Maitlamo
Palo ya bodhe ba ba neng ba le gone kwa Dikopanong tsa “Tshiamo ya Bomodimo” kwantle ga pelaelo a feta ya ngwaga o o fetileng, fa ba ba 6 443 597 ba ne ba kgobokane mw mafelong a a 1 098 lefatshe ka bophara, mme ga kolobediwa ba le 93 822. Puo, “Seaka Se Se Tdhabisang Ditlhong” e e neng ya neelwa kwa Dikopanong tsotlhe tsa “Tshiamo ya Bomodimo,” a ne ya latelwa ke go gololwa ga buka e e nang le ditshwantsho tse dintle ya khabara e e thata ya ditsebe tse 320 ka dipuo tse di fetang 20 ya Tshenola—Konelo ya Yone e e Molemolemo a Atametse! Sebui se ne sa bolelela bareetsi ba sone jaana: “Dirisang buka a ntsha eno mo dithutong tsa long tsa botho le tsa phuthego. E diriseng, gape, le mo go boleleleng lefatshe gore Babelona o Mogolo o atlhotswe, gore merafe jaanong a lebagane le Hara Magedona le gore konelo ya yone e e molemolemo a tla fitlhelelwa mo Bogosing jwa ga Jehofa jo bo galalelang ka Keresete le monyadiwa wa gagwe. O tla itumelela go utlwa le go lemoga dilo tseno, “gonne lobaka to atametse”!—Tshenolō 1:3.
Rona, bao fa esale go tloga ka 1914 re ntseng re tshela ‘mo letsatsing la Morena’ le mo modheng ono wa katlholo ya Modimo, re ipelela ditshiamelo tseo di di gaisang tsotlhe, tsa go direla Morena wa Lobopo Lotlhe ebong jehofa re busiwa ke Kgosi ya gagwe ya dikgosi, ebong jesu Keresete. (Tshenolō 1:10) Jaaka BASUPI BA GA JEHOFA, re supa gore:
(1) RE FEROSIWA SEBETE ke kgobo a Babelona o Mogolo, mme segolobogolo La-Bodumedi a e disitseng mo leineng la Modimo o o osi wa boammaaruri le o o tshelang, Jehofa. Mme rona, RE DUMALANA ka pelo yotlhe, le mafoko ano a Tshenolō 4:11: “Go gu chwanetse, Morena oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bona kgalalelo, le tlotlo, le thata.”
(2) RE FEROSIWA SEBETE ke go bo La-Bodumedi a ngaparetse dithuto tsa Babelona, segolobogolo tsa modimo wa tharonngwe, go sa swe ga moya wa motho, go tlhokofalediwa ruri mo diheleng, pakatori e e fisang, le go obamela ditshwantshotse di ntseng jaaka Maria le sefapaano. Tumalanong le Tshenolō 22:18, 19, RE DUMALANA KA TLHOMAMO le Lefoko le le kwadilweng ke Modimo le sodhe se se mo go lone.
(3) RE FEROSIWA SEBETE ke matlhajana le ditlwaelo tse di leng kgatlhanong le Modimo, tseo di detsetletseng jaana mo go La-Bodumedi, tse di ntseng jaaka thutotlhagelelo, ditshelo tsa madi, go senya dimpa, go aka, bogagapa, le boikanyologi. RE TLA TLOTLA Mmopi wa rona, ebong jehofa Modimo, Mothatayotlhe, mo kobamelong ya rona le ka tsela eo re tshelang ka yone, yoo ditsela tsa gagwe di tlhalosiwang mo go Tshenolō 15:3 jaaka “tsa tshiamo le boamarure.”
(4) RE FEROSIWA SEBETE ke go bo La-Bodumedi a palelwa ke go utlwa melaetsa ya ga jesu e e yang go diphuthego di supa tse di mo go Tshenolō kgaolo 2 le 3 e e malebana le dilo tse di ntseng jaaka go itira makoko, go obamela medimo ya disetwa, kgokafalo, tlhotlheletso ya bo jesebele, go nna motlha, le go sa nne a disitse. Mme rona, RE TLA UTLWA seo “Moea o se buan le diphuthego LE GO SE IKOBELA.”
(5) RE FEROSIWA SEBETE ke boitshwaro jo bo sa siamang le boitaolo tse di leng mo go La-Bodumedi le mo gare ga baruti ba yone, mme re amogela kadholo e e phepafetseng ya ga Jehofa eo a boletsweng mo go Tshenolō 21:8 ya gore bao ba tswelelang pele mo boitshekologong jwa boneeleng bagokafadi, baaki, jalo le jaloba tla nyelediwa godhelele. RE TSHEGETSA ditekanyetso tsa Bibela KA PELO YOTLHE tse di malebana le tlhakanelodikobo, lenyalo, le botshelo jwa lelapa.
(6) RE FEROSIWA SEBETE ke boaka jwa semoya jo bo nang le makgolokgolo a dingwaga bo ntse bo le gone jwa baruti ba Babelona o Mogolo ka go dirisana mmogo ka bokukuntshwane le babusi ba lefatshe gore a bone maatla, dikhumo, le go laola batho ba ba sa reng sepe ka go ba gatelela. RE ITITEILE SEHUBA gore re tla thusa ba ba dipelo di ikanyegang gore ba ikobele mokgosi wa moengele o o mo go Tshenolō 18:4 o o reng: “Cwan mo go ena, lona batho ba me.”
(7) RE FEROSIWA SEBETE ke molato o mogolo wa madi oo o ileng wa nna gone ka ntlha ya batho ba ba fetang dimilione di le 100 ba ba letlhegetsweng ke matshelo a bone mo ntweng mo lekgolong leno la dingwaga le le lengwe fela, oo o leng gone segolobogolo ka ntlha ya kgokafaio ya seaka seno se segolo le mebuso ya sepolotiki. RE A IPELA go bo nako e e beilweng a atametse ya gore Modimo o adholele Babelona o Mogolo gore a otlhaiwe, jaaka go tlhalositswe ka phepafalo mo go Tshenolō 18:21-24.
Jaaka Basupi ba ga jehofa, RE GO TSAYA E LE BOIPELO LE TSHIAMELO go itsise lefatshe gore ka 1914 “bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morena [Jehofa] oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwe” (Tshenolō 11:15) RE ITITEILE SEHUBA gore re tla gatela pele ka bopelokgale re itsise dikadholo tsa ga jehofa tse di boletsweng kgatlhanong le Babelona o Mogolo le mo go tlhagiseng ka ntwa e e atametseng ya Modimo ya Hara-Magedona. RE IKEMISEDITSE go bolela, ka lentswe le le kwa godimo le go “chaba nwe le nwe, le leco, le pub, le batho,” mafoko a a itumedisang a gore “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha” di atametse go segofatsa setho se se kutlo. (Tshenolō 14:6; 21:1) RE IPELELA go bo ka ntlha ya polelo eno, boidiidi jo bogolo jo bo fetang dimilione di le tharo jwa ba ba tswang mo merafeng yotlhe jaanong ba le seoposengwe le rona go dikologa lefatshe. Rodhe re bolela jaana mmogo le moengele yo o Wang fa gare ga legodimo: “Boihan Modimo, to o nee kgalalelo; gonne nako ea katlholo ea ona a tsile: me to obamele ona o o dihilen legodimo, le lehatshe, le lewatle, le mecwedi ea metse.”—Tshenolō 14:7.
Dipotso tsa Thuto ya “Maitlamo”:
1. Basupi ba ga Jehofa ba ipelela eng jaanong?
2. Mo go nngwe le nngwe ya dintlha tse supa tsa Maitlamo, bolela (a) seo se ferosang Basupi ba ga Jehofa sebete le (b) se Basupi ba se tlhomamisang.
3. (a) Ke boipelo bofe le tshiamelo tseo Basupi ba ga Jehofa ba nang le tsone? (b) Basupi ba iteteile sehuba go dira eng? (c) Rona re ikemiseditse go dira eng? (d) Basupi ba ga Jehofa ba tsaya karolo mo boipelong le kgoeletsong efe?