A O A Gakologelwa?
A o He wa fitlhela ditokololo tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo di go solegela molemo? Fa go le jalo ke ka ntlhayang o sa leke go bona gore a o gakologelwa tse di latelang?
▫ Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re ga go ope yo a ka nnang morutwa wa gagwe fa a sa “ile rragwe, le mmagwe, le mosadi oa gagwe, le bana, le bana ba ga rragwe ba basimane, le ba basetsana, E, le yona botshelo yoa gagwe”? (Luke 14:26)
Jesu o ne a sa reye gore motho yo e leng morutwa wa gagwe o ne a tshwanetse gore a tlhoe balosika Iwa gagwe kana botshelo jo a leng jwa gagwe tota. Go na le moo, o ne a raya gore morutwa o tshwanetse go mo rata go gaisa batho ba bangwe kana botshelo jwa gagwe.—1/1, tsebe 8.
▫ Ke mabaka afe a motheo ao a neng a dira gore tiro ya borongwa ya Basupi ya nako e e fetileng le ya gone jaanong a atlege?
Lengwe la one ke go kopana ga bone le batho mo magaeng a bone. Le lengwe ke molaetsa o o tlhamaletseng le o o bonolo wa Bogosi o o thailweng mo Bibeleng. La boraro ke lorato to to tshwanang le Iwa ga Keresete leo barongwa ba le bontshang fa ba dirisana le batho.—1/1,tsebe 14.
▫ Ke ka ntlhayang fa Modimo o ne wa oketsa kgolagano ya ga Aberahame ka kgolagano ya Molao ka nakonyana?
Kgolagano ya Molao a ne a supa gore Baiseraele a ne a le baleofi ba ba neng ba tlhoka moperesiti wa goyagoile le setlhabelo se se itekanetseng. E ne ya sireletsa batsadi ba Losika ya ba ya thusa go bontsha gore Losika loo a ne a le mang. E ne ya bontsha gape gore letsatsi lengwe Modimo o ne o tla nna le morafe wa baperesiti ba dikgosi.—2/1,tsebe 16.
▫ Ke dikgolagano dife tse supa tsa bomodimo tse di tlhomaganang tseo di gogelang kwa goreng rotlhe re bone masego a goyagoile?
Kgolagano ya kwa Edena, kgolagano ya ga Aberahame, kgolagano ya Molao, kgolagano ya moperesiti yo o tshwanang le Melekisedeke, kgolagano ya Bogosi jwa ga Dafide, le kgolagano a ntsha, le kgolagano ya Bogosi.—2/1, tsebe 19.
▫ A diketekete tsa dipharologano tse di mo mekwalong ya Bibela di nyatsa boiphako jwa Bibela jwa gore ke Lefoko la Modimo?
Nnyaa. Bakanoki ba Bibela ba re bolelela gore mo a ka nnang dipharologano tsotlhe tseno ke tse e seng tsa botlhokwa mo go kalo mo ditemaneng. Ke tseo di nonotshang fela bosupi jwa gore Dikwalo di tlhomame. (Pesalema 119:105; 1 Petere 1:25)—2/1, ditsebe 29, 30.
▫ Lereo “go sa itsiweng” le tserwe kae, mme le dirisitswe jang mo Bibeleng?
Polelwana “go sa itsiweng ga Modimo” a tswa mo lefokong la Segerika aʹgno·stos, leo le rayang “yo o sa itsiweng” Paulo o ne a le dirisa ka mokgwa ono mo puong ya gagwe fa a ne a bua le Baathena ka aletare e e neng a diretswe “Modimo Monwe o o sa itsiwen.” (Ditihō 17:23)—2/15, tsebe 5.
▫ Re tshwanetse go itshwara jang fa kaelo nngwe ya Dikwalo e lebega a ka iphuthololelwa ka ditsela tse di farologaneng fela?
Re tshwanetse go bontsha boikokobetso jo bo tshwanang le joo bo ileng jwa bontshiwa ke Bakeresete ba pele, re amogele ditshwetso le kaelo go tswa mo phuthegong ya Modimo. (Ditihō 15:6-29)—2/15, tsebe 20.
▫ Jesu o ne a raya jang fa a ne a re: “Itihelen ditsala ka mahumo a a sa siaman; gore, a tle a re a tlhaela, di to cholele mo maagon a a sa khutlen”? (Luke 16:9)
Re tshwanetse go tlhagafalela go dirisa dikhumo dipe fela tse re nang le tsone go tshegetsa dikgatlhego tsa Bogosi mme ka jalo re itirela ditsala le Jehofa le Morwa wa gagwe. Ke bone fela ba ba ka re bolokelang lefelo kwa legodimong kana mo lefatsheng la paradaise fa dikhumo tse di bonalang di sa kana di senngwa.—3/1, tsebe 9.
▫ Re tlhoka go dira dilo dife tse tharo gore re solegelwe molemo ke temogo eo Jehofa a e nayang?
Re tlhoka go anaanela phuthego ya ga Jehofa; re tshwanetse go ithuta ka metlha Lefoko la Modimo gammogo le dithuso tseo re di newang, tseo di re thusang go le tlhaloganya; gape re tshwanetse go tihatlhanya ka seo re se ithutileng le ka moo re ka se dirisang ka gone mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi.—3/15, tsebe 14.
▫ Ke ka ntlhayang fa batho ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba dira ka go tlhoka temogo thata jaana?
Ba ne ba p, lelwa ke go tlhatlhanya ka kanaanelo dilo tsotlhe tse Jehofa a neng a kile a di ba direla. (Pesalema 106:7, 13)—3/15, tsebe 17.
▫ Ke eng seo se tshwantshediwang ke “dintwa tsa bapagami” tseo go buiwang ka tsone mo go Tshenolō 9:16?
Dipitse tseno tsa tshwantshetso ga di emele batlodiwa ba palo e e fokotsegang mme ba tshwantshetsa gape le ba palo e e golang le e e nonofileng ya “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele.” (Tshenolō 7:9; Yohane 10:16)—4/1, tsebe 19.