A Modimo O tla ke A Dire Sengwe ka Tshiamololo?
“ELERURI ga go a siama.” Moithuti yo mmotlana o ne a bonala a tshwenyegile fela thata, a bile a tletse bogale morago ga go itemogela ka boene go sa direlweng tshiamo ka mo go papametseng. “Fa e le gore eleruri Modimo o gone,” o a tswelela, “ke ka ntlhayang fa a ka letla tshiamololo e e kalo?” A o ka bo o ile wa utlwela mosadi yo mmotlana yono botlhoko? Gongwe o ka bo o ile wa dira jalo. Mme a o ka bo o ile wa kgona go araba puo ya gagwe?
Fa o ne o le ngwana, ka dinako dingwe o ka nna wa bo o ile wa ikutlwa gore batsadi ba gago ba ne ba letla gore o tshwarwe ka mo go sa siamang. Mme seo se neng se lebega e le tshiamololo seo se ne se sa reye gore ba ne ba seyo, a ga go jalo? Ka mo go tshwanang, go letlelela ga Modimo tshiamololo ga go supe ka tsela epe gore ga o gone.
Lefa go ntse jalo, moithuti yo mmotlana yono, o ne a araba ka gore seno e ne e le kgang e e farologaneng. O ne a bontsha gore rre wa motho yo o sa itekanelang o ka nna a nna yo o sa siamang. Kana ka go sa itse dintlha tsotlhe tsa kgang, a ka nna a seka a lemoga gore go dirilwe tshiamololo nngwe fa a e bona. Mo godimo ga moo, ka gonne motho a tlhaela, o ka nna a bo a sena maatla a go dira sepe kaga tshiamololo e a e bonang. O ne a tatalala ka go re ga go sepe sa tseno, seo se neng se ka dirwa ke Modimo yo mogolo le yo o maatla otlhe.
Le wena o ka nna wa ikutlwa gore go letlelelwa ga tshiamololo ga go dumalane le dinonofo tsa bomodimo. Lefa go le jalo, a e ka bo e le gore mo botlhaleng jwa gagwe jo bogolo, Modimo o na le lebaka le le utlwalang la go letlelela tshiamololo ka nako e telele jaana?
Bakwadi ba Bibela ba ne ba leba Modimo jaaka ‘morati wa tshiamo le tshiamiso.’ “Ditsela tsa gagwè tsotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō,” Moshe o ne a kwala jalo.—Pesalema 33:5; Duteronome 32:4; Yobe 37:23.
Kwantle ga go leba Jehofa jaaka Modimo o o tshiamo o o sa itumeleleng tshiamololo, bakwadi ba Bibela ba ne ba dumela gore ka letsatsi lengwe o tla e senya. Ka sekai, Isaia o ne a bolelela pele boemo jono: “Bonañ, kgosi e tla busa ka tshiamō, le dikgōsana di tla laola ka tshiamishō. Ediha gōna tshiamishō e tla agañ mo e leñ naga hèla, le tshiamō e nna mo leoteñ ye le uñwañ.” (Isaia 32:1, 16) Mme leng? Mme fa e le gore Modimo o rata go tlosa tshiamololo mo lefatsheng, ke ka ntlhayang fa o ile wa e letlelela?
Tshiamololo—Ke ka Ntlhayang fa e ne ya Letlelelwa?
Go kile ga nna le nako eo go neng go sena tshiamololo mo lobopong. E ne ya nna fela fa esale Adame le Efa ba tsuologa kafa tlase ga kgatelelo ya ga Satane Diabolo batho ba neng ba simolola go itse tshiamololo. Satane ga a ka a senngwa ka bonako ka nako ya botsuolodi joo. Ka boikaelelo jwa gagwe jo bo molemo, Modimo o ne wa letla nako eo mo go yone motho a neng a tla dira tshiamololo, mme seno e ne e le ka boikaelelo jwa go leka bao ba ineetseng mo go Ene, gore a ba ne ba tla ikanyega mo go Ene. Go itlhophela ga bone go boloka bothokgami e ne e tla bo e le go bontsha go sa kgoneng ga ga Satane go dira gore botlhe ba nne kgatlhanong le Modimo. Ereka bolaodi jwa Modimo bo tla bo bo goleditswe, ditiro tsa ga Satane di tla senngwa, mme tshiamololo yotlhe e tla tlosiwa.
Mme mo nakong eo, fa e le gore Modimo ka go gatelela a ne a ka thibela batho gore ba seka ba dira tshiamololo, o ne a tla bo a sa ba letle gore ba itlhophele ka kgololesego. Kwantle ga moo, go letla batho go ikutlwela diphelelo tsa tshiamololo tsa ditiro tse di bosula tsa ba bangwe, Modimo o bontsha kotsi ya seo Adame le Efa ba neng ba se dira ka go tsuologela ditaolo tsa gagwe tsa bomodimo, mme ba di emisetsa sebaka ka ditekanyetso tsa bone tse di phoso. Ka go letla batho go roba se ba se jetseng, Modimo o thusa batho ba ba ikanyegang go lemoga botlhokwa jwa go dira dilo ka tsela e e kwa godimo.—Yeremia 10:23; Bagalatia 6:7.
Mo godimo ga moo, ditiro tsa tshiamo kana tsa tshiamololo tseo batho ba di direlang ba bangwe di re naya bosupi jo bo senolang. Ditiro tseno di naya Modimo motheo o o tlhomameng oo ka one a ka atlholang bao ba tshwanelwang ke go tshela mo lefatsheng le lesha koo tshiamo e tla bong e buseditswe gone ka botlalo. Fa a lemotsha seo, re bala jaana: “Ha moikepi a shokologa mo maleoñ aotlhe a gagwè a o a dihileñ, me a tshegetsa ditaō tsa me, a diha shōna se se laocweñ le se se siameñ, rure o tla tshela, ga a ketla a shwa.”—Esekiele 18:21.
Tshiamololo e tla Khutla Leng?
Ditirisano tsa Modimo le batho di ile tsa nna tsa tshiamo le go tshwaiwa ka bopelonomi jo bo lorato. Go tshwantsha seno, fa motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang Aberahame a ne a sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa sengwe se ne se diragala, o ne a bua jaana ka Modimo: “A go nnè kgakala nau go diha mo go nntseñ yalo, go bolaea basiami le baikepi, ka e tla bo e le go re basiami ba nntse yaka baikepi; go mo, a go nnè kgakala nau: a Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe a ga a ketla a diha tshiamō?” (Genesise 18:25) Dinonofo tsa Modimo tsa tshiamo le bopelonomi jo bo lorato di ne tsa bontshiwa mo gogolo gape ka go tla ga ga Keresete. Setlhabelo sa kgololo seo se baakanyeditsweng ka Keresete Jesu se ne sa bulela mongwe le mongwe tsela, Bajuda le ba e seng Bajuda ka go tshwana, go bona botshelo jo bo sa khutleng. Seno se ne sa dira gore moaposetoloi Petere a bue jaana: “Amarure ke a lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—Ditihō 10:34, 35.
Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile mo go boleleng gore Kgosi ya Bomesia ya Modimo e simolotse go busa le gore nako ya go busediwa ga tshiamo mo lefatsheng la rona ka selekanyo se se itekanetseng e setse e le gaufi.a Seno se tla fitlhelelwa fa Kgosi e senya lefatshe la gompieno le le sa siamang le go roba maatla a modimo wa lone o o sa bonaleng, Satane Diabolo. Bibela e bontsha gore seno se tla diragala ka bonako mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe,” eo ka kakaretso e bidiwang Hara-Magedona.—Tshenolō 16:14, 16.
‘Modimo ga o tshiamololo fa o supa bogale jwa one,’ jalo Hara-Magedona e tla bo e le ntwa ya tshiamo. (Baroma 3:5) Morago ga yone, Keresete Jesu le babusi-ka-ene, jaaka baaposetoloi, ba tla busa go tswa kwa legodimong ka dingwaga di le sekete. (Tshenolō 20:4) Dimilione tsa batho bao ba ileng ba itemogela tshiamololo mo nakong e e fetileng di tla tsosiwa mo baswing mme di tla tsena mo tsamaisong e e siameng mo lefatsheng, legae la ntlhantlha la motho, go itemogela tshiamo e e tletseng la ntlha mo matshelong a tsone.
“A go na le Tshiamololō mo Modimoñ?”
Moaposetoloi Paulo o ne a botsa seo mabapi le nngwe ya ditirisano tsa Modimo. Karabo e ne ya nna eng? “A go ko go se tualo,” go kwadile jalo Paulo. A tshwantsha batho le mmopa o o neng wa bopiwa ke modiri wa dinkgwana go o dira go nna dipitsa tseo di tshwanelwang ke bogale kana boutlwelobotlhoko, Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Go no go ka tweñ, ha e rile Modimo o rata go shupa bogale yoa ōna, le go utlwatsa nonohō ea ōna, oa iphapaanya ka pelotelele yo bogolo le diyana tsa kgalehèlō tse di etleegetseñ tshenyègō: Le gore o utlwatsè botlalō yoa kgalalèlō ea ōna ka diyana tsa kutlwèlō botlhoko, tse o di baakanyeditseñ kgalalèlō galè.”—Baroma 9:14, 20-24.
Fela jaaka moithuti yo mmotlana yo go builweng ka ene pelenyana, ka dinako dingwe o ka nna wa fitlhela go le bokete go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa Modimo o letlelela tshiamololo ka kakaretso kana phoso nngwe e e rileng e e kgethegileng. Mme re bomang—tiro ya diatla tsa gagwe—go belaela bopelotelele le botlhale jwa gagwe jwa go dira seo? Jehofa Modimo o ne a raya Jobe a re: “A u tla cupuetsa le e leñ katlholō ea me? A u tla mpōna molato, gore u tlo u siamisiwè?”—Yobe 40:8.
Le ka motlha ga re kitla re batla gore re nne molato wa go dira seo. Go na le moo, re tla batla go ipela mo go itseng gore lefa go na le tshiamololo, Modimo wa tshiamo o tla akofa a e tlosa mo lefatsheng lotlhe.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona bosupi jwa gore Bogosi jwa Modimo bo simolotse go busa ka mo go sa bonaleng mo godimo ga lefatshe ka 1914, bona ditsebe 134-41 tsa buka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. Buka eno gape e na le kgaolo e e buang ka setlhogo se se reng “Ke Eng Fa Modimo O Dumeletse Boikepo?”
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Go letlelelwa ga tshiamololo ga go kake ga dirisiwa ka tsela epe go supa gore Modimo ga o gone
A Modimo o na le molato fa bakgweetsi ba ba kgweetsang ba tagilwe ba sa dirise dinonofo tsa bone tsa go akanya, boikgapo, le go akanyetsa?
Nako e setse e le gaufi eo mo go yone tshiamo e tla busediwang gape mo lefatsheng ka botlalo