Pogiso ya kwa Burundi—Tsholofetso Eo E Ileng Ya Seka Ya Diragadiwa ya Kgololesego ya Bodumedi!
Kgololesego ya bodumedi ga e tseelwe kwa tlhogong mo mafatsheng a le mantsi a Bophirima. Lefa go le jalo, go bogisiwa ka ntlha ya bodumedi goo go diragalang kwa lefatsheng la Afrika la Burundi go bontsha ka moo kgololesego e senyegang motlhofo fela ka teng. Mme tota, fa fela ditshwanelo tsa batho tsa setlhopha lefa e le sefe sa batho di gatakelwa fa fatshe ka maoto, ga go na ditshwanelo tsa ga ope tseo di bolokesegileng. Ka jalo re kgothaletsa babadi ba rona go tlhatlhoba seo se diragalang kwa Burundi.
KA FEBRUARY 16, 1989, moriti wa Metlha E E Lefifi o ne wa wela lefatshe la Afrika la Burundi. Ka letsatsi leo moporesidente wa Repaboliki ya Burundi, eleng Pierre Buyoya, o ne a tshwara kopano le babusi ba diporofense. Morago ga kopano eo, go ile ga tsoga pogiso e e makgwakgwa, e e anameng ya bodumedi kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Banna, basadi, le eleng bana ba ile ba tlhaselwa ka go tshwarwa ka mo go seng kafa molaong, ka go itewa, ka go tlhokofadiwa, le ka go bolaisiwa tlala.
Go tlhabisa ditlhong go bo ditiro tse di setlhogo jaana di bo di ka diragala mo letsatsing leno le mo motlheng ono. Lefa go le jalo, pogiso ya kwa Burundi mo Bakereseteng ke selo se se ilegang thata. Ka ntlhayang? Ka gonne e senola kafa tsholofetso ya kgololesego ya bodumedi eleng maaka ka gone.
Go Senolwa ga Mmuso
Burundi ke morafe o o kgakala wa Ma-Afrika o o fela ka kwa borwa jwa ekhweita, lefa go le jalo lefatshe leno le le dithabathaba le ipelela tlelaemete e e tsiditsana, e e itumedisang. (Bona mmapa.) Go ne go na le batho ba le mmalwa fela mo lefatsheng bao ba neng ba itse gore go na le tulo e e ntseng jaaka Burundi go tla go fitlhelela ka August 1988, fa e ne ya ngoka tlhokomelo ya lefatshe. Ka nako eo go ile ga tsoga kganetsano e e matlho mahibidu mo gare ga ditlhopha tse pedi tsa selegae, tsa merafe ya Ba-Tutsi le Ba-Hutu. Seno kwantle ga pelaelo se tlogetse kgopolo e e sa siamang ka ga Burundi mo ditlhaloganyong tsa batho ba le bantsi.
Lefa go le jalo, go na le dilo di le dintsi tse di molemo tseo di ka bolelwang ka lefatshe le le tsweletseng pele leno. Batho ba gone ke ba ba dinatla le ba ba dirang ka thata. Setlhogo sengwe go The New York Times Magazine se ile sa akgela ka mo go oketsegileng gore “Burundi, lefa e humanegile jaana, e dira ka ditsela tse di farologaneng tseo di bonalang mo mothong yo o etileng. Maurice Gervais, yo o leng moemedi yo o nnang koo wa Banka ya Lefatshe, o e bitsa a re ke ‘lefatshe le le dirang ka thata.’”
Lefa go le jalo, boemo jwa bodumedi jwa Burundi bo tshosetsa pono e ntle eno. Mo e ka nnang 80 lekgolong ba iphaka gore ke Bakeresete, bao bontsi jwa bone e leng Makatoliki a Roma. Lefa go le jalo, mebuso ya bopolotiki ya koo e ile ya baya motlhala o o kgoreletsang wa go gana go dumelela kgololesego ya bodumedi. Ka October 16, 1985, The Christian Century e ne ya bega jaana: “Ngwaga o o fetileng puso ya Burundi e ile ya oketsa ditiro tseo e ikaeletseng go diga kereke ka tsone . . . Tshwanelo ya go obamela phatlalatsa le mo sephiring le ya go rapela e ile ya khutlisiwa ka tsela e e setlhogo. Dikereke tsotlhe tsa mekgatlho mengwe ya bodumedi . . . di ile tsa tswalwa mme tsa thibelwa go tlhola di dirisiwa; . . . bontsi jwa Bakeresete ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong, mme bangwe ba bile ba bo ba bogisiwa . . . botlhe ba dirwa jalo ka ntlha ya go bo ba dirisa tshwanelo ya bone ya bodumedi.”
Ka gone ka September 1987, go ile ga nna le ditsholofelo tse dikgolo fa puso e ntšha kafa tlase ga boeteledipele jwa ga Moporesidente Pierre Buyoya e ne e tsaya marapo kwa Burundi. Moporesidente yo mosha yoo o ne a solofetsa morafe wa gagwe kgololesego ya bodumedi, mme o ne a tsaya kgato ka bonako go diragatsa lefoko la gagwe. Pego e e begilweng ke Lefapha la Mmuso wa U.S. e bolela jaana: “Ka ngwaga wa gagwe wa ntlha a tsere marapo, Moporesidente Buyoya o ile a dira diphetogo tse dikgolo mo maikemisetsong a Burundi malebana le bodumedi jo bo rulagantsweng, a tlosa thibelo ya go ntsha maikutlo ka tsela ya bodumedi tseo di neng di le teng kafa tlase ga puso ya [pele]. Buyoya o ne a golola batshwarwa botlhe ba bodumedi; a bula dikereke tse di neng di tswetswe; a busa dilo tsotlhe tse di neng di gapilwe mo dikerekeng.” Ditiro tseno tse di itumedisang di ile tsa dira gore Moporesidente Buyoya a gape tlotlo ya batho ba ba ratang kgololesego lefatshe ka bophara.
Mme, he, ke eng fa Basupi ba ga Jehofa gaufinyana jaana ba ile ba tlhaolwa ba tlhaolelwa go gatelelwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone?
Basupi ba ga Jehofa—Ba Kgaratlhela Gore Ba Amogelwe Semmuso
The New York Times e bega gore go ralala masome a dingwaga, Kereke ya Katoliki “e ile ya fetoga go nna e e maatla mo ikonoming le mo dipolotiking.” Ka nako ya fa morafe oo e neng e le koloni ka yone, kereke e ne ya “batla e letlelelwa gore e laole lefatshe leo,” ereka “e ne e na le seabe se segolo mo go neeleng tlhokomelo ya pholo le ya thuto.” Ga go gakgamatse, he, go bo puso e ile ya ikutlwa e tshosediwa ke bodumedi jo bo rulagantsweng.
Lefa go le jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba simolola tiro ya bone ya go rera phatlalatsa kwa Burundi ka 1963, ga ba ka ba dira boiteko bope jwa go itshunya nko mo dikgannyeng tsa Puso. Go na le moo, tiro ya bone e ne e le go rera “Mahoko a a molemō a, a bogosi” fela. (Mathaio 24:14) Ereka Bibela e re Bakeresete ba boammaaruri ga ba tshwanela go “nna karolo ya lefatshe,” Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba itlhaotse mo dipolotiking, joo e leng boemo joo Basupi ba bo tsayang lefatshe ka bophara.—Yohane 17:16, NW.
Ka ntlha ya segakolodi sa bone Basupi ba ne ba ithiba mo go tlhakaneleng mo go fetogeng maloko a makoko a sepolotiki le mo go goeletseng meano e e dirisiwang ke makoko a sepolotiki. Gantsi mebuso e ile ya seka ya tlhaloganya boemo jono jwa boitlhaodi ba bo tsaya jaaka go se rate naga kana le eleng go bontsha moya wa go tsogela mmuso. Mme ga go a nna jalo. Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba itsege jaaka baagi ba ba tlhomang sekao, bao ba ikobelang melao. Ba tsaya taolo ya Bibela e e reng ba ‘ineele’ mo mebusong ka masisi. (Baroma 13:1) Lemororo ba ithiba mo go dumediseng ditshwantsho tsa semorafe tse di ntseng jaaka difolaga kana go bontsha go di sisimoga ka tsela epe, ga ba nyatse ditshwantsho tse di ntseng jalo.—Ekesodo 20:4, 5.
Ka 1975 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira kopo ya gore tiro ya bone e amogelwe semolao. Mme ka 1976 mophato wa masole o ile wa tlosa puso mme ba tlhoma Moporesidente Jean-Baptiste Bagaza mo pusong. O ne a solofetsa kgololesego ya kobamelo. Lefa go le jalo, ka March 1977, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thibelwa semmuso! Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba ile ba dira boiteko jwa go dira gore maloko a puso ya Bagaza a tlhaloganye kgang eno sentle, mme makwalo, go etela baemedi ba Burundi kwa Fora le Belgium, le go kopana le basimegi ba puso ba kwa Burundi go ne ga itshupa gotlhe fela go sena mosola. Ka 1987 Basupi bangwe ba kwa Burundi ba ka nna 80—e le banna le basadi—ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ka dikgwedi di le dintsi. Mosupi mongwe o ne a swela gone.
Mme morago ka 1987 fa puso e ne e menolwa ka dikgoka Majoro Pierre Buyoya o ile a tlhomiwa mo pusong. Makatoliki le Maporotesetanta a ile a solegelwa molemo ka bonako ke go dumelela ga gagwe bodumedi—mme eseng Basupi.
Go Tsoga ga go Bogisediwa Bodumedi
Morago ga kopano ya ga Moporesidente Buyoya le babusi ba diporofense ka February 16, 1989, go ile ga itsisiwe ka seyalemoya gore bongwe jwa mathata a magolo ao Burundi e neng e tshwanetse go lebana le one ke go oketsega ga Basupi ba ga Jehofa. Jaaka ekete ba dira go ya jaaka ba laetswe, babusi ba diporofense tse di mo lefatsheng leo ba ile ba simolola dipogiso. Lemororo dintlha ka botlalo di ise di felele, dipego tse di latelang di neela lesedinyana ka seo se diragalang koo:
Porofense ya Gitega: Mmusi Yves Minani o ile a laela mapodisi le baagi gore ba phuthege gore ba tshware Basupi botlhe ba ga Jehofa. Moragonyana ga moo, baemedi ba mapodisi a ipabalelo ba ile ba tlhasela legae la ga Ntibatamabi Edmond, wa moefangedi wa mmulatsela yo o kgethegileng, mme ba mo tshwara. Erile fa a ntse a le mo botshwarong jalo, o ne a timiwa dijo. O ne a idibadiwa ke tlala ka makgetlo a le mantsi. Gape o ne a tlhokofadiwa ka boiteko jwa go dira gore a dumele magatwe a gore Basupi ba ga Jehofa ba ja madi a batho—ao e leng maaka a a bosula!
Morago ga gore Edmond a tshwarwe, Ntikarahera Aaron le Ntimpirangeza Prime, bao le bone e leng Basupi ba ga Jehofa, ba ile ba tshwarwa mme ba tsenngwa mo kgolegelong kwa Gitega. Le bone ka mo go tshwanang ba ile ba tshwarwa ka tsela e e setlhogo.
Nijimbere Charlotte, ebong mosadi wa molebedi wa potologo—modihedi yo o tsamayang a etela diphuthego di le mmalwa—o ne a utlwalela boemo joo jo bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba leng mo go jone. O ne a leka go ba isetsa dijo kwa kgolegelong mme ka March 16, 1989 le ene o ne a tshwarwa, mme ba mo tshwara jaaka motshwarakananyo e le boiteko jwa balaodi jwa go tshwara monna wa gagwe.
Porofense ya Muramvya: Mmusi Antoine Baza o ile a laela Basupi botlhe ba ba itsegeng gore ba kopane le ene mme ba tle go araba dipotso. Ka March 4 setlhopha sa Basupi se ile sa diragatsa kopo eo. Lemororo ba ne ba araba dipotso tsa gagwe ka tlotlo, ba ile ba gana go goeletsa meano ya lekoko la sepolotiki.
Mmusi yoo o ile a arabela seo ka go tlhotlheletsa baagi ba lefelo leo go tlhasela Basupi ba ga Jehofa. Ka March 16 mapodisi a ile a tsena mo matlong a Basupi ba ba itsegeng mme ba simolola go betsa banna le basadi ka ntlha ya go bo ba gana go goeletsa meano ya lekoko. Lebenkele lengwe leo e neng e le la Mosupi le ile la gapiwa ka dikgoka mme la tswalwa—ba amoga lelapa leo seo le neng le itshedisa ka sone.
Ka March 17 basadi bangwe ba le bane ba ne ba bediwa ka ntlha ya gore ba ne ba gana go itatola tumelo ya bone. Ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong e go sa tseneng moya mo go yone, lemororo mongwe wa bone e ne e le mmè yo o nang le ngwana wa malatsi a le 20.
Ka March 20 setlhopha se se neng se tshotse dithobane le ditotšhe se ile sa tlhasela matlo a basadi bangwe ba Basupi, bao ba ileng ba bediwa mme ba lelekwa mo matlong a bone. Mo gare ga bao ba neng ba tlhasetswe go ne go na le mosadimogolo wa dingwaga tse 75 yo o neng a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa le basha ba le mmalwa ba ba ka kwa tlase ga dingwaga tse 14!
Pierre Kibina-Kanwa, yo e leng mokaedi wa sekolo se sepotlana sa Nyabihanga, o ne a leka go pateletsa bana ba ba tsenang sekolo ba Basupi go dumedisa folaga ya bosetšhaba. Ka ntlha ya go bo ba ne ba sa kgone go dira jalo, o ne a ba leleka. Basupi ba le masome a mabedi le bobedi bao ba neng ba tswa mo motsing oo ba ile ba patelesega go tshaba, ba tlogela sengwe le senwe seo ba neng ba na le sone kwa morago. Mo gare ga bao ba neng ba tshwerwe go ne go na le Ndayisenga Leonidas, Kanyambo Leanard, Ntahorwamamiye Abednego, Bankangumurindi P., Kashi Grégoire, le Mbonihankuye Thadée.
Porofense ya Bujumbura: Molaodi wa kgaolo ya Muhuta, Nahimana Macaire, o ne a laela Kavunzo Vincent, Ndabazaniye Sylvestre, le Ndizwe-Nzaniye—bao botlhe eleng Basupi—gore ba kopane le ene. Teng koo o ne a ba latofatsa ka gore ba ne ba kopanetse mo ntweng ya morafe oo e e neng e le teng ka August 1988. Lemororo Basupi ba ga Jehofa ka phepafalo ba ne ba sa kopanela mo go yone, morago ga moo ba ile ba bediwa ba bo ba tshwarwa.
Porofense ya Bubanza: Basupi ba le babedi ba ile ba tshwarwa fela ka ntlha ya gore ba na le dibuka tsa Bibela. Erile fa ba gana go dira salutu ya lekoko, Mmusi Kimbusa Balthazar o ne a dira gore ba romelwe kwa kampeng ya sesole. Teng koo ba ile ba bogisiwa ka gore menwana ya bone e thubiwe.
Seo O Ka Se Dirang
Bontsi jwa dipogiso tseno di ile tsa diragala mo bogareng jwa naga eo, mo di sa bonweng ke batho ba mafatshe a mangwe gone. Lefa go le jalo, dikaelo tse di fetang dimilione tse 13 tsa setlhogo seno di tlile go anamisiwa lefatshe ka bophara ka dipuo tse 106. Dipogiso tseno tse di setlhogo tsa kwa Burundi ga e na go tlhola e nna sephiri. Batho bao ba ratang kgololesego ba tla gakgamadiwa ke go bo go tlola ditshwanelo tsa batho mo go ntseng jalo mo go bonwang ke mang le mang go bo go diragetse—ditshwanelo tseo diketekete tsa Ma-Afrika di ileng tsa di kgaratlhela.
Burundi ka jalo e ipaya mo kotsing thata ka go palelwa ke go tshegetsa tsholofetso ya yone ya kgololesego ya bodumedi. E ipaya mo kotsing ya go senya botumo jwa yone jo e bo bereketseng ka natla jaana, jwa gore ke morafe o o tswelelang pele, o o dirang ka thata. A Burundi e batla go nna le molato wa go lebiwa jaaka morafe o o bogisetsang batho bodumedi jwa bone ka tlhagafalo? Ga re akanye jalo. Re akanya fela gore Moporesidente Buyoya o ile a seka a bolelelwa boammaaruri, a tsiediwa ke bagakolodi ba gagwe.
Ditatofatso tseo di dirilweng kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa ke maaka a a maswe a a rulagantsweng go ka tlhotlheletsa maikutlo a go tlhoka tlhaloganyo. Basupi ba ga Jehofa ga se matshosetsi a polokesego ya puso ya Burundi kana ya morafe ope o mongwe. Ke batho ba ba nang le kagiso, ba ba ikobelang molao, ba ba tlotlang ditshwantsho tsa bomorafe. Mme go fapaana le magatwegatwe, ba gana gotlhelele go ja madi lefa e le ka tsela efe—le eleng fa matshelo a bone a le mo kotsing.—Ditihō 15:28, 29.
Ka jalo Bakeresete ba boammaaruri lefatshe ka bophara ka kutlwano ba tla rapelela bakaulengwe ba bone ba kwa Burundi. (1 Timotheo 2:1, 2) Babadi ba le bantsi ba tla tlhotlheletsega go kwalela Moporesidente Pierre Buyoya ka tlhamalalo, ka tlotlo ba dira kopo ya gore go bogisediwa bodumedi go emisiwe mme le gore Basupi ba ga Jehofa ba amogelwe semolao jaaka bodumedi jo bo tlhomilweng. Burundi e tshwanetse go arabela mo mabakeng ano fa e le gore e batla go ikgolola mo matlhong a lefatshe.
His Excellency Major Pierre Buyoya
President of the Republic of Burundi
Bujumbura
REPUBLIC OF BURUNDI
[Dimmapa mo go tsebe 22]
(For fully formatted text, see publication)
RWANDA
ZAIRE
BURUNDI
TANZANIA
LETSHA LA TANGANYIKA