Go Lemoga Dikgang
Go Rarabololwa ga Bokebekwa
Go sa kgathalesege ditsholofetso tsa boradipolotiki ba ba ipapatsang tsa go tlisa melao e e botoka kgatlhanong le bokebekwa mo United States, ABA (American Bar Association) bosheng jaana a ile ya dumela gore bokebekwa ga bo laolesege le gore tsamaiso ya katlholo ya dikebekwa ga a kgone go bo laola. ABA a ne ya lekanyetsa gore go ne ga dirwa melato ya tlolomolao e e ka nnang dimilione tse 34 ka 1986, lefa go le jalo dipatlisiso di senola gore “ke ba le dikete tse di makgolo a sekae fela bao ba ileng ba tsenngwa mo kgolegelong,” go bega jalo The New York Times. Mo godimo ga moo, ABA a bolela gore bontsi jwa ditlolomolao tseo ga di a bolelelwa mapodisi. Lefa go le jalo, dikgolegelo di tletse, mme dikgotlatshekelo di na le dikgetsi tse dintsi tsa bokebekwa tse ba tshwanetseng go di seka. Patlisiso eo a ne ya dumela gore “ga go na tsholofelo epe ya mmatota ya gore ditsheko le go tsenngwa mo kgolegelong di ka tokafatsa bokebekwa,” go bua jalo Times.
Lefa batho ba ba tshwenyegileng ba ka fitlhela seno se gakgamatsa fela thata, baithuti ba Bibela ba ba nang le kitso ga ba gakgamale. Makgolokgolo a dingwaga tse di fetileng moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore “mo metlhen ea bohelo” ya tsamaiso ya jaanong, “batho ba ba boshula . . . ba tla nna ba shulahalela pele hela ba tsietsa.” (2 Timotheo 3:1, 13) Lefa go ntse jalo, se motho a paleIwang ke go se dira, Modimo o ka kgona go se dira. O solofetsa gore ba ba bosula ba tla “kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshin.”—Diane 2:22.
Ke Mang Yo O Ikarabelelang?
Fa sefofane sa 103 sa Pan American World Airways se ne se thunya se le mo loaping mo godimo ga Lockerbie, kwa Scotland, ka December mo ngwageng o o fetileng, bapagami ba sone ba ba 258 ba ne ba swa botlhe. Baagi ba ba some le bongwe ba Lockerbie le bone ba ne ba swa fa dikarolo dingwe tsa sefofane se se thuntseng seo di ne di wela mo matlong a le mmalwa. Bamasika le ditsala ka go tshwana ba ne ba lelela baratiwa ba bone bao ba neng ba swa mo kotsing eo e e tshosang ya mo loaping. A Modimo o ikarabelela mo kotsing e e ntseng jalo?
Go lebega bishopo mongwe wa Katoliki kwa Scotland a ne a akanya jalo. Go ya ka The New York Times, o ne a bua jaana mo therong ya gagwe mo Holy Trinity Catholic Church: “Rra, fa O le Modimo o o lorato, ke ka ntlhayang fa O ne wa letla seno go diragala? Ke ka ntlhayang fa O ne wa letla gore batho ba ba makgolokgolo go latlhegelwa ke matshelo a bone? . . . Mme ke ka ntlhayang fa O letla batho ba bantsi jalo ba nne le mokgweleo wa bosetlhogo, le o o boitshegang wa khutsafalo?”
A eleruri Modimo o tshwanetse go bonwa molato ka go boga go go ntseng jalo? Go ya ka babatlisisi, go ne ga bonwa bosupi mo masaleding ao jo bo neng bo bontsha gore dirukhutlhi di ne di tsentse bomo mo go sone. Fa ba lwa le ba bangwe ka baka la dikgatlhego tsa bone tsa bogagapa, a Modimo o tshwanetse go rwesiwa boikarabelo jwa kgobalo e e ka bakiwang ke seo? Nyaa! Go tshwanetse go lebelelwe gore batho ba tla itemogela diphelelo tsa seo ba se dirang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Se motho o se yalan, ke shōna se o tla se roban.” (Bagalatia 6:7) Mo godimo ga moo, mabapi le bao ba swang ka ntlha ya bosetlhogo le ditiro tsa botlhaswa tsa ba bangwe, Moreri 9:11 e bolela gore’nako le dilo tse di sa lebelelwang di ba wela botlhe.’ Ka jalo, motho a ka nna a tlhagelwa ke kotsi kana le eleng go 1989 latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe eseng ka gore Modimo o rata gore a boge mme a le gore, ka tshoganyetso fela, o ne a le mo lefelong le le phoso ka nako e e kotsi.
Mmolai wa Mmatota
Batlhalefi ga ba bolo go dumela gore batho bao ba galefang ka bonako le bao ka metlha ba leng mo lebelong ke bone bao ba ka tlhaselwang ke bolwetsi jwa pelo. Lefa go ntse jalo, jaanong, bosupi jo bosha bo bolela gore go galefa eseng go fela pelo, a ka tswa e le gone go bolayang. Dr. Redford Williams, Jr., wa Duke University Medical Center, o ne a tlhalosa gore go nna mo lebelong kana go nna sebereki “go ka se tlhagisetse pelo ya gago kotsi,” go bega jalo New York Post. Williams o ne a bontsha gore “seo se leng maswe ke fa motho a rata ntwa thata le go nna bogale mme a sa tshwenyege go fitlha maikutlo a gagwe fa a dirisana le batho.” Bao ba leng mo kotsing ya go tshwarwa ke pelo ke bao go bolelwang ba le “bonako go galefa” mme ebile ba sa tshepe maikutlo a batho ba bangwe. “Ba galefa ka bonako mme gantsi ba bontsha go sa itumeleng ga bone, go na le gore ba itshware,” go lemotsha jalo Post.
Matswela a a utlwisang botlhoko a go galefa ga a bolo go itsiwe ke baithuti ba Bibela. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana makgolokgolo a dingwaga tse di fetileng: “Eo o bonako go galeha o tla a dihe ka boeleele” le “motho eo o shakgalan bobe o tlhotlheletsa kgan.” Lefa go ntse jalo, motho yo o “bonya go galeha o kokobetsa komano” (Diane 14:17; 15:18) Bao ka botlhale ba latelang kgakololo eno ya Bibela ba ka tila kotsi ya go tshwarwa ke bolwetsi jwa pelo. Lefoko la Modimo le boammaaruri fa le re: “Pelo e e thethebetsen hela ke botshelo yoa nama: me bopelotshetlha ke podisho ea marapo.”—Diane 14:30.