LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 10/15 ts. 21
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Basodoma Ba Tshwana le Botlhe—Fa Pele ga Modimo?
  • Dikotsi tsa Madi Di Ntse Di Tswelela
  • Mopapa Kaga Tirelo ya Bosole
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Lemoga Dikgang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Go Bontsha Tlotlo mo Modimong ka Madi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • A Bosodoma bo ka Tsamaya bo Amogelesega?
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 10/15 ts. 21

Go Lemoga Dikgang

A Basodoma Ba Tshwana le Botlhe—Fa Pele ga Modimo?

Kwa nageng ya Australia ya Queensland, ditiro tsa bosodoma—le eleng le tseo di dirwang mo sephiring ke balekane ba ba utlwanang—molao ga o di letle. Bosheng jaana, setlhopha sa kereke nngwe e kgolo kwa nageng eo se ne sa ganetsa melao e e ntseng jalo thata mme se batla gore molao o letlelele bosodoma.

Go ya pampiri ya dikgang, The Courier-Mail, Joint Church Social Justice Group eno e dirilwe ke maloko a dikereke tsa Anglican, Roma Katoliki, Luthere, Baptist, Uniting le tsa Quakers (Mokgatlho wa Ditsala). Setlhopha seno se ne sa bua jaaka fa se ne se bolela gore melao e e leng gone e e kgatlhanong le bosodoma e thailwe mo go tlhokeng kitso le go tlhaola: “Re tshegetsa boemo jono re ikaegile ka tumelo ya gore batho baa tshwana fa pele ga Modimo mme ba tshwanetse go tshwana le fa pele ga molao. Re dumela gore motho yo e leng mosodoma ke motho fela jaaka motho yo o tlhakanelang dikobo le batho ba bong jo bongwe.”

Lemororo go le boammaaruri gore batho botlhe ba tsholwa ba tshwana, Modimo o leba bosodoma jang? Bibela e kgala ditiro tsotlhe tsa bosodoma jaaka tse eseng tsa tlholego le gore Modimo o ka se ka wa di amogela, le gore di isa kwa losong. Seno se ne se ntse jalo eseng fela kwa Iseraeleng wa bogologolo mme gape le mo metlheng ya Bokeresete. (Lefitiko 18:22; Baroma 1:26, 27) Tsela eo seno se kgalwang ka yone e phepafetse ebile ga e tlhoke go tlhalosiwa: “Go le baakahadi, . . . go le basodoma. . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.

Go na le go tsosa modumo wa gore molao o letlelele bosodoma,’ Bakeresete ba boammaaruri ba kgothatsa bao ba leng mo botlhankeng jwa mokgwa ono o o tlontlololang Modimo gore ba ikgolole mo go one mme ba retologele kwa Lefokong la Modimo la boammaaruri.

Dikotsi tsa Madi Di Ntse Di Tswelela

Patlisiso nngwe ya bosheng jaana e ne ya senola gore American Red Cross e ile ya dira diphoso di le makgolokgolo ka madi a a nang le malwetsi. Mo e ka nang halofo ya dielo tsa madi di ka nna dimilione di le 12 go ya go di le 15 a a dirisiwang kwa United States ngwaga le ngwaga a tswa go Red Cross. FDA, (Food and Drug Administration), karolo nngwe ya puso, e tshwanetse go itsisiwe ka madi ape fela a a ntshitsweng a a fitlhelwang a na le malwetsi. Lefa go le jalo, The New York Times e bolela gore motlhatlhobi mongwe wa puso o bolela gore gantsi Red Cross ga e dire jalo. O bolela gore fa go ne go tlhatlhobiwa direkoto tsa bone go ne ga fitlhelwa makgetlo a le 380 ao mo go one madi a a nang le malwetsi a neng a se ka a tshwarwa sentle ka tshwanelo mme ebile ga a ka a begiwa kwa pusong. Mo godimo ga moo, mo dikgetsing di le 228 tsa AIDS tseo di neng di bakiwa ke go tshelwa madi, motlhatlhobi yono o ne a fitlhela gore Red Cross e ne e begetse FDA di le 4 fela.

Lemororo ba bantsi ba santse ba a leba jaaka a a bolokang botshelo, madi a a tshelwang a bolaya diketekete tsa batho ngwaga le ngwaga. Lefa go le jalo, baobamedi ba boammaaruri bao ba obamelang melao ya Gagwe ka madi, ka nako e e tshwanang e ba sireletsa gape le mo dikotsing tsa tshelo ya madi. Modimo o ne wa laela jaana: “Lo se ka lwa ja madi; a tshololeleng mo mmung jaaka metsi . . . gore lo tle lo tshele sentle le bana ba lona morago ga lona, gonne lo tla bo lo dira se se siameng.”—Duteronome 12:23-25, New International Version.

Mopapa Kaga Tirelo ya Bosole

Mo ngwageng o o fetileng mopapa o ne a kopana le batho ba ba katisediwang bosole ba le 7 000 kwa lefelong la masole la kwa Cecchignola kwa Roma. Ka nako eo, balaodi ba le banè bao ba neng ba emela mophato oo ba ne ba botsa mopapa gore a tirelo ya bosole ga e ganetsane le segakolodi sa Bokeresete. Ka tlhomamo, go ya ka pampiri ya dikgang ya Vatican City L’Osservatore Romano, ba ne ba botsa jaana: “A motho e ka nna Mokeresete yo o ikanyegang, mme, mo godimo ga moo, a bo a nna lesole le le ikanyegang.” Mopapa o ne a araba jaana: “Ga go na bothata bope ebile go a kgonega go kopanya tiro ya Bokeresete le ya bosole. Fa re leba tiro eno ya bosole sentle, e ka lejwa jaaka selo se sentle, se se botlhokwa le se se molemo.”

Lefa go ntse jalo, a pono e e ntseng jalo e tshwana le e Bakeresete ba pele ba neng ba na le yone? Mo bukeng ya gagwe An Historian’s Approach to Religion, Arnold Toynbee o bua ka kgang ya ga Maximilianus, moswelatumelo wa lekgolo la boraro la dingwaga yo a neng a bua jaana, fa kgotla ya Roma e ne e mo tshosetsa ka loso fa a ne a gana go tsenngwa mo bosoleng: “Ga nkitla ke dira jalo. Lo ka nna lwa nkgaola tlhogo, mme ga nkitla ke direla dikgosi tsa Lefatshe Leno; Ke tla direla Modimo.” Ke ka ntlha yang fa a ne a gana go tsena mo tirelong ya bosole lefa a ne a lebane le loso? Ka gonne o ne a leba balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete e se “ba lehatshe” fela jaaka Jesu le ene e ne e se karolo ya lefatshe. Mo godimo ga moo, o ne a leba ntwa ya Bokeresete jaaka ya semoya, go dumalana le mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Gonne leha re sepela mo nameñ, ga re tlhabane kaha nameñ;—Gonne dibolaō tsa ntwa ea rona ga se tsa nama.”—Yohane 17:16; 2 Bakorintha 10:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela