Ditshwetso tsa Bopelokgale di Lere Masego mo Suriname
KA NAKO nngwe, Suriname e ne e le “nngwe ya dinaga tse di nonneng thata tsa Caribbean,” go kwadile jalo makasine wa boditšhabatšhaba wa dikgang eleng South. Madi a a neng a bonwa ka bauxite, ditlhatswana, reise, dipanana, le logong, ao a neng a okediwa ke dithuso tsa ditlhabololo, a ne a naya baagi ba ba 400 000 ba kolone e e neng e kile ya bo e le ya Ba-Dutch eno katlego e e neng e gaisa ya bontsi jwa baagelani ba bone.
Lefa go ntse jalo, ka bo-1980, itsholelo ya bone e ne ya wela kwa tlase. Dijo tse di neng di le dintsi jaanong di ne di sa lekane, mme mela e meleele ya dijo jaanong e ne e tlwaelegile. Ntwa ya dirukhutlhi eo e neng ya tlhagoga ka 1986 e ne ya dira gore baagi ba ba ka nnang dikete di le lesome ba tshabe go tswa kwa botlhaba jwa Suriname go ya kwa French Guiana e ba bapileng nayo, go ya go simolola botshelo koo sesha mo dikampeng tsa batshabi. Ka nako eo, dikarolo tse dikgolo tsa sekgwa—legae la Ba-Bush Negro le Maindia a Maamerika ba ba ka nnang 50 000—di ne tsa laolwa ke dirukhutlhi, seo se neng se dira mesepele e e tlwaelegileng go nna e e kotsi fela thata. Diphetogo tseno, jaaka go ne go akgela makasine wa South, di ne tsa tlogela naga eo e humanegile.
A maemo ao a ne a emisa tiro ya Basupi ba ga Jehofa? Go farologana le seo, ba ne ba atolosa tiro ya bone. Ka sekai, palo ya Basupi e ne ya oketsega go tloga go 920 ka 1980 go ya go ba ba fetang 1 400 gompieno. Ka April 1989 go ne go na le babulatsela ba ba thusang ba le 338—mo e ka nnang 25 lekgolong ya Basupi ba ba neng ba le gone ka nako eo. Lefa go ntse jalo, masego a a ntseng jalo, a nnile gone fela ka ntlha ya bopelokgale, bothokgami, le lorato tseo Basupi ba neng ba di bontsha kafa tlase ga mathata. Fano go na le dikai tsa bosheng tsa ka moo ditshwetso tsa bopelokgale di neng tsa tlisa masego a a nonneng ka gone kwa Suriname.
Tshwetso eo e neng ya Boloka Botshelo jwa Gagwe
Lumey Hoever, lepodisi le le nonofileng la dingwaga tsa mafelo a bo-30 yo ebileng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a swetsa go tlogela tiro ya gagwe lefa itsholelo e ne e le kwa tlase. Ka ntlhayang? Lumey o tlhalosa jaana:
“Fa esale ke bala setlhogo sa Tora ya Tebelo seo se neng se re bontsha ka kotsi ya go tshola dibolao, ke ne ka itse gore ke tla tshwanela go tlogela tiro ya me.a Lefa go le jalo, ke ne ka etsaetsega, ka gonne ke na le mosadi le bana ba ke tshwanetseng go ba tlhokomela. Lefa go ntse jalo, fa ke ntse ke diegisitse tshwetso eno, segakolodi sa me se ne se ntshwenya. ‘Fa phuthego ya ga Jehofa e nkgothaletsa go sekaseka ka bomasisi gore a tiro ya me e siame, e tshwanetse ya bo e le ka lebaka le le molemo,’ ke ne ka ikgakolola jalo. Jalo ka January 1986, ke ne ka dira tshwetso.”
Mme mookamedi wa mapodisi o ne a sa batle go mo letla gore a tsamaye, a mo solofetsa le eleng go mo isa kwa Tamanredjo, eleng seteišane seo se neng se ratwa thata se se leng gaufi le moshate. Mme Lumey o ne a ikemiseditse tota. O ne a kwalela tona ya mapodisi, a mo tlhalosetsa ka ditumelo tsa bodumedi jwa gagwe, mme a kopa gore a tlogelwe. Ka April 1986 karabo e ne ya tla: ‘Kopo e amogetswe!’
Go ise go e kae Lumey o ne a bona tiro mo Lephateng la Jwalo ya Dikgwa. E ne e sa duele mo go kalo, mme o ne a na le nako e ntsi ya go tsamaya le lelapa la gagwe kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Dikgwedi di le lesome di ne tsa feta. Letsatsi lengwe, morago ga go dira letsatsi lotlhe mo tshimong ya lelapa, Lumey le morwarraagwe ba ne ba wela tsela ba ya gae. O anela jaana:
“Fa re atamela ntlo ya kwa tshimong, ke ne ka bona banna ba le babedi ba ba apereng diaparo tse di seng phepa, ba ipofile ka matsela mo tlhogong. ‘Kon dja (Tlang kwano),’ ba ba bitsa jalo ka Se-Suriname. Fa ke ba atamela, go ne ga tlhagelela monna wa boraro yo a neng a bofeletse sethunya mo legetleng la gagwe. Ke gone ke ileng ka lemoga: dirukhutlhi!
“Ba ne ba ntebelela go tswa kwa godimo go ya kwa tlase. Mme monna yo a neng a ithatheletse sekafo o ne a goa jaana: ‘Ke a mo itse monna yo. Ke lepodisi!’ Difatlhego tsa bone di ne tsa sosobana. Re ne ra lebana fela ka metsotso e se mekae. Ke ne ke tshogile. Mme ka utlwa modumo o o kwa tlase. Tlaka, tlaka—monna wa boraro o ne a baakanya sethunya sa gagwe. O ne a se lebisa ka bonya mo sehubeng sa me, a setse a le gaufi le go mpolaya. ‘O seka wa thuntsha! O dira phoso. Ga ke tlhole ke le lepodisi,’ ka goa jalo.
“Mme go ne ga tlhaga barukhutlhi ba bangwe gape ba ba fetang lesome le bobedi ka kwa morago ga ntlo. Mongwe wa bone—monna wa seganka a ikgatlhile ka letsela mo lothekeng, mabanta a a tsenyang marumo a kgabaganya sehuba sa gagwe se se sa apesiwang, mme a tshotse sethunya se se itirisang mo seatleng sa gagwe—a atamela. ‘Wa re ga o tlhole o le lepodisi. Ke ka ntlhayang o sa tlhole o le lone?’ a botsa jalo. Ke ne ka itlhaganelela go mmolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. ‘Basupi ga ba tshole dibolao,’ ka tlhalosa jalo, ‘ke ka gone moo ke neng ka tlogela tiro ya me jaaka lepodisi mme jaanong ke dira mo Lephateng la Jwalo ya Dikgwa. Ga re tseye karolo mo dipolotiking tsotlhe,’ ka oketsa jalo.
“Fa a utlwa gore ke ne ke le Mosupi, sefatlhego sa gagwe se ne sa thetebala go le gonnye. ‘A o ne a tla dumela se ke se buang?’ ka ipotsa jalo. Go tswa foo morwarre yo mmotlana o ne a tla. Monna yo o ikgatlhileng ka letsela mo lothekeng, yoo go neng go lebega e le moeteledipele, o ne a simolola go mmotsolotsa. Morago ga gore morwarre a tlhomamise polelo eo, moeteledipele o ne a lebega a kgotsofetse. ‘Saka yu gon! (Thibosa sethunya sa gago)’ o ne a bolelela serukhutlhi se sengwe jalo. Ke ne ka ikutlwa ke wela dibete. ‘Kea go leboga, Jehofa, go bo o ntshireleditse!’ ke ne ka rapela jalo.”
Malatsi a sekae moragonyana, Lumey o ne a tshosiwa ke sengwe gape. Baofisiri ba bararo ba mapodisi ba kwa seteišaneng sa mapodisi sa Tamanredjo ba ne ba bolailwe ke banna ba ba sa itsiweng ka dithunya, eleng sone seteišane seo mookamedi a neng a re o tla mo isa kwa go sone! “Fa ke ka bo ke ne ke ile ka itlhokomolosa kgakololo e e mo setlhogong sa Tora ya Tebelo, ke ka bo ke sule mo nakong eno,” ga bua jalo Lumey. Mme morago o oketsa jaana ka go leboga: “Eleruri Jehofa o sireletsa batlhanka ba gagwe.”
Lorato lo ne lwa mo Tlhotlheletsa go Thusa Bakaulengwe ba Gagwe
Fa ntwa e ne e tlhagoga fa gare ga masole a puso le barukhutlhi kwa toropong ya Moengo e go epiwang bauxite kwa go yone, ka October 1986, Frans Salaoema, eleng mongwe wa Ba-Bush Negro yo o mo dingwageng tsa bo-40, o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya seo a tshwanetseng go se dira. Kgabagare, ene, mosadi wa gagwe yo o moimana, le barwa ba gagwe ba le supa, gammogo le ba bangwe ba ba neng ba tswa mo toropong eo, ba ne ba falola ka go tsaya ditselana tsa sekgwa le go ralala Noka e e sephara thata ya Maroni go tshelela kwa French Guiana.
Lefa go le jalo, Frans o ne a tshwenyegile. Ga a ka a fitlhela Basupi bape go tswa mo phuthegong ya bone mo gare ga batshabi. ‘Ba kae? A ke ke boele kwa morago go ya go ba batla?’ a ipotsa. Mme seo se tla bo se le kotsi. Barukhutlhi ka bontsi e ne e le ba Ba-Bush Negro. ‘Fa masole a puso a ka mpona ke tsamaya mo gare ga sekgwa, ke tla bo ke sule,’ o ne a akanya jalo. Lefa go ntse jalo, o ne a swetsa gore a boele kwa morago go ya go batla bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete. O ne a bolelela bangwe ba Basupi ba mo French Guiana jaana: “Mo bekeng e e tlang, lo tshele noka go ya go ntsaya.”
Beke moragonyana ba ne ba tshela, mme Frans o ne a seo. Ba ne ba leta go fitlha letsatsi le le latelang. Frans o ne a ntse a seyo. Ba ne ba swetsa ka go re “A re laleng bosigo jo bongwe gape.” Moragonyana Frans le setlhopha sa Basupi ba ne ba goroga. Go ne go diragetseng?
“Morago ga go bona bakaulengwe,” Frans o a anela, “re ne ra ralala ntwa e e neng e fagile, ra tsena mo sekgweng, mme ra leba kwa molelwaneng.” Mme ke ka ntlhayang fa lo diegile? Frans o ne a re bontsha mabokose a le mararo ao a tlileng le one. O ne a ile kwa motsemogolong go ya go tsaya dibuka tsa Bibela tseo a tla di nayang Basupi ba batshabi. Bakaulengwe bao ba neng ba letile ba ne ba itumela. Mo go lone letsatsi leo, Frans, Basupi ba a ba golotseng, le mabokose a le mararo ba ne ba tshela molelwane ka pabalesego.
Moragonyana Frans o ne a tsaya loeto lo longwe gape go ya go thusa Basupi ba ba oketsegileng. Kgabagare, Basupi ba le 37 ba ne ba tlola molelwane mme ba nna mo dikampeng tsa batshabi. Frans o ne a bewa mo koloneng eo e neng e kile ya bo e le ya balepero kwa French Guiana, koo batshabi ba sa tshwanelang go dira sepe fa e se go nna mo ditulong fela le go ipoka monang.
Lefa go ntse jalo, Frans le balelapa la gagwe ba ne ba seka ba nna fela. Ka bonako fela morago ga go goroga mo kampeng, Frans (yo jaanong e neng e le rraagwe mosetsanyana) o ne a simolola go rera mafoko a a molemo mo baaging bao ba ba seng lesego. Ka ntlha ya go tlhotlheletsa ga gagwe, o ne a ba a letliwa go tsamaya ka sethuuthuu go ya go rera kwa dikampeng tse dingwe. Ga felela ka eng? Gompieno o tsamaisa dithuto tsa Bibela di le 14 le batshabi-ka-ene. Ba bararo ba bone ba setse ba kolobeditswe!
Ga a ka a Ineela
“Ke tla boa gape mo dibekeng di le pedi ke tshotse dijo tse dingwe,” ga bua jalo Victor Wens, mmulatsela yo o kgethegileng wa dingwaga tse 58. O ne a tlogela mosadi wa gagwe le baithuti bangwe ba Bibela mo motseng o o mo sekgweng kwa bogare jwa Suriname. E ne e le ka June 1987, mme o ne a ya kwa moshateng.
Fa mosadi wa ga Victor le ba bangwe ba ne ba mo laela, dikgetsi tsa bone tsa reise di ne di tloga di tlhotlhorega. Ba ne ba sa kgone go bona sepe ka ntlha ya ntwa ya dirukhutlhi. Ba ne ba tlile go bolawa ke tlala fela go ise go e kae. Lefa go le jalo, ba ne ba lemoga gore, loeto lwa ga Victor ka mokoro lo ne lo le kotsi fela thata. O ne a ka nna a thuntshiwa ke marumo a batlhabani kana ga belaelwa gore ke serukhutlhi. ‘A o ne a tla boa a babalesegile?’ ba ne ba ipotsa jalo fa modumo wa enjene ya mokoro wa gagwe o ntse o fokotsega.
Dibeke di le pedi morago ga foo, mosadi wa ga Victor o ne a sekaseka noka—mme Victor o ne a sa bonale. Dibeke tse dingwe tse dintsi di ne tsa feta. Dijo di ne tsa fela, mme o ne a lwala. “Tswee-tswee, Jehofa, sireletsa monna wa me,” o ne a rapela jalo. “A a boe!” Dikgwedi tse tharo di ne tsa feta. Lefa go le jalo Victor o ne a ntse a sa bonale. Go ne go diragetse phoso fa kae?
“Morago ga go fitlha kwa moshateng,” Victor o ne a anela jaana moragonyana, “ke ne ka letlelelwa go reka dijo tse di ka tshwarelelang dikgwedi di le thataro gammogo le peterole. Jaanong ke ne ka kopa lokwalo lwa go ntetla go ya kwa gae. Moofisiri yo o ikarabelelang o ne a re: ‘O ka tsamaya, mme o re batlele gore dirukhutlhi di iphitlha kae koo, mme o bo o boe go tla go re bolelela.’ Pelo ya me e ne ya batla e ema. ‘Ga nkake ka dira seo,’ ka bua jalo, ‘Jehofa ga a batle gore re tsee letlhakore mo dipolotiking. Rona Basupi re boloka boitlhoadi.’ O ne a araba: ‘Fa go le jalo, ga o kake wa ya gae.’
“Ke ne ke boaboelela kwa go ene beke le beke go kopa tetla, mme karabo ya gagwe ya nna fela e tshwana. Ka nako eo, ke ne ka utlwa gore mosadi wa me o ne a lwala. Ke ne ka eletsa go ya kwa gae go ya go mo tlhokomela. Lefa go le jalo, ke ne ke sa batle go ineela. Ke ne ka ikutlwa ke itlhoboga.
“Fa ke boela gape kwa go ene, ke ne ka gakgamala fa a ne a nthaya a re nka tsamaya. O ne a tlhalosa gore ba ne ba neetse baruti bangwe ba Pentekosete ba ba tswang kwa lefelong le ke tswang kwa go lone tetla ya go boela gae, mme ke ne nka tsamaya le bone. Ka boitumelo, ke ne ka simolola go dira dipaakanyetso go fitlha fa ke ne ke utlwa ka tsala nngwe gore baruti bao ba ne ba dumetse gore ba nne ditlhodi. Ka jaana ke ne ke sa batle gore ba akanye gore Basupi ba ga Jehofa e ne e le karolo ya thulaganyo eo, ke ne ka emisa loeto loo. Jaanong go ne go se ka moo ke tla tsamayang ka gone.”
Kgabagare baofisiri ba ne ba lemoga gore Victor o ne a sa batle go ineela. Nako e e latelang fa a ya kwa go bone, ba ne ba mo naya tetla.
Kgabagare, ka October 1987, setlhopha se sennye sa Basupi se ne sa utlwa mokorwana mme a bona go tla mokorwana o o tletseng dilwana. “Ke ne ka utlwa botlhoko fela thata fa ke bona mosadi wa me,” go bua jalo Victor. “E ne e le marapo fela. Lefa go le jalo, le ene o ne a itumetse ka go bo ke ne ke sa ineela.”
“Tshwetso ya bopelokgale ya ga Victor e ile ya re leretse masego,” go bua jalo modihedi mongwe yo o etang yo a neng a direla mo nageng eo. “Baofisiri le dirukhutlhi ba ne ba itse gore Basupi ba ga Jehofa ba boloka boitlhaodi. Jaanong ba tlotla pono ya rona, mme tiro ya rona e a tswelela.”
Ba ne ba Nyalana ka Laboraro, ba Kolobediwa ka Matlhatso
“Lo seka lwa nna dimatla,” go ne ga gatelela jalo balosika. “Lo seka lwa nyalana!” Banna ba le barataro ba morafe wa Ba-Bush Negro ba Aucaner, e e kafa borwa-botlhaba jwa naga, ba ne ba tlhaloganya ka moo balosika lwa bone ba neng ba ikutlwa ka gone. Kana, ngwao ya morafe oo e ne e bolela gore monna o ne a sa tshwanela go nyala, ka gone o ne a ka tlogela mosadi nako nngwe le nngwe fela fa a batla. Lefa go ntse jalo, ka go bo ba ne ba ithutile Bibela ba bile ba itse pono ya Modimo ka kgokafalo, banna bano ba ne ba fetotse go akanya ga bone, ba emelelana le kgatelelo e e mo tikologong, mme ka bopelokgale ba swetsa ka gore ba nyalane kafa tshwanelong.
Lefa go le jalo, go ne go na le mathata mangwe. Maemo a ntwa a ne a ba kgaogantse le Ofisi ya Ikwadisetso, mme ba ne ba ka se kgone go ya kwa moshateng. Banyadiwa ba barataro bao ba ne ba batla go apara mesese e e tshwanetseng ya lenyalo mo letsatsing la bone la lenyalo. Seno se ne sa bontsha go kgatlhegela ga batho ba motse oo diaparo tse di ntseng jalo, lemororo diaparo tse di ntseng jalo di se botlhokwa thata mo Bakereseteng.b ‘Re tla bona kae mesese ya lenyalo mo sekgweng seno?’ banna ba ne ba ipotsa jalo. Lefa go ntse jalo, ditshwetso tsa bopelokgale tseo di dirilweng tumalanong le melao-metheo ya Bibela di ne tsa ba leretse masego. Ka Laboraro, ka September 16, 1987, banyadiwa ba barataro ba apere mesese e mentle ya lenyalo le banyadi ba barataro bao ba neng ba apere disutu tse dintle ba ne ba nyalana. Go ne ga kgonega jang?
“Ka September, re ne ra rulaganyetsa kopano ya kgaolo kwa St. Laurent, kwa French Guiana, mme ra kopa Basupi ba mo nageng eo go tla kopanong,” ga tlhalosa jalo Daniël van Marl, mongwe wa badihedi ba ba etang yo a neng a rulaganya manyalo ao. “Kopano eo e ne ya ba naya tshono ya go nyalana.”
Cecyl Pinas, leloko la Komiti ya Lekala yo a neng a tlhokometse tiro mo nageng eo o tlhalosa jaana: “Ke ne ka etela lelapa la Bethele kwa Netherlands pelenyana mo ngwageng oo mme ka ba bolelela ka manyalo ao. Morago ga go ba bolelela gore re ne re tlile go dirisa mosese o le mongwe kgapetsa kgapetsa, re nntse re o baakanya gore o lekane monyadiwa yo mongwe, bokgaitsadi ba le banè ba Bethele ka bonako fela ba ne ba nnaya mesese ya bone ya lenyalo jaaka dimpho go e naya ‘bokgaitsadi’ ba kwa Suriname. Ke ne ke itumetse fela thata. Moragonyana, kwa kopanong kwa Netherlands, go ne ga abiwa mesese e mengwe gape.”
Mo mosong wa letsatsi la lenyalo, e mengwe e ne e santse e tshwanetse go baakanngwa. “Re ne ka bonako ra phutholola e mengwe mo mathekeng mme ra fokotsa boleele jwa e mengwe, mme re ne ra fetsa fela ka nako,” ga bua jalo Margreet van de Reep.
Ka ba ne ba nyalane, ba le batlhano ba banyalani ba basha bano ba ne ba setse ba siametse kgato e nngwe gape. Ka Matlhatso mo go yone beke eo, ba ne ba kolobediwa mo Nokeng ya Maroni. Ba ne ba tlhagafaletse go boela kwa metseng ya bone e e kwa dikgweng jaaka balekane ba ba nyalaneng go ya go tsaya karolo mo tirong ya go rera. A Jehofa o ne a segofatsa tshwetso ya bone?
“Banyalani bao ba ne ba bontsha batho ba tikologo ya bone gore rona Basupi re dira seo re se rerelang batho,” ga bua jalo Nel Pinas, yoo a neng a simolola tiro ya go rera kwa lefelong lone leo ka 1967. “Tshwetso ya bone ya go nyalana e le gore ba ka nna Bakeresete ba boammaaruri e ne ya tsosa kgatlhego le kwa metseng e e kwa kgakala. Basupi jaanong ba tsamaya ka mekoro ya bone go ralala dinoka koo re neng re ise re ko re fitlhe gone pele, ba bona batho ba ba oketsegileng bao ba batlang go ithuta kaga Jehofa.”
Eleruri, ditshwetso tsa bopelokgale tsa ga Lumey, Frans, Victor, le ba bangwe ba bantsi di ne tsa ba tlisetsa masego a a nonneng bone gammogo le Bakeresete-ka-bone ba Suriname le ba bangwe. Maitemogelo a a tshwanang le ano nako le nako a supa boammaaruri jwa seane seno sa Bibela: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo ‘Batla Kagiso Mme O E Latelele’ se se mo go Tora ya Tebelo ya January 1, 1984, ditsebe 23-30.
b Bona “Manyalo a Bokeresete Ao A Lereng Boipelo,” mo go Tora ya Tebelo ya October 15, 1984, ditsebe 21, 22.
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
LEWATLE LA ATLANTIC
GUYANA
SURINAME
PARAMARIBO
Tamanredjo
Moengo
St. Laurent
Noka ya Maroni
FRENCH GUIANA
BRAZIL
300 km
200 mi
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Matlhakore a mabedi a Holo e ntle ya Bogosi kwa lefelong le le kwa kgakala la naga
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Mokorwana o o dirilweng ka logong kwa Suriname