LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 11/1 ts. 15-20
  • A Legae la Gago ke Lefelo la Boiketlo le Kagiso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Legae la Gago ke Lefelo la Boiketlo le Kagiso?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhopha Molekane yo o Tshwanetseng
  • Kgakololo eo e Rotloetsang Kagiso mo Lelapeng
  • Le ka Motlha “Lo Seka Loa Naea Diabolo Sebaka”
  • Seabe sa Bana mo Kagisanong ya Lelapa
  • Bolokang Legae la Boiketlo le Kagiso
  • O se Ka wa Kgaoganya se Modimo a se Kopantseng Mmogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A Ruri o Anaanela Mpho ya Modimo ya Lenyalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 11/1 ts. 15-20

A Legae la Gago ke Lefelo la Boiketlo le Kagiso?

“A Yehofa a lo neè gare lo bōnè boikhucō, moñwe le moñwe oa lona mo tluñ ea monna oa gagwè.”—RUTHE 1:9.

1. Dingwaga tse di ka nnang 3 000 tse di fetileng, ke basadi bafe ba bararo bao ba neng ba tsaya loeto lwa go ya kwa Juda?

DINGWAGA di ka nna 3 000 tse di fetileng, basadi bangwe ba le bararo ba ne ba simolola loeto lo lo diphatsa. Lo ne lo tla ba isa mo dikgaolong tseo ka kakaretso di neng di tletse magodu le banna ba ba dirukutlhi. Basadi bao ba ne ba kgabaganya lefatshe la Moaba le le kotsi. Yo mogolo mo go bone e ne e le motlholagadi Naomi, yo o neng a ikaeletse go fitlha kwa Bethelehema kwa legaeng la gagwe le le rategang ebong Juda. O ne a patilwe ke batlholagadi ba babedi ba babotlana, ebong Orepa le Ruthe, bao e ne e le basadi ba Moaba bao e neng e le basadi ba barwa ba ga Naomi bao ba neng ba tlhokafetse ebong Kilione le Mahelone. Reetsa!

2. Naomi o ne a eleletsa Orepa le Ruthe eng?

2 “Tsamaeañ,” ga rialo Naomi, “a moñwe le moñwe oa lona a boèlè kwa ga mmagwè: a Yehofa a lo dihèlè ka pelonomi, yaka lona lo dihetse bashwi, le nna.” Naomi o ne a boa a ba eleletsa eng? “A Yehofa a lo neè gore lo bōnè boikhucō, moñwe le moñwe oa lona mo tluñ ea monna oa gagwè.” (Ruthe 1:8, 9) Ee, Naomi o ne a kgothaletsa dingwetsi tsa gagwe go boela kwa bathong ba ga bone, a solofela gore Modimo o ne o tla naya mongwe le mongwe wa basadi ba babotlana bao boiketlo le kgomotso gareng ga bone seo se neng se tla leriwe ke go nna le monna yo o molemo le legae.

3. Ruthe o ne a tsaya boemo bofe, mme ka phelelo efe ya bofelo?

3 Orepa o ne a tsamaya, mme Ruthe yo o ikanyegang o ne a seka a dira jalo. Ereka a ne a gana go tlogela matsalaagwe, Ruthe o ne a fetsa ka go re: “Batho ba ga eno e tla nna batho ba ga echo, le Modimo oa gago e tla nna Modimo oa me. ” Phelelo ya bofelo e ne ya nna efe? Ee, Ruthe o ne a bona legae la boiketlo le kagiso ka Boase mme o ne a newa “tuèlō e e tletseñ”! O ne a nna mogologolwane wa ga Kgosi Dafide le wa Morena yo o sa lekaneng le ope, ebong Jesu Keresete.—Ruthe 1:16; 2:12; 4:13-22; Pesalema 110:1; Mathaio 1:1-6.

4. Go tsosiwa potso efe e e gwetlhang maikutlo?

4 Naomi o ne a eletsa gore Jehofa a neye mongwe le mongwe wa dingwetsi tsa gagwe mpho ya lenyalo le le bolokesegileng le legae la boiketlo le kagiso. Eleruri, Modimo o batla gore botshelo jwa legae la batlhanka ba gagwe e nne jo bo ritibetseng. Fa o le Mosupi wa ga Jehofa, he, a legae la gago ke lefelo la boiketlo le kagiso?

Go Tlhopha Molekane yo o Tshwanetseng

5. Fa o le Mokeresete yo o sa nyalang yo o akanyetsang go nyala, kgato ya ntlha ya botshelo jwa legae jo bo ritibetseng ke efe?

5 Fa o le Mokeresete yo o sa nyalang yo o akanyetsang go nyala, kwantle ga pelaelo o solofetse botshelo jo bo ritibetseng jwa legae. Kgato ya ntlha mo ntlheng eo e tlhalosiwa ka phepafalo ke moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwala jaana: “Mosadi eo o nyecweñ o golegilwe ka lobaka lo monna oa gagwè o sa tshedileñ ka lōna; me ha monna a shule, o golocwe, o ka nyalwa ke eo o mo ratañ: me e be e le mo Moreneñ hèla.”—1 Bakorintha 7:39.

6. (a) Go ‘nyala mo Moreneng fela’ go raya eng? (b) Ke dipotso dife tseo di tshwanetseng go akanyediwa ke motho yo o senkang molekane wa lenyalo? (c) Ke ka ntlhayang fa motho a tshwanetse go tlhopha molekane yo o kolobeditsweng ka thapelo?

6 Go ‘nyala mo Moreneng fela’ go raya go nyalana le modumedi ka wena fela. Mme Mokeresete ga a tshwanela go potlakela lenyalo, le eleng le motho yo o ineetseng mo go Jehofa. A motho yoo eleruri o ‘batla tshiamo le kgobalalo’? (Sefania 2:3) A o direla Modimo ka pelo yotlhe? A motho yoo o bua go tswa pelong e e tletseng mafoko a lorato le go baka Jehofa? A bodihedi jwa tshimo ke karolo ya ka metlha le e kgolo ya botshelo jwa motho yoo? A o na le ditshwanelego tse di tlhokegang tsa bodihedi le tsa lenyalo la Bokeresete? Ee, le eleng molekane yo o kolobeditsweng o tshwanetse go kgethiwa ka botlhale, le thapelo. Kafa go ka kgonegang ka teng, tlhomamisa gore modumedi yoo o na le dinonofo tse di molemo tsa semoya. Bokopano jwa go nna jalo bo thibela kgatelelo e e tshwenyanang le kagiso le khutsafalo ya pelo eo gantsi e nnang teng mo magaeng ao a kgaoganeng ka bodumedi.

7. Go bona boitumelo jo bogolo mo lenyalong, go tlhokega eng?

7 Ditlhokafalo tsa maikutlo di ka kgotsofadiwa le dilo tsa semoya di ka abalanwa mo lenyalong la Bakeresete ba babedi bao ba ineetseng. Seno se felela ka sebofo se se kitlaneng go di feta tsotlhe tseo di ka kgonegang tsa batho. Eleruri banna le basadi ba Bakeresete ba eletsa go nna le sebofo se se kitlaneng le balekane ba bone ba lenyalo. Batho ba bopilwe ka keletso ya go batla go obamela, mme re ka nna le boitumelo jo bogolo fa re tsaya dikgato tse di tshwanetseng go kgotsofatsa tlhokafalo ya rona ya semoya. (Mathaio 5:3) Fa re lemoga seno, eleruri ga re kitla re batla go sa utlwe Jehofa ka go nyala motho yo o sa dumeleng mme ka gone re ikamoga kutlwano eno ya semoya eo e totisang lenyalo. (Duteronome 7:3, 4) Ee, gore o nne le boitumelo jo bogolo mo lenyalong, tlhomamisa gore Modimo o mo lenyalong la lona. “Mogala o o dikala ditharo,” oo wa tshwantshetso, “ga o ko o kgaoga ka bonakō.” (Moreri 4:12) Eleruri, go nna le Jehofa Modimo mo lenyalong la lona go tla le tiisa ebile go tla thusa go dira gore legae la lona e nne lefelo la boiketlo le kagiso.

Kgakololo eo e Rotloetsang Kagiso mo Lelapeng

8. Fa e le ka Bakeresete ba ba nyetseng, ke kgakololo efe eo segolo-bogolo e tlhokang tlhokomelo?

8 Mo Bakereseteng bao ba setseng ba nyetse, go tlhokega eng gore legae e nne la boiketlo le kagiso? Ee gone go tlhokega dilo tse dintsi, mme seo se lemotshegang ka mo go kgethegileng ke kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baefesia 5:21-33. Ke boammaaruri gore monna kana mosadi a ka nna a dirisa mafoko ao go tlotlomatsa ditlhaelo tsa molekane wa gagwe. Mme a bo go le botoka jang ne go nwetsa mogopolo mo kgakololong eo e fiwang moo e e amang wena le go e dirisa ka bowena!

9. Paulo o ne a fa banna ba Bakeresete kgakololo efe?

9 Fa o le monna wa Mokeresete, go dirisa kgakololo ya ga Paulo ka bowena go tla go thusa go dira lelapa la gago lefelo la boikhutso le kagiso. Moaposetoloi yoo o kgothatsa jaana: “Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna.” Gape Paulo o ne are: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè. Eo o ratañ mosadi oa gagwè oa ithata: Gonne ga go e se go ko go nne motho opè eo o kileñ a ila nama ea gagwè, me oa e otla, a e ñomaele, hèla yaka Keresete le èna o dihèla phuthègō; . . . A moñwe le moñwe oa lona a ratè mosadi oa gagwè hèla yaka a ithata.” Monna o tshwanetse ‘go rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata’—jaaka e ka bo e le ene. Abo go tshwanela jang ne, ereka ‘boobabedi e le nama e le nngwe fela’!—Genesise 2:24.

10. Ponong ya 1 Timotheo 5:8, ke boikarabelo bofe joo monna wa Mokeresete a nang najo?

10 Monna yo o ratang mosadi wa gagwe jaaka a ithata o tla etelela pele mo mererong ya semoya. O sikara boikarabelo jwa seemo se se mo lelapeng la gagwe mme ka tshwanelo ga a kake a letlelela gore dilo di itirelwe fela, jaaka go ne go ka tualo. Nnyaa, o tshwanetse go tlhokomela dikgatlhego tsa senama le tsa semoya tsa balelapa la gagwe botlhe sentle. “Me,” ga bua jalo Paulo, “ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.”—1 Timotheo 5:8.

11. Ke kgakololo efe eo Paulo a e fang basadi ba Bakeresete?

11 Mosadi wa Mokeresete o ka dira mo gogolo go dira gore legae e nne lefelo la boiketlo le la kagiso. Fa e le ka basadi, Paulo o ba fa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Basadi ba lo nyecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona, yaka e ka bo e le mo go Morèna. Gonne monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō, ka e bile e le èna mmoloki oa mmele ka esi. Me yaka phuthègō e ineetse mo go Keresete, a basadi le bōnè ba nnè yalo mo banneñ ba bōnè mo diloñ cotlhe. . . . Mosadi a ipōnè, gore a boihè [“a nne le tlotlo e kgolo go,” NW] monna oa gagwè.” (Baefesia 5:22-24, 33) “Tlotlo e kgolo” eno e thusa gore legae le nne lefelo la boiketlo le kagiso. Eleruri, e farologane thata le boikutlo jwa basadi ba bantsi ba selefatshe bao ba nang le moya wa boitaolo, o o gwetlhang o o kgoreletsang ebile o kgopisa mo legaeng.

12. Banna ba Bakeresete le basadi ba tshwanetse go itshwara jang?

12 Banna le basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go dira tumalanong le ditsela tseo di rotloetsang lorato le tlotlo. Monna o tshwanetse go akanyetsa, go rata, le go nna yo o godileng semoyeng. Mme mosadi o tshwanetse go nna yo o boifang Modimo, yo o nang le tirisanommogo, yo o rategang. Ga go thata go lemoga kafa maikutlo a go nna jalo a ka dirang legae lefelo la boiketlo le kagiso ka gone.

Le ka Motlha “Lo Seka Loa Naea Diabolo Sebaka”

13. Ke kgakololo efe e Paulo a e fang go Baefesia 4:26, 27?

13 Ereka batho ba sa itekanela, go ka nna ga seka ga nna motlhofo go boloka kagiso mo lelapeng. Ka sekai, dikgatelelo tsa ka kwantle di ka nna tsa felela ka kgatelelo eo e ka amogang legae kagiso. Mme go dirisa kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baefesia 4:26, 27 go ka thusa gore magae a rona a nne le thethebalo. Paulo o ne a kwala jaana: “Lo nnè bogale, me lo se ka loa leoha: a letsatsi le se 10 phirimele 10 sa le bogale: Le gōna lo se ka loa naea diabolo sebaka.” Lefa monna kana mosadi a ka nna le lebaka la go galefa ka dipaka dingwe, ga go ope wa bone yo o tshwanetseng go letlelela boemo jono jwa kgalefo go nna boleo ka go tenegela ruri le go tshola yo mongwe ka pelo. Ekete le ka motlha re ka se letle mokgoreletsi wa kagiso, ebong Satane Diabolo, go amoga magae a rona a Bokeresete kagiso!—1 Petere 5:8.

14. Fa bothata bongwe bo tsositse khuduego, go akantshiwa gore go dirwe eng go busetsa kagiso mo lelapeng?

14 Legale, gore go nne le kagiso mo lelapeng, molekane mongwe le mongwe wa lenyalo o tshwanetse go dirisa kgakololo ya Bibela. Fa bothata bongwe bo tsosa khuduego, go rapelela moya wa Modimo go ka felela ka go bontsha loungo lwa one le go busediwa ga kagiso mo lelapeng. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Ee, le eleng tlase ga maemo a a boima fela thata, tsela eno e tla thusa mo go direng legae lefelo la boiketlo le la kagiso.

Seabe sa Bana mo Kagisanong ya Lelapa

15. Ba babotlana ba ka thusa jang mo go rotloetseng kagiso mo lelapeng?

15 Banana, le bone, ba ka thusa mo go rotloetseng kagiso mo lelapeng. Jang? Ka go bontsha moya wa kutlo le wa tirisanommogo. Moya wa go nna jalo o ikaegile thata-thata ka thuto ya Dikwalo eo ba e amogelang le tsela eo motsadi wa Mokeresete a diragatsang boemo jwa gagwe ka boene jaaka morutisi. Karolo ya thapiso eno e e botlhokwa ke go tlhoma sekao se se molemo jaaka batsadi. Jaaka Diane 22:6 e baya dikgang ka tshwanelo jaana: “Godisetsa ñwana ka thutō mo tseleñ e o chwanetseñ go e tsamaea, me o tla re leha a cohetse ga a ketla a kgaogana naeō.” Fa bañ a ba thapisiwa sentle ba bile ba tlhomelwa sekao se se molemo ke batsadi, ga se gantsi ba ka fapogang mo tseleng e e tshwanetseng. Mme, legale, mo gontsi go ikaegile ka boleng le bogolo jwa thapiso, gammogo le ka pelo ya ngwana.

16. Re na le sekao sefe malebana le go thapisiwa ga ngwana mo kgannyeng ya ga Timotheo?

16 Simolola go thapisa bana ba gaga semoyeng fa ba santse ba le bannye thata. Go ne ga dirwa jalo ka Timotheo, ka gonne Paulo o ne a mo laya ka go re: “U nnèlè rure mo diloñ tse u di ithutileñ le tse u di tlhomamisedicweñ, ka u itse ba u di ithutileñ mo go bōnè; Le yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go go tlhalehisetsa polokoñ ka tumèlō e e mo go Keresete Jesu.” (2 Timotheo 3:14, 15) Ee, Timotheo o ne ‘a tlhomamisediwa’ boammaaruri jwa Dikwalo. Lefoko le le dirisitsweng fano ke la Segerika leo le rayang “go kgothadiwa ka nitamo; go tlhomamisediwa” sengwe. (New Thayer’s Greek-English Lexicoñ, tsebe 514) ‘Kgothatso e e nitameng’ eo e ne e tlhoka boiteko jo bogolo mo go mmaagwe Timotheo wa Mokeresete ebong Eunike, le mmaagwemogolo, ebong Loise. Ba ne ba atlega mo go ruteng Timotheo ‘tumelo e e senang boitimokanyo,’ lemororo go lebega fa rraagwe e ne e se modumedi. (2 Timotheo 1:5) A o berekela mo go tlhagoleleng tumelo e e tshwanang mo baneng ba gago?

17. Go na le bosupi bofe jwa gore motho o ka rutwa go tswa bonyaneng?

17 Timotheo o ne a rutwa Dikwalo go tswa bonyaneng. Jalo he, le ka motlha o seka wa nyatsa kgono ya ngwana ya go ithuta. The New York Times e ne ya bega gore go ya ka patlisiso nngwe, “go na le makopanelo a palo e e menaganeng gabedi a disele—eleng mafelo ao dikala tse di tshwanang le ditlhare tsa disele tsa boboko di kopanelang mo go one—mo dikarolong dingwe tsa maboko a bana go feta a bagolo.” Le eleng bana ba babotlana thata ba ka ithuta sengwe kaga se se molemo le se se bosula, selo se se itumedisang kana se se botlhoko. Mo bukeng ya gagwe ya The Braiñ, Richard M. Restak, M.D., a re: “Mo ditsheding tsotlhe, dilo tse di ka gakologelwang di ka bolokiwa mo bobokong go ya kafa di tlhokafalang ka teng mo go boneng phalolo. Phologolo e ‘gakologelwa’ mmolai wa yone sentle mme e sia fela fa e bona mmaba wa yone a atamela. Gape dilo tse di gakologelwang di bolokilwe ka go tlhomagana go ikaegile ka bogolo jwa boitemogelo jwa maikutlo. Jaaka bana, ga re tlhoke go bolelelwa go feta gangwe gore re seka ra baya diatla tsa rona mo setofong se se molelo.” Legale, go santse go tla ithutiwa mo gontsi kafa boboko bo dirang ka gone, mme ngwana o ka ithuta go tswa boitemogelong. Ka motlhala, le eleng fa a santse a le monnye thata, ngwana o ka rutiwa go nna ka tidimalo kwa dipokanong tsa Bokeresete.

18. Mo go Baefesia 6:1-4, Paulo o ne a fa bana le batsadi kgakololo efe?

18 Fa bana bantse ba gola, ba ka amogela thuto ya Dikwalo kgato ka kgato. Gareng ga dilo tse dingwe, ba ka ithuta gore Modimo o lebeletse gore ba utlwe batsadi ba bone. Seno se tlhoka thapiso e e nitameng mme e le e e lorato ya botsadi, ka gonne Paulo o ne a kwala ka go re: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo Moreneñ: gonne mo, go siame. Tlotla rrago le mmago—e e leñ eōna taolō ea ntlha e e nañ le polèlō ea choloheco,—Gore go tlè go nnè molemo mo go wèna, le gore u tshelè ka bolele mo lehatshiñ. Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:1-4) Bana ba ba kutlo ba thusa mo go direng gore legae e nne lefelo la boiketlo le kagiso fela thata.

19. Ke eng seo se ka tiisang sebofo sa motsadi le ngwana?

19 Mme ke eng se se ka tiisang sebofo sa mot sadi le ngwana? Go bala Bibela le dibuka tsa Bokeresete mmogo eleruri go ka thusa mo go direng seno. Dikgatiso tse di tshwanang le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le Go Reetsa Morutisi yo Mogolo di na le mosola segolo-bogolo mo go thuseng ba babotlana. Fa o bala Bibela le ka dinako tse dingwe, gatelela go rata Modimo. Fa 10 ja dijo, bua mafoko ao a bakang Jehofa jaaka Motlamedi yo Mogolo. Fa o le mo loetong le bana ba gago, naya Modimo tlotlo ka dilo tse di gakgamatsang tsa popo—dijalo, dithunya, ditlhare, dithaba, melatswana, matsha, le botshelo jwa diphologolo. Fa o le mo bodiheding jwa tshimo, dirisa dipaka tseno go akgela kaga lorato lwa Modimo. Thusa ngwana wa gago, letsatsi le letsatsi, go godisa lorato lwa gagwe go Jehofa jaaka motho. Legale, go fitlhelela pelo ya ngwana yoo, lorato lwa go nna jalo 10 tshwanetse lwa bo lo le mo pelong ya gago.—Duteronome 6:4-7.

20. Kotlhao e e tshwanetseng e botlhokwa go le kana kang?

20 Le ka motlha o seka wa lebala gore kotlhao e botlhokwa. Fa e dirisiwa ka tshwanelo e bo e amogelwa, ‘e ungwa leungo la kagiso, eleng tshiamo.’ (Bahebera 12:11) Mme bana ba ka botlhale ba ikobelang kotlhao ya bats adi ba lere boipelo le tlotlo mo lelapeng ebile ba tlotlomatsa leina la lone le lentle. (Diane 10:1; 13:1; 23:24, 25) Eleruri, fa batsadi le bana ba diragatsa diabe tsa bone go ya kafa Dikwalong, ba dira gore legae la bone e nne lefelo la boiketlo le kagiso.

Bolokang Legae la Boiketlo le Kagiso

21. Go ya ka Diane 24:3, 4, legae le ka bolokiwa jang e le lefelo la boiketlo le kagiso?

21 Legae le ka bolokiwa jang e le lefelo la boiketlo le la kagiso? Seane sengwe se bolela jaana: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō: Le matlwana a eōna a tla a tladiwe dikhumō tse di tlhōkègañ le tse dintlè, ka kicō.” (Diane 24:3, 4) Ka kitso le tiro ya lelapa le le tlhaga, legae le ka tladiwa ka dilo tse di molemo tsa senama. Mme ntlo e ka agiwa ya ba ya tlhomiwa mo motheong o o nitameng fa fela maloko a yone a bontsha temogo a bile a dirisa botlhale jwa bomodimo, a dirisa kitso ya Dikwalo sentle. Ee, botlhale bo aga lelapa e bile bo kgonisa gore botshelo jwa lone bo atlege jaaka setlhopha.

22. Go dirisa ditao tsa Modimo go tla felela ka eng?

22 Go dirisa ditao tsa Modimo mo lelapeng go tla felela ka kagiso, ka gonne Baiseraele ba ne ba tewa ga twe: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gogañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.” (Isaia 48:17, 18) Ka jalo, ekete banna, basadi, le bana ootlhe ba bomodimo ba ka dirisa ootlhale jwa selegodimo. Ke gone magae a rona e tla nnang mafelo a boiketlo le kagiso ka metlha.

A O A Gakologelwa?

◻ Go bona botshelo jo bo ritibetseng jwa lenyalo, Mokeresete yo o sa nyalang yo o akanyetsang go nyala o tshwanetse go tlhopha eng?

◻ Go ya ka Baefesia 5:21-33, banna le basadi ba tshwanetse go dirang go fitlhelela kagiso ya mo gae?

◻ Go dirisa kgakololo e e go Baefesia 4:26, 27 go ka thusa jang mo go direng legae lefelo la boikhutso le kagiso?

◻ Ke ka tsela efe ba babotlana ba ka thusang gore go nne kagiso mo lapeng?

◻ Re ka boloka malapa a rona jang e le mafelo a boiketlo le kagiso?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Banna le basadi ba Sakeresete ba tshwanetse go dira tumalanong le ditsela tse di rotloetsang lorato le tlotlo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Timotheo o ne a rutwa boammaaruri Jwa Modimo go tswa bonyaneng. A o thusa bana ba gago go gola mo kitsong le mo go rateng Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela