe.

Re ne ra ema labofelo kwa Bongor. Leno ke lefelo leo go lengwang reisi kwa go lone, mme re ne ra gakgamadiwa ke go bo lefelo la gone le le sebatla. Palo ya ba ba neng ba le kwa Bongor e ne ya tlisa palo ya bao ba utlwileng thulaganyo eno mo Chad go 630. Palogotlhe ya ba ba neng ba kolobediwa e ne ya nna robong ka ba babedi ba ba neng ba kolobediwa koo.

Fa re boela kwa N’Djamena re ne re weditse loeto lwa dikilometara di ka nna 2 000. Re ne re itumeletse go kopana le batlhanka ba Modimo ba ba ileng ba ema ba tlhomame ka dingwaga tse dintsi, mmogo le go kopana le ba bantsi ba basha bao ba neng ba dira botswelelopele jo bo molemo. Botlhaga jwa bone mo bodiheding bo ne bo kgothatsa tota. Go ne ga nna le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 267 mo Chad ka October 1989, koketsego ya 20 lekgolong go feta ngwaga o o fetileng.

Ba A Utlwana le Fa Ba Kgaogane Thata

Fa re ntse re tsamaya go ralala naga re ne ra lemoga kafa go gwetlhang ka gone go rera mafoko a a molemo mo nageng e go buiwang dipuo tse di fetang 200 mo go yone. Lemororo Sefora le Searabia e le dipuo tsa semmuso mo Chad, thulaganyo e ne ya tshwanela go ranolwa go tswa mo Seforeng go ya mo puong e e farologaneng kwa go lengwe le lengwe la malatsi a kopano e e kgethegileng. Le eleng fa go le jalo, bontsi jwa ba ba neng ba tla kwa lefelong la kopano o fitlhela ba sa bue puo ya kgaolo eo, ka jalo go ne go na le bothata jwa go ba thusa go tlhaloganya thulaganyo.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ne ba re tlhokomela sentle mo mafelong otlhe a re neng ra a etela. Ka kakaretso fela dijo tse re neng re di bona e ne e le lebelebele kana kgaragana e e dirilweng ka boupe jwa reisi le moro o o natefisitsweng o o umakilweng pelenyana. Ka dinako dingwe dijo di ne di tlisiwa ke mosetsanyana di beilwe mo tereing di khurumeditswe ka letsela la mebala e e galalelang. O ne a rwala terei ka bonolo mo tlhogong, mme o ne o ka kgatlhiwa ke bonolo jwa gagwe.

Bontsi jwa baagi ba ba kwa bokone jwa Chad ke Bamoselema; batho ba ba kwa borwa gantsi ke Bakatoliki, Baporotesetanta, kana bao ba dumelang gore moya o ka tshela kwa ntle ga mmele. Puso e letla mongwe le mongwe go obamela jaaka a rata, mme re itumelela go kgona go kopana fela ka kgololesego.

Thulaganyo ya letsatsi la kopano e e kgethegileng e ne ya thusa setlhopha se sennye sa Basupi ba kwa Chad go anaanela gore lemororo ba le kgakala le bakaulengwe ba bone ba ba mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, eleruri ba mo letsomaneng le le lengwe fela le bone. E ne ya ba thusa gore ba “eme ka tlhōmamō mo moeeñ o le moñwe hèla” go sa kgathalesege dikgatelelo le dipogiso tseo ba di itemogelang.—Bafilipi 1:27.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela