“Kgōtlhō e e Gogomañ Kgotsa Dimatla tsa Tshipi tse di Ōpañwañ Hèla”
Ke mang yo o batlang go nna mmalabadi fela? “Ha ke sena loratō,” go bolela jalo moaposetoloi Paulo, “ke be ke etsa kgōtlhō e e gogomañ, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di ōpañwañ hèla.” (1 Bakorintha 13:1) Paulo o ne a sa tswa go gatelela botlhokwa jwa go dirisa dimpho tse di kgethegileng tseo di amogelwang ka moya o o boitshepo go solegela phuthego yotlhe ya Bakeresete molemo. Fa lorato lo seo, boikgodiso le bogale di ka dira gore Mokeresete a tshwane le modumo o mogolo, o o magwata, o o kabanyang ditsebe o o katosang go na le go gogela ba bangwe.—Bona 1 Bakorintha 12:4-9, 19-26.
Re tlhaloganya motlhofo fela se se tlhalosiwang ke kgotlho e e gogomang e e fa gaufi le rona, mme go tweng kaga setshwantsho se sengwe sa ga Paulo, eleng “dimatla tsa tshipi tse di opanwañ hèla”? (Segerika, khal·kosʹ e·khonʹ) Bangwe ba ranotse sena go nna “moropa o o modumo” (Today’s English Version) le “moropa o o tsosang leratla” (New International Version). Fa William Harris, a ne a kwala mo go Biblical Archaeology Review, o bontsha gore e·khonʹ e tswa mo moding wa lefoko le le lengwe fela la Seesemane eleng “echo,” ka gone go kaya mogopolo wa go goa kana go tsosa modumo. Lefa go ntse jalo, gape o bolela jaana: “Lefoko chalkos le dirisiwa go tlhalosa dilo tse dintsi tse di farologaneng tseo di diriwang ka motswako wa kgotlho le tshipi o o bidiwang bronze kana brass—eleng diaparo tsa phemelo, dithipa, diketlele, diipone, madi, le eleng dikwalelo. Mme ga go na bosupi jwa go dirisiwa ga lefoko leo mo diletsong tsa mmino.” Ke kakantsho efe he, eo a e nayang?
O lebisa go buka e e kwadilweng ke Vitruvius, yo eleng motshwantshi wa dikago yo o neng a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E. Vitruvius o ne a kwala kaga bothata jwa go oketsa mantswe mo dikagong tsa metshameko tseo di neng di agilwe ka sedirisiwa seo se neng se tshwana le mmabole mme a bolela gore go ne ga dirisiwa didirisiwa tse di kgethegileng tsa go godisa mantswe tseo di neng di bidiwa e·kheiʹa. Tseno e ne e le digodisamodumo tsa seka-dinkgwana tse di neng di dirilwe ka bronze tseo di neng di beilwe ka thulaganyo kwa morago ga lefelo la botshamekelo go thusa go oketsa le go godisa modumo. Dingwe tsa tseno di ne tsa leriwe mo Roma di tserwe mo lefelong la metshameko leo le neng le sentswe mo Korintha mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo pele ga Paulo a kwala lekwalo la gagwe leo a neng a lo kwalela phuthego ya Bakorintha.
Re bolelelwa gore, Plato o ne a bua ka segodisa modumo sa seka-nkgwana seo se neng se dirilwe ka bronze seo se neng se tsosetsa modumo ruri, jaaka go ne go dira dibui dingwe tseo di neng di sena tlhaloganyo. Seno se dumalana le mafoko a ga Shakespeare a gore “nkgwana e e senang sepe e tsosa modumo o mogolo.” Paulo a ka ne a ne a akantse ka mogopolo o o tshwanang fa a ne a bua ka bao ba neng ba ntsha dimpho tsa bone tse di kgethegileng mme ba sena mpho e kgolo go di feta tsotlhe—eleng lorato. Ba ne ba kuela kwa godimo mme ba sena mosola. Ba ne ba tshwana le modumo o o magwata, o o sa itumediseng go na le modumo o o gogelang, o o ikuelang. Wena o nt se jang? A ditiro tsa gago le go bua ga gago di tlhotlhelediwa ke lorato, kana a o “kgōtlhō e e gogomañ, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di ōpañwañ hèla”?