Lebaka la go Bo O Tshwanetse wa Nna Gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo-modimo”
O letetswe ke malatsi a le mararo a a molemo a thuto ya Bibela kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Poifo-Modimo” ya Basupi ba ga Jehofa mo kgweding eno. Go tla bo go neelwa kaelo e e botlhokwatlhokwa ya Bibela e neelwa ka dipuo tse di rutang le dipotsolotso le terama. Nna gone ka 9:50 mo mosong wa ntlha fa kopano e simolola ka mmino.
Thulaganyo ya letsatsi la ntlha e tla nna le puo e e reng “Tila Dipounama Tse Di Utlwisang Botlhoko” le puo e e botlhokwa e e malebana le ka moo thuto ya Tharo-Nngwe e simologileng ka gone. Mo thapameng, batsadi ba tla gakololwa gore ba amogele boikarabelo jwa bone jo bo ba tshwanetseng jwa gore ba neele bana ba bone boswa jwa semoya. Morago ga moo, basha ba tla kgothalediwa gore ba dire Keresete sekao sa bone le gore ba dire gore boammaaruri e nne jwa bone. Thulaganyo ya letsatsi leno e tla konelwa go tlotliwa ka paakanyetso e e molemo eo e dirilweng go thusa basha segolo-bogolo.
Letsatsi la bobedi e tla bo e le letsatsi le lengwe la go rutiwa leo mo go lone go tla bong go na le kolobetso mo mosong mme mo thapameng go tla bo go na le dipuo tse di molemo tse di malebana le Setlhopha Se Se Laolang sa Bokeresete le ka moo re ka dirisanang mmogo le sone ka gone gompieno. Thulaganyo ya thapama e tla konelwa ka puo e e botlhokwa e e reng “Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?”
Mo mosong wa bofelo, thuto e e mo nakong e tla bo e tlhagisa kgatlhanong le “monna oa boleo [yo o ganang taolo]” ebile e tlhagisa kgatlhanong le go tsaya tsela e e phoso malebana le dijo le dino, moaparo, le boitapoloso. (2 Bathesalonia 2:3) Yone e tla bo e latelwa ke terama ya motlha wa segompieno eo e tla bong e otlelela ka moo go leng botlhokwa ka gone gore re ineele kafa tlase ga Modimo. Go tswa foo, ga o kitla o batla go fosiwa ke puo ya phatlalatsa, e e reng “Kgololo ya Batho Ba Ba Boifang Modimo E Atametse!”
Ka December, go rulaganyeditswe gore go nne le dikopano tse di fetang 16 go ralala Afrika Borwa e le yosi fela, ka jalo go tla bo go na le nngwe gaufi le kwa o nnang gone. Botsa Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la ga lona gore e e tla bong e le gaufi le wena e tla tshwarwa leng mme e tla tshwarelwa kae.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Kopano ya kgaolo ya kwa Verona, Italy