LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 11/1 ts. 20-25
  • Fa Kagiso ya Lenyalo E le ma Kotsing

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Kagiso ya Lenyalo E le ma Kotsing
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgakololo e e Tlhotlheleditsweng ya ga Paulo
  • Mabaka a go Kgaogana
  • A Ke Kgato e e Botlhale?
  • Berekela mo go Rarabololeng Mathata
  • Mo Malapeng ao a Kgaoganeng ka Bodumedi
  • Bolokang Kagiso Jaaka Lelapa le le Udwanang
  • Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • A Modimo O go Bileditse Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Nna le Maikutlo a a Siameng ka Lenyalo le le Nang le Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 11/1 ts. 20-25

Fa Kagiso ya Lenyalo E le ma Kotsing

“A mosadi a se tlogele monna ca gagwè . . . gape a monna a se tlogele mosadi oa gagwè.”—1 BAKORINTHA 7:10, 11.

1. Boikaelelo jwa ga Jehofa mabapi le lenyalo e ne e le eng?

JEHOFA MODIMO o ne a kopanya batho ba ntlha ba babedi mo lenyalong mme boikaelelo jwa gagwe e ne e le gore sebofo sena sa nama e le nngwe fela se nnele ruri. E ne e tshwanetse gore e nne bokopano jo bo segofaditsweng jo bo neng bo tla felela ka boitumelo jwa bone le go ka tsholwa ga bana ba ba leng tshiamo, gotlhe e le kgalaletsong ya Modimo.—Genesise 1:27, 28; 2:24.

2. Lebaka le lengwe leo le gogelang mo go kgaogeng ga dikgolagano tsa lenyalo ke lefe?

2 Thulaganyo e e itekanetseng eo ya lenyalo e ne ya senngwa ke go akanya ga boitaolo le boleo. (Genesise 3:1-19; Baroma 5:12) Ebile tota, moya wa boitaolo ke lengwe la mabaka ao a gogelang mo go kgaogeng ga dikgolagano tsa lenyalo gompieno. Ka gone, mo United States ka 1985, go ne go na le ditlhalano di le 5—fa di bapisiwa le manyalo a le 1-,2—mo bathong bangwe le bangwe ba ba 1 000. Ka 1986 pego nngwe e e tswang kwa Moscow e ne ya bega gore ke 37 lekgolong fela ya manyalo a Soviet Unioñ ao a tsayang dingwaga tse tharo le gore 70 lekgolong ya one a khutla mo dingwageng tse di lesome.

3. (a) Ke eng seo se ka tsosang mathata a lenyalo? (b) Mabapi le lenyalo, mosenyi yo mogolo wa kagiso ke mang?

3 Moya wa boitaolo o ka tsosa lesukasuka mo lelapeng. Gape o ka kgoreletsa kgolo ya semoya, ka gonne “louñō loa tshiamō lo yalwa mo kagishoñ.” (Yakobe 3:18) Mme mosenyakagiso yo mogolo ke mang? Ke Satane. Mme abo go hutsafatsa jang ne fa bape fela ba batlhanka ba Modimo ‘ba naya Diabolo sebaka’ mme ka gone ba retelelwa ke go ipelela magae a boiketlo le kagiso!—Baefesia 4:26, 27.

4. Fa banyalani ba Bakeresete ba na le mathata a magolo a lenyalo, ba tshwanetse go lemoga eng, mme ke eng se ba tshwanetseng go se dira?

4 Fa balekane ba lenyalo ba Bakeresete ba tsaya gore go kgaogana ke yone tharabololo fela ya mathata a lenyalo la bone, ba mo kotsing ya go ineela mo maanong a ga Satane, gape go a bo go na le sengwe se se phoso fela thata ka bomoya jwa bone. (2 Bakorintha 2:11) Mongwe wa bone kana boobabedi ba bo ba sa dirise melao-metheo ya Modimo ka botlalo. (Diane 3:1-6) Jalo ka bofefo fela ba tshwanetse ba dira maiteko ka thapelo go rarabolola diphapang tsa bone. Fa go lebega ana a sa kgone go baakanyega, go ka bonwa bagolwane ba phuthego. (Mathaio 18:15-17) Lemororo banna bano ba sa letlelelwe go laolela badumedikabone se tota ba tshwanetseng go se dira ka mathata a bone a lenyalo, ba ka lebisa tlhokomelo go seo Dikwalo di se bolelang.—Bagalatia 6:5.

5. Go tlhalana mo go ka nnang ga kgonisa motho gore a nyale gape go letlelesega mo motheong ofe go ya ka Dikwalo?

5 Fa seemo sa lenyalo se le maswe fela thata moo banyalani ba Bakeresete ba bileng ba akanyetsa go tlhalana, bagolwane ba ka bontsha gore tlhalano le go nyalwa gape di amogelesega kafa Dikwalong fela fa molekane wa motho wa lenyalo a dirile ‘kgokafalo.’ Lefoko leno le akareletsa boaka le mefuta e mengwe ya dikamano tse di sa siamang le ditshokamiso tsa tlhakanelo-dikobo. (Mathaio 19:9; Baroma 7:2, 3; bona Tora ya Tebelo, ya September 1, 1983, tsebe 30, 31.) Lefa go le jalo, go tweng fa go sa dirwa ‘kgokafalo’ mme kagisano e le mo kotsing fela thata mo lenyalong? Dikwalo di a reng kaga kgaogano ya kafa molaong kana e go tsewang gore ke ya kafa molaong?

Kgakololo e e Tlhotlheleditsweng ya ga Paulo

6. (a) Ke eng seo se leng bothokwa ka kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorintha 7:10, 11? (b) Banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go rarabolola mathata a lenyalo jang?

6 Fa bagolwane ba dira boiteko jwa go thusa banyalani ba Bakeresete bao dikgolagano tsa bone tsa lenyalo di leng mo kotsing, ba ka lebisa tlhokomelo mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Me ba ba nyalanyeñ kea ba laea, me e be e se nna, e le Morèna, gore, A mosadi a se tlogele monna oa gagwè. Me ha a mo tlogèla, a a nnè hèla a sa nyalwe; me ha go sa nna yalo, a a letlanè le monna oa gagwè; gapè a monna a se tlogele mosadi oa gagwè.” (1 Bakorintha 7:10, 11) Banyalani ba Bakeresete ba tshwanetse go kgona go rarabolola mathata a bone, ba itshokela go sa itekanelang ga botho. Ga go a tshwanela go nna le bothata bope jo bogolo jo bo sa kakeng jwa rarabololwa ka go rapela ka tlhoafalo, go dirisa melao-metheo ya Bibela, le go bontsha lorato loo e leng loungo lwa moya wa Modimo.—Bagalatia 5:22; 1 Bakorintha 13:4-8.

7. (a) Fa banyalani ba Bakeresete ba kgaogana, boemo jwa bone ke bofe go ya kafa Dikwalong? (b) Go kgaogana ga Bakeresete ba babedi ba ba nyalaneng go ka ama ditshiamelo tsa bane tsa tirelo jang?

7 Mme go tweng fa banyalani ba Bakeresete tota ba kgaogana? Ba tshwanetse go ‘nna ba sa nyale [nyalwe] mme eseng jalo ba letlane gape.’ Kwantle ga fa ba tlhalane ka mabaka a ‘kgokafalo,’ ga go ope wa bone yo Dikwalo di mo gololang go nyala gape. Ka ntlha ya sena le “ka ntlha ea maakahalō,” go ka ba solegela molemo gore ba “letlane” kwantle ga tiego. (1 Bakorintha 7:1, 2) Ga se ga bagolwane go ba pateletsa gore moñ na le mosadi ba khutlise kgaogano ya bone, mme ba ka nna ba seka ba tshwanelegela ditshiamelo dingwe tsa tirelo ka baka la mathata a bone a lenyalo. Ka motlhala, fa monna “a sa itse go laola ntlo ea gagwè,” ka phepafalo o tlhaela nonofo ya go “babalèla . . . phuthègo ea Modimo” jaaka molebedi.—1 Timotheo 3:1-5, 12.

8. Ke eng seo se kaiwang ke kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorintha 7:12-16?

8 Go gatelelwa gore lenyalo le bolokiwe le eleng fa molekane a le mongwe fela e le modumedi. Paulo o ne a kwala jaana: “Ha moñ na eo e leñ modumedi a na le mosadi eo o sa dumeleñ, me ha mosadi a itumèla go aga naè, a monna a se mo tlogele. Le mosadi eo o nañ le monna eo o sa dumeleñ, ha monna a itumèla go nna nae, a mosadi a se tlogele monna oa gagwè . . . Leha go nntse yalo ha eo o sa dumeleñ a tsamaea, a a tsamaeè: go le monna eo o modumedi, go le mosadi eo o modumedi, ga ba mo kgolegoñ ka mo go nntseñ yalo: me Modimo o re biditse gore re nne mo kagishoñ. Gonne wèna mosadi, u itse yañ ha e tla re goñwe u se ketla u boloka monna oa gago? le wèna monna, u itse yañ ha e tla re gonwe u se ketla u boloka mosadi oa gago?” (1 Bakorintha 7:12-16) Fa yo o sa dumeleng a itlhophela go tsamaya, Mokeresete o tla mo letlelela go tsamaya. Mme yo o dumelang, a solofela gore yo o sa dumeleng o ka nna a gapegela mo Bokereseteng, ga a kitla a simolola kgaogano. Mmaagwe Timotheo, ebong Eunike, go bonala a ne a nna le monna wa gagwe yo o sa dumeleng mme a naya morwawe tao ya semoya.—2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.

Mabaka a go Kgaogana

9, 10. (a) Ponong ya 1 Timotheo 5:8, motheo mongwe wa go kgaogana ga balekane ba lenyalo ke ofe? (b) Bagolwane ba ba tlhophilweng ba tshwanetse go dira eng fa monna wa Mokeresete a latofadiwa ka go gana go tlamela mosadi wa gagwe le bana?

9 Mafoko a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 7:10-16 a kgothaletsa balekane ba lenyalo go nna mmogo. Lefa go le jalo, ba bangwe, morago ga go leka fela thata go boloka kamano ya bone ya lenyalo, kwa bokhutlong ba ile ba dira phetso ya gore, ka segakolodi se se phepa, ga ba na sepe se ba ka se dirang kwantle ga go kgaogana. Mabaka a kgato ya go nna jalo e ka tswa e le afe?

10 Go sa tlameleng balelapa ka boomo ke motheo o mongwe wa go kgaogana. Fa monna a sena go nyala, o sikara boikarabelo jwa go tlamela mosadi wa gagwe le bana bape ba ba ka tswang ba na nabo. Monna yo o sa tlameleng maloko a bantlo ya gagwe “o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.” (1 Timotheo 5:8) Jalo kgaogano e ka nna ya nna teng fa go sa tlamelwe balelapa ka boomo. Legale, bagolwane ba ba tlhophilweng ba tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko tatofatso ya gore Mokeresete mongwe o gana go tlamela mosadi wa gagwe le lelapa. Mme go retelelwa ga ka boomo go ka nna ga felela ka gore motho a kgaolwe.

11. Motheo o mongwe wa go kgaogana ke ofe, mme ke eng se se ka dirang gore seemo se kgone go itshokelwa?

11 Go tshwarwa ka tsela e e makgwakgwa thata mo mmeleng ke motheo o mongwe wa kgaogano. Are re molekane yo o sa dumeleng gantsi fa a tagilwe, o a gakala, mme a gobatse yo o dumelang mo mmeleng. (Diane 23:29-35) Ka thapelo le ka go bontsha loungo lwa moya wa ga Jehofa, yo o dumelang o ka nna a kgona go thibela dikomano tsa go nna jalo mme a dire gore seemo se nne botokanyana. Mme fa go fitlha mo seemong sa gore botsogo le botshelo jwa molekane yo o tshwarwang makgwakgwa di nne mo kotsing, kgaogano e tla bo e letlelesega go ya kafa Dikwalong. Gape, bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go sekaseka kgang eo mongwe a latofadiwang ka go tshwara yo mongwe makgwakgwa mo mmeleng fa lenyalo la Bakeresete ba babedi le le mo mathateng, mme go ka nna ga tshwanela gore motho yoo a tseelwe kgato ya go kgaolwa.—Bapisa Bagalatia 5:19-21; Tito 1:7.

12. (a) Bomoya jwa yo o dumelang ho ka nna jwa ama jang kgang ya go kgaogana? (b) Ke eng seo se akantshiwang fa boemo jwa semoya ho le hokoa thata mo lelapeng la Mokeresete?

12 Go bewa mo kotsing ga bomoya jwa motho ka mo go feletseng le gone go naya motheo wa kgaogano. Modumedi yo o mo legaeng le le kgaoganeng ka bodumedi o tshwanetse go dira sengwe le sengwe se se kgonegang go sola molemo dipaakanyetso tsa semoya tsa Modimo. Mme kgaogano e a letlelesega fa kganetso ya molekane yo o sa dumeleng (gongwe e akaretsa le go mo kganela) e dira gore go seka ga kgonega gotlhelele gore motho a tsweledise kobamelo ya boammaaruri mme e baya bomoya jwa yo o dumelang mo kotsing tota. Lefa go le jalo, go tweng fa go na le boemo jo bo bokoa jwa semoya mo legaeng leo balekane, ba leng badumedi boobedi mo go lone? Bagolwane ba tshwanetse go thusa, mme monna yo o kolobeditsweng o tshwanetse go dira ka natla segolo-bogolo go baakanya seemo. Legale, fa molekane yo o kolobeditsweng wa lenyalo a itshwara jaaka motenegi mme a leka go thibela molekane wa gagwe go direla Jehofa, bagolwane ba tshwanetse go dirisana le dikgang go ya ka Dikwalo. Fa mongwe a kgaoletswe go baya bomoya” jwa yo mongwe mo kotsing e kgolo, go sa tlameleng ba lelapa ka boomo kana go tshwara yo mongwe makgwakgwa thata, Mokeresete yo o ikanyegang yo o batlang gore ba kgaogane kafa molaong o tla bo a sa dire kgatlhanong le kgakololo ya ga Paulo ya go isa modumedi-ka-wena kwa kgotla-tshekelong.—1 Bakorintha 6:1-8.

13. Go kgaogana ga banyalani go ka letlelesega tlase ga maemo afe?

13 Fa maemo a le maswe thata-thata, he, kgaogano e ka letlelelwa. Mme ka phepafalo ga go a tshwanelwa ga dirisiwa mabaka a a sa utlwaleng gore motho a kgaogane le yo mongwe. Bakeresete bape fela bao ba kgaoganang ba tshwanetse go sikara boikarabelo jwa botho jwa kgato eo mme ba tshwanetse go lemoga gore rotlhe re tla ikarabelela go Jehofa.—Bahebera 4:13.

A Ke Kgato e e Botlhale?

14. (a) Go kgaogana go ka nna ga baka bothata bofe? (b) Go kgaogana go ka nna ga ama bana jang?

14 Go tshwanetse ga akanyediwa ka thapelo mathata ao kgaogano e ka nnang ya a lere. Ka motlhala, ga se gant si lelapa la motsadi a le mongwe fela le ka tlamelang ka seo malapa a batsadi ba babedi ba kgonang go tlamela ka sone mo tekatekanong le kotlhao. Gape kgaogano e ka nna ya ama bana fela jaaka tlhalo, eo lokwalopaka lwa India Today le neng la bega jaana mabapi le yone: “Sheena, yo o nang le matlho a magolo a a bulegileng, o ngwaga di thataro. Batsadi ba gagwe ba tlhalane dingwaga tse pedi tse di fetileng morago ga kgang e e maswe kwa kgotleng ya tshekelo. Ka bokhutshwane fela morago ga moo, rraagwe o ne a nyala mosadi yo mongwe. O ne a bolawa ke bolwetse jwa khupelo ngwaga otlhe mme a nnela go anyela monwana ruri. O nna le mmaagwe kwa South Delhi. Mmaagwe o bolela jaana: ‘Ke tshetse Sheena khutsafalo ya me . . . O tlhoafalela rraagwe fela thata . . . O gamogile tlhaloganyo fela thata go gaisa bana ka bontsi ba balekane ba gagwe. Mme o na le go thunya ka selelo mo a sa kgoneng go itshwara, jaaka ekete o batla go ntshetsa sengwe kwa ntle. Go tsena sekolo e ne ya nna bothata. Bana ba ka nna setlhogo fela thata. Gantsi o tshabela mo go tlhameng dipolelo. O tlhama polelo kaga rona rotlhe re tlhasela ditsala tsa gagwe.’”

15. Go kgaogana go ka nna ga ama monna kana mosadi wa Mokeresete jang?

15 Gantsi, kgaogano ga e solegele molemo le eleng monna le mosadi wa Mokeresete. Ka bofefo fela ba lemoga gore go na le bodutu jo bo kokonelang fa molekane kana bana ba seyo. Seo se sa tshwanelang go tlhokomologiwa ke dikgatelelo tse di bakiwang ke kgaogano. A go tla kgonega go tlhokomela dilo ka tsa madi kana ka tsela epe fela? Mme go tweng fa kgatelelo ya kgaogano e felela ka gore motho a wele mo boitsholong jo bo sa siamang? Jesu o ne are: “Botlhale o atlholèlwa ke ditihō tsa gagwè.” (Mathaio 11:19) Segolobogolo fa balekane boobabedi e le Bakeresete, kgato ya go kgaogana ka dinako tse dingwe e supegile fa e se botlhale ka gope.

Berekela mo go Rarabololeng Mathata

16. Ke eng seo banyalani ba Bakeresete bao ba lemogang fa kagisano ya lenyalo la bone e le mo kotsing ba tshwanetseng go se dira?

16 Banyalani ba Bakeresete bao ba bonang fa kagisano ya lenyalo la bone e le mo kotsing fela thata ba tshwanetse go buisana ka diphapang tsa bone ka mokgwa o o tshwanelang bao ba direlang Modimo. Mme eleruri ba tshwanetse go tlodisa matlho go sa itekanela. (Bafilipi 2:1-4) Mme ke eng se sengwe seo se ka dirwang?

17. Go bontsha botlhale mabapi le dilo tse di bonalang go ka thusa jang gore go nne kagiso mo lenyalong?

17 Go bontsha botlhale malebana le dilo tse di bonalang go ka thusa mo go lereng kagiso mo lenyalong. Go tshwantsha sena: Morago ga go akanyetsa pono ya mosadi wa gagwe ya go sa dumalane, lefa go le jalo, monna o ka nna a fetsa ka gore ke selo sa botlhale gore lelapa la gagwe le fudugele go sele. Seno se ka lebega se le botlhale ka mabaka a itsholelo, mme gape se ka kgonisa lelapa leo go tsweledisa dikgatlhego tsa Bogosi pele ka go direla koo tlhokafalo e leng kgolwane gone. (Mathaio 6:33) Mosadi wa gagwe wa Mokeresete a ka nna a seka a rata khudugo eo ka gonne a tla bo a tlogela batsadi ba gagwe le tikologo eo a tlwaelaneng nayo. Mme go tla bo go le botlhale gore a dirisane ka botlalo le monna wa gagwe, yoo e leng tlhogo ya ntlo a bile a na le boikarabelo jwa go dira phetso ya koo lelapa la gagwe le tshwanetseng go nna teng. Mo godimo ga moo, boikobo jwa gagwe le go dirisana mmogo ka lorato go tla thusa mo go lereng kagiso mo lelapeng.—Baefesia 5:21-24.

18. Banyalani ba Bakeresete ba na le dipaka dife tsa go dira dilo mmogo?

18 Kagiso ya mo lelapeng e a ata le mathata a lebega a se masisi mo go kalokalo fa bale kane ba lenyalo ba dira dilo mmogo. Ka sekai, banyalani ba Bakeresete ba na le dipaka tse di molemo fela thata tsa go dira mmogo mo bodiheding jwa tshimo. Fa ba dira sena ka metlha ba bile ba tsamaya le bañ a ba bone, lelapa lotlhe le tla solegelwa molemo. Gape go ka nna le dipaka tse di farologaneng tsa go tiisa sebofo sa lenyalo ka go tlhakanela mo ditirong tse dingwe tse di molemo tseo segolo-bogolo di ipelelwang ke molekane yo mongwe kana o sele.

19. Ke botlhogo jwa mofuta ofe jo bo tla rotloetsang kagiso mo lelapeng?

19 Botlhogo jo bo tsamaisiwang sentle bo tla nonotsha dikgolagano tsa lenyalo. Legale, monna yo o godileng wa Mokeresete ga a na go nna molaodi. Go na le moo, ‘o tla nna a rata mosadi wa gagwe mme ga“a kitla a mo gakalela go feta selekanyo.’ Jehofa o mo lebeletse gore a dirise botlhogo ka lorato. (Bakolosa 3:18, 19) Ka go dira jalo, botlhogo jwa go nna jalo bo tla rotloetsa kagiso mo lelapeng.

Mo Malapeng ao a Kgaoganeng ka Bodumedi

20, 21. Ke jang boiphapaanyo bo tla itshupang bo na le mosola fa kagiso e le mo kotsing mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi?

20 Go iphapaanya go thusa mo go rarabololeng mathata a lenyalo gareng ga banyalani ba Bakeresete. (Bafilipi 4:5) Mme gape boiphapaanyo bo botlhokwa fa kagiso e le mo kotsing mo lelapeng leo le kgaoganeng ka bodumedi. Fa monna yo o sa dumeleng a leka go thibela mosadi wa gagwe wa Mokeresete go direla Jehofa, mosadi yoo o ka nna a leka go akantshana le ene, ka botswerere a mmontsha gore ga a mo thibele go obamela kafa a ratang ka teng mme ka mo go utlwalang o tshwanetse go tshwarwa ka tsela e e tshwanang. (Mathaio 7:12) Lemororo a tshwanetse go nna kutlo go monna wa gagwe yo o sa dumelang ka selekanyo se se rileng, thato ya Modimo e tshwanetse go dirwa fa go na le kgotlhang. (1 Bakorintha 11:3; Ditihō 5:29) Eleruri, go ya dipokanong tsa Bokeresete gararo ka beke ga se selo se se kalo. Mme mosadi yo o dumelang o ka nna a bona fa go le botlhale go nna teng kwa gae mo maitsiboeng mangwe le go rulaganya go dira bogolo jwa bodihedi jwa gagwe jwa tshimo ka dinako tseo monna wa gagwe a leng kwa tirong ka tsone le bana ba le kwa sekolong. Ka boiphapaanyo le go rulaganya sentle, gaa tshwanela go ‘lapa mo go direng molemo.’—Bagalatia 6:9.

21 Gape, boiphapaanyo bo ama dikgang tse dingwe. Ka sekai, motho o na le tshwanelo ya go nna wa bodumedi jo bo rileng. Mme go tla bo go utlwala ebile go le botlhale gore mosadi wa Mokeresete a seka a baya Dibibela tsa gagwe le dithuso tsa go ithuta Bibela fa monna yo o ganetsang fela thata a ka se kang a rata teng. Dikgotlhang di ka tilwa fa dibuka tsa go nna jalo di bewa fa dilong tsa gagwe tsa botho mme a di ithutela kwa sephiring. Legale, gaa tshwanela go ineela go tlola melao-metheo ya tshiamo.—Mathaio 10:16.

22. Go ka nna ga dirwa eng fa go kgoreletsega ga kagiso ya mo lelapeng go ikgarile mo go laeng bana ka tsela ya bodumedi?

22 Fa go kgoreletsega ga kagiso ya mo lelapeng go ikgarile mo go layeng bana ka tsela ya sedumedi, mosadi yo o dumelang ka botswerere o ka rulaganya gore a tsamaye le bone kwa dipokanong le mo bodiheding jwa tshimo. Mme fa moñ na yo o sa dumeleng le rre a ganana le seno, o ka ruta bana melao-metheo ya Bibela e le gore e tle e re fa ba godile mme ba dule mo gae, ba kgone go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri pele. Fa monna e le yo o dumelang, jaaka tlhogo ya lelapa, o na le boikarabelo go ya ka Dikwalo jwa go godisa bana ba gagwe jaaka Bakeresete. Jalo o tshwanetse go ithuta Bibela le bone, a ba ise kwa dipokanong, a bo a ba rutele bodihedi jwa tshimo. (Baefesia 6:4) Ka mo go utlwalang, o tshwanetse go nna pelonomi, lorato, le kakanyetso fa a dirisana le mosadi wa gagwe yo o sa dumeleng.

Bolokang Kagiso Jaaka Lelapa le le Udwanang

23. Fa kagiso ya lenyalo e le mo kotsing, ke eng se se ka thusang?

23 Ereka balekane ba lenyalo e le “nama e le ftwe hèla,” ba tshwanetse ba tshedisana ka kagiso go ya ka dithulaganyo tsa Modimo tsa batho ba ba nyalaneng, segolo-bogolo fa balekane boobabedi e le Bakeresete. (Mathaio 19:5; 1 Bakorintha 7:3-5) Mme fa kagiso ya lenyalo e le mo kotsing mo ntlheng ya gago, boeletsa dintlha tse di fa godimo tsa Dikwalo ka thapelo. Gape go ka nna ga thusa go akanya bogologolo ka nako ya fa lo ne lo simolola go ratana. Abo loobabedi lo ne lo leka ka natla jang ne go dira se se siameng le go thaya motheo wa bokopano jo bo itumedisang! A lo ka dira maiteko a a tshwanang jaanong e le gore lo bopaganye lenyalo la lona?

24. Bakeresete ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe tebang le lenyalo?

24 Bakeresete bao ba kopantsweng ke lenyalo ba na le mpho e e molemo e ba e filweng ke Modimo—eleng lenyalo la bone! Fa lo dira tumalanong le maikano a lona a lenyalo lo ba lo boloka bothokgami jwa lona go Jehofa, 10 letetswe ke lefatshe je lesha ja tshiamo leo kgaogano le tlhalo tseo di utlwisang botlhoko di tla se kitlang di tlhasela setho teng. Jalo lebogela lenyalo jaaka “mogala o o dikala di tharo” wa tshwantshetso, oo Jehofa e leng karolo ya botlhokwa ya one. (Moreri 4:12) Mme ekete maloko otlhe a lelapa la gago le le utlwanang a ka ipelela tshegofatso ya boitumelo jwa lelapa mo legaeng la boiketlo le kagiso.

Dikarabo tsa Gago ke Dife?

◻ O ka sobokanya jang kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Bakorintha 7:10-16?

◻ Mabaka a a utlwalang a go kgaogana ga balekane ba lenyalo ke afe?

◻ Bakeresete ba ka rarabolola mathata a bone jang fa kagisano ya lenyalo e le mo kotsing?

◻ Mo malapeng ao a kgaoganeng ka bodumedi, go iphapaanya go ka thusa jang gore go nne le kagiso?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Banyalani ba Bakeresete bao kagiso ya lenyalo la bone e leng mo kotsing ba tshwanetse go buisana mathata a bone ka mokgwa o o tshwanelang bao ba direlang Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela