Tsela ya go Kgetholola Badihedi ba Boammaaruri ba Modimo
GO NE ga diragala ka 1948. Badihedi ba babedi, ba Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tsamaya ka bese e kgologolo mo tseleng e e dikhuti, ba tswa kwa toropong nngwe ya kwa bokone jwa Spain ba lebile kwa Dithabeng tsa Pyrenees. Ba ne ba le mo tseleng ba etela modihedi mongwe yo o neng a le esi mo motseng oo. Fa bese e ema gaufi le motse oo modihedi yoo a neng a nna mo go one, ba ne ba mmona a ba emetse a na le esela ya gagwe. Mme gape ba ne ba bona setlhopha sengwe se se sa tlwaelegang gaufi le ene—e ne a le Mapodisi a Motse a a neng a tlhomeletse sentle ba na le moruti mongwe! Jaaka badihedi bao ba ne ba palamela mo tseleng e e yang kwa motseng oo, mongwe wa Mapodisi ao o ne a ntsha tlhobolo ya gagwe mme a goa ka go re, “Manos arriba!” (Tsholetsang diatla!) Baeti bao ba ne ba tshwarwa. Ka ntlhayang? Moruti yoo o ne a boleletse Mapodisi ao gore baeti bao a ne e le dirukhutlimaaka a matala! Ka baka leo, badihedi bao botlhe ka boraro ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong.
Seno se supa eng? Gore ga se botlhe ba ba iphakang go nna baruti kana badihedi bao eleng badihedi ba boammaaruri ba Modimo. Ebile tota, gantsi go na le pharologano e kgolo gareng ga badihedi ba boammaaruri le ba maaka. Dipatlafalo tsa motheo tsa badihedi ba boammaaruri ke dife?
Dipatlafalo tsa Badihedi ba Boammaaruri
Tlhaloso ya motheo ya “go direla” ke “go naya thuso kana tirelo.” Badihedi ba boammaaruri ba Bakeresete ba tshwanetse ba nna le tumelo e e tiileng ya gore Bibela ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (Yohane 17:17) Lefa go ntse jalo, patlafalo eo ya motheo ga e a lekana. Gape ba tshwanetse go nna le kitso e e siameng le kutlwisiso ya Bibela. Mme ga ba a tshwanela go dirisa kitso eo ka bopelotshetlha—gore a solegela bone ba le bosi fela molemo. Gape ba tshwanetse ba nna bareri ba ba tlhoafetseng ba Efangele—mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Yohane 17:3; Pesalema 37:11, 29.
Ebile tota, lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba rera mafoko a a molemo a Bogosi eseng fela mo Spain mme go kgabaganya lefatshe lotlhe ke tiragatso ya seo Jesu a boleletseng pele gore se tla diragala mo nakong ya bokhutlo jwa tsamaiso eno e e bosula ya dilo. O ne a re: “Me Mahoko a a Molemo a, a bogosi, a tla rerwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupo mo merahifi eotlhe; hofi ke gona bokhutlo bo tla tlafi.”—Mathaio 24:14, 33, 34.
Patlafalo a nngwe ya motheo ya badihedi ba boammaaruri ke gore, jaaka Jesu a ne a bolela, ba tshwanetse go ‘sa nne ba lefatshe’; ka gone, ga ba a tshwanela go tsenelela mo dipolotiking. (Yohane 15:19) Gape ba tshwanetse go nna boikokobetso fela thata, ba le lorato, ba le pelonomi, ba iketleeleditse ka metlha go thusa bao ba tshwanelegang ba ba tlhokang thuso.—1 Bakorintha 13:1, 4; 1 Petere 5:6.
Kgang eno a masisi fela thata. Go farologanya badihedi ba boammaaruri le ba maaka ke kgang ya botshelo le loso. E masisi go le kalo! Mo Therong ya gagwe e e itsegeng ya mo Thabeng, Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Lo itise mo baperofetifi ba esefi bone, ba ba tlafi mo go lona ba apere jaaka dinku, me mo tefi a be a le diphiri tse di garolakafi.”—Mathaio 7:15.
Lefa go ntse jalo, badihedi ba boammaaruri ba Modimo ga ba tlhokwe go dira ditiro dingwe fela le go fitlhelela dipatlafalo dingwe mme gape ba na le ditshiamelo di le dintsi. Ebile tota, jaaka setlhopha, ba na le ditshiamelo di le dintsi go gaisa botlhe, ba atlega go gaisa botlhe, mme ebile ke setlhopha se se itumetseng go gaisa botlhe mo lefatsheng gompieno, jaaka o tla bona mo setlhogong se se latelang.