LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 3/15 ts. 4-6
  • Nna o Hukutsa Jaaka fa o ka Batla Dikhumo tse di Fitlhilweng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Hukutsa Jaaka fa o ka Batla Dikhumo tse di Fitlhilweng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlhayang o Tshwanetse go nna o Ntse o Hukutsa?
  • Go Batla Dikhumo ka Katlego
  • Majana a a Tlhokegang a Semoya a Mantsi!
  • Nna o Ntse o Hukutsa!
  • “Jehofa o Aba Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Go Itumela Motho yo o Boneng Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Botlhale Jwa Boammaaruri bo Goela Kwa Godimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 3/15 ts. 4-6

Nna o Hukutsa Jaaka fa o ka Batla Dikhumo tse di Fitlhilweng

ABO majana a a tlhokegang a botlhale a a fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Bibela a le tlhwatlhwakgolo fang ne! Dibenya tseno di senola boikaelelo jwa Modimo gape bo re naya ditebelelo tse di kgatlhisang. Di a re gomotsa mme di re bontsha ka moo re ka itumedisang Modimo ka gone. (Baroma 15:4) Maje ano a a tlhokegang a re thusa gape go dira ka botlhale mo ditirisanong tsa rona le ba bangwe. Eleruri, botlhale jwa Modimo bo re thusa go tsamaya mo ‘tseleng ya botshelo’ ka kgotsofalo le boitumelo.—Pesalema 16:11; 119:105.

Ereka melemo ya botlhale a le mentsi, re tshwanetse go bo tsaya bo le jwa botlhokwa. “Mahoko aotlhe a molomo oa me a mo tshiamon,” ga bua jalo botlhale bo bua jaaka motho. “Ga go na sepe se se shokamen, leha a le se se kgopo mo go aona. A bonala sentle hela aotlhe mo go ena eo o tlhaloganyan, a siame mo go ba ba bonan kico. Cholan thuto ea me, esen selefera; le kico bogolo go gouda e e tlhophegilen. Gonne botlhale bo molemo bogolo go diperela: me dilo cotlhe tse motho o ka di eletsan ga di na go chwantshiwa le yona.”—Diane 8:8-11.

Ke ka Ntlhayang o Tshwanetse go nna o Ntse o Hukutsa?

Gantsi, dibenya tse di fitlhilweng, gauta, kana selefera fa di batliwa ga di ke di bonwa. Ga go a tshwanela ga nna jalo ka go batla botlhale jwa bomodimo. Mme re ka atlega jang mo patlong eno? Ebu, go atlega go ikaegile ka go eletsa ga rona khumo eno ka tlhoafalo le gore re dira go le kana kang go a bona. Fa re lemoga boleng jwa yone, re tla a ngomaela go gaisa dilo tsotlhe tse di botlhokwa. Morago ga tsotlhe, “go molemo yan go bona botlhale bogolo go gouda! E, go bapala tlhaloganyo go ka itshenkelwa bogolo go selefera.”—Diane 16:16.

Diane 2:1-6 a kgothatsa jaana: “Morwaaka, ha a ka chola mahoko a me, ua ba ua ipeela ditaolo tsa me ha go wena: Ua ba ua sekegela botlhale tsebe, me ua lebisa pelo ea gago kwa tlhaloganyon; E, ha a tlhaeletsa tlhalemaleye, me ua choleletsa tlhaloganyo lencwe ya gago; Ha a mmatla yaka a ka bo a le selefera, ha u mo hukuletsa yaka a ka bo a le dikhumo tse di shubegileng; Hon a tla tlhaloganya go boiha Yehofa, me a tla bona loco ea Modimo. tonne Yehofa o aba botlhale; kico a cwa mo molomun oa gagwe, le tlhaloganyo.”

Ereka dikhumo tse di fitlhilweng di subegile, go tlhokega gore o di hukutse. Fa ba ntse ba epa, batho bangwe ba senya nako eo ba ka bong ba ikhuditse, ba ja kana ba robetse ka yone. Mme maiteko a a ntseng jalo a a duela fa khumo a bonwa. Re tshwanetse go intsha setlhabelo ka tsela e e ntseng jalo fa re bath botlhale jwa bomodimo. Ereka go hukutsa khumo e e fitlhilweng go batla gore motho a epe ka thata, ka jalo go batla botlhale ebile go tlhoka boitshoko. Ga go a lekana go latlhela Bibela le dikgatiso tsa Bokeresete matlho fela. Go tlhokega nako, go batlisisa, le go tlhatlhanya go bona dikhumo tseno tsa semoya.Mme abo go itumedisa fang ne fa re kgona go bona temogo mo Dikwalong tseno!—Nehemia 8:13.

Go Batla Dikhumo ka Katlego

Ee, go a itumedisa go epolola le go bona majana a a tlhokegang a botlhale mo Lefokong la Modimo. (Diane 3:13-18) Gore re kgone go dira seo, go tla bo go le botlhale gore motho a nne le laeborari ya gagwe ya botho kana ya lelapa. Mme a tshwanetse go nna le eng? Kwantle ga go nna le buka e e tlhalosang mafoko e e molemo, Basupi ba ga Jehofa ba bona go tlhokega go nna le diphetolelo tse di farologaneng tsa Dikwalo, gammogo le dikgatiso tsa Bibela tsa Bokeresete, tseo di kopanyeletsang makwalopaka a ngwaga le ngwaga a Tora ya Tebelo, le Awake! Legale, laeborari a tshwanetse go dirisiwa sentle gore e thuse batho ba ba batlang dikhumo.

Mo go batleng ga rona botlhale, re ka nna ra lebelela setlhogo le karolo ya lokwalo mo go Watch Tower Publications Index kana tlhatlhamano ya ditlhogo tse di kafa morago mo dibukeng kana mo dibolumong tsa dimakasine tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Tseno ke didirisiwa tsa motheo mo go batleng botlhale jwa bomodimo. Ebile tota, di tshwana le mmapa o o ka re fitlhisang kwa “dikhumo[ng] tse di shubegilen” tsa botlhale jwa bomodimo. (Diane 2:4) Fa re sena dikgatiso dingwe tse di tlhokegang go dira patlisiso, di ka nna tsa bo di le teng kwa Holong ya Bogosi ya lefelo la lona ya Basupi ba ga Jehofa.

Jaanong, a re ke re bontsheng gore go batla khumo go ka dirwa fang. Mo mmalong wa rona wa Bibela, re ka nna ra bo re ipotsa gore tota Judase Isekariota o ne a swa jang morago ga go rekisa Jesu Keresete. Mathaio 27:5 e tlhalosa gore Judase o ne “a tsamaea; me a ea a [ikaletsa, NW].” Mme Ditihō 1:18 a bua jaana: “Me o rile a thubaganyetsega, a phanyega ka bogare, mala a gagwe a ba a gorometsega aotlhe.” Jalo Judase o sule jang? Karabo a ka bonwa ka go leba lenaane la ditemana tseno mo go “Scripture Index” ya kgatiso Insight on the Scriptures. E re bolelela jaana: “Go lebega Mathaio ene a bua ka mokgwa wa go leka go ipolaya ga gagwe, fa Ditihō yone a tlhalosa phelelo ya gone. Fa re kopanya dipego tse pedi tseno go lebega a le gore Judase o ne a leka go ikaletsa mo godimo ga lefika lengwe, mme mogala kana kala ya setlhare a ne ya robega mo a neng a wela fa fatshe mme a phanyegela mo matlapeng a a kwa tlase. Dipopego tsa lefatshe la Jerusalema di dira gore re dumele tiragalo eno.” (Bolumo 2, tsebe 130) Mabapi le Insight on the Scriptures, tswee-tswee bona tsebe 10 ya makasine ono.

Re kgona go bona ditemana tsa Bibela ka go dirisa khonkhodense. Legale, fa re tlotla ka lokwalo longwe, re tshwanetse go tlhokomela ditemana tse di to dikologileng. Go tshwantsha seno, a re sekasekeng Pesalema 144:12-14. Ditemana tseno di bua ka batho bangwe ekete ba bua jaana: ‘Bomorwa rona ba tshwana le ditlhatshana, bomorwadiarona ba tshwana le maje a kgokgotso a a betlilweng ka mokgwa wa ntlo ya segosi, dinku tsa rona di tsala makgolokgolo, dikgomo tsa rona di ntsifetse thata ka di sa folotse.’ Re ka nna ra akanya gore mafoko ano a raya batho ba Modimo, mme ditemana tse di to dikologileng di bontsha gore ga a reye bone. Mo temaneng ya bo-11, mopesalema Dafide o kopa gore a gololwe mo bathong ba ba sa bueng boammaaruri. Ba ne ba ipelahatsa ka bomorwaabone, bomorwadiabone, dinku tsa bone, le dikgomo tsa bone. Go ya ka temana ya 15, baikepi bao ba ne ba bua jaana: “Go bo go le sego chaba e e mo boemon yo bo nntsen yalo.” Lefa go ntse jalo, phapaanong le seo, Dafide o ne a khutsa jaana: “Go sego chaba a Modimo oa eona a len Yehofa.”

Majana a a Tlhokegang a Semoya a Mantsi!

Eleruri go atlega mo go batleng botlhale go lere boitumelo. Mme majana a a tlhokegang a semoya a a ka bonwang fa go batlisisiwa go kopanyeletsa go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa Bibela. Abo re bona dikarabo tse di molemo fang ne fa re ntse re hukutsa! Ka sekai, Kaine o ne a tsaya mosadi wa gagwe kae? The Watchtower (October 1, 1981) a ne ya bua jaana: “Bibela a re bolelela gore Adame le Efa ba ne ba na le bana ba bantsi, eseng ba babedi fela [Kaine le Abele]. “Me Adame a re a sena go tsala Sethe [morwa yo mongwe gape] malatsi a gagwe a nna dinyaga di le makgolo a a heran mebedi: me a tsala tshimane le tshetsana.” (Gen. 5:4) Ka go bo o itse seno, o ka re Kaine o ne a tsaya mosadi wa gagwe kae? Ee, o tshwanetse a bo a ne a nyetse mongwe wa bokgaitsadie. Seno se ka nna kotsi gompieno mo baneng ba ba ka tsholwang ke batsadi ba ba atamalaneng thata ka losika. Mme gaufi le kwa tshimologong ya hisitori ya motho, fa motho a ne a santse a atametse boitekanelo thata, seo a ne a se bothata.”

A re re re bala buka ya Bibela ya Diane. Fa o lemoga seo se bolelwang ke Diane 1:7, re ka nna ra ipotsa jaana: ’ “Go boiha Yehofa” ke eng?’ Go batlisisa go ka re fitlhisa go Tora ya Tebelo ya May 15, 1987, e e neng ya bua jaana: “Ke therego, tshisimogo a kgolo, le tshabo e e phepa ya go mo itumolola ka go bo re anaanela bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato le molemo, “Go boiha Yehofa” go raya go bolela gore ke Moatlhodi yo Mogolo le Mothatayotlhe, yo o nang le tshwanelo le maatla a go atlhola le go bolaya bao ba sa mo utlweng. Gape go raya go direla Modimo ka boikanyego, go mo tshepa ka botlalo, le go ila se se boshula mo ponong ya gagwe.”

Nna o Ntse o Hukutsa!

Tora ya Tebelo a gatisiwa go thusa batho ba ka tlhagafalo ba batlang botlhale go iponela majana a a tlhokegang a semoya a a tlhwatlhwakgolo. Rotlhe re tlhoka botlhale le go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Diane 4:7, 8 e bua jaana: “Botlhale ke selo se segolo bogolo go dilo cotlhe; me ke gona bapala botlhale: E, mo go cotlhe tse a di bonyen a bo a bapetse tlhaloganyo. U mo goletse, me o tla gu godisa: o tla gu isa mo tlotlon, motlhan a mo tlamparelan.”

Re ka bona boitumelo jwa boammaaruri fela ka go bona temogo ya Dikwalo le go dirisa botlhale sentle. Ee, re ka itumedisa Jehofa Modimo fela ka go dirisa botlhale jwa bomodimo. Ka jalo se letleng sepe go kganela go hukutsa botlhale jaaka fa o bath dikhumo tse di fitlhegileng.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go hukutsa dikhumo ts di fitlhegileng go tlhoka gore motho a epe. A ga re a tshwanela go ganelela go batla botlhale jwa bomodimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela