Utlwang ba ba lo Eteletseng Pele
“Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ.”—BAHEBERA 13:17.
1. Tiro ya balebedi ba Bakeresete e re solegela molemo jang?
JEHOFA o baakanyeditse ka balebedi mo phuthegong ya gagwe mo “motlheñ [ono] oa bokhutlō.” (Daniele 12:4) Ba etelela pele mo go tlhokomeleng batho ba seka-dinku, mme kaelo ya bone e a lapolosa. (Isaia 32:1, 2) Mo godimo ga moo, kaelo e e lorato ya bagolwane bao ba tshwarang letsomane la Modimo ka bonolo e thusa mo go le sireletseng kgatlhanong le Satane le tsamaiso eno e e boikepo ya dilo.—Ditihō 20:28-30; 1 Petere 5:8; 1 Yohane 5:19.
2. Batho bangwe ba ne ba leba moaposetoloi Paulo jang, mme ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go nna le jone ka bagolwane?
2 Mme wena o leba bagolwane jang? Mo pelong ya gago, a wa re: ‘Ga nkitla ke ya kwa mogolwaneng ope gape mo phuthegong eno fa ke na le bothata, ka gonne ga ke tshepe lefa e le ope fela wa bone’? Fa e le gore o ikutlwa jalo, a e ka tswa e le gore o godisa bosaitekanelang jwa bone? Kwa Korintha wa bogologolo, bangwe ba ne ba bua jaana ka moaposetoloi Paulo: “Dikwalō tsa gagwè di boima, di thata; me ha a le ha sebele sa gagwè, o ba a le bokōa, le puō ea gagwè e be e se epè.” Lefa go le jalo, Modimo o ne o abetse Paulo bodihedi mme o ne wa mo dirisa jaaka “moaposetoloi oa Badichaba.” (2 Bakorintha 10:10; Baroma 11:13; 1 Timotheo 1:12) Go solofelwa gore he, o ikutlwa jaaka kgaitsadi yo a neng a re: “Re na le setlhopha se se gaisang sa bagolwane mo lefatsheng lotlhe. Ba a bo ba le teng go re thusa fa re ba tlhoka.”
Ke ka Ntlhayang fa re Tshwanetse go ba Utlwa?
3. Fa e le gore Morena o tla nna le moya o re o bontshang, re tshwanetse go leba badisa ba babotlana ba Bakeresete jang?
3 Ereka Modisa yo Mogolo, Jehofa Modimo, e le ene a baakanyeditseng ka badisa ba babotlana ba Bakeresete, o akanya gore o batla gore re ba lebe jang? Eleruri, Modimo o lebeletse gore re latele kaelo ya bone e e thailweng mo Bibeleng e re e neelwang ke balebedi ba ba lorato kafa tlase ga kaelo ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. He ‘Morena o tla nna le moya o re o bontshang,’ re tla ipelela kagiso, mme re tla nonotshiwa mo semoyeng.—2 Timotheo 4:22; bapisa Ditihō 9:31; 15:23-32.
4. Re ka dirisa Bahebera 13:7 ka borona jang?
4 Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Gopolañ ba ba kileñ ba lo laola, ba lo bolèlèla lehoko ya Modimo; me lo re lo akanya ka bohèlèlō yoa botshelō yoa bōnè, lo tlo lo etsè tumèlō ea bōnè.” (Bahebera 13:7) Baaposetoloi e ne e le bone ba ba neng ba eteletse pele mo Bakereseteng ba pele. Gompieno, re ka elatlhoko ba ba bopang Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, bagolwane ba bangwe ba ba tloditsweng, le banna ba ba re eteletseng pele ba “boidiidi yo bogolo.” (Tshenolō 7:9) Lefa re sa kgothadiwe go etsa nonofo ya bone ya lentswe, go ema ga bone, kana dibopego tse dingwe tsa bone tsa botho, re tshwanetse go dira gore boitsholo jwa rona e nne jo bontle ka go etsa tumelo ya bone.
5. Mo lefatsheng gompieno, boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela phuthego ya Bokeresete bo neilwe bomang, mme ba tshwanelwa ke eng?
5 Mo lefatsheng gompieno, boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela ditlhokafalo tsa rona tsa semoya bo neilwe “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” Moemedi wa gagwe, Setlhopha se se Laolang se etelela pele le go rulaganya tiro ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14, 45-47) Bagolwane bano ba ba tloditsweng ka moya segolo bogolo ba ka lejwa jaaka babusi ba semoya, ka go bo Bahebera 13:7 e ka balega gape jaana: “Lo tlhokomeleng bao ba lo busang.” (Kingdom Interlinear) Ka go bo go na le diphuthego tse di fetang 60 000 le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 3 500 000, bagolwane ba ba 12 ba ba dirang Setlhopha se se Laolang ba na le ‘go le gontsi go go dira mo tirong ya Morena.’ (1 Bakorintha 15:58) Fa re tlhokomela tiro e ba e filweng ke Modimo, re tshwanetse go dirisana sentle ka botlalo le bone, fela jaaka Bakeresete ba pele ba ne ba dirisana sentle le setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga.—Ditihō 15:1, 2.
6. Dilo dingwe tseo bagolwane ba di dirang tseo di solegelang batho ba ga Jehofa molemo ke dife?
6 Balebedi ba tlhophilwe ka moya go tlhokomela ditlhokafalo tsa semoya tsa phuthego. (Ditihō 20:28) Ba tlhokomela gore molaetsa wa Bogosi o a rerwa mo tshimong ya phuthego ya lefelo la bone. Banna bano ba ba tshwanelegang go ya ka Dikwalo gape ba neela kaelo ya semoya ka tsela e e lorato. Ba a kgothatsa, ba gomotse, le go naya bosupi mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba bone ba semoya, e le gore bano ba kgone go tsamaya ka mo go tshwanetseng Modimo. (1 Bathesalonia 2:7, 8, 11, 12) Le eleng fa mongwe a ka tsaya kgato e e phoso a sa lemoge, banna bano ba senka go mo sokolola “ka mōea oa bonōlō.”—Bagalatia 6:1.
7. Ke kgakololo efe e Paulo a ileng a e naya mo go Bahebera 13:17?
7 Dipelo tsa rona di tlhotlheletsega go dirisana mmogo le balebedi ba ba lorato bao. Seno se a tshwanela, jaaka Paulo a ile a kwala jaana: “Utlwañ ba ba lo laolañ, me lo ba ineèlè: gonne ba disitse meōea ea lona, yaka ba ba tla ikarabèlañ; gore ba tlè ba dihè yalo ka boitumèlō, e señ ka bohutsana: gonne mo go ka bo go sena thushō mo go lona.” (Bahebera 13:17) Re tshwanetse go tlhaloganya kgakololo eno jang?
8, 9. (a) Mo ponong ya Bahebera 13:17, ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go utlwa bao ba re eteletseng pele? (b) Kutlo ya rona le boineelo di ka nna le matswela afe a a molemo?
8 Paulo o re kgothatsa gore re utlwe bao ba re laolang mo semoyeng. Re tshwanetse gore re ‘ikobe,’ ka go ineela mo badiseng ba babotlana bano. Ka ntlhayang? Ka gonne ‘ba disitse meya ya rona,’ kana matshelo a rona a re a neetseng Modimo. Mme ba re “disitse” jang? Fano modiriso-pego wa paka-jaanong wa lediri la Segerika a·gru·pneʹo tota-tota o raya gore bagolwane ba “itlhora boroko.” Seno se re gakolola ka modisa yo o disang a le nosi yo a itlhorang boroko go sireletsa letsomane mo diphatseng tsa bosigo. Bagolwane ka dinako tse dingwe ba itlhora boroko bosigo ba rapelela letsomane la Modimo ka go tshwenyega kana ka go thusa badumedi-ka-bone mo semoyeng. Abo re tshwanetse go anaanela tirelo ya bone e e ikanyegang jang ne! Eleruri, ga re batle go nna jaaka “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” ba motlha wa ga Jude ba ba neng ba “nyatsa pushō, ba kgala batlotlegi,” bagolwane ba ba tloditsweng ba Bakeresete ba Modimo o ba fileng kgalalelo kana tlotlo e le rona re tshwanetseng go e ba naya.—Jude 3, 4, 8.
9 Jehofa o ne a ka seka a itumela fa re ne re ka palelwa ke go utlwa le go ikobela balebedi ba Bakeresete. Seno gape se ne se tla nna mokgweleo mo go bone mme se ne se tla re gobatsa mo semoyeng. Fa re sa dirisane mmogo sentle le bone, bagolwane ba ka nna ba dira ditiro tsa bone ka go fegelwa, gongwe ka moya wa go kgobega marapo o o neng o tla felela ka gore re latlhegelwe ke go ipelela ditiro tsa rona tsa Bokeresete. Mme go ba utlwa le go ba ikobela go tla goletsa boitsholo jwa bomodimo mme go nonotshe tumelo ya rona. ‘Morena o tla nna le moya o re o bontshang,’ mme boipelo bo nna gone fa tirisano-mmogo, kagiso, le kutlwano di le gone.—2 Timotheo 4:22; Pesalema 133:1.
10. Go ya ka 1 Timotheo 5:17, ke ka ntlhayang fa bao ba direlang ka tsela e e molemo ba tshwanelwa ke tlotlo?
10 Fa re utlwa le go ikobela bagolwane ba phuthego ga go reye gore re bakgatlhi ba batho. Seo se tla bo se sa dumalane le Dikwalo, ka go bo batlhanka ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bolelelwa gore ba utlwe beng ba bone, “e señ ka go ba bōna ka matlhō yaka bakgatlhi ba batho, ha e se ka boñwehèla yoa pelo, ka go boiha Morèna [Jehofa].” (Bakolosa 3:22; Baefesia 6:5, 6) Bagolwane bao ba ‘direlang ka tsela e e molemo ba ba dirang ka natla mo go bueng le mo go ruteng’ ba tshwanelwa ke tlotlo ya rona segolo bogolo ka gonne dithuto tsa bone di thailwe mo Lefokong la Modimo. Ke fela jaaka Paulo a kwadile jaana: “Bagolwane ba ba laolañ sentlè a ba kaiwè go chwanèla tlotlō sebedi, bogolo ba ba dihañ mo lehokuñ le mo go ruteñ. Gonne lokwalō loa re, U se ka oa bōha kgomo molomo ha e photha mabèlè. Gapè, loa re, Modihi o chwanecwe ke maduō a gagwè.”—1 Timotheo 5:17, 18.
11. Mogolwane a ka newa “tlotlō sebedi” jang, mme o tshwanetse go tila eng?
11 Mafoko a a sa tswang go tsopolwa a ga Paulo a bontsha gore bao ba tlhokomelang dikgatlhego tsa ba bangwe tsa semoya go a tshwanela gore ba ka newa thuso ya dilo tse di bonalang. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore bagolwane ba tshwanetse go bona tuelo, mme “tlotlō sebedi” eleruri ga se sengwe seo mogolwane a tshwanetseng go se batla ka patelelo. Se ka tswa fela mo malokong a phuthego ka go rata, mme ga a tshwanela go dirisa kabelo ya gagwe go iponela maatla kana dilo tse di bonalang. Ga a tshwanela go iponela tlotlo kana a tsalana fela le bao ba humileng e le gore a tle a bone dilo tse di bonalang mme a tlhokomologa ba bangwe. (Diane 25:27; 29:23; Yude 16) Go na le moo, molebedi o tshwanetse go disa letsomane la Modimo ‘ka go rata, e seng ka go rata khumo, mme ka boitumelo.’—1 Petere 5:2.
12. Re ka thusiwa go tlotla bao ba re eteletseng pele ka go nna re akantse ka eng?
12 Re tla thusiwa go utlwa le go tlotla ba ba re eteletseng pele fa re gakologelwa gore bagolwane ke paakanyetso ya Modimo ka boone. (Baefesia 4:7-13) Ereka banna bano ba tlhophilwe ka moya mme phuthego ya Modimo e le selo sa botlhokwa fela thata mo matshelong a Basupi ba ga Jehofa, eleruri re batla go bontsha go lebogela le go tlotla dithulaganyo tsa bolegodimo. Mo godimo ga moo, re ka thusa basha bano go godisa boikutlo jono fa re tlhoma sekao se se molemo sa kutlo le boikobo mo go bao ba re eteletseng pele.
Ke ka Ntlhayang fa Re Tshwanetse go Anaanela Tirelo ya Bone?
13. (a) Ke dipono dife tse di sa tshwaneng ka boeteledipele tse di leng gone mo lefatsheng le mo phuthegong ya Modimo? (b) Re na le mabaka afe a a utlwalang a go tshepa banna ba ba re eteletseng pele? (c) Go na le go godisa bosaitekanelang jwa bagolwane ba ba dirang ka natla, re tshwanetse go dira eng?
13 Mo lefatsheng, go na le tshekamelo ya go gana go etelelwa pele. Jaaka motlhatlheledi mongwe a ne a bua: “Boemo jo bo ntseng bo ya kwa godimo jwa thuto bo ile jwa tlhabolola dineo tsa ditlhopha tsa batho mo e leng gore ba ba eteletsweng pele ba tshwaya diphoso mo ebileng go batla go sa kgonege go ba etelela pele.” Mme moya wa go ikakanyetsa ga o yo mo phuthegong ya Modimo, mme re na le mabaka a a utlwalang a go tshepa banna ba ba re eteletseng pele. Ka sekai, bao ba tlhophiwang jaaka bagolwane ke fela bao ba fitlhelelang ditlhokafalo tsa Dikwalo. (1 Timotheo 3:1-7) Ba katisiwa go nna pelonomi, lorato, le ba ba thusang, mme lefa go le jalo ba tlhomame mo go goletseng ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamo. Bagolwane ba kgomarela boammaaruri jwa Dikwalo ‘ba ngaparela lefoko le le ikanyegang gore ba tle ba nonofele go laya ka thuto e e itekanetseng.’ (Tito 1:5-9) Legale, ga re a tshwanela go godisa bosaitekanelang jwa bone jaaka batho, ka go bo le rona ga re a itekanela. (1 Dikgosi 8:46; Baroma 5:12) Go na le go ikutlwa re tshwenyegile ka makoa a bone le go tsaya kgakololo ya bone motlhofo, a re anaaneleng le go amogela kaelo ya bagolwane bano e e thailweng mo Bibeleng jaaka e e tswang kwa Modimong.
14. Mo ponong ya 1 Timotheo 1:12, mogolwane o tshwanetse go leba bodihedi jo a bo neetsweng jang?
14 Monna yo o anaanelang, Paulo o ne a bua jaana: “Ke leboga èna eo o nneileñ nonohō, eboñ Keresete Yesu Morèna oa rona, ka a nkaile boikañō, a ntaolèla tihèlō ea gagwè.” (1 Timotheo 1:12) Bodihedi joo, kana tirelo, bo ne bo kopanyeletsa tiro ya go rera le go direla badumedi-ka-ene. Lefa molebedi a abetswe ke moya o o boitshepo go direla jaaka modisa, seno ga se a tshwanela go mo dira gore a ikutlwe a le kwa godimo ga ba bangwe, ka go bo le ene ka boene ke karolo ya letsomane la batho ba seka-dinku ba Modimo. (1 Petere 5:4) Go na le moo, o tshwanetse go leboga Tlhogo ya phuthego, Jesu Keresete, go bo e bone a tshwanelegela go direla maloko a letsomane le gore Modimo o ne wa mo tshwanelegisa ka go mo naya kitso, botlhale, le tlhaloganyo tsa selekanyo se se rileng. (2 Bakorintha 3:5) Ereka mogolwane a tshwanetse go lebogela ditshiamelo tse a di neilweng ke Modimo, maloko a mangwe a phuthego le one a tshwanetse go anaanela bodihedi jono, kana tirelo.
15. Botlhokwa jwa kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bathesalonia 5:12, 13 ke bofe?
15 Basupi ba ga Jehofa ba lebogela phuthego e Modimo o e agileng mo metlheng eno ya bokhutlo, mme kanaanelo eo e re tlhotlheletsa go tlotla bagolwane. Re tshwanetse go itumelela go dirisana mmogo ka botlalo le dithulaganyo tseo ba di dirang gore re solegelwe molemo. Paulo o ne a re: “Me rea lo rapèla, ba ga echo, gore lo itse ba ba dihañ mo go lona, ba ba lo busañ mo Moreneñ, me ba lo tlhagisa; Le gore lo ba tlotlè thata thata mo loratoñ ka ntlha ea tihō ea bōnè.” (1 Bathesalonia 5:12, 13) Go dirisa kgakololo eno go lere boipelo le tshegofatso ya ga Jehofa.
Nna Bofefo go Dirisa Kgakololo
16, 17. Ke kgakololo efe e bagolwane ba ka nnang ba e naya mabapi le lenyalo, mme go e latela go ka felela ka eng?
16 Paulo o ne a gakolola Tito go ‘laya le go kgalemela ka taolo.’ (Tito 2:15) Ka tsela e e tshwanang, baemedi ba Modimo gompieno ba re kaela kwa melao-metheong le kwa melaong ya Bibela. Go na le mabaka a a utlwalang a go amogela kgothatso e e boaboelediwang ya go dirisa kgakololo le kaelo ya phuthego ya ga Jehofa le ya bagolwane ba ba tlhophilweng.
17 Go tshwantsha seno: Bagolwane ba ka nna ba gakolola Mokeresete go latela kgakololo ya Bibela ya go nyala “mo Moreneñ hèla.” (1 Bakorintha 7:39; Duteronome 7:3, 4) Ba ka nna ba mmontsha gore go nyala kana go nyalwa ke motho yo o sa kolobediwang go ka lere mathata a a masisi, fela jaaka Kgosi Solomone a ne a dira diphoso tse di masisi ka go tsaya basadi ba merafe e sele, bao ba neng ba faposetsa pelo ya gagwe mo go direleng medimo ya maaka le go latlha Jehofa. (1 Dikgosi 11:1-6) Bagolwane ba ka nna ba tlhalosa gape gore Esere o ne a bolelela banna ba Bajuda ba ba neng ba na le basadi ba baheitane gore ba kgaogane le bone, mme Nehemia o ne a bolela gore ba ba nyalang ba ba sa dumelang ba ne ba ‘direla Modimo bosula jo bogolo ka go dira ka go sa ikganyegeng.’ (Nehemia 13:23-27; Esere 10:10-14; bona The Watchtower, March 15, 1982, tsebe 31; le Tora ya Tebelo, November 15, 1986, ditsebe 26-30.) Go nna le masego le kgotsofalo ya go itumedisa Jehofa fa go dirisiwa kgakololo ya go nna jalo ya Dikwalo e e newang ke bagolwane ba ba lorato.
18. Fa re tlhokomela seo Paulo a se kwadileng mo go 1 Bakorintha 5:9-13, re tshwanetse go itshwara jang fa leloko la lelapa la rona le kgaotswe?
18 Ditshwetso tsa bagolwane tsa boatlhodi le tsone di tshwanetse go tlotliwa. Paulo o ne a raya Bakeresete ba Korintha a re “ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè.” Ba ne ba tshwanetse go ‘tlosa motho yo o bosula mo gare ga bone.’ (1 Bakorintha 5:9-13) Mme o ne o ka itshwara jang fa mongwe wa losika lwa gago a ne a kgaotswe? Lefa go ka tlhokega gore lo kopane fela fa lo bua ka dikgang tsa lelapa, bokopano bope fela jwa semoya le mongwe wa losika yo o kgaotsweng bo tla tshwanelwa go khutlisiwa. (Bona Tora ya Tebelo ya April 15, 1988, ditsebe 26-31.) Eleruri, go ikanyega mo Modimong le mo phuthegong ya gagwe go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go tlotla ditshwetso tsa boatlhodi tsa balebedi.
19. Re tshwanetse go dira eng fa bagolwane ba re bontsha gore re tsere tsela e e phoso mo semoyeng?
19 Ga go motlhofo go nna mo tseleng e tshesane e e isang kwa botshelong. Go nna mo go yone, re tshwanetse go latela kaelo e e neelwang ke Lefoko la Modimo le ke bao ba neetsweng boikarabelo jwa bodisa mo phuthegong ya gagwe. (Mathaio 7:13, 14) Fa re ne re tswa motsemogolong o mongwe re ya kwa go o mongwe ka koloi mme ra latlha tsela, re ne re tshwanetse go dira sengwe go boela mo tseleng e e siameng. Go sa nneng jalo, re ne re se kitla re fitlha kwa re yang gone. Ka tsela e e tshwanang, fa bagolwane ba re bontsha gore re tsamaya mo tseleng e e phoso mo semoyeng, gongwe ka go ratana le motho yo o sa dumelang, re tshwanetse go nna bofefo go dirisa kgakololo ya bone ya Dikwalo. Seno e tla nna tsela e nngwe ya go bontsha gore eleruri re ‘ikanya Jehofa.’—Diane 3:5, 6.
Go Bontsha Tlotlo le Eleng mo Dilong tse Dinnye
20. Ke dipotso dife tse re ka di ipotsang tse di ka re thusang go bontsha tlotlo mo kaelong ya bagolwane le eleng mo dilong tse dinnye?
20 Re tshwanetse go bontsha tlotlo mo kaelong ya bagolwane le eleng mo dilong tse dinnye. Jalo re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A ke dirisana mmogo le bagolwane fa ba re kopa go etela balwetsi kana go katisa ba basha mo bodiheding jwa tshimo? A ke amogela dikabelo tsa dipokano kwantle ga ketsaetsego le go di baakanyetsa sentle? A ke a reetsa fa bagolwane ba neela ka kaelo ya gore re se boloke manno kwa dikopanong, ka mokgwa wa rona wa go apara, jalo le jalo? A ke dirisana mmogo le bone fa ba re kopa go thusa go phepafatsa Holo ya Bogosi, go bega tirelo ya rona ya tshimo ka bonako, kana go tla ka nako kwa dipokanong?’
21. Go bontsha bagolwane tlotlo go ka re gakolola mafoko afe a ga Jesu?
21 Balebedi ba phuthego ba anaanela tirisano-mmogo ya rona, mme go felela ka molemo o mogolo. Ebile-tota, go tlotla le go dirisana mmogo ga rona le eleng mo dilong tse dinnye go ka nna ga re gakolola mafoko ano a ga Jesu: “Eo o ikanyègañ mo go se sennye, o ikanyèga le mo go se segolo.” (Luke 16:10) Eleruri, re batla go lejwa jaaka ba ba ikanyegang.
Nnang lo Arabela Bolebeding jo bo Lorato
22. Ke melemo efe e e ka nnang gone mo bolebeding jo bo lorato jwa motlhanka yo o boikanngo le bagolwane ba phuthego?
22 Melemo e e nnang gone ka bolebedi jo bo lorato jwa motlhanka yo o boikanngo le bagolwane ba phuthego e supa gore Jehofa o segofatsa phuthego ya gagwe ya selefatshe mo gogolo. Mo godimo ga moo, kaelo e e botswerere ya bagolwane e tswaka dinonofo tsa bone mme e dira gore go nne le kutlwano gareng ga rona. E felela gape ka maiteko a a kopanetsweng le a a atlegang mo go tswelediseng dikgatlhego tsa Bogosi. Eleruri, phelelo e nngwe e e siameng ya go arabela ga rona ka kanaanelo mo bolebeding jwa bao ba re eteletseng pele ke gore Modimo o segofatsa tiro ya rona ya go rera le go dira barutwa. (Mathaio 28:19, 20) Go dirisana ga rona mmogo le bagolwane gape go re baakanyetsa botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha ya dilo.
23. Ponong ya 1 Yohane 5:3 re tshwanetse go tlhotlheletsega go dira eng?
23 Ereka re rata Jehofa, go mo ikobela ga se selo se se sa itumediseng mo go rona. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna: me ditaolō tsa ōna ga di tlhokohatse.” (1 Yohane 5:3) Bakeresete ba ba ikanyegang ba reetsa ditaolo tsa ga Jehofa ka boitumelo mme ba tlhotlhelediwa go dirisana mmogo le bao a ba neetseng boikarabelo jwa bolebedi jwa phuthego. Abo re lebogela go bo re le mo phuthegong ya Modimo jang ne le go bo e na le ‘banna ba ba nang le dineo’ jaana! (Baefesia 4:8) Ka re tshepa ka botlalo gore Modimo o kaela batho ba gagwe, he, a ka metlha re utlwe ba ba nang le tshiamelo ya go etelela pele gareng ga Basupi ba ga Jehofa.
Dikakgelo tsa Gago ke Dife?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go utlwa ba ba re eteletseng pele?
◻ Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe ka tirelo ya bagolwane ba ba dirang ka natla?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go nna bofefo go dirisa kgakololo eo re e neelwang ke bagolwane?
◻ Ke melemo efe eo re ka e bonang fa re utlwa balebedi ba ba lorato ka go ba anaanela?
[Mafoko a a mo go tsebe 24]
A o dirisana mmogo le bagolwane ka go amogela dikabelo tsa dipokano, ka go thusa go phepafatsa Holo ya Bogosi, go bega tirelo ya gago ya tshimo ka nako le ka ditsela tse dingwe?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Paulo o ne a itumelela go rera mafoko a a molemo le go direla badumedi-ka-ene. Jaaka mogolwane a o lebogela ditshiamelo tsa tirelo tse o di filweng ke Modimo?