LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 1/1 ts. 29-30
  • Ke ka Ntlhayang fa re Tshwanetse go Boifa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlhayang fa re Tshwanetse go Boifa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boifa Modimo ga ga Jesu
  • Go Boifa Modimo le go Boifa Motho
  • Dira Gore Pelo ya Gago e Boife Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Re Tshwanetse go Boifa Modimo, Eseng Batho?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Go Ithuta go Itumelela go Boifa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Boifa Modimo—A Go Ka go Solegela Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 1/1 ts. 29-30

Ke ka Ntlhayang fa re Tshwanetse go Boifa Modimo?

“Boihan Modimo, lo o nee kgalalelo; gonne nako ea katlholo ea ona e tsile.” (Tshenolō 14:7) Mafoko ano a a tlhotlheletsang maikutlo a ne a utlwiwa lantlha ke moaposetoloi yo o godileng Johane mo ponatshegelong. A ne a buiwa ke moengele yo o neng a fofa fa gare ga legodimo, a lebisitswe segolo bogolo go batho ba ba tshelang mo metlheng eno ya bofelo, eleng paka e e simololang “letsatsi ya Morena.”—Tshenolō 1:10.

Lefa go le jalo abo mafoko ano a ka lebega a sa tshwanela jang ne mo go ba bangwe! Ba le bantsi ebile ba belaela le eleng go nna gone ga Modimo, re sa bue sepe ka go mmoifa. Ba le mmalwa bao ba reng ke Bakeresete, kgopolo ya go boifa Modimo e lebega e siilwe ke nako. Ba dumela gore Modimo o lorato. Mme go mmoifa go lebega go tshwanela nako ya Metlha ya Bogare. A eno ke tsela eo o lebang kgang eno ka yone?

Go Boifa Modimo ga ga Jesu

Fa go ntse jalo, a o ko o akanyetse seo se kaiwang ke go nna Mokeresete. Go ya ka Bibela, go nna Mokeresete go kopanyeletsa go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu Keresete. (1 Petere 2:21) Jaanong, lefa go sena pelaelo ya gore Jesu o ne a rata Modimo, Bibela e bontsha ka papamalo fela gore o ne a mmoifa. Isaia, fa a ne a bolelela pele kaga Jesu, o ne a bolela gore o ne a tla nna le “moea oa kico le oa go boiha Yehofa.” (Isaia 11:2) Lefa go le jalo, ka mo go kgatlhisang, go boifa gono e ne e se mokgweleo mo go Jesu. Ga re a tshwanela go go akanya jaaka tsela eo ngwana a ka tshabang rraagwe yo o setlhogo kana morafe o bogisiwa ke kgosi e e gatelelang. Ebile tota, Isaia o ne a bolelela pele gape kaga Jesu jaana: “Go thama ga gagwe go tla nna mo go boihen Yehofa.” (Isaia 11:3) O ka ipelela jang go tshaba motho mongwe?

Ntlha ke gore, mo Bibeleng lefoko go “boiha” le na le bokao jo bo farologaneng bo le mmalwa. Go na le go boifa ga mmatota kana go tshoga goo re go itemogelang fa mongwe a batla go re gobatsa. Ka gone, masole a Iseraele a ne a ‘boifa Goliathe fela thata.’ (1 Samuele 17:23, 24) Go tswa foo go na le go boifa sengwe se se gakgamatsang kana se se sa lebelelwang kana se se sa itseweng, jaaka Sakaria a ne a ikutlwa fa a ne a kopana le moengele wa ga Jehofa mo tempeleng. (Luke 1:11, 12) Lefa go ntse jalo, poifo eo Jesu a neng a boifa Rraagwe ka yone e ne e sa tshwane le epe ya tseno.

Go na le moo, mafoko a ntlhantlha a Sehebera le Segerika a a dirisitsweng mo Bibeleng a a rayang “go boiha” gantsi a raya go tlotla thata le go sisimoga Modimo. Eo e ne e le poifomodimo eo Jesu a neng a na le yone le eo moengele a neng a kgothaletsa mongwe le mongwe go e tlhagolela gompieno. Go tlotla mono ka tshisimogo, kana go boifa, go mela metswe mo dipelong tsa rona fa re ntse re tlhatlhanya ka thata ya ga Jehofa le maatla mme re di bapisa le go sa nneng batho ba sepe ga rona. Fa re ntse re akanya ka ditiro tsa gagwe tse dikgolo go a gola, mme go godisiwa gape ke fa ka thapelo re gakologelwa ntlha ya gore ke ene Moatlhodi yo Mogolo, yoo o nang le maatla a go naya botshelo le a go atlhola ka loso lwa bosakhutleng.

Poifo e e ntseng jalo e a tlhokega ka go bo e re thusa gore re seka ra dira phoso le gore re seka ra tsaya Modimo motlhofo fela, jaaka go ka tualo. E re thusa go se nne le maikutlo a a tshwanang le ano: ‘Modimo o tla intshwarela. O itse fa ke le bokoa,’ fa re lebane le thaelo mme re ka nna ra ineela go na le gore re lwe. Jaaka Diane 8:13 e re bolelela: “Go boiha Yehofa ke go ila boshula.” Mme Diane 16:6 e oketsa jaana: “Batho ba kgaogana le boshula ka go boiha Yehofa.” Adame le Efa ba ne ba palelwa ke go bontsha poifo eno e e tshwanetseng, e e itekanetseng mo go Jehofa fa ba ne ba tlhoka kutlo. Ga felela jang? Ba ne ba nna le mofuta o mongwe wa poifo, e leng o o sa siamang mme ba mo iphitlhela. Adame o ne a re: “Ke utlwile mokgwasa oa gago mo tshimong, me ka boiha.”—Genesise 3:10.

Go farologana le Adame le Efa, Jobe e ne e le monna yo o neng a nna a ikanyegile mo go Jehofa lefa a ne a lebagane le teko e e botlhoko fela thata. Ka ntlhayang? Jehofa ka boene o ne a re Jobe e ne e le ‘monna yo o mmoifang mme ka jalo a se kitla a dira bosula.’ (Yobe 1:8; 2:3) Re tshwanetse go tlhomamisega gore Jehofa a ka bua selo se se tshwanang ka rona gompieno! Go boifa Modimo ke selo se se tshwanetseng, mme e tshwanetse ya nna sengwe sa dilo tseo re akanyang ka tsone.

Go Boifa Modimo le go Boifa Motho

Go boifa Modimo ke boikutlo jwa tlholego fela joo bo re nayang mofuta wa tshireletsego e e tshwanang le eo rre yo o tlhotlheletsang go tlotlwa ka botlalo a e nayang bana ba gagwe. Poifo e e ntseng jalo e re thusa go fenya go boifa motho go go sa itumediseng, a le mo go sa tshwanelang, goo go ka re fenyang. (Diane 29:25) Motho mongwe yo o ileng a seka a ithuta thuto eno e ne e le Uria, morwa Shemaia, yo a neng a rera le Jeremia mo Jerusalema pele ga 607 B.C.E. Go farologana le Jeremia, Uria o ne a letlelela gore go boifa kgosi go mo fenye. O ne a tlogela go rera mme a tshabela tiro e a e neetsweng. Kgabagare, kgosi e ne ya mo tshwara mme ya mmolaya. (Jeremia 26:20-23) Uria o ka bo a ile a tila phelelo e e botlhoko eo jang? Ka go tlhagolela poifo mo go Jehofa eo a neng a nonofile go gaisa go boifa ga gagwe motho.

Morago ga go tsosiwa ga gagwe le go tlhatlogela kwa legodimong, Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe jaana: ‘Lo seka lwa boifa dilo tse lo tlogang lo boga botlhoko jwa tsone.’ (Tshenolō 2:10) Ditiragalo di bontsha botlhokwa jwa kgakololo eno, ereka Bakeresete—go tswa dipatlelong tsa Roma go ya kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Nazi—ba ile ba lebagana le maemo a a boifisang. Ba ne ba kgona go fenya jang poifo eo baba ba bone ba neng ba leka go e tsenya mo go bone? Ka go dirisa mafoko ano a ga Jesu: “Se boihen ba ba bolaean mmele, me kwa morago ba sa tlhole ba na le se ba ka se dihan. Me ke tla lo tlhagisa kaga eo lo tla mmoihan: ka re, Boihan ena eo a tla ren a sena go bolaea, a bile a na le thata go latlhela mo moletin.”—Luke 12:4, 5.

Mo go Pesalema 19:9 re rutiwa go re: “Poiho ea ga Yehofa e ntle, e nntse ka bosakhutlen: dikatlholo tsa ga Yehofa di boamarure, di siame hela gotlhe.” Jalo ga go sepe se se sa siamang ka go boifa Modimo. Go itshekile ebile go a sireletsa mme go dira gore motlhanka wa Modimo a nonofe go feta baba ba gagwe. Jaaka Jesu, Mokeresete o bona kgotsofalo mo go boifeng jalo ka tsela e e tshwanang le fa a ipelela masego a mangwe otlhe a a tswang kwa go Jehofa.—Isaia 11:3.

Ka gone, eleruri go a tshwanela gore moengele a kgothaletse batho botlhe gompieno go boifa Modimo. Kwantle ga poifomodimo e e tshwanetseng, re ka nna ra ineela mo ditlhotlheletsong tse di sa siamang kana re ineela mo go boifeng motho. Fa re tlhagolela mofuta o o siameng wa poifo, re tla thusiwa gore re dire ka botlhale. “Go boifa Yehofa ke tshimologo ea botlhale.” (Diane 9:10; Pesalema 111:10) Ka boammaaruri, re tshwanetse go rata Modimo ka dipelo tsa rona tsotlhe, ka moya wa rona otlhe, ka tlhaloganyo yotlhe ya rona, le ka nonofo yotlhe ya rona. (Mareko 12:30) Ebile re tshwanetse gore gape re mo sisimoge, re mo tlotle, kana, go ya ka mafoko ano a moengele, “boihan Modimo, lo o nee kgalalelo, gonne nako ea katlholo ea ona e tsile.”—Tshenolō 14:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Fa Uria a ne a boifa Jehofa go tswa pelong, go boifa motho go ka bo go se kile ga mo fenya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela