Ba-Guatemala Ba Amogela Mafoko A A Molemo
DITHABA tse di botala jwa loapi le dikgwa-molelo tse di boitshegang di bonala ka bonako di le kwa kgakala fa sefofane se ntse se atamela motse-mogolo wa gone. Bapalami ba ba leng kafa thoko ba leba kwa ntle ka letlhabaphefo la bone ba bo ba bona Thaba ya Pacaya e kgwa molelo, e kgwa mosi o montsi o o tlhatlogelang kwa godimo o bopeletse o bo o nyelela mo loaping. Bapalami ba ba leng kafa letlhakoreng le lengwe ba leba kwa tlase ba bo ba bona mekoro ya saile le mekoro e e kgweediwang e kgabaganya Letsha la Amatitlán ka tshisibalo. Eno ke Guatemala, lefatshe le le nang le dilo tse dintsi tse di farologaneng le tse dingwe.
Ereka Guatemala e le kwa Amerika Bogare, e batla e nna disekwere kilometara di le 109 000 ka bogolo. Naga ya yone e farologana go ya ka dithaba tse di kwa godimo—go kopanyeletsa le dikgwamolelo di le 33, tseo di le 4 mo go tsone di santseng di kgwa molelo—go isa go dikgwa tsa nagatlase, dikgwa tsa pula, le matsha le dinoka tse di nang le metsi a a phepaphepa. Bogodimo jwa gone bo simologa ka jwa lewatle go isa go dimitara di le 4 211. Mo motseng mogolo wa gone, go na le motswedi mongwe gone o o tswelang metsi o sa kgaotse, palogare ya thempereitšhara ya gone ke 24°C. ngwaga otlhe. Fa kwa godimo ga dithaba gone tempereitšhara ya gone e ka wela tlase mme ga nna tsididi-tsididi, mafelo a a gaufi le lebopo la lewatle a ke a fisiwe ke mogote wa 38°C. Naga eno ke e e ka ratwang ke mongwe le mongwe, ereka e na le losi lwa lewatle, dikgwa, dithaba, dikarolo tse di logwatata, le mekgatsha e e ungwang. Mme mo dikarolong tseno tsotlhe, go rerwa mafoko a a molemo a Bogosi.
Go Bolelwa ga Bogosi go A Simologa
Go simolotswe go rerwa ka Bogosi kwa Guatemala mo e ka nnang ka 1920. Fa nako e ntse e tsamaya ditlhopha tse dinnyane tsa batho ba ba kgatlhegang le tsa baboledi ba Bogosi di ne tsa simolola go bopiwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga eno. Fa barongwa ba ntlha ba babedi ba ne ba goroga teng ka May 21, 1945, ba ne ba fitlhela go na le kgatlhego e ntsi gone. Yo mongwe wa bone o anela jaana: “Ka Matlhatso wa bobedi morago ga re sena go goroga gone, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke dire tiro ya mmila ka dimakasine. Mo go jone bosigo joo ke ne ka tswa ka kgetsana ya me ya dibuka e tletse dibuka, mme mo sebakeng sa oura le sephatlho, ke ne ke e dirile lophaka, ke tsamaisitse dimakasine di le 32, dibukana di le 34, dibuka di le 4, le Bibela e le nngwe.” Mo go yone kgwedi eo ya ntlha ba ne ba simolola go tshwara dithuto tsa magae tsa Bibela di le 17! Kgaitsadi wa ntlha wa morongwa yo o neng a goroga o santse a rera mafoko a a molemo a Bogosi ka matlhagatlhaga gone koo dingwaga di le 44 morago ga moo.
Go na le dilo di le dintsi tse di farologaneng mo tshimong e go rerwang mo go yone. Motse mogolo, eleng Toropo ya Guatemala, o na le dikago di le dintsi tsa segompieno tse di goletseng kwa godimo, gammogo le mafelo a botho a bonno ao go nang le magae a mantle gone, koo badiredi ba sesadi bao ba arabang ka go dirisa inthakhomo fa go kokotiwa gone. Mme kgakajana go sekae fela go na le matlo ao boalo jwa one bo dirilweng ka mmu ka dipota tseo di dirilweng ka seretse se se tlhakaneng le lotlhaka mme a ruletswe ka bojang koo motlakase le metsi a a tsamayang ka mesele di sa itsiweng le go itsiwe gone. Mo tshimong e e ntseng jalo e e nang le dilo tse di farologaneng jalo, ga go na selo sa go tshwana le letsatsi le le tlwaelegileng mo tirelong ya tshimo.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana mejako e le mentsi ga e bulwe ka ntlha ya gore monna gammogo le mosadi ba a bereka. Jalo e le gore Basupi ba rerele batho ba go tshwana le bao, gantsi ba nna le seabe mo tirong ya mmila. Ba bangwe ba simolola ka 5:30 a.m., ba tsamaisetsa batho dibuka kwa maemelong a dibese ao go nang le batho ba le bantsi kwa go one. Mosupi o tshwanetse a bo a siame mo mmeleng gore a ke a kgone go lepalepana le batho bao ba itlhaganeletseng go tshwara bese ya bone. Mo mosong mongwe setlhopha sengwe sa Basupi se ne sa swetsa ka gore se buisane le bakgweetsi ba ditekesi ka ntlha ya gore go ne go sa tlhole go na le batho ba ba kalo ba ba yang go palama bese. Seo se neng sa ba gakgamatsa ke gore bakgweetsi ba ditekesi ba le mmalwa ba ne ba ntsha dikaelo tsa bone tsa makasine wa Tora ya Tebelo oo ba neng ba setse ba o thaletse. A le mongwe kana ba le babedi mo go bone ba ne ba na le dipotso, tseo bakaulengwe ba neng ba itumelela go di araba ba dirisa Bibela ya bakgweetsi ba ditekesi ka namana.
Go Rera mo Dinagenggodimo
Panajachel ke mongwe wa metsana e e gaufi le Letsha la Atitlán, leo e leng letsha le lentle le le botala jwa legodimo le botala jwa bojang ebile le dikologilwe ke dithaba tse dintle thata le dikgwamolelo di le tharo. Metsana mengwe e sheleletswe baaposetoloi. Mo e ka nnang 95 lekgolong ya batho ke ba lotso lwa Ba-Mayan, mme Cakchiquel le Tzutuhil ke tsone dipuo tse pedi tse dikgolo tsa gone. Lemororo banna ba gone ba bua le Sepanishe, basadi ba le bantsi ba gone ga ba se bue, ka gonne ba senya nako ya bone e ntsi ba le kwa gae. Motsana mongwe le mongwe o na le moaparo wa one o montle wa setso, gantsi e le o o itogetsweng ke basadi ka letsogo.
Fa o goroga kwa Panajachel, o tla lemoga gore ga e tshwane le ditorotswana tse dingwe tsa kwa Guatemala. Go bapa le matlo a mmu kana a ditene a maemo a a kwa tlase, o bona go na le mekgotshwana e mentle. Seo se farologanang thata fa se bapisiwa le one ke dihotele tsa segompieno. Batho go tswa lefatsheng lotlhe ba tla kwa Panajachel go tla go bona Letsha la Atitlán.
Mosupi mongwe o tlhalosa ka moo tiro ya go rera e dirwang ka gone mono: “Go hirwa mokoro esale gale o hirelwa letsatsi lotlhe, mme bakaulengwe ba rona ba ba tswang kwa Sololá fa gaufi, mmogo le bangwe bao ba etileng ba ba tswang kwa Toropong ya Guatemala, ba lalediwa gore ba tle go thusa go bereka tshimo e kgolo eno yotlhe. Bakaulengwe ba ba tswang kwa Sololá ba thusa thata ka ntlha ya gore bontsi jwa bone ba nna mo lefelong la dithaba leo le tshwanang le leo re tlileng go le etela. Gape ba bua puo ya lefelo leo. Loeto lono lo simolola esale gale mo mosong. Fa mokoro o ntse o kgabaganya letsha leo bana bone ba kgatlhiwa ke metsi a a botala fela jaaka loapi mme batsadi bone ba ikgakolola mafoko a sekae a puo ya gone.
“Mo lekgetlong leno go tlile go etelwa metsana e le metlhano. Santlha, go dirwa ditlhopha di le tharo. Morago ba bo ba abiwa ka bobedi ka bobedi—bao ba buang puo ya koo ba abiwa le bao ba sa e bueng. Go na le maemelakepe a le mararo fela a mannyane ao re ka pagologang kwa go one gore re fitlhelele baagi ba metsana eno, ka gone go pagologa setlhopha se le sengwe kwa go nngwe le nngwe ya one. Go a itumedisa go bona bakaulengwe ba rona ba apere diaparo tsa bone tse dintle tsa setso ba bereka mmogo le bao ba apereng ka tsela ya segompieno. Seo ka bosone ke bosupi jo bo molemo mo baaging ba metsana eo. Bana bao ba ratang go itse gantsi baa re dumedisa. Morago ga ba sena go utlwa gore ke eng seo re etetseng koo ka sone, ba tswa ka lebelo go ya go itsise baagi botlhe ba motsana oo.
“Ka nako eo re fitlhang kwa magaeng ano a maemo a a kwa tlase ka yone, batho ba le bantsi ba re emetse ka tlhoafalo go bona diboroutšhara tsa rona tse dintle kana Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela tseo bana ba ba boleletseng ka tsone. Lefa e ka nna buka efe ya Bibela eo re e tlogelang mo ntlong ya ntlha e tlile go nna yone eo e batliwang mo magaeng a a latelang ka gonne mongwe le mongwe o batla go nna le selo se sentle se se tshwanang le seo moagelani wa gagwe a se amogetseng. Ba le bantsi ba bone ga ba kgone go bala, jalo ba ipelela segolo-bogolo ditshwantsho tse di malebana le Paradaise e e tlang. Difatlhego tsa bone di tlala boitumelo fa ba ntse ba reeditse ka ga tsholofelo ya isagwe eo Bibela e e solofetsang mo go Tshenolō 21:3, 4. Re ema go sekae go ipelela dijo tsa motshegare re di ja ka tsela ya pikiniki mme morago ga moo re bo re tswela pele go buisana le batho go fitlha ka 3:00 p.m. Morago ga moo re boela morago kwa boemelakepeng go ya go letela mokoro gone gore o tle go re tsaya gone. Fa fela mongwe le mongwe a sena go palama, bakaulengwe ba bolelelana maitemogelo a bone ka boitumelo.
“Kgaitsadi yo mongwe o gakologelwa kafa a neng a itumela ka gone fa a ne a utlwa mosadi mongwe a goa jaana a le fa godimo ga gagwe, ‘Kgaitsadi, kgaitsadi, ke fano. O tlile go tla go nketela gape. Ke a leboga, ke a leboga.’ O ne a leba kwa godimo mo serepoding se se latelang seo se leng mo godimo ga thaba mme a gakologelwa mosadi yoo yo o neng a mo akgela letsogo ka boitumelo. Lekgetlo la bofelo la fa a ne a etetse kwa motsaneng oo, mosadi yoo o ne a bontsha kgatlhego thata jaaka fa ba ne ba ntse ba sekaseka Bibela mmogo. Mosadi yoo o ne a ntse a letetse gore a boe jaaka a ne a solofeditse. Gape ba ne ba dula fa fatshe mme ba boa gape ba nna le thuto e e monate ya Bibela.
“Lemororo mongwe le mongwe a lapisitswe ke go tsamaya dikgala tse ditelele mo lefelong le le nang le maje, ba tlhoafaletse go itse gore loeto lo lo latelang morago ga moo lo tlile go nna leng. Fa mokoro o fitlha mo losing, re sadisana sentle re buisana go sekae mabapi le lekgetlo le le latelang le le itumedisang.”
Go Fologela kwa Tlase le Mafatshe A A Ikadileng le Lebopo Le Le kwa Tlase la Lewatle
Guatemala gape e na le mabopo a mabedi a lewatle a a sa tshwaneng: eleng lebopo la lewatle la Pasifiki ka losi lwa lone lwa lewatle lo lo nang le moshawa o o kgatlhisang thata o montsho le losi lwa lewatle lwa Caribbean ka moshawa wa lone o mosweu.
Fa o kgweetsa sebaka sa metsotso e le 45 go tswa kwa motsemogolo go ya kwa Pasifiki go nna le phetogo e e seng kana ka sepe mo tikologong le mo tlelaemeteng. Go a fisa ebile go bongola mo lebopong la lewatle, go patilwe ke ditshenekegi tseo di oketsegang ka palo. Ditlhare tsa dipalema, tsa coconut, le tsa ceiba gammogo le dimela di le dintsi di neela bosupi jwa gore o mo mafelong a boboatsatsi. Go na le diphuthego tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa mo ditoropong di le dintsi tsa kgaolo eno.
Fano go dirisiwa baesekele mo boemong jwa pitse e e tlwaelegileng, jalo ga se selo se se sa tlwaelegang go bona bakaulengwe ba rona ba e kgweetsa ka matlhagatlhaga mo gare ga masimo a lotlhaka fa ba ntse ba supa ka mogope le mogope. Mokaulengwe yo mongwe o ne a tshwara thuto ya Bibela le monna mongwe yo o neng a nna bokgakala jwa dikilometara di le 35. O ne a sepela sekgala seo gabedi ka baesekele ya gagwe beke le beke go ya go ruta motho yono yo o kgatlhegang a mo ruta boammaaruri jwa Bibela.
O ka nna wa akanya gore o tsene mo nageng e nngwe fa o etela maemelakepe a mawelana eleng Santo Tomas de Castilla le Puerto Barrios a a leng mo lebopong la Caribbean. Tsela eo go tshelwang ka yone fano e farologane le ya Guatemala yotlhe. Matlo a gone go lemilwe tlhaga mo go one le ditlhatshana tseo di bonwang ke mang le mang; ke sewelo o ka bonang lebota la seretse le letlhaka go ageletswe ntlo ka lone, eleng letshwao leo le farologanyang Mexico go Amerika Bogare. Mo godimo ga moo, fano ga o bone moaparo wa setso oo o anameng jaana go ralala Guatemala yotlhe.
“Ereka toropo eno e le ya boemelakepe, o nna le sebaka sa go tlhalosetsa batho ba mefuta e e farologaneng molaetsa wa Bibela,” go ne ga tlhalosa jalo modihedi mongwe wa nako e e tletseng. “Ke ne ka tsena ka ditswalo tsa bara nngwe tseo di kgoromediwang fela di bo di boa di itswala. ‘Mmè’ wa gone o ne a amogela mpho ya buka mmogo le Bibela, mme o ne a nkopa gore ke boe ke tle go mo ruta ka moo e ithutiwang ka gone. Fa ke ne ke boela gone mo bekeng e e latelang, o ne a nkemetse fa tafoleng nngwe e kgolo ka Bibela le buka ele. O ne a mpontsha ka seatla sa botsalano gore ke dule fa fatshe, a bo a re ke eme go sekae a santse a bitsa ‘basetsana’ botlhe. O ne a batla gore le bone ba ithute. Erile fa ke re thaa, ke fa tafole yotlhe e tletse ‘basetsana’ ba gagwe go e dikologa. O ne a retologela mo go nna, a bo a re, ‘Jaanong re bontshe kafa Bibela e ithutiwang ka gone.’ Ke ne ka akanya jaana: ‘Tota go tlile jang gore ke itsenye mo selong seno?’ Mme ke ne ka tswela pele ke digile makgwafo, jaaka ekete ke ne ke aga ke ithutela Bibela mo bareng.” Mmè yoo o ne a gatela pele ka bonako, a latlha kgwebo eo ya gagwe, mme a fetoga Mosupi yo o kolobeditsweng. Gompieno o tshwere ka natla kwa phuthegong e nngwe mme le ene o tshwara dithuto tsa Bibela le batho ba ba kgatlhegang.
Bokgakala jwa oura e le nngwe fa o tsamaya ka mokoro go kgabaganya kgogometso go na le toropo nngwe e ntle ya Livingston, setlhopha sa batho ba ba seng matlhagatlhaga go sekae ba ba botsalano bao ba tlhotlheleditsweng thata ke tumelobotlhodi le tumelo ya bo-voodoo ya Se-Afrika. Ga se selo se se sa tlwaelegang koo go utlwa modumo wa meropa mo gare ga bosigo le go bona mokgwa wa Se-Afrika wa go bina mo mebileng ka nako ya meletlo. Gape o ka lemoga puo nngwe eo e sa tlwaelegang mo ditsebeng—Se-Caribe, kana Se-Garifuna. Setlhopha se sennyane mme se gola ka bonako sa baboledi ba Bogosi se thusa mo dikgatlhegong tsa semoya tsa batho ba koo.
Tirisa-Dikgoka le Pogiso Fa Di Bapisiwa le Kagiso
Mathata mangwe a ile a tsoga ka 1982 fa tautona yo mosha wa kwa Guatemala a ne a leka go fedisa tiro ya dirukutlhi eo maatla a yone a neng a ile a gola ka nako ya puso ya yo o neng a busa pele ga gagwe. Mokgwa o a neng a o dirisa e ne e le wa go bopa ditlhopha tsa selegae tseo di disang tseo di neng di tlhamilwe ka baagi ba ba tlhometseng ka dibetsa bao ba neng ba disa mebila bosigo, ba sireletsa ditoropo le go itsise masole fa go na le tiro nngwe e e belaetsang. Mo mafelong a le mantsi mokgatlho ono wa selegae o o disang o ne wa itshupa e le teko ya boitlhaodi mo bakaulengweng ba rona.
Mo toropong e nngwe phuthego yotlhe e ne ya patelediwa gore e robe boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete ka go nna le seabe mo tirong eo ya go disa. Ereka ba ne ba tshosediwa ka loso, ba ne ba tshabela kwa motsengmogolo, koo ba neng ba sirelediwa mo Holong ya Bogosi gone go fitlhela ba tsenngwa mo magaeng a bakaulengwe. Ee, bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba itshokela diteko tse di setlhogo le pogiso fa masole a ne a leka go ba pateletsa gore ba dire tiro ya go disa.
Mokaulengwe mongwe o anela jaana: “Ke na le dingwaga di le 20 mme ke nna le nkgonne le mosadi wa gagwe. Mathata a ne a simologa fa tiro ya barukhutlhi le ya masole e ne e fitlha kwa polaseng eo ke neng ke bereka mo go yone. Ka lekgetlo le lengwe, batho ba le robedi ba ne ba tsewa ba supilwe ka tlhobolo, re ntse re ba lebile. Go ne ga boa ba le babedi fela; ba bangwe ba le barataro ga ba ise ba ke ba tlhole ba bonwa gape.
“Ka April 1984 matsholo a a tlhometseng ka dibetsa a ne a tla kwa polasing eo ba batla batho ba basha bao ba ka tsenelang bosole. Ba ne ba kopa bao ba neng ba dira le nna mmogo le nna gore re bo tsenele. Morago ga ke sena go gana, ba ne ba mpetsa ba sa kgaotse. Fa badiri ka nna ba ne ba bona seno, ba ne ba lela jaaka bana, ba nkopa gore ke tseye sebetsa mme ke bo tsenele. Lesole le lengwe le ne la ntlhaba ka menwana ya lone mo thamong a bo a ntshoka ditsebe fa yo mongwe ene a ne a ntshwere gore yo mongwe a ke a mpetse le go nthaga. Moofisiri wa bone o ne a goa jaana ka bogale a goela kwa godimo, ‘Ke eng ka wena? A o phologolo, kana a o Modimo?’ Kgabagare moofisiri yo mongwe o ne a fitlha mme a bolela jaana, ‘mo tlogeleng ka gonne Basupi ba ntse fela jalo. O tshwanetse wa ba bolaya pele pele ga ba ka dumalana.’ Moofisiri yole wa ntlha o ne a bolela jaana: ‘Mo thuntsheng!’ Mme mo boemong jwa seo o ne a mpetsa mo mpeng ka tlhobolo ya gagwe. E ne ya re fa ba sena go tlhatswega pelo gore ga ke tle go tsena mo go bone, ba ne ba tlogela go mpetsa. Morago ga malatsi a le mararo, ba ne ba nkgolola. Ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka seka ka roba bothokgami jwa me. Ke ka lebaka leo ke bolelelang basha ba bangwe gore ba nne le tshepo e kgolo mo go Jehofa, yo o tla re thusang gore re nne le boitshoko fa re bo tlhoka.” Ka boitumelo, boemo bo ile jwa fetoga thata morago ga tautona yo montšha a sena go tsaya marapo ka January 1986.
Ka bonako dilo tse di sa tshwaneng tse di jaaka ntwa le kagiso, khumo le lehuma, botshelo le loso, di tla nyelelela ruri. Mo Paradaiseng ya lefatshe lotlhe e e tlang, go tla ipelelwa dilo tse di monate tse di sa tshwaneng tse di ntseng jaaka bosigo le motshegare, dithaba le mekgatsha, mawatle a a sumang le matsha a a didimetseng, jaaka fa Jehofa a ikaeletse. Le wena o ka nna koo fa, jaaka baboledi ba Bogosi ba ba fetang dikete di le lesome ba kwa Guatemala, o amogela mafoko a a molemo ka pelo yotlhe.