A Kgopolo ya Gago ke Yone ya Botlhokwa?
KEREKE a ntsha a Kgaogane ka Ntlha ya Baruti ba Basodoma,” go buile jalo setlhogo sa dikgang. Pego ya dikgang a ne ya tswelela go 1 senola dikgaogano tse di masisi tse di leng gone mo Church of England ka kgang ya baruti ba basodoma.
“Basodoma ba amogelesega mo kerekeng eno,” ga bua jalo moruti yo o thapang baruti ba kereke. Go ya ka pono ya gagwe, mosodoma yo o ‘ikanyegang a bile a na le boikarabelo’ mo kamanong ya gagwe le monna yo mongwe o tshwanela go ka tlhomamisiwa.
“Baruti ba ba dirang bosodoma ba a leofa mme ba tshwanetse go tlogela tiro” seo ke se se dumelwang ke moruti mongwe wa kereke se se ganetsanang le se se fa godimo. O ne a dumela gore baruti ba tswanetse go baya sekao mo boitsholong jotlhe jwa bone.—The Sunday Times, ya Lontone, November 8, 1987.
Ga go belaetse gore mongwe le mongwe wa banna bano o ne a tlhatswegile pelo gore kgopolo ya gagwe a siame. Mme a kgopolo ya botho a tshwanetse go nna yone e e laolang mo dikgannyeng tse di botlhokwa? O ka nna wa re ee, o dumela gore “mongwe le mongwe o na le kgopolo ya gagwe.”
Lefa go le jalo, akanyetsa dikakgelo tse pedi tseno tse di tlhotlheleditsweng tse di leng mo Bibeleng: “Me yalo a re latelen dilo tse di dihanan le kagisho, le dild tse re ka agOelanan ka cona.” “Me yana, ba ga echo, kea to rapela, . . . gore to nne puo fiwe hela lotlhe, le gore go se nne dikgaogan6 mo go Iona; me to ko to itekanele mmogo, le mo mogopolon o le monwe hela.”—Baroma 14:19; 1 Bakorintha 1:10.
Jalo, go tweng fa wena, jaaka Mokeresete, o ne o fitlhela go se motlhofo go dumalana le phuthego ya Bokeresete mo kgannyeng nngwe e e botlhokwa? O ne o ka dirisana le seo jang gore kagiso e e tlhokegang le kutlwano di sale di ntse di le gone mo phuthegong?—Mathaio 5:9; 1 Petere 3:11.
A o ko o akanye ka seemo se se ileng sa nna gone mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Bokeresete fa bangwe ba ne ba tsaya gore kgopolo ya bone ke yone ya botlhokwa. Bona gore seno kgabagare se ne sa gogela kae mme o ipotse jaana: ‘Ke ne ke ka bo ke dirile eng fa ke ne ke le teng koo?’
Dipotso Kaga go Rupa
Baditshaba ba ba sa rupang ba ne ba amogelwa lantlha mo phuthegong ya Bokeresete ka 36 C.E. Lemororo Modimo o ne o thapiseditse moaposetoloi Petere tiragalo eno e e gakgamatsang, Petere le ba bangwe ba a neng a na nabo ba ne ba gakgamala fa ba bona moya o o boitshepo o tshololelwa mo bathong ba ba sa rupang. (Ditihō 10:1-16, 34-48) Bakeresete ba bangwe ba bantsi ba Bajuda ba ne ba fitlhela go se motlhofo go amogela seno. Totatota, Bakeresete bangwe ba Bajuda, ebong “ba bogwera,” ba ne ba tshwaya Petere phoso ka go tsalana le batho ba ba sa rupang.—Ditihō 11:2, 3.
Ke ka ntlhayang fa batho ba ba tshwayang diphoso bano ba ne ba tshwenyegile? Ka go bo go rupa a ne e ntse a le letshwao la gore motho o na le kamano e e kgethegileng le Modimo, mo e ka nnang ka dingwaga tse 2 000. Fa Jehofa Modimo a ne a laela Aberahame go rupisa banna botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe, O ne a bua jaana: “E tla bo a le seshupd sa kgdlagano ha gare ga me le lona . . . e e sa khutlen.” (Genesise 17:10-13) Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, go rupa go ne go santse go le botlhokwa thata mo Bajudeng. Ba le bantsi ba bone ba ne ba akanya gore fa o sa rupa o ne o sa itsheka. (Isaia 52:1) Ba ne ba dumela gore batho ba Modimo ba ba boitshepo ga ba a tshwanela go dirisana le Baditshaba ba ba seng phepa, ba ba sa rupang.
Bangwe ba “ba bogwera” bano ba ne ba ikopanya le moaposetoloi Paulo kwa Siria wa Antioka ka 49 C.E. Kwa bokhutlong jwa loeto lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, o ne a bolelela phuthego eo ka moo Modimo “o phunyeditsen Badichaba [ba ba sa rupang] kgoro ea tumelo ka gbna.” Go ne go lebega go phepafetse mo go ene gore go ne go sa tlhokege gore batho bano ba merafe e sele ba rupisiwe. Lefa go ntse jalo, banna bangwe go tswa kwa Judea, ba ne ba na le kgopolo e e farologaneng. “Ha to sa rupa kaha mokgwefi oa ga Moshe,” ba gatelela jalo, “ga to kake loa bolokwa.” Ba ne ba dumela gore go rupisiwa go ne go tshwanela poloko le gore Baditshaba botlhe ba ba sokologelang mo Bokereseteng ba ne ba tshwanetse go rupisiwa.—Ditihō 14:26-15:1.
Botlhe ba ne ba bua maikutlo a bone a a nonofileng. Ga go belaetse gore ba ne ba ka nna ba loga maano a go tatalalela go tshegetsa kgopolo ya bone. Kagiso le kutlwano ya phuthego a ne a ka bolokiwa jang? Morago ga gore go buiwe thata ka kgang eno, phuthego ya kwa Antioka a ne ya “laola gore Paulo 1e Barenabase, le ba banwe ba brine, ba tlhatlogele kwa Yerusalema kwa baaposetoloin le kwa bagolwanefi kaga kgan e.” (Ditihō 15:2) Go ne go sena kakantsho ya gore mo kgannyeng e e bokete eno, mongwe le mongwe o ne a ka ntsha kgopolo ya gagwe. Bakeresete bao ba ne ba ikokobetsa ba bile ba ikanyega mo thulaganyong ya bolegodimo mo ba neng ba batla tshwetso ya bolaodi ya setlhopha se se neng se ba ruta.—1 Bakorintha 14:33, 40; Yakobe 3:17, 18; 1 Petere 5:5, 6.
Tshwetso e e Neng ya Dirwa
Baaposetoloi le bagolwane mo Jerusalema (bao ka phepafalo ba neng ba lejwa jaaka setlhopha se se laolang sa phuthego eo ya pele ya Bokeresete) ba ne ba sekaseka Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ka moya ka kelotlhoko mme ba tlhatlhoba ka moo moya o o boitshepo o ileng wa ba kaela dilo ka gone mo dingwageng tse 13 tse di fetileng. Tshwetso ya bone a ne ya nna efe? Go ne go sa tlhokege gore Baditshaba ba ba sokologileng bao ba ka rupisiwa gore ba tle ba bolokiwe. (Ditihō 15:6-29) Seno a ne a le kaelo e e tlhamaletseng eo e neng a tla dirisiwa mo boemong jwa kgopolo ya botho.
Diphuthego tse di neng di reetsa kaelo eno di ne tsa “kgothala mo tumelon, me tsa ntsihala mo palofi ka malatsi aotlhe.” (Ditihō 16:4, 5) Lefa go ntse jalo, batho bangwe, ga ba a ka ba amogela tshwetso ya setlhopha se se laolang. Ba ne ba santse ba tlhatswegile pelo gore kgopolo ya bone e siame le gore ba ne ba tshwanetse go dira tumalanong le Molao wa ga Moshe go re ba bolokwe. O ne o ka bo o dirile eng? Ba ne ba fetoga tlhotlheletso e e kotsi, e e neng e kgaoganya Bakeresete. A o ko o lebe kgakololo e e neng ya fiwa ke moaposetoloi Paulo mo dingwageng tse 15 tse di latelang fa a ne a leka go sireletsa Bakeresete ba ba ikanyegang mo go tlhotlhelediweng ke batho bao ka botlhogoethata ba neng ba laolwa ke dikgopolo tsa bone.
Galatia, hwa Asia Minor, c. 50-52 C.E. Kgololesego eo Bakeresete ba neng ba a bone ka setlhabelo sa ga Jesu Keresete a ne a tshosediwa. Go boifa go bogisiwa ke baba ba Bajuda go ne ga dira Bakeresete ba bangwe go batla gore Bakeresetekabone ba dire tumalanong le melawana a mengwe ya Molao wa ga Moshe. (Bagalatia 6:12, 13) Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola barutwa bao gore go dirisa ditlwaelo tse di ntseng jalo tsa Sejuda jaaka go rupa a ne e tla bo a le go “ikgweleanya ka yokwe ea botlhanka.” Ereka e ne a le baleofi, go ne go se ope wa bone yo a neng a ka tshegetsa Molao ka botlalo, jalo ba ne ba tla atlholwa ke Molao, fela jaaka Bajuda. E ne a le setlhabelo sa ga Jesu fela seo se neng se ka ba phepafatsa mme sa ba boloka. “Ha to rupa, [ka jalo le tshwanelwa ke go tshegetsa Molao otlhe],” ga bua jalo Paulo, “Keresete ga a ketla a diha le thuso epe mo go Iona.”—Bagalatia 5:1-4; Ditihō 15:8-11.
Korintha, kwa Gerika, c. 55 C.E. Go gogagogana ka go rupa go ne go kgaoganya phuthego. Paulo o ne a itse gore go rupa ka bogone a ne a se boleo. Go ne go kile ga nna karolo ya Molao o o itekanetseng wa Modimo. (Pesalema 19:7; Baroma 7:12) Paulo ka boene o ne a bile a baakanyetsa gore molekane wa gagwe yo mmotlana Timotheo (yoo mmaagwe a neng a le Mojuda) a rupisiwe. Paulo o ne a dira jalo, eseng ka gore go ne go patelesega, mme o ne a sa batle gore Bajuda ba kgopisege mo mafokong a a molemo ka ntlha ya gone moo. (Ditihō 16:3) O ne a kgothatsa Bakeresete go ithiba gore ba seka ba tsiediwa ke ditatalalo tseo tse di kgaoganyang. À mongwe o biditswe a rupile?’ a botsa. À a seka a eletsa bokgola. A mongwe o biditswe a sa rupa a a seka a rupa [a akanya gore seno se botlhokwa go bona poloko].’ Sa botlhokwa a ne a le go obamela melao ya Modimo e e phepafetseng, go kopanyeletsa le eo a neng a tla ka phuthego ya Bokeresete.—1 Bakorintha 7:18-20; Bahebera 13:17.
Filipi, kwa Geriha, c. 60-61 C.E. Bao ba neng ba santse ba tsaya gore Bakeresete ba ne ba santse ba laolwa ke molao wa Sejuda ba ne ba tswelela go itlhokomolosa bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Jehofa o ne a segofatsa phuthego ya Bokeresete, eo jaanong e neng a kopanyeletsa batho ba bantsi ba ba neng ba dumela mme ba sa rupa. Bao ba neng ba buelela go rupa ba ne ba gobatsa ba bangwe mo semoyeng ka go gatelela dikgopolo tsa bone tsa botho tse di kgaoganyang mo go bone. Ka jalo, moaposetoloi Paulo jaanong o ne a bua ka lentswe le le nonofileng jaana: “Lo itise mo dincefi [bao ba neng ba lejwa ke Bajuda jaaka ba ba seng phepa kafa tlwaelong], to itise mo badihin ba boshula, to itise mo go ba ba rupisafi.”—Bafilipi 3:2.
Kwa Kereta, c. 61-64 C.E. Moaposetoloi Paulo o ne a tlogetse Tito go sala a okametse tiro ya Bokeresete mo Kereta. Ka mo go kgatlhisang, Tito yo a neng a se Mojuda o ne a sa patelediwa go rupisiwa. (Bagalatia 2:3) Jaanong Paulo o ne a laela Tito gore a gagamale fa a dirisana le baba ba boammaaruri, eleng seo batho bao ba neng ba batla gore batho ba rupisiwe ba neng ba nna sone. Ba ne ba tshwanetse go kobiwa le eleng mo phuthegong fa ba ne ba tswelela go anamisa dikgopolo tseo tsa bone tsa botho. O ne a bua ka “ba ba ganafi taolo, a le babui ba ba ithamakafi hela, le batsietsi, me bogolo bone ba bogwera,” mme o tswelela jaana: “Ba melomo ea bone a chwanetsefi go thiywa; e le batho ba ba ribigetsan ba matlo ba le mmdgo, ba ruta batho dilo tse di sa chwanelafi.”—Tito 1:10, 11; 3:10, 11; 1 Timotheo 1:3, 7.
A diphelelo tse di utlwisang botlhoko ruri! Banna bano ba ne ba ikgodisitse thata ka dikgopolo tsa bone mo a leng gore ba ne ba gana go kaelwa ke phuthego ya Bokeresete, ba nyenyafatsa tumelo ya ba bangwe, mme ba senya kamano e e molemo ya bone le Modimo.—Bapisa Dipalo 16:1-3, 12-14, 31-35.
O ne o tla Dira eng?
A re ka tila go dira phoso e e tshwanang gompieno? Ee, fa re tlhomamisa lantlha gore kgopolo ya rona ga a thulane le dithuto tse di phepafetseng tsa Bibela. Ka sekai, Bibela e bua jaana ka kgang ya bosodoma: “Go le baakahadi . . . go le basodoma . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Fa kaelo ya Dikwalo a lebega a amogela dikgopolo tse di farologaneng, re tshwanetse go bontsha boikutlo jwa boikokobetso joo bo ileng jwa bontshiwa ke Bakeresete ba pele mme re amogele ditshwetso le dikaelo go tswa mo phuthegong ya Modimo. Kwa bokhutlong, le eleng mo dikgannyeng tseo Dikwalo di sa bontsheng gore kgang a phoso kana nnyaa mme a tlogelelwa tshwetso ya botho, re tshwanetse go batla go nna le kagiso le ba bangwe, ka jalo re ikemisetsa go ineela gangwe le gape.
A o ikemiseditse go bontsha moya o o ntseng jalo? Fa go le jalo, o bontsha kakanyo e e lekalekaneng, o lemoga gore kagiso le kutlwano di botlhokwa go gaisa kgopolo ya gago ya botho.