A O A Gakologelwa?
A o ile wa ipelela go bala ditokololo tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:
◻ Selo sa konokono se se dirang gore lelapa le atlege ke eng?
Banyalani ba tshwanetse ba bontshana lorato, tlotlo, le boikanyego, yo mongwe a anaanela dilo tse di molemo tsa yo mongwe le yo mongwe fela jalo le go ithuta go tlhokomologa makoa a yo mongwe le go mo itshwarela.—5/15, tsebe 15.
◻ Melao ya Modimo eo a neng a e neile Iseraele e ne ya ba thusa mo dintlheng dife gore ba nne ba itshekile?
Melao ya ga Jehofa e ne ya thusa Baiseraele gore ba nne ba le phepa semoyeng, mo boitshwarong, mo mogopolong, mo mmeleng, le mo meletlong ya bone, eno ya bofelo e ne e le malebana le kobamelo ya bone.—6/1, tsebe 11.
◻ Ke eng seo se bolelwang ke polelwana e e reng “boitekanelo jwa mogopolo”?
“Boitekanelo jwa mogopolo” bo kaya gore re iteke ka thata go nna phepa mo mogopolong ka go e tlhoma mo dilong tseo di leng ‘boammaarure, tshiamo, le tse di itshekileng’ le ka ‘go tswela pele re akanya ka dilo tseno.’ (Bafilipi 4:8)—6/1, tsebe 16.
◻ Ke ka ntlhayang fa Jesu a ne a bolela gore go nna gone ga gagwe go ne go tla tshwana le “logadima”? (Luke 17:24)
Jesu fano o ne a supa gore sesupo sa go nna gone ga gagwe ka maatla a Bogosi go ne go tla bonwa mo karolong e kgolo, go kgonisa botlhe bao ba ratang go bona seo gore ba lemoge ntlha eo.—6/15, tsebe 8.
◻ Ke ka ntlhayang fa maitseo a Bokeresete a amana ka tlhamalalo le lorato lwa Bokeresete?
Maitseo a Bokeresete—eleng tsela eo re dirisanang le ba bangwe ka yone, boikutlo jo re bo bontshang, boitsholo jwa rona, le tsela eo re itshwarang ka yone ka gale—a bontsha gore re amega ka batho ba bangwe go le kae. Maitseo a rona a bontsha gore re ba rata go le kae. (Yohane 13:35; 1 Bakorintha 10:24; 13:4-7)—6/15, tsebe 14.
◻ Lenyalo la ga Jesu le “mosadi oa gagwè” wa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 144 000 le tla nna leng? (Tshenolō 19:7, 8)
Lenyalo leno le tla nna morago ga ntwa ya Hara–Magedona le morago ga Satane a sena go latlhelwa mo moleting. Ka nako eo Jehofa o tla bo a femetse bolaodi jwa gagwe ka go tlosa bao ba gwetlhang bobusi jwa gagwe mo lefatsheng le ka go nyeletsa tlhotlheletso e e boikepo ya ga Satane le badimona ba gagwe.—7/1, tsebe 24.
◻ Jokwe ya go dira barutwa e ka tlisa tapologo jang, jaaka go bontshiwa ke mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 11:29, 30?
Ereka Jesu e se yo o gatelelang ba bangwe, go a lapolosa go bereka le ene lo le mmogo kafa tlase ga jokwe e le nngwe. Ga a lebale ditlhaelo le makoa a rona. Mme abo go lapolosa jang ne go bolelela ba bangwe gore ba ka tshelela ruri mo Paradaiseng!—7/15, tsebe 20.
◻ ‘Boshafatso’ joo Jesu a buang ka jone mo go Mathaio 19:28 ke eng?
Jesu o ne a bontsha fano gore go tla nna le ‘boshafatso’ jwa maemo a a leng mo lefatsheng e le gore dilo di ke di nne jaaka di ne di ntse kwa tshimong ya Edene.—8/1, tsebe 9.