Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Fa Morwa yo o Timetseng a Bonwa
FA MORWA yo o timetseng, kana wa sesenyi, wa setshwantsho sa ga Jesu a boela kwa ntlong ya ga rraagwe, o amogelwa jang? Reetsa jaaka Jesu a anela:
“Me ea re a sa nntse a le kgakala, rragwe a mmona, me a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ea a wela mo thamun ea gagwe, a mo atla.” Abo a ne a le rre yo o kutlwelobotihoko, yo o lorato, yo o tshwantshetsang Rraarona wa selegodimo, Jehofa sentle jang ne!
Rre yoo o tshwanetse a bo a ne a utlwile ka botshelo jwa bosutlha jwa morwa wa gagwe. Lefa go le jalo, o mo amogela mo gae kwantle ga go mo letela gore a mo tlhalosetse pele. Jesu le ene o na le moya o o ntseng jalo wa go amogela, o ne a nna ene yo o neng a atamela baleofi le bakgethisi, bao ba emelwang ke morwa wa sesenyi mo setshwantshong.
Ka boammaaruri, ga go belaetse gore rre yo o akanyetsang yono wa setshwantsho sa ga Jesu o lemoga gore morwawe o ikwatlhaile ka go tlhokomela sefatlhego se se tlhokofetseng, le se se hutsafetseng sa gagwe fa a boa. Mme kgato e e lorato eo rraagwe a e tsayang ka boene a tlhofofaletsa morwa yono go ipolela dibe tsa gagwe, jaaka Jesu a anela jaana: “Me morwawe a mo raea, a re, Rra, ke leohetse legodimo, le ha pele ga gago, me ga ke tlhole ke chwanela go bidiwa morwao.”
Lefa go le jalo, morwa yoo ga a ise a fetse go bua mafoko ao fa rraagwe a nanoga, a raya batlhanka ba gagwe a re: “Ntshan seaparo se sentlentle ka bonako, to se mo apese; to mo rwese mohitsana mo lecogon, le ditlhako mo dinaon: Me leren namane e e nonnen, to a tlhabe; me a re yen, re dihe mokete o mogolo; Gonne eo morwaake o na a shule, me o bile o tshedile; o na a latlhegile, me o bonywe. Me ba simolola go diha mokete.”
Ka yone nako eo, “morwawe eo mogolo a bo a le kwa nagen.” A o ko o lebelele go bona gore o ka lemoga gore o emela mang ka go reetsa kgang eno yotlhe. Jesu o bua jaana ka morwa yo mogolo: “Ea re a tla a atamela ntlo, a utiwa kopelo le pino. Me a bitsa monwe oa batlhanka, a mmotsa, a re, Ke en se se dihwan yana? Me a mo raea, a re, Monnao o tsile; mme rrago o tlhabile namane e e nonnen, ka go bo a mmonye a itekanetse hela. Me a nna bogale, a gana go tsena:
“Me rragwe a cwela kwa go ena, a mo rapela. Me a hetola rragwe, a re, Bona, ke gu dihetse ka dinyaga tse dintsi tse, le gona ga ke a se nke ke tlole taolo ea gago gope: leha go nntse yalo, ga u e se a ko u nnee leha a le potsane, gore ke dihe mokete le ditsala tsa me. Me morwao eo, eo o shupuditsen dilo tsa gago le baakahadi, o rile a sa nntse a tla hela, ua mo tlhabisa namane e e nonnen.”
Ke bomang, go tshwana le morwa yo mogolo, yo o ileng a ngongoregela go utlwelwa botlhoko le go tlhokomelwa ga baleofi? A ga se bakwadi le Bafarasai? Ereka Jesu a buile setshwantsho seno ka ntlha ya go bo ba ne ba mo nyaletsa molato wa gore o amogela baleofi, go phepafetse gore ke bone ba ba emeIwang ke morwa yo mogolo.
Jesu o wetsa kgang ya gagwe ka kopo eno ya ga rre go morwa wa gagwe yo mogolo: “Morwaaka, ke na nau ka metlha eotlhe, le cotihe tse a len tsa me ke tsa gago. E ne a le chwanelo ha re ka diha mokete, ra ba ra itumela; ka gonne eo monnao o na a shule, me o bile o tshedile; o na a latlhegile, me o bonywe.”
Jesu jaanong o tlogela a sa fetsa gore morwa yo mogolo o ne a dira jang kwa bofelong. Eleruri, moragonyana, fa morago ga loso Iwa ga Jesu le tsogo ya gagwe, “leshomo ye legolo ya baperisiti ya inela mo tumelon,” go lebega le ne le akareletsa bangwe ba setlhopha sa “morwa eo mogolo” yoo Jesu a buang ka ene fano.
Mme barwa ba babedi bano ba emela bomang mo motlheng wa segompieno? E tshwanetse ya bo ale bao ba ileng ba tla go itse mo go lekaneng ka boikaelelo jwa Modimo mo ba ileng ba nna le motheo wa go nna le kamano le ene. Morwa yo mogolo o emela bangwe ba maloko a “lecomanyane,” kana ‘phuthego ya batsalwa pele ba ba kwadilweng kwa legodimong.’ Batho ba ne ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa morwa yoo yo mogolo. Ba ne ba sa eletse go amogela ba setlhopha sa selefatshe, eleng “dinku di sele,” bao ba neng ba ikutlwa gore ba ne ba tlosa tlhokomelo go tswa mo go bone.
Kafa letlhakoreng le lengwe, morwa wa sesenyi, o emela batho ba Modimo bao ba yang go ipelela dikgatlhego tseo lefatshe le di nayang. Lefa go ntse jalo, fa nako a ntse a tsamaya, bano ba a ikwatIhaya le go boela gape a nna batlhanka ba Modimo. Eleruri, abo Rara a le lorato le boutlwelobotlhoko jang ne go bao ba lemogang gore ba tlhoka go itshwarelwa le go boela kwa go ene! Luke 15:20-32; Ditihō 6:7; Luke 12:32; Bahebera 12:23; Yohane 10:16.
◆ Jesu o tshwantsha sekao sa rre yo o lorato fang mo setshwantshong sa gagwe?
◆ Morwa yo mogolo o leba kamogelo ya morwarraagwe jang, mme Bafarasai ba itshwara jang jaaka morwa yoo yo mogolo yoo?
◆ Setshwantsho sa ga Jesu se na le tiragatso efe gompieno?