LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 4/15 ts. 20-23
  • Babelona O Mogolo O Bonwe Molato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Babelona O Mogolo O Bonwe Molato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Babelona wa Segompieno O Nyatsa Leina
  • Lebaka la Go Bo Re Ferosiwa Dibete ke Dithuto tsa Babelona
  • Lebaka la Go Bo Re Gana Dithuto tsa BaganetsaModimo
  • Lebaka la Go Bo Re Ferosiwa Sebete ke Maungo a Babelona o Mogolo!
  • Lebaka la Go Bo Re Kgala Boitsholo Jo Bo Sa Siamang jwa Babelona
  • Lebaka la Go Bo Re Ferosiwa Sebete ke Boaka jwa Semoya jwa Babelona
  • Lebaka la Go Bo Re Ferosiwa Sebete ke go Nna le Molato wa Madi ga Babelona
  • Babelona o Mogolo—O Ole Ebile o Atlhotswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Katlholo ya Seaka se se Tlhabisang Ditlhong
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Seaka Se Se Tlhabisan Ditlhong—Go Wa ga Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Babelona yo Mogolo ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 4/15 ts. 20-23

Babelona O Mogolo O Bonwe Molato

MO METSELETSELENG ya dikopano go kgabaganya lefatshe ka 1988-89, dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa dira maitlamo a a neng a sups go ferosiwa ga bone sebete ke boitsholo jwa Babelona o Mogolo, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka—segolo-bogolo jaaka o emelwa ke La-Bodumedi. Batho bangwe ba ba peloephepa ba ka botsa jaana, A seo tots ga se boemo jo bo masisi thata? Nyaa, legoka! Fa re bona ka moo baperofeti kwa Iseraeleng ba neng ba bua ka bopelokgale kgatlhanong le go obamelwa ga medimo ya disetwa ga metlha ya bone ka gone le kafa Jesu a neng a bua puo phaa a se no la boitimokanyo jwa bodumedi jwa metlha ya gagwe ka gone, rona jaaka Basupi ba ga Jehofa re dumela gore kgato eno ya rona e siame. Ebile a laoletswe ke Modimo.—Isaia 24:1-6; Yeremia 7:16-20; Mathaio 23:9-13, 27, 28, 37-39.

Motheo wa go ferosiwa sebete ga rona ke boitsholo jwa Babelona o Mogolo ke ofe? Ke bosupi bofe jwa hisitori joo re nang le jone jwa go palelwa ga bodumedi go tlotla Morena le Molaodi wa Lobopo lotlhe, Jehofa?

Babelona wa Segompieno O Nyatsa Leina

Morena le Molaodi wa lobopo lotlhe o a itsiwe. O ile a senola leina la gagwe ka makgetlo a le 7 000 jaaka Jehofa mo Bibeleng. O tsaya leina la gagwe le le botlhokwa thata. Molao wa boraro mo Melaong e e Lesome o bua jaana: “U se ka ua umakela leina ya ga Yehofa Modimo oa gago lehela; gonne ene eo umakelan leina ya gagwe lehela, Yehofa ga a ketla a mo kaea a sena molato.” Gape Jesu one a tlotlomatsa leina la ga Rraagwe mo Thapelong ya Morena, fa a ne a re, “Leina ya gago a le itshepisiwe.”—Ekesodo 20:7; Mathaio 6:9.

Rekoto ya La-Bodumedi mo go tlotleng leina la Modimo e a swabisa. Le eleng Bibela ya King James ya 1611 a dirisa leina Jehofa, le le nosi le le kopane, ka makgetlo a le supa fela.a Dithanolelo tse dingwe di ile tsa tlosa leina leo gotlhelele. Ditumelo tse dintsi di palelwa ke go le tlotla. Go na le moo, ba ile ba goletsa Tharo-Nngwe “e a boitshepo” ya bone le, ka makgetlo a mangwe, Maria yoo go tweng ke Mma-Modimo go gaisa Modimo wa Bibela. Leina le le botlhokwa-tlhokwa la ga Jehofa le ile la tlogelwa mo go tshwanang fela le fa le sa dirisiwe.b

Ka mo go akgolegang, Baiselamo ba rapela Modimo o le mongwe fela, yoo ba mmitsang Allah, go dumalana le buka ya bone e e boitshepo, Koran. Lefa go ntse jalo, ga ba dirise leina la gagwe, Jehofa, jaaka le ile la senolwa mo Bibeleng dingwaga tse di ka nnang dikete tse pedi pele Koran a nna gone. Bahindu ba obamela medimo le medimo ya sesadi e e dimilione, mme Jehofa ga se mongwe wa bone.

Bao ba nang le molato o mogolo mabapi le leina la Modimo ke Bajuda. Bajuda ba ile ba iphaka gore ke bone batho ba ba bidiwang ka Modimo, ka diketekete tsa dingwaga, mme lefa go le jalo ka ntlha ya dingwao tsa bone, ba ne ba dira gore leina la Modimo la boammaaruri le seka la dirisiwa gotlhelele.

Ka gone, jaaka Basupi ba Molaodi-Mogolo Jehofa, re bolela go sa rateng ga rona go tlhokomologa ga Babelona o Mogolo leina la Modimo le le boitshepo.

Lebaka la Go Bo Re Ferosiwa Dibete ke Dithuto tsa Babelona

Dimilione tsa batho di ile tsa tsiediwa le go boifisiwa ke thuto ya Sebabelona ya gore motho o na le moya o o sa sweng. Go tloga metlheng ya bogologolo, bodumedi jwa maaka bo ile jwa tshosa batho ka gore meya a tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo diheleng tsa molelo morago ga loso. Thuto eno a ne ya tokafadiwa ka bonokwane ka thuto ya go tlhokofadiwa ga meya ka nakwana mo pakatoring. Batho ba ba tlhoafetseng ba duela madi gore Misa o bolelwe fa batho ba bone ba sule mme ga ba ke ba itse gore ba tshwanetse go lesa leng go duela! Dithuto tse di makgapha tseno ga di a thaiwa mo Bibeleng.—Bapisa Yeremia 7:31.

Ebile tota, Bibela a ruta gore motho ke moya o o tshelang, o o swang. Adame ga a ka a atlholelwa gore o tla ya kwa molelong wa dihele kana kwa pakatoring ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga gagwe, mme o ne a atlholelwa loso. Fela jaaka go tlhalosiwa motlhofo, “maduo a boleo ke losho.” (Baroma 6:23; Genesise 2:7, 17; 3:19) Tsholofelo ya Dikwalo ka baswi e thailwe, eseng mo go sa sweng ga moya, mme, go na le moo, mo tsholofetsong ya Modimo ya go tsogela mo botshelong jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise.—Yohane 5:28, 29; Tshenolō 21:1-4.

Lefa go le jalo, thuto a nngwe ya Babelona ke ya TharoNngwe “e a boitshepo.” Thuto eno ya batho ba bararo mo Modimong o le mongwe fela ga a ise a ko a nne karolo ya tumelo ya Bahebera ba bogologolo. (Duteronome 5:6, 7; 6:4) Eleruri Jesu jaaka Mojuda ga a ise a ko a dumele kana a rute gore a ne a le Modimo mothatayotlhe. Ga a ise a ko a re ke karolo ya boraro jaaka thuto kana tumelo eno ya Sebabelona a ruta.—Mareko 12:29; 13:32; Yohane 5:19, 30; 14:28; 20:17.

Jalo, re gana dithuto tse di makgapha tsa Sebabelona jaaka di rutiwa mo ditumelong tsa lefatshe tsa maaka. Re obamela Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri, Jehofa, ka Morwa wa gagwe, yoo a ileng a nna “seletlanyo se se ntshedicwefi” dibe eseng tsa Bakeresete ba ba tloditsweng fela mme tsa lefatshe lotlhe la batho.—1 Yohane 2:2.

Lebaka la Go Bo Re Gana Dithuto tsa BaganetsaModimo

Bomopapa ba La-Bodumedi le baruti ba hutsafalela go ntsifala ga balatolaModimo, mme ba bantsi ba go dirisa jaaka seipato sa go tshegetsa dipolotiki. Lefa go le jalo, go tshwanetswe ga bodiwa potso eno: Ke bomang ba ba ileng ba mpampetsa ditshiamololo le tlhaolele tse di ileng tsa tlhotlheletsa go oketsega gono ga bolatola-Modimo, segolo-bogolo mo lekgolong le le fetileng la dingwaga? Seno se ne sa tlhagelela ka tsela e e tlhomologileng mo go La-Bodumedi. Ka sekai, Kereke ya Russia ya Orthodox a ne ya itsalanya le babusi ba Russia, bao ba neng ba ile ba gatelela batho setlhogo. Go palelwa ke go bontsha seo Bokeresete jwa boammaaruri tota a leng sone ga bao ba neng ba iphaka gore ba emela Modimo go ile ga nna le seabe mo maemong a a neng a nna one motheo wa bolatola-Modimo.

Ditumelo tsa La-Bodumedi gape di ile tsa amogela thuto eo a sa tlotlomatseng Mmopi ya thuto-tlhagelelo. Ba bolela gore go raraana le bontsintsi jwa mefuta a mentsi ya ditshedi e e fetang milione di nnile gone fela ka tlhago. Ebile tota, ba bolela gore pharologanyo eno e ile ya nna gone ka ntlha ya tlholego ya metseletsele ya dilo tse di itiragaletseng fela. Thuto e e ntseng jalo a dira Modimo yo eseng wa botlhokwa le gore motho a seka a ikarabelela mo go ope. Gore motho a ka dira se se molemo kana se se bosula go ikaegile ka tshwetso ya gagwe. (Pesalema 14:1) Seno gape se felela ka go senngwa ga dimpa tse di masomesome a dimilione ngwaga le ngwaga—mo dinageng tse di iphakang gore ke tsa bodumedi!

Re gana dithuto tseno le ditiro tseno tsa baganetsa-Modimo. Re obamela Jehofa, “ena eo o tshelafi ka bosakhutlen le ka bosaeefikae, eo o tlhodilefi legodimo le dilo tse di mo go yeona, le lehatshe le dilo tse mo go yeona, le lewatle le dilo tse di mo go yeona.”—Tshenolō 10:6; 19:6.

Lebaka la Go Bo Re Ferosiwa Sebete ke Maungo a Babelona o Mogolo!

La-Bodumedi a He ya palelwa ke go reetsa melaetsa ya tlhagiso e e yang kwa diphuthegong tse supa e e umakiwang mo go Tshenolō kgaolo 2 le 3. Eno a kgalema kgatlhanong le makoko, go obamela medimo ya disetwa, boaka, le go nna motlha le botlhaswa.

Fa o ka etela lefelo lengwe le lengwe la kobamelo o tla bona ka moo batho ba bantsi ba bodumedi ba tlotlang dibopiwa go gaisa Mmopi ka gone. Jang? Ka go tlotla ditshwantsho le mekgabisa ya ditshwantsho le go obamela “baitshepi,” Bo-Maria, le difapaano.—Bapisa Pesalema 115:2-8; 2 Bakorintha 5:7; 1 Yohane 5:21.

Ba diragatsa mafoko ano a ga Paulo: “Gonne, leha ba itsile Modimo, ga baa ka ba o galaletsa yaka Modimo . . . Ba cwa dieleele hela, Me kgalalelo ea Modimo o o sa bolefi, ba e hetola sechwancho se se mo chwanofi ea motho eo o bolafi, le ea dinonyane, le ea tse di maoto mane, le ea tse di gagabafi.”—Baroma 1:21-23.

Lebaka la Go Bo Re Kgala Boitsholo Jo Bo Sa Siamang jwa Babelona

Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, bosodoma bo ile jwa dumelelwa kana jwa tsewa jaaka mofuta o o farologaneng fela wa botshelo. Dimilione tsa basodoma jaanong di “tswetse mo mpaananeng” mme jaanong ba ronoka mo mebileng, ba bontsha “Boikgantsho jwa Bone Jaaka Basodoma.” Modimo o leba bosodoma jwa bone jang?

Bibela a buile dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng ka phepafalo fela jaana: “U se ka ua lala le banna, go ba etsa basadi: ke makgapha.” (Lefitiko 18:22) Mme mo a ka nnang dingwaga tse 2 000 tse di fetileng Paulo o ne a bontsha gore ditekanyetso tsa Modimo di ne di ise di fetoge ka go kwala jaana: “Ke gona ka mouo, Modimo o ba leseleditsefi ba inela mo dithaton tse di tlhabisafi ditlhofi: gonne mokgwa o e lefi oa tlholego, basadi ba bone ba o hetola o e sefi oa tlholego: Hela yalo banna le bone ba khutlela mosadi go tlhola ba diha ka ena yaka mokgwa oa tlholego, me ba gakalelana mo dikgatlhegoxi tsa bone, banna ba diha le banna ba bafiwe mo go tlhabisafi ditlhofi, me ba iponela mo go bone tuelo e e chwanetseng timelo ea bone.”—Baroma 1:26, 27; 1 Bakorintha 6:9, 10; 1 Timotheo 1:10.

Lefa go le jalo, baruti ba bantsi ba La-Bodumedi ba dira bosodoma mo a leng gore ba ile ba kgona go dira gore basodoma ba dumelelwe mo ditumelong tse dintsi tse dikgolo. Ba batla gore tsela ya bone ya botshelo a amogelwe le gore ba dumelelwe go direla jaaka baruti. Sekai sa seno ke sa kereke nngwe a kgolo ya Boporotesetanta mo Canada, eleng United Church of Canada, eo baeteledipele ba yone ba neng ba dira ditlhopho tse 205 kgatlhanong le tse 160 ka August 24, 1988 ba dumelela gore basodoma ba amogelwe mo boruting.

Lebaka la Go Bo Re Ferosiwa Sebete ke Boaka jwa Semoya jwa Babelona

Tshenolō a senola boaka jwa Babelona le “dikgosi tsa lehatshe,” ebong babusi ba yone ba bopolotiki. Seaka seno se bolelwa se ntse mo “metsifi a mantsi,” ao a kayang “dichaba, le boidiidi yoa batho, le merahe, le dipuo.” (Tshenolō 17:1, 2, 15) Ka go nna le kamano e e atamalaneng thata le babusi ba bopolotiki, bodumedi jwa maaka bo ile jwa tlhotlheletsa phatlalatsa kana ka sephiri go gatelelwa le go sotliwa ga batho fela go kgabaganya dingwaga.

Dikai tsa kgatelelo eno ke dikgolagano, kana ditumalano, tseo Vatican a neng ya di dira le babusi ba Ba-Nazi le ba Ba-Fascist mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga. Ka baka leo, tlhotlheletso ya kereke mo matsomaneng a yone a ne ya felela ka gore batho ba ineele gotlhelele mo babusing ba ba bogagapa bano. Vatican a ne ya dira kgolagano le mmusaesi wa Mo-Fascist ebong Benito Mussolini, ka 1929. Go ne ga latela eng kwa Jeremane? Mokadinale wa Mojeremane Faulhaber, o re lemosa gore mopapa o ne a akanya eng kaga Hitler ka mafoko ano a o neng a supa gore a builwe ke Mopapa Pius XI: “Ke a itumela; ke ene mmusi wa ntlha yoo a ileng a bua kgatlhanong le BaBolshevik.” Faulhaber o ne a lemotsha jaana moragonyana: “Loeto lwa me lwa kwa Roma to ne lwa tlhomamisa seo ke ileng ka nna ka se belaela ka nako a telele. Kwa Roma, puso ya Bomorafe ya Bojammogo le ya BoFascist di lejwa jaaka tsone fela tse di ka gololang batho mo Bokomonising le Ba-Bolshevik.”

Pele ga bo-1933 bobishopo ba Katoliki kwa Jeremane ba ne ba le kgatlhanong le BoNazi. Mme jaaka mokwadi wa Mojeremane Klaus Scholder a tlhalosa mo bukeng ya gagwe The Churches and the Third Reich, bobishopo ba ne ba laelwa ke moemedi wa Vatican kwa Jeremane, Mokadinale Pacelli, go tlhatlhoba maikutlo a bone gape ka Bojammogo jwa Bomorafe. Ke eng seo se neng sa tlisa phetogo eno? E ne a le tebelelo ya go dira kgolagano fa gare ga Third Reich le Vatican, eo a neng ya konelwa ka July 20, 1933.

Klaus Scholder o bega jaana: “Kwa ditlhophong le fa morafe o ne o itlhophela tautona ka 12 November [1933] Hitler o ne a roba maungo a kgolagano ya gagwe le Reich ka go iponela ditlhopho tse dintsi tsa ‘ee’ go gaisa botlhe mo mafelong a magolo a kgaolo-tlhopho ya gagwe a Katoliki.”

Lefa baeteledipele ba sekae ba Baporotesetanta ba ne ba supa gore ba ne ba sa dumalane le go busa ga Bo-Nazi ka 1933, go ise go a kae mantswe a bone a ne a fekeediwa ke kgoeletso e kgolo ya bomorafe. Scholder o tlhalosa jaana: “Go ne go phepafetse sentle gore kereke ya Porotesetanta a ne a iketleeleditse go tlogela go nna ga bone kelotlhoko jaaka ba ne ba ntse pele mme gore le bone jaanong ba tshwarega mo tlhagafalong ya morafe. . . . Go ne ga tswa mafoko a semmuso mo kerekeng a a neng a tshegetsa Puso a ntsha ya Jeremane ka botlalo e le lantlha.” Ebile tota, Boporotesetanta bo ne jwa ineela mo bomorafeng jwa Bo-Nazi mme jwa fetoga motlhanka wa jone, fela jaaka Kereke ya Katoliki a ne a dirile.

Go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga, hisitori a bontsha gore bodumedi jwa maaka bo ile jwa itsalanya le ditlhopha tse di nonofileng tsa maemo a a kwa godimo tsa puso mme jwa nonotsha seriti sa jone mo go neng ga utlwisa batho ba maemo a a kwa tlase botlhoko. Baeteledipele ba bodumedi ba lefatshe, ba ba gwalalelang go nna le maatla, dithoto, le dikhumo ga ba bontshe fa ba na le ‘mogopolo wa ga Keresete.’ Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re ferosiwa sebete ke boaka jo bo ntseng jalo jwa semoya.—Yohane 17:16; Baroma 15:5; Tshenolō 18:3.

Lebaka la Go Bo Re Ferosiwa Sebete ke go Nna le Molato wa Madi ga Babelona

Mo bukeng ya Tshenolō, Babelona o Mogolo o latofadiwa ka molato ono o mogolo wa madi: “Mme ka bōna mosadi ha a tagilwe ke madi a baitshepi, le ke madi a bashupi ba ga Yesu. Me ga hitlhelwa madi a baperofeti, le a baitshepi mo go ona, le a botlhe ba ba bolailwefi mo lehatshiñ.”—Tshenolō 17:6; 18:24.

Hisitori ya bodumedi jwa maaka a tletse letlhoo le tshololo ya madi, mme La-Bodumedi e le yone e e nang le molato o mogolo wa madi. Dintwa tse pedi tsa lefatshe di simolotswe ke merafe a go neng go twe ke ya Bokeresete. Baeteledipele ba bopolotiki ba “Bakeresete” ba ne ba retologela kwa go diriseng dibetsa ka 1914 le 1939, mme merafe yotlhe e e neng e tseneletse mo ntweng a ne ya segofadiwa ke baruti ba yone. The Columbia History of the World a tlhalosa jaana malebana le Ntwa ya Lefatshe 1: “Boammaaruri gammogo le botshelo di ne di sa kaiwe a le sepe, mme ga go ope yo o neng a bua kgatlhanong le seo. Bao ba tshotseng Lefoko la Modimo ba ne ba eteletse pele mo go opeleng dipina tsa bosole. Ntwa a ne ya kaya letlhoo le le feletseng.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Baruti ba masole ba ne ba rotloetsa masole ka dipuo tse di nonofileng tsa boratanaga fa basha ba matlhakore oomabedi ba ile ba nna mojo wa dikanono. Yone buka eo ya hisitori a tlhalosa jaana: “Go senngwa ga ditlhaloganyo tsa batho ke dikgaruru tsa bomorafe . . . go ne ga kgoreletsa gape go batliwa ga kagiso.”

Bodumedi jwa maaka mo lefatsheng lotlhe bo ntse bo tswelela pele go dira gore batho ba tlhoane jaaka dintwa di ntse di gotela gareng ga Bajuda le Bamoselema, Bahindu le Basikhi, Bakatoliki le Baporotesetanta, Bamoselema le Bahindu, Babuddha le Bahindu. Ee, bodumedi jwa maaka bo ntse bo tsweletse pele go tsaya karolo mo tshololong ya madi ya “botlhe ba ba bolailwefi mo lehatshiñ.”—Tshenolō 18:24.

Mo ponong ya bosupi jotlhe jo bo fa godimo, Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa gore maitlamo a dikopano tsa 1988 a ne a le a a tshwanelang ebile a le mo nakong. Ka mo go tshwanelang, re bolela gore bodumedi jwa maaka ke seaka eleng Babelona o Mogolo, se se nang le molato wa madi. Re bolelela lefatshe gore tsela a le yosi ya boammaaruri ya go bona kagiso le kobamelo ya boammaaruri—ke go retologela go Morena le Molaodi wa lobopo lotlhe, Jehofa Modimo, ka Yoo a ileng a mo roma mo lefatsheng, Keresete, kana Mesia, ebong Jesu. Seno se raya go amogela Bogosi jwa Modimo jaaka puso ya tshiamo, e e sa khutleng eo a leng yone fela e e ka kgotsofatsang ditlhokafalo tsa batho. Mme seo gape se raya gore jaanong ke nako ya go reetsa taolo eno: “Cwafi mo go ena [Babelona o Mogolo], lona batho ba me, gore to se tlhakanele nae Jibe tsa gagwe, le gore to se bone dipeco tsa gagwe.”—Tshenolō 18:4; Daniele 2:44; Yohane 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Genesise 22:14; Ekesodo 6:3; 17:15; Baatlhodi 6:24; Pesalema 83:18; Isaia 12:2; 26:4.

b Go bona tlhatlhobo e e atologileng ya botlhokwa jwa leina la Modimo, bona boroutshara ya ditsebe tse 32 ya Leina la Modimo le le Tla Nnelang Ruri, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela