LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/15 ts. 7
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sesupo sa Tlhagiso
  • “Puso ya Lefatshe”
  • Kgakololo E E Sa Siamang
  • DITHOROMO TSA LEFATSHE—A Ke Sesupo sa Bokhutlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Dithoromo tsa Lefatshe—Masetlapelo a a Boitshegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Dithoromo Tsa Lefatshe, Boporofeti Jwa Baebele le Wena
    Tsogang!—2002
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/15 ts. 7

Go Lemoga Dikgang

Sesupo sa Tlhagiso

December o o fetileng thoromo ya lefatshe e e fitlhang go 6,9 mo selekanyong sa Richter a ne ya padimola Soviet Armenia. Thoromo eno eo a tlhalosiwang jaaka “e e maswe thata mo historing ya kwa Soviet,” a bolaile batho ba ba ka nnang 25 000 mme ya tlogela ba le 500 000 ba sena magae. E ne ya senya peditharong ya toropo ya maemo a bobedi ka bogolo kwa Armenia, eleng Leninakan, e e nang le batho ba le 290 000 mme ya senya Spitak ka mo go feletseng, eleng toropo e e pang le baagi ba ba ka nnang 30 000. Mafelo a le mmalwa a mannye le one a ne a lalaanngwa ke thoromo eno. Bobotlana bafalodi ba le 5 400 ba ne ba ntshiwa mo thothobolong ya dilo tse a di sentseng ba ntshiwa ke setlhopha sa meraferafe sa bafalotsi, mme go ya ka balaodi ba kwa Soviet, palo ya ba ba utlwileng botlhoko a fitlha go 13 000.

Lemororo borrasaense ba na le kitso e e rileng kaga dilo tse di mo lefatsheng tseo totatota di bakang bontsi jwa dithoromo tsa lefatshe, ga ba kake ba bolelela pele ka nepo gore di tla diragala leng. Lefa go le jalo, dithoromo tsa lefatshe tseo di senyang gangwe le gape tsa mo lekgolong leno la dingwaga ga di gakgamatse diithuti tse di rutegileng tsa Bibela tse di tlwaelaneng le “seshupii” seo se neng sa bolelelwa pele ke Jesu Keresete seo se tshwayang “go tla” ga gagwe go go sa bonaleng le “bokhutlo yoa lehatshe.” Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ke ka gonne lemororo Jesu a sa tlhalosa gore ke eng seo se bakang ditiragalo tseno tsa go roroma ga lefatshe, o ne a tlhagisa gore jaaka karolo ya “seshupii” seo se se dikarolo dintsi, go ne go tla nna le “dithoromo tsa lehatshe mo mahelon manwe le manwe.”—Mathaio 24:3, 7.

“Puso ya Lefatshe”

Tsela a le yosi fela ya go Iwantsha greenhouse effect le matlhotlhapelo a mangwe a a tlhagelelang a mo tikologong ke ka puso ya lefatshe lotlhe, go rialo Dr. Kenneth Hare, ebong moithutafatshe yo o itsegeng le mankge mo go tsa go fetofetoga ga tlilemate. Setho se tlhasetse tlholego ka tsela e e diphatsa, Hare o ne a tlhagisa jalo. Polanete eno a tshosediwa eseng fela ke go lailwa ke nuklea “mme le ke go sa diriseng tlhago sentle,” go bega jalo Calgary Herald, ebong lekwalodikgang la Canada. Hare o bolela gore ditone di le dimilione tse di dikete tse tharo tsa carbon di kgwelwa mo lefaufaung ngwaga le ngwaga ke dipaipi tsa mosi tsa dikoloi le dipaipi tse di ntshang mosi tsa madirelo. Dipatlisiso tsa khomputara di bontsha gore tota le fa go na le kgolo e e lekaneng fela ya ikonomi, selekanyo sa carbon-dioxide se tla bo se menagane sebedi ka ngwaga wa 2075. “Re bakile bothata mo lefatsheng lotlhe,” mme fa tikofogo a sa laoIwe mo lefatsheng lotlhe, “re tlile go nna mo bothateng,” go ne ga rialo Hare.

Seo Dr. Hare a se buelelang eleruri se a utlwala. Mme a motho a ka tsamaya a lebelela go tlhoma puso ya lefatshe lotlhe eo a tla kgonang go dira dilo tse di ntseng jalo tse di jaaka go laola kgolo ya ikonomi, go dira metswedi ya maatla e e sa bakeng kgotlelo, le go tlhatswa setho pelo gore se nne le seabe mo thulaganyong ya go tlhokomela tikologo lefatshe ka bophara?

Legoka! Lefoko la Modimo le tlhalosa jaana ka phepafalo: “Tsela ea motho [ga e] mo go ena ka esi: ga goeo mo mothun eo O tsamaean ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Yeremia 10:23) Lefa go le jalo, Modimo a ka kgona seno. Jaaka “Kgosana ea Kagisho,” Morwawe, ebong Jesu Keresete, o tla tlisa puso ya lefatshe lotlhe eo a tla busang ka tshiamiso le tshiamo. Tlase ga bobusi jwa gagwe jwa selegodimo, setho ga se kitla se tshosetsa tikologo.—Isaia 9:6, 7; 11:9; Daniele 2:44.

Kgakololo E E Sa Siamang

A ke selo se se maswe fa ngwana a sa utlwe batsadi ba gagwe? Ga go a nna jalo ka metlha, go bolela jalo Leon Kuczynski, ebong moperofesara wa boithuta-tlhaloganyo jo bo malebana le kgolo kwa Unibesithing ya Guelph kwa Ontario, kwa Canada. Totatota, The Toronto Star e bega gore morago ga gore Kuczynski a ithute bomme ba le 70 le bana ba bone, o dumela gore “matlhajana a ngwana a a dirisang gore a seka a utlwa batsadi ba gagwe a botlhokwa mo go goleng ga gagwe mo morafeng.” Go ya ka setlhogo seno, fa bana ba palelwa ke go dira seo ba se boleletsweng, batsadi ga ba tshwanela go itlhoboga. Ka ntlhayang? Kuczynski o bolela gore boitsholo jo bo ntseng jalo ke jo bo tlwaelegileng. Moperofesara yono gape o ikutlwa gore “fa ngwana a gana go utlwa batsadi ba gagwe seno a ka nna sesupo sa gore o ikemetse ka nosi le gore o godile.”

Fa bana ba palelwa ke go utlwa batsadi ba bone seo ga se sesupo sa gore ba godile. Mo boemong jwa seo, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Boeleele bo bohelecwe mo peduñ ea nwanyana.” (Diane 22:15) Lemororo bangwe ba ka fetsa ka gore fa ngwana a sa utlwe seo se tlhagisa ditlamorago tse di molemo, Lefoko la Modimo ga le dumalane le seo. Makgolo a dingwaga a a fetileng moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Bana, utlwan batsadi ba lona mo dilon cotlhe, gonne mo a be a le mo go kgatlhan mo Morenen.” (Bakolosa 3:20) Batsadi ba ba botlhale ba tla lebelela mo go Jehofa Modimo gore a nne ene yo o ba laelang mo go thapiseng ngwana.—Diane 19:18; 29:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela