Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Monna wa Mohumi le Lasaro
JESU o ne a ntse a bua le barutwa ba gagwe kaga go dirisa dikhumo tse di bonalang sentle, a tlhalosa gore ga re kake ra nna batlhanka ba tsone mme ka nako e e tshwanang ra bo ra nna batlhanka ba Modimo. Bafarisai le bone ba reeditse, mme ba simolola go sotla Jesu ka go bo ba rata madi. Jalo o ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisan ha pele ga bathos me Modimo o itse dipelo tsa Iona; gonne se se tlotlegan thata mo bathuri, se bo se le makgapha ha pele ga Modimo.”
Nako a setse a gorogile ya gore batho bao ba humileng dithoto tsa lefatshe, maatla a bopolotiki, le go laola mo bodumeding le tlhotlheletso di ba latlhegele. Ba tla nyenyefadiwa, mme bao ba lemogang gore ba humanegile semoyeng ba tla golediwa. Jesu o bontsha phetogo eo fa a tswelela ka go raya Bafarisai a re:
“Molao o nntse o le gona le baperofeti go tla go hitlha mo go Yohane [Mokolobetsi]: a sa le ka lobaka louo Mahoko a a Molemo a bogosi yoa Modimo a nntse a rerwa, me monwe le moriwe o tsena mo go yona ka go i[t]eka. Me go ka nna boheho legodimo go heta, le lehatshe, bogolo go tlhakanyana nwe ea molao go tlhaela.”
Bakwadi le Bafarisai ba ipelafatsa ka go iphaka gore ba latela Molao wa ga Moshe. Gakologelwa gore fa Jesu a ne a fodisa monna mongwe wa sefofu ka tsela e e gakgamatsang mo Jerusalema, ba ne ba ipelafatsa ka go re: “Rona re barutwa ba ga Moshe. Rea itse ha Modimo o buile le Moshe.” Mme jaanong Molao wa ga Moshe o ne o diragaditse boikaelelo jwa one jwa go gogela batho ba ba boikokobetso kwa Kgosing e e tlhomilweng ke Modimo, ebong Jesu Keresete. Jalo fa Johane a ne a simolola bodihedi jwa gagwe, batho ba mefuta yotlhe, segolo bogolo bao ba leng boikokobetso le ba ba humanegileng, ba lekela ka natla go nna babusiwa ba Bogosi jwa Modimo.
Ereka Molao wa ga Moshe jaanong o diragadiwa, go o tshegetsa go tshwanetse go fedisiwa. Molao o letla batho go tlhala basadi ba bone ka mabaka a a farologaneng, mme jaanong Jesu a re: “Leha a le man eo o tla tlhalan mosadi oa gagwe, ha a se ka ntlha ea boaka, me a nyala eo monwe, o diha boaka: le eo o mo nyalan a sena go tlhalwa, o diha boaka.” Abo kitsiso e e tlhamaletseng eno e tshwanetse ya bo a gakatsa Bafarisai fang ne, ereka segolo bogolo ba ne ba letlelela tlhalo ka mabaka a le mantsi!
Fa a tswelela ka mafoko a gagwe go Bafarisai, Jesu o bua ka setshwantsho se se bontshang banna ba babedi ba maemo, kana seemo sa bone, kgabagare se fetogang ka tsela e e gakgamatsang. A o ka kgona go bona gore banna bano ba emela bomang mme le gore go fetolwa ga maemo a bone go raya eng?
“Me yana ga bo go le monna monwe, a humile,” Jesu o a tlhalosa, “me a apere bohibidu le leloba ye le boleta, a tshela hela ka malatsi aotlhe mo letlepun le mo bontlentlen. Me ga bo go le mokopi moriwe eo o bidiwan Lasaro, a beilwe ha kgorori ea gagwe a tletse dintho, Me a eletsa go otlwa ka matlhotlhora a a wan mo lomatin loa boyelo loa mohumi; E, dinca le cona, tsa tla tsa lacwa dintho tsa gagwe.”
Jesu fano o dirisa monã wa mohumi go tshwantshetsa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda, go akareletsa eseng fela Bafarisai le bakwadi mme gape le Basadukai le baperesiti ba bagolo. Ba humile ditshiamelo tsa semoya le ditshono, mme ba; itshwara jaaka monna wa mohumi. Diaparo tsa bone tse di bohibidu jo bo mokgona di bontsha boemo jwa bone jo bo kwa godimo, mme leloba le lesweu le tshwantshetsa go ikaya ga bone ba le tshiamo.
Setlhopha seno sa monna yo o boikgodiso wa mohumi se leba ba ba humanegileng, ebong batho fela ka lonyatso to logolo, se ba bitsa ‛am ha·’aʹrets, kana batho ba lefatshe. Ka jalo Lasaro wa mokopi o emela batho bao baeteledipele bano ba bodumedi ba sa ba neyeng dijo tse di siameng le ditshiamelo tsa semoya. Ka jalo, jaaka Lasaro yo o tletseng dintho, batho ba ba tlwaelegileng ba lebelwa kwa tlase jaaka bao ba Iwalang mo semoyeng mme ba tshwanelwa fela ke go nna le dintsa. Lefa go le jalo, bao a leng ba setlhopha sa Lasaro ba bolailwe ke tlala le go nyorelwa dijo tsa semoya mme ka jalo ba ntse mo kgorong ba batla go amogela manathwana ape fela a dijo tsa semoya a a ka wang mo tafoleng ya monna wa mohumi.
Jesu jaanong o tswelela go tlhalosa diphetogo mo boemong jwa monna wa mohumi le Lasaro. Diphetogo tseno ke eng, mme di emela eng? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo tokololong e e latelang ya makasine wa rona. Luke 16:14-21; Yohane 9:28, 29; Mathaio 19:3-9; Bagalatia 3:24; Bakolosa 2:14.
◆ Kwa tshimologong ya bodihedi jwa ga Johane, ke phetogo efe eo Jesu a bontshang gore e a diragata?
◆ Ke eng se se tla tlosiwang morago ga loso Iwa ga Jesu, mme seno se tla ama kgang ya tlhalo fang?
◆ Ke bomang ba ba emelwang ke monna wa mohumi le Lasaro, mo setshwantshong sa ga Jesu?
◆ Ke boikitsiso bofe joo re ka bo lebelelang mo tokololong e e latelang ya makasine ono?