Bothata jo Bogolo jwa Bakatoliki
MO NAKONG eno Kereke ya Katoliki e lebagane le mathata a mabedi mabapi le Diabolo. Kafa letlhakoreng le lengwe, a tshwanetse go lwa le tshekamelo ya Bakatoliki ba motlha wa segompieno ya go belaela gore a Diabolo o gone. Kafa letlhakoreng le lengwe, e tshwanetse go dirisana le go tlhagoga ga go lwa le meya e e bosula goo go seng kafa molaong, kana go ntshiwa ga meya e e bosula.
Mopapa John Paul II o ne a gakolola basha ba Bakatoliki gore ba tshwanetse go tsaya Diabolo masisi. O ne a kwala jaana mo lekwalong la gagwe: “Lo seka lwa tshaba go bitsa modira-bosula wa ntlha ka leina la gagwe: eleng Yo o Bosula. O ile a dirisa maano a go sa itshenoleng mme o tsweletse ka go a dirisa.”
Ka mo go tshwanang, mokadinale Joseph Ratzinger, mookamedi wa Phuthego E E Boitshepo ya Thuto ya Tumelo, kwa Roma, o ile a bua jaana: “Lefa a ka ne a le eng seo baruti ba ba sa akanyetseng ba ka se buang, diabolo, go ya ka tumelo ya Bokeresete, o a gakgamatsa mme ke wa mmatota, ke motho eseng sengwe fela se se tshwantshediwang se se gone. Ke selo sa mmatota se se maatla.”
Mokadinale Ratzinger o ile a supa fa a tshwenyegile fela thata ka dipokano tse di sa letlelelwang tseo di amanang le Satane tse di tshwarwang ke Bakatoliki mo dinageng tse dintsi. Mo lekwalong la September 29, 1985, leo le neng le kwaletswe bobishopo ba Katoliki go kgabaganya lefatshe, o ne a kwala. jaana: “Mo mafelong mangwe a kereke, go ntse go tshwarwa dithapelo tse di oketsegileng ka boikaelelo jwa go golola batho mo tlhotlheletsong ya badimona, ka dingwaga di le dintsi.” O ne a gakolola baeteledipele bao gore go ya ka molao wa kereke, dipokano tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go tshwarwa kwantle ga tetla ya bishopo wa lefelo leo a le gore tetla e e ntseng jalo a tshwanetse go newa baperesiti fela. Ga go na motho fela ope yo o nang le tshwanelo ya go dirisa “mokgwa wa go lwa le meya e e bosula ka go kgarameletsa ntle Satane le baengele ba gagwe ba ba boikepo.
Le Figaro ya letsatsi le letsatsi ya Fora a ne ya bega jaana: “‘Go anama’ ga go lwa le meya e e bosula le ditiro tsa boganetsa-Satane go nnile mo mpaananeng mo dikgweding di sekae tse di fetileng mo Italy, segolo-bogolo mo Turin, koo mokadinale Anastasio Ballestrero a sa tswang go tlhoma batho ba le barataro ba basha ba ba tla lwang le meya e e bosula teng.” Fa International Herald Tribune ya letsatsi le letsatsi ya Paris, a ne a anamisa seo mo lefatsheng ka bophara, a ne ya kwala jaana: “Go kgatlhegela ga batho ba Turin gore Satane o ka tswa a le gone ke karolo fela ya dipuisano tse dikgolo tse di tshwerweng ke ba Kereke ya Roma Katoliki mabapi le motho yo o bosula yoo Dikwalo le dithuto tsa kereke gantsi di lebisang go ene ka ditsela tse di farologaneng jaaka ‘kgosana ya lefatshe jeno,’ ‘maatla a lefifi,’ ‘noga ya bogologolo,’ ‘motsietsi.”’
Leloko lengwe la French Academy ebong Jean Dutourd o ne a dira dikakgelo dingwe tse di kgatlhisang ka dipelaelo tsa mo motlheng wa segompieno tsa go nna gone ga ga Satane—le eleng ke baeteledipele ba Bakatoliki. O ne a bua jaana mo go L’Est-Republicain ya letsatsi ya Fora: “Go dumela mo Modimong go tseelwa kwa tlase mo malatsing ano, lefa gone go santse go letlelelwa ka mokgwa mongwe. Lefa go ntse jalo, go dumela mo go Diabolo, go lejwa jaaka sengwe se se tshegisang. Go umaka fela leina Satane . . . ke sengwe se se tshegisang fela thata mo baruteging, batho ba maemo a a fa gare, boradipolotiki, mme gape, kwantle ga pelaelo, le mo palong a kgolo ya bobishopo. Go tshega ga bone go nkgakgamatsa fela thata ka go bo go lebega a le gore Diabolo o ntse a lebisitse tlhokomelo mo go rona fela thata fa esale ka 1914.”
Fa Bakatoliki, go kopanyeletsa le baruti ba bangwe, ba tshwanetswe go gakololwa ke mopapa le ba bangwe gore Satane tota o gone, a ga se ka ntlha ya gore kereke a ile ya baya tlhokomelo thata mo ngwaong, matlhale, le mo dithutong tseo di sa tlhomamisiwang tsa boitseanape go na le mo Bibeleng ka makgolokgolo a dingwaga?
Go umakiwa ga 1914 fa godimo eleruri go a tshwanela. Ngwaga oo o supiwa ke boperofeti jwa Bibela jaaka tshimologo ya ‘metlha ya bofelo’ fa Diabolo, jaaka “kgosana ea lehatshe,” a tla bo a dira boiteko jwa gagwe jwa bofelo go senya batho botlhe. (2 Timotheo 3:1; Yohane 14:30) Fela jaaka thanolelo nngwe ya Bibela ya Katoliki a bolela: “Go tla masetlapelo—ka go bo diabolo o fologetse kwa go lona a galefile, ka a itse gore o saletswe ke nako a khutshwane.” Bakatoliki ba ba peloephepa ba dira sentle go amogela bosupi jwa Bibela. Ka ntlhayang? Ka go bo maemo a lefatshe gompieno a supa gore “bogosi yoa Modimo bo atametse.”—Tshenolō 12:7-12; Luke 21:25-31.
Ereka Bogosi bo solofetsa go fedisa tshiamololo yotlhe le se se a bakang, go tlosiwa ga ga Diabolo le batshegetsi ba gagwe le gone go tloga go diragala. Lefa go ntse jalo, ke fela batho bao ba itseng gore Diabolo o gone ba ba ka emang kgatlhanong le puso ya gagwe mme ba solofela go falola. Jang? Eseng ka go lwa le meya e e bosula mme, go na le moo, jaaka moaposetoloi Paulo a kwadile, ka go ‘apara diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo.’ Ee, Lefoko la Modimo le phepafetse: “Tlhabanafi le diabolo, me o tla to tshaba.”—Baefesia 6:11-18; Yakobe 4:7.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Diabolo le badimona ba gagwe ba He ba latlhelwa mo lefatsheng.—Tshenolō 12:9, 12
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Picture Book of Devils, Demons and Witchcraft/Ernst end Johanna Lehner/Dover