Kagiso—A E tla Tla ka go Latlha Dibetsa?
“KE PHOSO e kgolo go tshwaraganya go latlha dibetsa le kagiso,” go ne ga bua jalo Winston Churchill dingwaga tse tlhano pele merafe e tsenelela mo ntweng ya bobedi ya lefatshe. “Fa go na le kagiso go tla latlhiwa dibetsa,” o ne a oketsa jalo.
Abo seno se ikganetsa jang ne! Ke mang yo a tlileng go ipaya mo kotsing ya go latlha dibetsa kagiso e ise e tlhomamisiwe? Mme kagiso ya mmatota e ka nna gone jang fa dibetsa di ntse di kokoanyediwa ntwa? Ke boemo jo boradipolotiki ba iseng ba itse gore ba ka bo rarabolola jang.
Winston Churchill o ne a bua seno ka 1934, dingwaga di le pedi morago ga tshwetso e e dirilweng ke Kokoano ya Tatlhodibetsa e e neng e biditswe ke Lekgotla la Kgolagano ya Merafe. Boikaelelo jwa kokoano eno, eo e neng e tsere dingwaga di le 12 e rulaganyediwa e ne e le go thibela Yuropa go dira dibetsa gape. Batho go dikologa lefatshe ba ne ba santse ba gakologelwa polao e e boitshegang ya masole a a ka nnang dimilione di le robong ka Ntwa ya Lefatshe I, mo godimo ga dimilione tse di neng tsa gobala le batho ba bantsi ba ba neng ba swa. Lefa go le jalo, ga go ise go ko go latlhiwe dibetsa. Ka ntlhayang?
Maiteko a go Latlha Dibetsa
Thulaganyo ya go latlha dibetsa ga e kake ya diragadiwa ka botlalo. Ka sekai, Jeremane e ne ya latlhisiwa dibetsa kafa tlase ga Treaty of Versailles ka 1919, “go neelanwe ka ditlhomamisetso tse di utlwalang go bile go tsewa gore dibetsa tsa semorafe di tla fokodiwa tota go lekana pabalesego ya naga eo.” Seno se ne se dumalana le dikakantsho tsa tautona nngwe ya U.S. Woodrow Wilson, tseo moragonyana di neng tsa tsenngwa mo Polelwaneng ya bo-8 ya Lekgotla la Kgolagano ya Merafe. Mme Hitler o ne a tlhokomologa thulaganyo eo fa a ne a tsaya puso.
A Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ne la atlega segolo mo go tlhomeng motheo o o utlwalang wa go latlha dibetsa morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe? Nnyaa, mme go sa atlegeng ga lone e ne e se ka ntlha ya maiteko a go batla go dira gore go ikemisediwe go dira seo. Lefa go le jalo, ereka go na le dibetsa tsa nuklea tseo di senyang fela thata, kgang ya go latlha dibetsa e ne e potlakile le eleng go feta. “Kganetsano ya gore dibetsa di ne di isa itsholelo kwa tlase le gore ka mo go ka sekang ga tilwa di ne di lebisa kwa ntweng,” go bua jalo The New Encyclopœdia Britannica, “e ne ya tseelwa sebaka ke go tatalala ka gore go dirisiwa ga dibetsa tsa nuklea ka bontsi mo isagweng go ne go tshosetsa tlhabologo ka boyone.”
Lekgotlana la Tatlhodibetsa le le tlhamilweng ka merafe e le 12 le ne la tlhongwa ka 1952 go kgaupetsa kgaisano ya dibetsa eo e neng e oketsega ya merafe ya Botlhaba le ya Bophirima. Le ne la palelwa, mme kgabagare mebuso e mebedi e megolo e ne ya ipopa ka mephato e mebedi e e lwang. Go ile ga nna ga dirwa ditumalano le dikgolagano dingwe tse di farologaneng le go fitlha jaanong. Lefa go le jalo, boemo jwa go sa ikanyane bo ile jwa seka jwa letla gore dibetsa tsotlhe tsa ntwa di senngwe. The New Encyclopœdia Britannica e bolela gore seo ke sengwe se “se akanngwang ke batho ba ba lorang ka lefatshe la boiketlo.”
Go Lekanya Ditshenyegelo
Go latlha dibetsa kana go se di latlhe—go kopanyeletsa ditshenyegelo tse di kana kang? Ditshenyegelo ga di lekanngwe ka madi ka metlha. Go tshwanetse go akanyediwa fela thata ba ba dirang mo madirelong a a amanang le dibetsa. Mo dinageng tse dintsi madi a lekgetho a dirisediwa go reka dibetsa, tseo go dirwa ga tsone go kgonisang bangwe go bona tiro. Jalo go latlha dibetsa go ka nna ga dira gore bangwe ba tlhoke tiro. Ke ka gone moo dinaga tse di nang le ditekanyetso madi tse di kwa godimo tsa itshireletso di tsitlang marapo fa di akanya ka go latlha dibetsa. Go akanya ka seo mo go bone ke toro e e tshosang go na le go lora ka Lefatshe la Boiketlo.”
Lefa go le jalo, ga re kake ra itlhokomolosa madi a mantsi a a dirisediwang dibetsa tsa ntwa. Go fopholediwa gore diphesente di le 10 tsa boleng jwa dikuno tsotlhe tsa lefatshe di dirisediwa dibetsa. Seo ke bokae? Dipalo di farologana ka go tlhatloga ga ditlhwatlhwa, mme akanya ka go senngwa ga milione o le mongwe wa diponto (dimilione di le 4,35 tsa diranta) ka tsela eno motsotso mongwe le mongwe ka letsatsi! Fa o ne o na le madi a a kalo o ne o ka a dirisetsa dilo dife tsa botlhokwa? Twantsho leuba? Go tlhokomela boitekanelo? Go tlhokomela boitekanelo jwa bana? Go tlhabolola tikologo ya batho le ya diphologolo? Go na le dilo tse dintsi tse di ka dirwang.
Ka sekai tsaya thulaganyo e e neng ya itsisiwa bosheng kwa U.S.S.R. ya “diterekere go na le dikoloi tsa ntwa,” koo difeketiri tse dingwe di fetolelwang go dira mefuta e 200 ya “didirisiwa tse di tlhabolotsweng thata tsa madirelo a dilo tsa temo.” Ke ka ntlhayang fa didirisiwa tsa temo di tlhokega thata jaana? Ka gonne, go ya ka Farming News ya Boritane, “ke fela nngwe tharong ya maungo le merogo e e jalwang mo dipolasing eo e fitlhang kwa badirising, tsotlhe tse di setseng di senyega di le mo masimong kana mo mabolokelong.”
Ereka go dirwa ga diterekere mo boemong jwa dikoloi tsa ntwa go akgolelwa, go dira ditlhogo tsa dikgang ka gonne ga go a tlwaelega. Mo godimo ga moo, go ama go dirwa ga dibetsa go le gonnye fela. Makgolokgolo a dimilione a a senang palo a diponto, di-ruble, le didolara a tswelela go nna a senngwa mo dibetseng mo lefatsheng leo, ‘batho ba idibadiwang ke poifo le ke tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatsheng,’ fela jaaka Jesu Keresete a ne a bolelela pele. Poifo e e ntseng jalo e ka nyelediwa jang? A go latlhiwa gotlhelele ga dibetsa go sala e le toro fela? Fa go sa nna jalo, go tlhoka eng go go diragatsa?—Luke 21:26.