Go Lemoga Dikgang
Go Thibela Bothubaki
Fa lo bontsha ka koketsego e e tswelelang e sa kgaotse ya bothubaki mo gare ga basha, lokwalodikgang lwa American Health go bega gore “go lwana le ditsala, balekane ba sekolo le baagelani ke sone selo se segolo go di feta tsotlhe se se dirang gore bana ba dingwaga tsa bolesome mo metseng-setoropo ba swe ebile ke sone selo se se latelang seo ka bogolo seo se dirang gore bana botlhe ba dingwaga tsa bolesome ba kwa Amerika ba swe.”
Setheo sa kwa Boston se se fang batho kgakololo se leka go thibela ditlwaelo tsa bothubaki ka go ruta khoso eo e dirang gore baithuti ba sone setheo seo ba kgone go ka tshameka diterama tsa dibaesekopo tse dikhutshwane tse di malebana le bothubaki. Mokaedi wa thulaganyo eno o tlhalosa gore, ka tsela eno, ba “simolola go lemoga ditsela tseo bothubaki bo tlang ka tsone” mme, ba kgona go “bona ditsela tseo tse go galefa go tlang ka tsone mo go bone ka bobone.”
Baithuti ba lemoga seo se diragalang mo mmeleng wa bone fa ba galefa, ba lemoga kafa matute a thakaphilo a oketsegang ka gone eleng one ao a dirang gore motho a seka a kgona go ikgapha, ebile ba lemoga kafa go buisana go leng botlhokwa ka gone go fokotsa bogale “pele ga mmele o ka araba seo ka go tlhagisa dikhemikale mo go one.” Ba ithuta gore go ka tilwa go omana lo tuka bogale ka go botsa dipotso le ka go bua o digile makgwafo le ka tshosologo.
Ke kgale diithuti tsa Bibela di lemogile gore ntwa e tsala ntwa le gore, “phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Bibela e re gakolola gore re tshabe, go santse go simologa fela, fa re lebane le komano e e ka nnang ya felela ka ntwa. Kgosi e e botlhale Solomone o ne a kwala jaana: “Tshimolōgō ea komanō e chwana yaka ha motho a ka kabolola metse: me ke gōna lesañ go tatalalana lo e se lo ee go lwa.”—Diane 17:14.
Lobopo Lo Lo Rulaganeng
Ka mafelo a May baitseanape ba fisiki ba ka nna 200, mo go bone go ne go na le bao ba ileng ba gapa sekgele sa Nobel, ba ne ba kopanela kwa Blois, kwa Fora. Pokano eno ya bone e e tsereng sebaka sa beke e ne e le ya go keteka ngwaga wa bo-25 go bonwe seo se bidiwang “CP violation,” eleng seo go bonalang e le go tlola melao eo go akanngwang gore e bontsha ka botlalo kafa matter le antimatter di amanang ka gone.
Mme kgopolo eno e baka mathata a le mantsi go tshwana le ao e a rarabololang. Fa International Herald Tribune e tsopola se se builweng ke Moporofesara wa kwa Soviet eleng Andrei Linde, e ne ya bega jaana: “Selo se se sa tlwaelegang,” o ne a bolela jalo, “ke gore go sa amane gono go dirile gore go nne le lobopo lo lo rulaganeng.” Fa moitseanape wa khosemoloji wa Mofora ebong Jean Audouze a ne a bodiwa gore a “CP violation” e supa gore lobopo lo nnile teng ka lebaka kana nnyaa, o ne a bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe ke akanya gore go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ga ke akanye jalo. Lobopo ga lo tshwane. Mme lobopo lo rulagane. Mme dilo tse pedi tseno di a gakgamatsa. Lobopo ga se sengwe seo se nnileng teng fela kwantle ga thulaganyo.”
Lobopo ga lo a nna teng ka phoso fela kana kwantle ga thulaganyo. Genesise 1:1 e bolela jaana: “Erile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe.” Lobopo lo na le thulaganyo ka gonne Jehofa, eleng Mmopi, “ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō,” mme ditiro tsa gagwe di “itekanetse.”—1 Bakorintha 14:33; Duteronome 32:4; bapisa Isaia 40:26; 42:5.
Bosodoma le Makatoliki
Mopapa o ile a bolela gangwe le gape gore boemo jo bo kafa molaong jwa Kereke ya Katoliki malebana le boitshwaro jwa bosodoma ke gore ga bo a siama go ya ka melao ya boitsholo. Jaaka fa a tlhalosa, “mokgatlho wa batho ba bogologolo ba Bokeresete ka mo go tlhomameng o ne o sa letle gore go itiratirelwe fela.” Ga se bobishopo le baruti botlhe ba Katoliki ba ba dumalanang le seo.
Mo masimologong a 1989, mobishopo wa Mofora ebong Jacques Gaillot o ne a iphaka gore e ne e tswa e le go boeletsa mafoko a ga Jesu fela fa ene Jacques a ne a kwala gore “basodoma ba re tsenela pele mo bogosing jwa Modimo.”
Lefa go le jalo, seo Mobishopo Gaillot a ileng a palelwa ke go se umaka e ne e le gore Jesu o ne a bua ka diaka tseo di ikwatlhayang—tseo di sa tlholeng di dira boaka—jaaka bao ba tla tsenang mo Bogosing jwa Modimo pele ga baeteledipele ba ba tlhogoethata ba Bajuda ba motlha wa gagwe.—Mathaio 21:28-32.
Ka mo go tshwanang, moruti wa Mosepeine ebong José Ramón Carrasco maloba jaana o ne a kwala mo lokwalongdikgang lwa kwa Madrid eleng El País gore “Jesu Keresete le ka motlha ga a ise a ke a tsamaye a kgale basodoma. . . . Fa a ne a bua ka lorato, o ne a bua kaga go rata moagelani mme le ka motlha ga a ise a ke a tsamaye a bolele ka totobalo gore a moagelani yoo e tshwanetse ya nna monna kana mosadi, kana gore a ratwe ka sebopego sefe, ka mokgwa ofe kana ka tsela efe.”
Lefa go le jalo, pego ya Bibela e bontsha gore Jesu o ne a sa bue ka dikamano tsa bosodoma. Mo setshwantshong sa Mosamaria yo o Molemo, o ne a tlhalosa sentle seo go rata moagelani go se bolelang, eleng, go bontsha kgatlhego e e senang bopelotshetlha mo pholong ya ba bangwe.—Luke 10:29-37.
Malebana le ditiro tsa basodoma Bibela e bolela jaana: “Lo seka lwa tsietsega; ga go bape ba eleng ba boaka, baobamedi ba medimo ya disetwa, ba bonyatsi, kana basodoma . . . bao ba tla ruang bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9-11, kgatiso ya Katoliki ya Revised Standard Version.