‘Ga re ise re ko re Itumele Jaaka re Itumetse Jaanong’
Eo a ne a le kakgelo ya mosadi yo o neng a dirisa kgakololo e e filweng mo bukeng Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa. O ne a na le mathata mo lenyalong mme a simolola go tlotla ka seno le mosadi yo a neng a mo phepafaletsa ntlo. Mosadi yo o phepafatsang yoo o kwala jaana:
“Kgakololo nngwe le nngwe eo ke neng ke a mo naya a ne a tswa mo bukeng. Kwa bofelong ke ne ka mmolelela gore ke na le buka eo a neng a ka a kgatlhegela. Ke ne ka tlhalosa ka moo e nthusitseng ka gone le gore a bua ka dilo tse dintsi tse di utlwalang go tswa mo Bibeleng. Malatsi a sekae moragonyana, ke ne ka bua le ene ka mogala mme o ne a mpolelela gore ene le monna wa gagwe ba ne ba a badile mme ba feditse ka gore ba tla tsholana sentle.
“Mo maitsiboeng ano o ne a nteletsa mogala gape mme gareng ga tse dingwe, o ne a mpolelela go re, ga ba ise ba ko ba itumele jaaka ba itumetse jaanong. Ba badile buka eo mmogo, ba a sekaseka go ya ka Bibela, mme jaanong ba dirisa melaometheo e e mo go yone.
Fa o batla thuso ya go dira botshelo jwa lelapa la gago go itumedisa, o ka iponela molemo mo bukeng eno. Amogela sekaelo ka go tlatsa le go romela foromonyana eno.
Tswee-tswee nthomelelang, poso a duetswe, buka ya khabara e e thata, ya ditsebe tse 192 Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Ifumedisa. Ke romela R2.