Kagiso—Selo sa Mmatota
KE BA sekae fela ba ba neng ba ka nyatsa mekgele ya maiteko a Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ya go tlisa kagiso. “‘A Re Thuleng Ditšhaka tsa Rona Magale a Megoma’ seo ke se se bolelwang ke mokgele wa kagiso ya lefatshe lotlhe wa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng,” go bua jalo “The World Book Encyclopedia,” e bo e oketsa jaana, “Lekgotla la Merafe e e Kopaneng le na le mekgele e mebedi e megolo: kagiso le boitlotlo jwa batho.”
Mokwalo o o fa tlase ga setshwantsho se se tlhomilweng se se bontshitsweng fano ke mafoko a a kwadilweng ka tsela nngwe e e farologaneng a ga moperofeti Isaia a a mo go kgaolo 2, temana 4. A balega jaana:
“Me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè.”
Mafoko ano a a botlhokwa go gaisa eleruri a tshwanetse a bo a ile a tlhotlheletsa dinaga tsa maloko a UN go lere kagiso ya goyagoile le go latlhiwa ga dibetsa. Mme ka mo go utlwisang botlhoko, fa esale e tlhomiwa kwa bokhutlong jwa ntwa ya bobedi ya lefatshe ka 1945, hisitori ya UN e ile ya senola se se farologaneng. Ka ntlhayang? Ka gonne mafoko a a fa godimo a a tsopotsweng mo go Isaia ga a kake a tlhaolwa mo go a mangwe, jaaka dipuso tsa batho di dirile. Mafoko a a dikologileng ano a botlhokwa fela thata. Tlhokomela gore ke ka ntlhayang.
Molaetsa wa ga Isaia
Isaia e ne e le moperofeti. O bua ka ponatshegelo e e kgatlhisang ya go utlwana le kagiso ya batho ba merafe yotlhe. Go re ponatshegelo eno e nne selo sa mmatota, batho ba tshwanetse go dira sengwe. Eng? Tlhokomela se se kaiwang ke ditemana 2 le 3 jaaka di nyalana le temana 4.
“[2] Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. [3] Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: gonne mo Siona go tla cwa molaō, le lehoko ya ga Yehofa le tla cwa Yerusalema. [4] Me o tla atlhola ha gare ga merahe, a kgalemèle dichaba di le dintsi: me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.”
Sa ntlha, re tshwanetse go dumela gore Mmopi wa rona, Jehofa o na le tshwanelo ya go re ruta “ditsela tsa gagwè,” tseo, jaaka Isaia a ne a kwala moragonyana di leng ‘kwa godimo ga ditsela tsa rona.’ (Isaia 55:9) Batho ba le bantsi, segolo bogolo baeteledipele ba lefatshe bao ba itebang ba le botlhokwa, ba fitlhela go se motlhofo go dumela seno. Ba bona ditsela tsa bone e le tsone fela tse di siameng mo matlhong a bone. Lefa go le jalo, ntlha ya gore ditsela tsa bone ga di a lebisa lefatshe kwa kagisong le go latlha dibetsa eleruri go bontsha go seng mosola ga go ganelela mo tseleng e e ntseng jalo.
Sa bobedi, tlhokomela keletso eno ya batho e e tlhokegang ya go dumalana le melao ya Modimo: “Re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè.” Ke fela mo motheong oo ditšhaka di tla thulwang go nna magale a megoma le marumo go nna dithipa tse di segang mabele mo kgolokweng yotlhe. Mokgele o o sa bolong go elediwa thata ono o ka fitlhelelwa jang?
Taolo ya Bomodimo
Batho ba bantsi ba na le sekaelo sa Bibela, buka e e nang le ditaolo tsa ga Jehofa Modimo, mme go tlhokega se se fetang go nna le yone. Isaia o bolela gore melao ya ga Jehofa le mafoko a gagwe a tswa kwa “Yerusalema.” Mo metlheng ya ga Isaia, motse oo e ne e le koo ditaolo tsa segosi di neng di tswa gone eleng koo Baiseraele botlhe ba ba ikanyegang ba neng ba lebile gone. (Isaia 60:14) Moragonyana, ka nako ya baaposetoloi ba ga Jesu Keresete, Jerusalema e ne e santse e le motse oo ditaolo tse di neng di tswa kwa setlhopheng se se laolang sa Bakeresete di neng di tswa gone.—Ditihō 15:2; 16:4.
Go tweng ka gompieno? Tlhokomela gore Isaia o simolola molaetsa wa gagwe ka polelo e e reng: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele.” Dithanolelo tse dingwe di bua jaana: “Metlha ya bofelo.” (New International Version) Bosupi jo bo tshegetsang gore re ntse re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso ya lefatshe la gone jaanong go tloga ka 1914, bo ntse bo tlhalosiwa ka metlha mo teng ga makasine ono. Ka jalo, re tshwanetse go lebelela go bona eng, go ya ka ditemana 3, le 4?
Boidiidi jo bogolo jwa batho jo bo sa tlholeng bo ithuta ntwa jo bo setseng bo ile jwa “thula dichaka tsa bōnè magale a megoma.” Mme re a ba bona! Banna, basadi, le bana ba ditso tsotlhe ba ba fetang dimilione tse 3,5 mo mafatsheng a a fetang 200 ba na le boikutlo jo bo tshwanang jwa go tshela ka kagiso le ba bangwe le go rerela baagelani ba bone molaetsa wa Bibela wa kagiso. Ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe jaaka Basupi ba ga Jehofa.
Ba na le Setlhopha se se Laolang sa segompieno sa banna ba ba godileng ba Bakeresete go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe bao ba kaelang tiro ya batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe. Banna bano, jaaka baaposetoloi le banna ba bagolo ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Jerusalema, ke maloko a a tloditsweng a setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale yoo Jesu a mo tlhomileng go tlhokomela dikgatlhego tsa Bogosi mo lefatsheng. Hisitori e ile ya supa gore ba ka ikanngwa gore ba tla latela kaelo ya moya o o boitshepo le gore ga ba ikaege ka botlhale jwa motho mo go ruteng letsomane la Modimo ditsela tsa kagiso ya boammaaruri.—Mathaio 24:45-47; 1 Petere 5:1-4.
Kobamelo ya Boammaaruri
Go tshela ka kagiso go kopanyeletsa se se fetang go nna le kitso fela kana le eleng yone keletso ya go tshela tumalanong le ditaolo tsa Modimo. Boineelo jo bo tswang mo pelong le go obamela Mmopi wa rona, Jehofa, di a tlhokega, jaaka Isaia le ene a bontsha jalo ka phepafalo.
Moperofeti o bolela go re “thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba” le go “golediwa godimo ga makhuyana.” Mo metlheng ya bogologolo, dithaba dingwe kana dithota e ne e le mafelo a kobamelo ya medimo ya disetwa le dialetare tsa medimo ya maaka. Fa Kgosi Dafide a ne a tlisa Araka e e boitshepo kwa tenteng eo a neng a e tlhomile mo Thabeng ya Siona (Jerusalema), eo e neng e le dimetara di ka nna 760 kwa godimo ga bogodimo jwa lewatle, go lebega a ne a dira seno ka kaelo ya bomodimo. Moragonyana, fa tempele e kgolo ya ga Jehofa e ne e agiwa mo Thabeng ya Moria, lereo “Siona” le ne la tla go kopanyeletsa le felo ga tempele, jalo tempele e ne ya ipelela go golediwa kwa godimo ga mafelo mangwe a a mo tikologong a baheitane. Jerusalema ka boyone gape e ne e bidiwa ‘thaba e e boitshepo’; ka gone, kobamelo ya ga Jehofa e ne ya sala e ntse e le mo boemong jo bo goletsegileng.—Isaia 8:18; 66:20.
Jalo le gompieno, kobamelo ya ga Jehofa Modimo e ile ya golediwa jaaka thaba ya tshwantshetso. E goletsegile mo e bonwang ke botlhe, jaaka e dirile sengwe seo go seng bodumedi bope jo bo kgonneng go se dira. Ke eng seo? E ile ya kopanya baobamedi botlhe ba ga Jehofa, bao ka boitumelo ba ileng ba thula ditšhaka tsa bone magale a megoma ebile ba sa tlhole ba ithuta ntwa gope. Go kgaogana ka merafe le ka lotso ga go tlhole go ba kgaogantse. Ba tshela jaaka batho ba ba utlwanang, le eleng lefa ba gasane mo merafeng ya lefatshe.—Pesalema 33:12.
Nako ya go Dira Tshwetso
Sotlhe seno se go ama jang? Mafoko ano a moperofeti yo mongwe wa Mohebera a tshwanela fela thata: “A bontsintsi, bontsintsi yoa batho mo molapoñ oa katlholèlō! gonne motlha oa ga Yehofa o atametse mo molapoñ oa katlholèlō.” (Yoele 3:14) Nako e potlakile gore batho botlhe ba ikemisetse gore a ba tla ithuta ditsela tsa Modimo tsa kagiso ya boammaaruri ba kaelwa ke Modimo kana a ba tla tswelela ba tshegetsa botshelo jo bo sekametseng mo dibetseng jo bo tla tlogang bo khutla.
Jesu o ne a bolelela pele gore tiro e kgolo ya go rera e ne e tla fitlhelelwa mo motlheng wa rona. Go rerwa “Mahoko a a Molemō” a gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa kagiso mo lefatsheng le le kgaogantsweng ke ntwa. (Mathaio 24:14) Mo ngwageng o o fetileng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara dithuto tsa Bibela tsa magae tsa ka metlha tse di fetang dimilione di le tharo mo lefatsheng lotlhe. Dingwe tsa dithuto tseno tsa beke le beke e ne e le le batho ka bongwe, mme bontsi jwa tsone di ne di tshwarwa le ditlhopha tsa malapa. Ka gone dimilione tsa bana di ne tsa nna le tsholofelo e e tlhomamisegang ya isagwe mme batsadi ba bone ba ne ba tlhomamisediwa gore dintwa, tse di tshwanang le tse ba di boneng ka matlho le tse gongwe ba neng ba nna le seabe mo go tsone, ga di kitla di nna karolo ya lefatshe je lesha je Jehofa Modimo o tla le dirang.
A lefatshe la batho ba ba ikanyanang ba bile ba na le kagiso jang ne! Go tla bo go sa tlhole go tlhokega gore ba tshwenyege ka go latlha dibetsa, jaaka dibetsa tsa ntwa e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng. Mme re leboga Jehofa, “Modimo oa kagishō,” oo ka lorato a re laelang jaanong gore re ipaakanyetse go tshela botshelo ka botlalo kafa tlase ga bogosi jwa gagwe jwa tshiamo.—Baroma 15:33.