LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 4/15 ts. 24-25
  • Loeto lwa Bopelotlhomogi lwa kwa Judea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Loeto lwa Bopelotlhomogi lwa kwa Judea
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Loeto lwa Bopelotlhomogi lwa kwa Judea
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Rera mo Perea Fa a Ya Kwa Judea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Lebaka La go Bo Jesu A ne A Diega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • “Nako ya Gagwe E ne E Ise e Tle”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 4/15 ts. 24-25

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Loeto lwa Bopelotlhomogi lwa kwa Judea

BAJUDA ba ne ba lekile go bolaya Jesu dibeke di sekae pele ga foo, kwa Moletlong wa Boshahatso mo Jerusalema. Jalo o ne a tsamaela kwa bokone, go lebega e ne a se kwa lefelong le le kgakala thata le Lewatle la Galilea.

Bosheng jaana, o ne a He a tsamaela kwa borwa a lebile Jerusalema, a rera go bapa le tsela mo metseng ya Perea, mo kgaolong e e kafa botlhaba jwa Noka ya Joredane. O sa tswa go fetsa go anela ka setshwantsho sa monna wa mohumi le Lasaro. Jaanong o tswelela pele go ruta barutwa ba gagwe dilo tseo a neng a di ruta fa a ne a le kwa Galilea.

Ka sekai, o bolela gore go ne go ka nna molemo “ha lolwala to ka bo to gokelecwe mo thamun ea [motho], me a thabuediwa mo lewatlen” go na le gore a kgopise ba “babotlana” ba Modimo. Gape o gatelela botlhokwa jwa go itshwarela, a tlhalosa jaana: “Me ha [mokaulengwe] a gu leohela ga shupa ka letsatsi, me a nna a boela mo go wena ga shupa ka letsatsi, a re, Kea ikwatlhaea, a mo ichwarele hela.”

Fa barutwa ba mo kopa jaana, “Totisa tumelo ea rona,” Jesu o ba araba jaana: “Ha to no to na le tumelo e le kana ka tlhaka ea peo ea mosetara, to no to ka raea setlhare se, sa mosekamine, to re, Khumoga ka mecwe, me a ee go tlhonwa mo lewatlen; me se ne se tla to utlwa.” Jalo le eleng tumelo a nnye fela a ka kgona go dira dilo tse dikgolo.

Morago ga foo, Jesu o ba bolelelaka tiragalo e e diragetseng ka mmatota mo botshelong e e bontshang boikutlo jo bo tshwanetseng jo motlhanka wa Modimo mothatayotlhe a tshwanetseng go nna najo. “Ke man oa lona eo a ka ren a na le motlhanka eo o leman, kgotsa a disa dinku,” Jesu o tlhokomedisa jaana, “me a re a goroga a cwa kwa nagen, a ka mo raea a re, Tla, a dule, a ye? Me bogolo a ga a mo ree, a re, Baakanya se ke lalelan ka shona, a ikokwaele, a ntihele, ke t1e ke tsamaee ke ye ke nwe; me morago a t1a itse go ya le go nwa? A o tla a leboge motlhanka eouo ka a dihile dilo tse o di laolecwen? Go nntse yalo le Iona, a tla re to sena go diha dilo cotlhe tse to di laolecwen, to re, Re batlhanka ba re senan molemo; re dihile se a nen a le chwane1o ea rona go se diha.” Ka jalo, batlhanka ba Modimo ga ba a tshwanela go akanya gore ba direla Modimo molemo ope ka go mo direla. Go na le moo, ba tshwanetse go gakologelwa gore ke tshiamelo go bo ba mo obamela jaaka maloko a a ikanyegang a ntlo ya gagwe.

Go lebega a le gore morago ga go bua ka setswantsho seno go goroga morongwa mongwe. O romilwe ke Maria le Maratha, bokgaitsadia Lasaro, ba ba nnang kwa Bethanea wa kwa Judea. “Morena, bona, eo o mo ratan oa bobola,” morongwa o bua jalo.

Jesu o araba jaana: “Botlhoko yo ga se yoa losho, me ke yoa kgalaleco ea Modimo, gore Morwa Modimo a galalediwe ka yona.” Morago ga go nna malatsi a le mabedi kwa a neng a le gone, Jesu o raya barutwa ba gagwe a re: “A re be re eerh gape kwa Yudea.” Lefa go ntse jalo, ba mo gakolola jaana: “Rabi, Aitse Bayuda ba ne basenka go gu kgobotletsa ka maye yanon hela yang, me a u bile a ea gona gape?”

“A dinako tsa motshegare ga di shomè le bobedi?” Jesu o ba araba ka go botsa jalo. “Ha motho a tsamaea go le motshegare, ga a ke a kgocwa, ka a bona lesedi ya lehatshe yeno. Me ha motho a tsamaea bosigo, oa tla a kgocwe, ka lesedi le seeo mo go ena.”

Go lebega Jesu a raga gore “dinako tsa mots hegare,” kana nako a Modimo o e lekanyeditseng bodihedi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, ga a ise a khutle, mme pele a khutla, ga go ope yo o ka mo gobatsang. O tlhoka go dirisa nako e e setseng a khutshwane ya “motshegare” ka botlalo, ereka morago ga foo go tla latela “bosigo” joo a tla bong a le fa baba ba gagwe ba mmolaile.

Jesu o oketsa jaana: “Lasaro, tsala ea rona, o robetse; me kea ea gore ke mo cose mo borokon.”

Gongwe a le ka go bo ba ne ba akanya gore Lasaro o ithobaletse fela, le gore seo a ne a le sesupo sa gore o tla fola, barutwa ba ne ba arabela ka go re: “Morena, ha a robetse, o tla hola.”

Jaanong Jesu o ba bolelela ka tlhamalalo fela go re: “Lasaro o shule. Me kaga lona kea itumela ka ke ne ke se Bona, gore to tle to dumele; leha go nntse yalo a re een kwa go ena.”

Ba lemoga gore Jesu o ne a ka nna a bolawa mo Judea, mme lefa go le jalo ba batla go mo tshegetsa, Thomase o kgothatsa barutwa ba bangwe jaana: “Le rona a re tsamaeen, re tle re shwe nae.” Ka jalo barutwa ba baya matshelo a bone mo kotsing, mme ba tsamaya le Jesu mo loetong Iwa gagwe Iwa bopelotlhomogi go ya kwa Judea. Luke 13:22; 17:1-10; Yohane 10:22, 31, 40-42; 11:1-16.

◆ Jesu o ne a ntse a rera kae bosheng?

◆ Ke dithuto dife tseo Jesu a neng a di boeletsa, mme o tlhalosa tiragalo efe e e diragetseng ka mmatota mo botshelong go bontsha ntlha efe?

◆ Jesu o amogela dikgang dife, mme o kaya eng ka “motshegare” le “bosigo”?

◆ Thomase o kaya eng fa a re, “Le rona a re tsamaeen, re tle re shwe nae”?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela